Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Leba Feshene ka Tsela e e Tshwanetseng

Go Leba Feshene ka Tsela e e Tshwanetseng

Go Leba Feshene ka Tsela e e Tshwanetseng

BAEBELE e bolela gore Modimo “o dirile sengwe le sengwe go nna sentle mo motlheng wa sone.” (Moreri 3:11) Re bona bontle gongwe le gongwe mo lefatsheng le le re dikologileng. Re bo lemoga gape le mo bathong.

Motho yo o dirang ditaele tsa feshene o leka go tokafatsa bontle jwa rona ka diaparo tse re di aparang. Mme fela jaaka go bontshitswe mo setlhogong se se fetileng, madirelo a feshene a fetotse tsela e batho ba lebang bontle ka yone. Porofesa wa thutotlhaloganyo e bong Ruth Striegel-Moore o bolela jaana: “Re setse re tlwaetse go bona basadi ba basesane thata mo eleng gore re setse re akanya gore seno ke sone se sentle.”

Go phepafetse gore go tla bo go se botlhale go letla kgopolo ya lefatshe ya gone jaanong ka bontle e re gatelela gore re tshwane le lone. Doris Pooser mo bukeng ya gagwe ya Always in Style, o bolela gore “mosadi wa gompieno ga a tlhoke go fetola kgotsa go fitlha mmele wa gagwe nako le nako fa go tlhaga ‘kgopolo’ e ntšha.” Ee ruri, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go letlelela metswedi ya tshedimosetso go re pateletsa go amogela tsela ya yone ya go leba dilo? Pooser a re: “A bo go le motlhofo jang ne go nna se re leng sone go na le go leka go fetola kafa re lebegang ka gone.”

Bontle Jo bo Sa Felelweng ke Nako

Go itshepa le go kgotsofala mo botshelong go ikaegile ka dilo di le dintsi go feta go lebega o le montle fela. Judy Sargent, yo pele a neng a na le bolwetse jwa go ja jwa anorexia, o ne a kwala jaana: “Boitumelo jwa mmatota bo tswa mo teng. Ga bo bonwe ka go fokotsa boima jwa mmele.” Baebele e bolela sengwe gape se se botlhokwa ka kgang eno. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Bontle jwa lona e tshwanetse ya nna jwa kafa o ntseng ka teng mo teng, bontle jo bo sa felelweng ke nako jwa moya o o bonolo le o o didimetseng, o o leng tlhwatlhwakgolo thata mo matlhong a Modimo.”—1 Petere 3:4, Today’s English Version.

Bontle jo bo sa felelweng ke nako jo Petere a buang ka jone bo gaisa bontle jwa mmele ka gonne bo nnela ruri e bile bo botlhokwa mo matlhong a Modimo. Makgolokgolo a dingwaga a a fetileng kgosi nngwe e e botlhale e ne ya akgela jaana: “Bontle jo bo gogelang bo ka tsietsa, le bontle e ka nna lefela; mme mosadi yo o boifang Jehofa ke ene yo o ikamogelelang pako.”—Diane 31:30.

Le fa batho ba kgatlhegela bontle jwa mmele gompieno, batho ba le bantsi ba sa ntse ba tlotla motho yo o bontshang dinonofo tsa Bokeresete. Moaposetoloi Paulo o ne a gakolola Bakeresete jaana: ‘Aparang botho jo bosha, le lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le bopelotelele.’—Bakolosa 3:10, 12.

Feshene ka boyone fela ke selo se se sa nneleng ruri. Selo se sentle ka yone ke gore setaele se sesha se ka re dira bantle ka nako e khutshwane fela. Mme bontle bope jo re ka nnang le jone bo ka tseelwa kwa tlase fa botho jwa rona bo sa tsamaisane le kafa re lebegang ka gone. Gakologelwa, “maungo a moya”—a a akaretsang dinonofo tsa lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, molemo le boikgapo—ga a felelwe ke nako.—Bagalatia 5:22, 23; 1 Timotheo 2:9, 10.

Le fa go ntse jalo, gone ke boammaaruri gore go a tshwanela go ela tlhoko diaparo tsa rona. Aline, yo o tswang kwa Fora, o dumela gore go ne go se motlhofo go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng mo ntlheng eno. O bolela jaana: “Fa ke ne ke sa le mosha, ke ne ke rata diaparo. Ke ne ke batla go latela feshene ya bosheng ka gonne e ne e dira gore ke itshepe. Mme ke ne ke itumela thata fa nka reka diaparo tsa leina la motho yo o itsegeng thata yo o dirang ditaele.”

Aline o tswelela jaana: “Mme fa ke gola, ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta go itlamela ka madi, mme gape ke ne ka simolola go dirisa bontsi jwa nako ya me ke le mo bodireding jwa Bokeresete. Ke ne ka lemoga gore fa ke sa batle go tshela ka dikoloto, ke ne ke sa tshwanela go tlhola ke nna lekgoba la feshene. Ke ne ka simolola go reka diaparo tsa me ka nako ya fa e ne e le sesolo kgotsa go di reka kwa marekisetsong a a rekisang ka tlhwatlhwa e e kwa tlase. Ke ne ka fitlhela gore ke ne ke sa ntse ke kgona go apara sentle—mme ka madi a a kwa tlase. Gore o atlege mo ntlheng eno o tshwanetse go ithuta go reka diaparo tse di go tshwanelang, tse o kgonang go di apara, tse di tsamaisanang sentle le tse o setseng o na le tsone le tse di se kitlang di tswa ka bonako mo fesheneng. Go na le go dumelela feshene e laola se ke tshwanetseng go se reka, gone jaanong ke leka go swetsa gore ke setaele sefe se se ntshwanelang. Nka se re diaparo ga di tlhole di le botlhokwa mo go nna. Mme gone ga ke tseye ditebego tsa me e le tsone tse di botlhokwa go feta sengwe le sengwe.”

Mo lefatsheng le batho ba tsayang gore ditebego tsa motho di botlhokwa thata go gaisa dinonofo tsa mmatota, Bakeresete ba dira sentle go gakologelwa kgakololo eno ya Baebele e e tlhamaletseng: “Sengwe le sengwe se lefatshe le re nayang sone, dilo tsotlhe tse di kgotsofatsang dikeletso kgotsa tse di fepisang matlho, maphatsiphatsi otlhe a botshelo jwa lone, ga di tswe mo go Rara mme di tswa mo lefatsheng le le se nang bomodimo. Mme lefatshe leo le a feta le dilo tsotlhe tsa lone tse di gogelang, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Johane 2:16, 17, The New English Bible.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Bontle jwa mmatota bo tswa mo teng, e seng mo go se o se aparang

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Tlhopha diaparo tse o ka kgonang go di apara, tse di tsamaisanang sentle le tse o setseng o na le tsone