Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tlogela go Kgerisa

Go Tlogela go Kgerisa

Go Tlogela go Kgerisa

‘Go kgerisa ke mokgwa o motho a o ithutang, mme sengwe le sengwe se motho a se ithutang a ka kgona go se tlogela.’—Dr. C. Sally Murphy.

MOTHO yo o kgerisang le yo o kgerisiwang ka bobedi jwa bone ba tlhoka thuso. Motho yo o kgerisang o tshwanetse go ithuta go dirisana le ba bangwe kwantle ga go ba gatelela. Mme motho yo o kgerisiwang o tlhoka ditsela tse di mosola tse a ka di dirisang go lebana ka katlego le bothata jono.

Gantsi motho yo o kgerisang ga a itse go dirisana le batho ba bangwe e bile o palelwa ke go tlhaloganya tsela e batho ba a ba tshosetsang ba ikutlwang ka yone. O tshwanetse a elwa tlhoko le go rutiwa go buisana sentle le ba bangwe. Buka ya Take Action Against Bullying ya re: “Batho ba ba kgerisang ba tswelela pele ba kgerisa mo botshelong jotlhe jwa bone ntle le fa ba ka ithuta mekgwa e mesha le go e dirisa. Ba kgerisa balekane ba bone, bana ba bone le eleng batho ba ba okametsweng ke bone kwa tirong.”

Go Thusa Bana Gore Ba se Ka ba Kgerisa

Go ruta bana go tloga fela fa ba sa le bannye gore ba amege ka batho ba bangwe go ka ba thusa gore e se ka ya nna batho ba ba kgerisang. Barutisi mo dinageng dingwe ba dirisa mokgwa o mosha wa go ruta bana o o bidiwang thapiso ya go amega ka ba bangwe. Boikaelelo jwa bone ke go ruta baithuti fa ba sa ntse ba le dingwaga di le tlhano fela go tlhaloganya maikutlo a ba bangwe le go dirisana le bone ka bopelonomi. Le mororo go ise go nne le tshedimosetso e e kalo malebana le kafa seno se amileng bana ka gone, dipego tsa bosheng di bontsha gore bana ba ba ileng ba thapisiwa ka tsela eno ga ba rate ntwa go le kalo fa ba bapisiwa le ba ba iseng ba thapisiwe.

Jaaka motsadi, ga wa tshwanela go tlogelela boikarabelo jono mo dithulaganyong dingwe tsa sekolo. Fa e le gore ga o batle gore ngwana wa gago e nne motho yo o kgerisang, o tshwanetse go mo ruta ka tsela e o buang ka yone le ka sekao kafa a ka tshwarang batho ba bangwe ka tlotlo le ka seriti ka gone. Ke eng se se ka go thusang? Go ka direga gore o setse o na le buka e e molemo mo go thapiseng mme e le e e sa tseweng tsia e e ka go thusang mo ntlheng eno—Lefoko la Modimo, Baebele. E ka go thusa jang?

E tlhalosa ka tlhamalalo kafa Modimo a ikutlwang ka gone ka go kgerisa. O a go ila! Baebele e bua jaana ka Modimo: “Moya wa Gagwe o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.” (Pesalema 11:5) Mo godimo ga moo, Modimo o bona se se diregang. Baebele e re begela gore o ne a ikwatlhaya, kana a utlwa botlhoko fa Baiseraele ba ne ba bogisiwa “ka ntlha ya bagateledi ba bone le ba ba neng ba ba kgoromeletsa kwa le kwa.” (Baatlhodi 2:18) Mo makgetlong a le mantsi Modimo o ne a otlhaya batho ba ba neng ba sa dirise maatla a bone sentle le ba ba neng ba kgerisa batho ba ba bokoa le ba ba sa kgoneng go iphemela.—Ekesodo 22:22-24.

Baebele gape e na le se go ka tweng ke thuto e e itsegeng go di gaisa tsotlhe e e kileng ya newa e e malebana le kafa motho a ka bontshang go amega ka ba bangwe ka gone. Jesu o ne a re: “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Go ruta bana gore ba amogele Molao oo wa Sekagauta—gore ba o rate le go tshela tumalanong le one—ga se selo se se motlhofo; go tlhokega gore o ba tlhomele sekao se se molemo, o nne boitshoko le go dira ka natla, segolobogolo e re ka bana ba bannye ka tlholego fela ba sa akanyetse batho ba bangwe. Mme maiteko otlhe a a ntseng jalo ga se a lefela. Fa bana ba gago ba ithuta go nna pelonomi le go amega ka ba bangwe, ga ba kitla ba tlelwa ke kgopolo ya go kgerisa ba bangwe.

Go Thusa ba ba Kgerisiwang

Batho ba ba kgerisiwang—segolobogolo bana—ba lebana le teko e kgolo: teko ya gore ba nne ba ritibetse fa ba galefisiwa. Fa mongwe a go kgerisa, gongwe o a bo a batla gore o palelwe ke go laola maikutlo a gago sentle. O solofela gore o tla tlala bogale kana o bontshe gore o tshogile. Fa o tlala bogale, kana o bontsha gore o utlwile botlhoko le gore o tshogile ka go lela, ke sone se motho yo o go kgerisang a se batlang. Ka gone a ka nna a leka go dira gore o itshware jalo nako le nako.

Ke eng se o ka se dirang? Akanya ka dikakantsho tse di latelang. Totatota di kwaletswe bana, mme gone melaometheo e e mo go tsone e ka nna ya thusa le bagolo ba ba kgerisiwang kwa tirong.

Nna o ritibetse. O se ka wa itetla go galefa. Baebele e gakolola jaana ka botlhale: “Tlogela bogale mme o lese tšararego.” (Pesalema 37:8) Fa o palelwa ke go laola kgalefo ya gago, o dira gore motho yo o go kgerisang a go laole, mme go ka direga gore o dire dilo tse kwa morago o tla di ikwatlhaelang.—Diane 25:28.

Leka go ntsha dikgopolo tsa go ipusolosetsa mo mogopolong wa gago. Gantsi go ipusolosetsa ga go thuse ka sepe. Tota e bile, go ipusolosetsa ga go kgotsofatse. Mosetsana mongwe, yo o neng a itewa ke basha ba le batlhano fa a le dingwaga tse 16, o gakologelwa jaana: “Ke ne ka swetsa mo pelong ya me gore, ‘Ke tlile go ipusolosetsa mo go bone.’ Ka gone ke ne ka kopa thuso mo ditsaleng tsa me, mme ka ipusolosetsa mo go ba le babedi ba ba neng ba ntlhasela.” Go ne ga felela ka eng? A re: “Ke ne ka sala ke sa kgotsofala.” Mme le boitshwaro jwa gagwe bo ne jwa nna maswe le go feta moragonyana. Gakologelwa mafoko ano a a botlhale a Baebele: “Lo se ka lwa busetsa ope bosula ka bosula.”—Baroma 12:17.

Fa go bonala maemo a nna maswe, tswa mo go one ka bonako. Baebele ya re: “Pele ga komano e tsoga, tswa o tsamaye.” (Diane 17:14) Leka go tsamaela kgakala le batho ba ba ratang go kgerisa. Diane 22:3 ya re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha, ba ba se nang maitemogelo ba fetile mme ba tla boga matswela a a botlhoko.”

Fa e le gore go kgerisiwa ga go kgaotse, go ka nna ga tlhokega gore o ipuelele. Batla nako e ka yone o ritibetseng, leba motho yo o go kgerisang mo matlhong, mme o bue le ene o tlhomame ka lentswe le le ritibetseng. Mmolelele gore ga o rate se a se dirang—gore ga se kgatlhe le gore se utlwisa botlhoko. O se ka wa mo tlhapatsa kana wa dirisa mafoko a a tla dirang gore a go lwantshe.—Diane 15:1.

Bolelela mogolo mongwe yo o nang le maikarabelo le yo o amegang. Mmolelele gore tota bothata jwa gago ke eng, o bo o mo kope gore a go thuse go bo rarabolola. Dira se se tshwanang fa o rapela Modimo, mme seno se ka go thusa thata le go go gomotsa.—1 Bathesalonika 5:17.

Se lebale gore o botlhokwa. Motho yo o go kgerisang a ka nna a batla go dira gore o akanye gore ga o motho wa sepe, le gore o tshwanelwa ke go tshwarwa ka tsela e e sa siamang. Mme gone ga se moatlhodi wa gago. Modimo ke ene moatlhodi wa gago, mme o lebile se se molemo mo go mongwe le mongwe wa rona. Motho yono yo o go kgerisang ke ene a itirang yo o seng botlhokwa ka ntlha ya boitshwaro jono jwa gagwe.

Batsadi—Sireletsang Bana ba Lona

Batsadi le bone ba ka simolola go sa le gale go thusa bana ba bone go dirisana ka botlhale le batho ba ba kgerisang. Ka sekai, ba ka nna ba tshameka le bana ba bone metshameko mengwe ya go etsisa maemo mangwe go ba bontsha kafa motho a ka itshepang ka gone.

Tota le tsela e motho a emang ka yone—go ema ka tsela e e tlhamaletseng—e ka dira gore o lebege o itshepa mme batho ba ba kgerisang ba go katoge. Go leba motho mo matlhong, o repisitse diatla le matsogo le go bua ka lentswe le le nonofileng le gone go ka thusa. Batsadi ba kgothalediwa go ruta bana ba bone go tsamaela kgakala le motho yo o ba kgerisang le gore ba kope motho mongwe yo o godileng yo o ka ikanngwang go ba thusa, yo o jaaka morutabana.

Gore motho a fedise mokgwa ono wa go kgerisa o tshwanetse a simolola pele ka go ruta ba lelapa la gagwe. Batsadi ba ba iphang nako le bana ba bone, ba ba reetsa ka bopelotelele le ka tsela e e bontshang gore ba amega ka bone, ba dira gore bana ba ikutlwe ba tlhokega, ba tshegediwa e bile ba ratiwa. Baitse ba le bantsi ba ba nayang kgakololo kaga go godisa bana le mathata a balekane ba kgothaletsa batsadi gore ba thuse bana go iteba ka tsela e e siameng. Go nna le boikutlo jono jo bo siameng go dira gore ba se ka ba tlhaselwa motlhofo ke batho ba ba kgerisang.

Mme seno ga se akaretse go bua fela. Mongwe le mongwe mo lelapeng o tshwanetse go ithuta go tshwara ba bangwe ka tlotlo le ka seriti le go leka go nna motho yo o amegang ka ba bangwe. Ka gone se letlelele mokgwa ope fela wa go kgerisa mo lelapeng la gago. Dira gore lelapa la gago e nne lefelo le le babalesegileng, le mo go lone go renang tlotlo le lorato.

Go Kgerisa go Tla Fela

‘Motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’ (Moreri 8:9) Ke ka tsela e Baebele e sobokanyang hisitori ya motho ka gone. Ee ruri, go kgerisa ga go bolo go tlhasela batho ka diketekete tsa dingwaga. Mokwadi mongwe wa Baebele o ne a re: “Ke ne ka boa gore ke tle ke bone ditiro tsotlhe tsa kgatelelo tse di dirwang kafa tlase ga letsatsi, mme bona! dikeledi tsa ba ba gatelelwang, mme ba ne ba se na mogomotsi; mme mo letlhakoreng la bagateledi ba bone go ne go na le maatla, mo ba neng ba se na mogomotsi.”—Moreri 4:1.

Le fa go ntse jalo, ruri Modimo o bona go kgerisa gotlhe go go diregang mo lefatsheng, mme o utlwela batho ba ba gateletsweng botlhoko. A mme gone o tla tsamaya a dira sengwe ka gone? Ee, o tla dira sengwe! Ela tlhoko tsholofetso eno e e mo go Mika 4:4: “Ruri ba tla nna, mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang; gonne molomo wa ga Jehofa wa masomosomo o go buile.”

Akanya fela gore lefatshe le tla bo le ntse jang fa tsholofetso eno e diragadiwa. Go sa tlhole go le ope yo o boifisang ba bangwe—go se na batho ba ba kgerisang! A seno ga se utlwale se itumedisa? Mme Modimo o dirile sengwe gape mo godimo ga go re solofetsa isagwe e e ntseng jalo. Gone jaanong mo lefatsheng lotlhe go na le thulaganyo e e molemo ya go ruta batho Baebele. E na le matswela a a molemo. Batho ba ba nnang le seabe mo go yone ba rutiwa go fetola mekgwa ya bone ya go rata ntwa, gore ba nne le kagiso le batho ba bangwe le go ba tshwara ka tlotlo le ka seriti. (Baefeso 4:22-24) Go ise go ye kae, matswela a thuto eno e e di gaisang tsotlhe a tla anama mo lefatsheng, mme bothata jwa go kgerisa ga bo kitla bo tlhola bo nna gone. Ditsholofetso tsa Modimo tse di mo Baebeleng di tla diragadiwa. Mongwe le mongwe yo o tla bong a tshela ka nako eo o tla itumelela go tshela mo lefatshe le le se nang batho ba ba kgerisang!

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Ga o na lebaka la go tlhabisiwa ditlhong ke go tswa o tlogela motho yo o go kgerisang

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Mo lelapeng le le itumetseng, bana ba rutiwa go lebana le mefuta yotlhe ya go kgerisiwa

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Ruta bana ba gago go ipuelela ka tsela e e tlhomameng mme gone e le e e botlhale