Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Letlhokwa le le Tlhatswang Meno

Letlhokwa le le Tlhatswang Meno

Letlhokwa le le Tlhatswang Meno

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA ZAMBIA

AFRIKA—kontinente ya batho ba meno a mantle le mororo ba le bantsi ba bone ba se na borashe jwa meno! Seo se ka direga jang? Ba le bantsi ba thusiwa ke logongnyana lo lo sa reng sepe—letlhokwa le le tšhotlhiwang!

Bababelona ba ne ba kile ba dirisa matlhokwa a a tšhotlhiwang mme moragonyana a ne a dirisiwa ke Baegepeto, Bagerika le Baroma. “Borashenyana” jono jwa meno bo ne bo dirisiwa le pele ga motlha wa Boiselamo kwa Arabia. Bayuropa ba ne ba tlogela go dirisa borashe jono jo bo tšhotlhiwang mo e ka nnang dingwaga tse 300 tse di fetileng, le fa go ntse jalo, bo sa ntse bo dirisiwa mo dikarolong dingwe tsa Afrika, Asia, le kwa Botlhabagare.

Matlhokwa a a tšhotlhiwang thata kwa Botlhabagare ke a setlhare sa saltbush, se gape se bidiwang setlhare sa borashe jwa meno. Kwa Afrika Bophirima gantsi go tšhotlhiwa matlhokwa a setlhare sa surunamune kana a dinamune fa kwa India gone go tlwaetswe go dirisiwa a setlhare sa neem. Go na le mo e ka nnang mefuta e le 300 e e farologaneng ya ditlhare tse di tšhotlhiwang kwa Afrika Botlhaba. Letlhokwa leno le tlhatswa jang meno?

Fa o tšhotlha letlhokwa leno, maodi a lone a nna matlhatlharapa a bo a itira “borashe” jo bo magwata. Go nna o ntse o le tšhotlha go tlosa manathwana a a saletseng mo menong e bile go dira gore madi a elele sentle mo marinining. Go tšhotlha jalo gape go oketsa mathe mo leganong mme mathe ao a tsukula legano, a tlosa dibaketeria le go dira gore di se ka tsa nna dintsi mo leganong la gago. *

Mme matlhokwa a a tšhotlhiwang ga se borashe fela. Matlhokwa le medi ya ditlhare dingwe e na le dikhemikale tse di fokotsang go koelana ga bokgakga jo bosetlha mo menong. Go fitlhetswe gore matlhokwa mangwe a kgona go lwantsha dibaketeria le megare mengwe. Matlhokwa a a tlhatswang meno a setlhare se se umakilweng pelenyana a ka kgona le go thibela dintho tsa mo leganong. Kwa Namibia, matlhokwa a setlhare sa muthala a kgona go thibela megare e e dirang gore meno a bole, e e bakang bolwetse jwa marinini le e e dirang gore mometso o nne botlhoko. Sedirisiwa seno sa tlholego sa go tlhatswa meno se ka thibela go bola ga meno le go nonotsha medi ya one le marinini. Gone jaanong dikhampani dingwe di dira sesepa sa meno se se nang le maodi le boreku jo bo tswang mo go dingwe tsa ditlhare tseno.

Le gale, batho ba bangwe ba rata go dirisa borashe jo bo tlwaelegileng jwa meno. Le fa gongwe o tlhopha go bo dirisa kana go dirisa letlhokwa leno jaaka batho ba bogologolo, se se leng gone ke gore: Go boloka meno a le phepa ke karolo ya botlhokwa ya go itlhokomela mo mmeleng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Mme gone, go ja dijo tse di siameng le gone go botlhokwa. Gantsi batho ba ba nnang mo metseng ya magae ba ja dijo tsa dithoro le merogo go feta batho ba ba nnang mo ditoropong. Gape ga se gantsi ba ja le go nwa dilo tse di botshe—dilo tse re itseng di bodisa meno.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Setlhare sa “neem” ke sengwe sa ditlhare tse matlhokwa a sone a tšhotlhiwang

[Motswedi wa Setshwantsho]

William M. Ciesla, Forest Health Management International, www.forestryimages.org