Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Fedisa Jang Boikutlo Jwa go Batla go Dira Dilo Kwantle ga Diphoso?

Nka Fedisa Jang Boikutlo Jwa go Batla go Dira Dilo Kwantle ga Diphoso?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Fedisa Jang Boikutlo Jwa go Batla go Dira Dilo Kwantle ga Diphoso?

“Botshelo jwa me bo laolwa ke go batla go dira dilo kwantle ga diphoso.”—Carly.

BOIKUTLO jwa gore motho ga a tshwanela go dira diphoso gotlhelele mo go sengwe le sengwe se a se dirang bo tshwenya basha ba le bantsi mo mogopolong.

Buka ya Perfectionism—What’s Bad About Being Too Good? ya re: “Go na le pharologanyo e kgolo magareng ga boikutlo jo bo molemo jwa go batla go dira sengwe ka matsetseleko le boikutlo jo bo kotsi jwa go kgaratlhela go dira sengwe se o ka se kang wa se kgona. Batho ba ba lekang ka natla go dira dilo ka matsetseleko ba ka tswa ba na le boikutlo jwa gore ba tshwanetse go dira dilo ka thulaganyo e bile ba ipeetse le mekgele e e kwa godimo, mme gape ke batho ba ba amogelang diphoso tsa bone le ba ba batlang ditsela tse di molemo tsa go di baakanya. . . . Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho ba ba sa batleng go dira diphoso gotlhelele ba nna ba tshwenngwa ke boikutlo jwa gore ba se ka ba dira phoso epe mo go se ba se dirang. Ba ipeela mekgele e e kwa godimo ka tsela e e feteletseng.”

A go ntse jalo ka wena? Fa e le gore o ipeetse mekgele e e kwa godimo thata, go motlhofo gore o iphitlhele o sa kgone go dira sepe. O ka nna wa fitlhela gore ga o tlhole o batla go leka go dira sepe se sesha. Kgotsa o ka nna wa simolola go rata go beela dilo tsa botlhokwa ka moso, e re ka o boifa gore o tla palelwa fa o di dira. E bile o ka nna wa iphitlhela o sa rate go dirisana le ope yo o sa direng dilo jaaka wena, mme o ka sala o se na ditsala.

Fa e le gore o ntse jalo, akanyetsa mafoko a Baebele a a mo go Moreri 7:16 a a reng: “O se ka wa siama ka tsela e e feteletseng, le fa e le go itshupa o le botlhale ka tsela e e feteletseng. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go ipakela tshenyego?” Ee, motho yo o sa batleng go dira diphoso a ka “ipakela tshenyego!” Tota e bile, go bolelwa gore boikutlo jwa go sa batle go dira diphoso bo baka malwetse a a diphatsa a go sa je sentle a a jaaka anorexia nervosa le bulimia. *

Ka jalo, o ka ipotsa jaana, ‘Nka fedisa jang boikutlo jwa go batla go dira dilo kwantle ga diphoso?’ Ke boammaaruri gore ga go motlhofo gore motho a fetole mogopolo wa gagwe ka seno. Le fa go ntse jalo, Modimo a ka mo thusa go o fetola. Ka jalo, a re sekasekeng gore Modimo ene o leba jang boikutlo jono jwa go batla go dira dilo kwantle ga diphoso.

A go A Kgonega Gore Motho A se Ka a Dira Diphoso?

Selo sa ntlha se re tshwanetseng go ipotsa sone ke gore, a go a kgonega gore motho a se ka a dira diphoso gotlhelele? Nnyaa, e seng go ya ka se Baebele e se buang fa e re: “Ga go na motho yo o siameng, le fa e le a le mongwe fela . . . Batho botlhe ba fapogile, botlhe fela jaanong ke ba ba se nang mosola.” (Baroma 3:10-12) A mafoko ano ga a dire gore o akanye? A bontsha gore mongwe le mongwe yo o lekang go nna motho yo o sa direng diphoso gotlhelele, o tlile go palelwa.

Akanya ka moaposetoloi Paulo, yo go se nang pelaelo gore e ne le sekao se se tlhomologileng tota sa motho yo o ratang dilo tsa semoya. Le fa go ntse jalo, ga se gore Paulo o ne a ka se ka a dira diphoso fa a ntse a direla Modimo. O ne a re: “Fa ke eletsa go dira se se siameng, se se bosula se gone mo go nna. Tota ke itumedisiwa ke molao wa Modimo go ya ka motho yo ke leng ene mo teng, mme ke bona mo ditokololong tsa me molao o mongwe o o lwantshanang le molao wa mogopolo wa me e bile o ntira motshwarwa wa molao wa boleo o o mo ditokololong tsa me.” (Baroma 7:21-23) Paulo o ne a ka nna Mokeresete yo o ikanyegang ka thuso ya Modimo fela.

Se se itumedisang ke gore Modimo ga a batle e bile ga a lebelela gore re nne batho ba ba sa direng diphoso gotlhelele. “O itse popego ya rona sentle, a gakologelwa gore re lorole.” (Pesalema 103:14) Lefatshe le lesha la Modimo ke lone fela le kwa go lone batho kgabagare ba tla nnang mo seemong sa gore ba se ka ba tlhola ba dira diphoso.

Sekaseka Tsela e o Dirang Dilo ka Yone

Ka jalo, gone jaanong ga go utlwale go bo o ka akanya gore o ka tshela o sa dire diphoso gotlhelele. O tshwanetse go lebelela gore o tla dira diphoso gangwe le gape. (Baroma 3:23) Tota e bile, ka dinako tse dingwe ga re nke re lemoga diphoso tsa rona! Pesalema 19:12 ya re: “Ga go na ope yo o kgonang go bona diphoso tsa gagwe.” (Today’s English Version) Mosha mongwe e bong Matthew o tlhalosa jaana: “O dira diphoso—ga go na motho ope mo Lefatsheng yo o sa di direng. Fa e le gore o lebeletse go dira dilo kwantle ga diphoso, ga o kitla o itumela. . . . Ga go utlwale e bile ga go kgonege gore motho a se ka a dira diphoso.”

Fa o sa ntse o akantse ka seo, ke eng fa o sa iphe nako ya go sekaseka tsela e o dirang dilo ka yone? Ka sekai, fa o dira sengwe, a o kgaratlha gore o bo o lape o leka go se dira ka tsela e e gaisang ya ba bangwe botlhe? Baebele e bontsha gore tota go kgaratlha ka tsela e e ntseng jalo e e lapisang ke “lefela le go kgaratlhela phefo.” (Moreri 4:4) Boammaaruri ke gore, ke batho ba sekae fela ba ba ka kgonang go dira sengwe ka tsela e e gaisang ya ba bangwe botlhe. Mme le fa motho a ka kgona go dira jalo, gantsi o fitlhela gore kgabagare go tlhaga motho yo mongwe gape yo o ka kgonang go se dira botoka go mo gaisa.

Moaposetoloi Paulo o ile a gakolola jaana: “Ke bolelela mongwe le mongwe mo go lona gore a se ka a ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone; mme a akanye gore a nne le mogopolo o o itekanetseng sentle.” (Baroma 12:3) Leba dilo ka tsela e e tshwanetseng! Sekaseka tsela e o dirang dilo ka yone mme o lemoge gore go na le dilo tse o ka kgonang go di dira le tse o ka se kang wa kgona go di dira. Dira tiro ya gago ka matsetseleko, mme gone, o se ka wa e dira ka boikutlo jwa gore ga o batle go dira diphoso gotlhelele. Ipeele mokgele o o tlhomameng mme e le o o ka kgonang go o fitlhelela.

Ka sekai, Paulo o ne a kgothaletsa Timotheo go nna ‘modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong, a tshwere lefoko la boammaaruri sentle.’ (2 Timotheo 2:15) Ee, Paulo o ne a mo kgothaletsa gore a dire tiro ya gagwe ka matsetseleko, e seng ka boikutlo jwa gore a se ka a dira diphoso. Le wena ipeele mekgele e o ka kgonang go e fitlhelela. Mme fa o sa tlhomamisege gore fa go buiwa ka mokgele o o ka kgonang go o fitlhelela go buiwa ka eng, bua le batsadi ba gago kgotsa le mogolo yo mongwe yo o ka mo ikanyang.

Tota e bile batho bangwe ba akantsha gore o leke ka boomo go dira dilo dingwe tse disha tse o seng setswerere mo go tsone, tse di jaaka go ithuta motshameko o mosha kgotsa go tshameka seletswa sengwe sa mmino. Ke boammaaruri gore fa o ntse o ithuta sengwe se sesha, o tlile go dira diphoso tse dintsi. Mme o tla bo o sa senye sepe fa o ka dira jalo. Gongwe seno se tla go thusa go lemoga gore go dira diphoso go naya motho sebaka sa go ithuta sengwe.

Sengwe le sengwe se o batlang go se fitlhelela—le fa e ka tswa e le go kwala tiro nngwe ya sekolo kgotsa go nna setswerere mo go tshamekeng piano—se dire o ntse o akantse ka kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo e e reng: “Lo se ka lwa nyahala mo tirong ya lona.” (Baroma 12:11) Ee, o se ka wa beela tiro ya gago ka moso, fela ka gonne o boifa gore o tla palelwa.

Mosha mongwe o ne a rata go beela tiro ya gagwe ya sekolo ka moso a dira seipato sa gore o ne a sa ntse a “ipaakanya.” Le mororo go ipaakanyetsa sengwe go le molemo, ela tlhoko gore o se ka wa dirisa lebaka leno e le seipato sa go beela tiro ka moso. Kgabagare mosetsana yono o ne a lemoga gore “fa motho a tshwanelwa ke go tlhopha magareng ga gore a ise tiro ya gagwe ya sekolo e e sa kgotsofatseng sentle le gore a se ka a isa gotlhelele, ka metlha go molemo gore a e ise.”

Tlogela go Nna le Dikakanyo Tse di se Nang Mosola!

Ke boammaaruri gore o ka nna wa thatafalelwa ke go dira tiro e e nang le diphoso. O sa ntse o ka fekeediwa ke dikakanyo tse di sa siamang tsa go itshwayatshwaya diphoso. O ka dira eng? Boammaaruri ke gore go kotsi go nna o akanya ka tsela e e sa siamang. Ka jalo, dira matsapa a go fedisa dilo tse e seng tsone tse o di akanyang ka wena. Ka dinako tse dingwe, itshegele fela fa o dirile phoso. Se lebale gore kana go na le “nako ya go tshega.” (Moreri 3:4) Gape o se ka wa lebala gore Jehofa ga a batle puo ya go kgoba—tota le fa re e lebisa mo go rona.—Baefeso 4:31.

Go na le gore o tlhole o ikomantse, dirisa mafoko a a mo go Diane 11:17 a a reng: “Motho wa bopelonomi jwa lorato o direla moya wa gagwe ka tsela e e duelang, mme motho yo o setlhogo o tlisetsa mmele wa gagwe matlhabisa ditlhong.” Ka jalo ipotse jaana, A go ipeela mekgele e e kwa godimo ka tsela e e feteletseng go nthusitse gore ke nne le ditsala? Gongwe ga go a nna jalo. E bile o ka tswa o ile wa palelwa ke go dirisana le batho ba bangwe ka gonne bone ba dira diphoso. Jaanong, ke eng se o ka se dirang?

Dirisa taelo ya Baebele e e reng: “Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe.” (Bakolosa 3:13) Ee, fa o sa nnele go lebelela gore batho ba bangwe ba dire dilo tse ba ka se kang ba kgona go di dira, seno se tla go thusa gore o nne le ditsala!

O ka nna wa ipotsa jaana, ‘Ke eng fa batho ba ka batla go nkatoga fela ka gonne ke na le boikutlo jwa go sa batle go dira diphoso?’ Akanya ka tsela e o amang ba bangwe ka yone fa o nnela go ba bolelela ka dilo tse di kwa godimo tse o batlang go di fitlhelela. Buka ya When Perfect Isn’t Good Enough e tlhalosa jaana: “Fa o nna o ngongorega nako le nako fa o sa bone maduo a ntlha, seno se ka utlwisa ditsala tsa gago botlhoko tse di sokolang go bona maduo a bobedi kgotsa a boraro.” Ka jalo, dira ka natla gore o kgaotse go nna le maikutlo a a sa siamang le go ithata go feta selekanyo. Batho ba tla itumelela go nna ditsala tsa gago.

Carly yo mmotlana o sobokanya kgang eno jaana: “Tota ke tshwanetse go bolelela boikutlo jono jwa go batla go dira dilo kwantle ga diphoso gore bo kgaogane le nna.” O ka dira seo jang? Tlhatlhanya ka tsela e Modimo a lebang dilo ka yone. Fa e le gore o sa ntse o fitlhela go le thata go laola mogopolo wa gago, bua le batsadi ba gago kgotsa le Mokeresete mongwe yo o godileng mo phuthegong ya lona. Kopa Modimo ka thapelo gore a go thuse go fetola tsela e o akanyang ka yone. Thapelo e ka go thusa thata gore o lwe le boikutlo jono jwa go batla go nna motho yo o sa direng diphoso.—Pesalema 55:22; Bafilipi 4:6, 7.

Le ka motlha o se ka wa lebala gore Jehofa ga a batle gore re nne le boikutlo jwa gore re tshwanetse go nna batho ba ba sa direng diphoso; se a se lebeletseng mo go rona ke gore re ikanyege mo go ene. (1 Bakorintha 4:2) Fa o lwela go ikanyega, ruri o tla itumelela tsela e o leng ka yone—tota le fa o dira diphoso.

Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng kana o ka rata mongwe a go etela kwa legaeng la gago go tla go ithuta Baebele le wena mahala, tsweetswee kwala o romele leina la gago le aterese ya kwa o nnang teng go Basupi ba ga Jehofa, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.

[Ntlha e e kwa tlase]

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Fa o boifa gore o tla palelwa, seno se ka dira gore o iphitlhele o sa kgone go dira sepe

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Go leka go ithuta sengwe se sesha go ka go thusa gore o nne le boikutlo jo bo siameng fa o dira diphoso