Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pego ya Gagwe E ne Ya Kgatlha ba Bangwe Thata

Pego ya Gagwe E ne Ya Kgatlha ba Bangwe Thata

Pego ya Gagwe E ne Ya Kgatlha ba Bangwe Thata

Ginny, yo e leng Mosupi wa ga Jehofa kwa United States, o ne a nna le sebaka se se molemo tota sa go bua ka bodumedi jwa gagwe mo ngwageng wa gagwe wa bofelo wa sekolo. A re: “Morutabana wa rona o ne a re bolelela gore re tshwanetse go kwala tlhatlhobo ya pele ga dikolo di tswalwa, gore re aloge. Ke ne ka mmolelela gore nna ke batla go kwala ka Basupi ba ga Jehofa fa ba ne ba le kwa dikampeng tsa Banasi tsa pogisetso.”

Morutabana o ne a letlelela Ginny go kwala ka kgang eo. Ginny a re: “Ke ne ke tshogile fa ke ne ke tshwanelwa ke go isa pampiri ya me ya tlhatlhobo le go tlhalosetsa tlelase se ke neng ke se kwadile. Ke ne ke sa itse gore bana ba bangwe mo tlelaseng ba tla reng le gore a ba ne ba tlile go ntshotla.”

Ginny o ne a simolola motlotlo wa gagwe ka go botsa jaana: “A go na le mongwe yo o itseng gore ke bomang ba seaparo sa bone se neng se na le letshwao la Star of David kwa dikampeng tsa Banasi tsa pogisetso?” Botlhe ba ne ba re, “Ke Bajuda.” Go tswa foo o ne a botsa gore a go na le mongwe yo o itseng gore ke bomang ba seaparo sa bone se neng se na le letshwao la khutlotharo e e bobududu. Go ne ga re tsho! Ginny a re: “Ke ne ka ba bolelela gore e ne e le Basupi ba ga Jehofa.”

Morutabana le bana ba bangwe mo tlelaseng ba ne ba kgatlhilwe ke tshedimosetso eo ya ga Ginny. Ginny a re: “Ba ne ba gakgamaditswe ke go utlwa gore Basupi ba ga Jehofa ba ka bo ba ile ba bona kgololesego ka go saena pampirinyana fela e e supang gore ba itatola tumelo ya bone. Moragonyana bangwe mo tlelaseng ba ne ba mpolelela gore ba ne ba tlhola ba sotla Basupi ba ga Jehofa mme ba bolela gore go tloga jaanong fa mongwe wa Basupi a ka ba etela kwa gae, ba tla mo reetsa.”

Ginny o ne a bona maduo a a kwa godimo ka pego eno ya gagwe le ka tsela e a e tlhalositseng ka yone. A re: “Ga se gore ke ile ka bona maduo a a kwa godimo fela, mme gape ke ile ka nna le sebaka se se molemo tota sa go bua ka bodumedi jwa me!”

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba ile ba solofediwa gore ba tla gololwa fela fa ba ka saena pampiri e e supang gore ba itatola tumelo ya bone

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy of United States Holocaust Memorial Museum