Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

St. Petersburg—“Tsela” ya Ba-Russia “Ya go Tsena Kwa Yuropa”

St. Petersburg—“Tsela” ya Ba-Russia “Ya go Tsena Kwa Yuropa”

St. Petersburg—“Tsela” ya Ba-Russia “Ya go Tsena Kwa Yuropa”

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA RUSSIA

“O a nkgatlha wena lefelo la ga Peter!/Ke kgatlhwa ke tsela e o nonofileng le e o rulagantsweng ka yone;/Kafa Noka ya gago ya Neva e elelang ka iketlo le ka tsela e e kgatlhang ka gone/mo gare ga dintshi tsa maje a keranaete.”—ALEKSANDR SERGEYEVICH PUSHKIN.

LEBOKO la ga Pushkin le le itsegeng thata le le buang ka St. Petersburg le fano le nopotsweng ka bokhutshwane, le bua thata ka motho yo o neng a simolola go aga toropo eo le ka ga lefelo la yone le le kwa karolong e e kwa kgakala ya bokone, kwa Noka ya Neva e tshologelang mo Lewatleng la Baltic gone. Mme o ka nna wa ipotsa gore, ‘go tlile jang gore toropo eno e kgolo mo lefatsheng e agiwe kwa lefelong le le tletseng metsi le le kwa karolong ya bokone?’

Mo lekgolong la bo17 la dingwaga, Russia e ne e sa kgone go gola ka gonne e ne e se na tsela ya go tsena mo lewatleng. Keletso e kgolo ya mmusimogolo mongwe yo mmotlana wa Mo-Russia e bong Peter yo Mogolo e ne e le go direla Russia “tsela ya go tsena kwa Yuropa” ka go bula tsela e e tsenang mo lewatleng. O ne a sa kgone go bula tsela eno mo Lewatleng le Lentsho le le neng le le ka fa borwa ka gonne Mmusomogolo wa Ba-Ottoman o ne o mo thibetse. Ka jalo, Peter o ne a leba kwa bokone kwa Ba-Sweden ba neng ba laola molelwane wa Lewatle la Baltic gone.

Peter o ne a diragatsa keletso ya gagwe ka gore a lwe le Ba-Sweden ka August 1700. Le fa masole a gagwe a ile a se ka a atlega mo lekgetlhong la ntlha, ga a ka a latlhela seditse. Ka November 1702, Peter o ne a dira gore Ba-Sweden ba tswe mo Letsheng la Ladoga. Letsha leno le legolo go gaisa otlhe mo Yuropa le kopana le Noka ya Neva le bo le elela dikilometara di ka nna 60 go tshologela mo Lewatleng la Baltic. Ba-Sweden ba ne ba aga lefelo la boiphemelo mo setlhaketlhakeng sengwe se sennye gaufi le kwa letsha leno le tshologelang mo Nokeng ya Neva gone. Peter o ne a kgona go gapa lefelo leno la boiphemelo la Ba-Sweden le le mo setlhaketlhakeng, a bo a le bitsa Shlissel’burg.

Moragonyana Ba-Sweden ba ne ba lwa le Ba-Russia kwa lefelong lengwe la boiphemelo la Nienshants kwa Noka ya Neva e tshologelang mo Lewatleng la Baltic. Ka May 1703 masole a Sweden a a neng a le kwa lefelong leno a ne a fenngwa gotlhelele. Phenyo eno e ne ya dira gore Ba-Russia ba laole molomo otlhe wa noka. Ka yone nako eo, Peter o ne a simolola go aga lefelo la boiphemelo gaufi le Setlhaketlhake sa Zayachy gore a sireletse molomo wa Noka ya Neva. Ka gone, ka May 16, 1703, mo e ka nnang dingwaga di le 300 tse di fetileng, Peter yo Mogolo o ne a baya leje la ntlha la se gompieno se itsegeng e le Lefelo la Boiphemelo la ga Peter-Paul. Leno ke letlha le le amogelesegang la go agiwa ga St. Petersburg, e e reeletsweng ka leina la moitshepi yo mmusimogolo yono a neng a ipitsa ka ene, e bong moaposetoloi Petere.

E Dirwa Motsemoshate

Go farologana le metsemeshate e mengwe e mentsi, go ne go rulagantswe go tswa kwa tshimologong gore St. Petersburg e agiwe go nna motsemoshate o montle tota. Peter o ne a tswelela pele go aga toropo eno le fa e ne e le kwa karolong e e kwa kgakala ya bokone e sekgala sa yone go tswa kwa equator e leng sa didikirii di le 60 go ya kwa bokone. Dikota tsa go aga di ne di tsewa go tswa kwa kgaolong ya Letsha la Ladoga le kwa Novgorod. Tsela e nngwe e Peter a neng a bona maje a go aga ka yone e ne e le ka go abela batho palo e e rileng ya maje a ba neng ba tshwanetse go tla le one. Mo-Russia mongwe le mongwe yo o neng a tlisa dithoto mo St. Petersburg o ne a tshwanelwa ke go tla le palo e e rileng ya maje. Gape, Peter o ne a dira gore go se ka ga tlhola go agiwa matlo a maje, sa ntlha kwa Moscow, go tswa foo mo mmusomogolong otlhe wa gagwe. Seno se ne sa dira gore batho ba ba agang ka maje, ba jaanong ba neng ba sa tlhole ba bereka, ba tle go bereka mo St. Petersburg.

Go ya ka The Great Soviet Encyclopedia toropo eno e ne ya agiwa ka “lobelo lo logolo go gaisa lo ditoropo tse dingwe tsa nako eo di neng tsa agiwa ka lone.” Go ise go ye kae go ne go setse go dirilwe mesele ya metsi, metheo, mebila, dikago, dikereke, dikokelo le diofisi tsa puso. Mo ngwageng o toropo eno e neng ya simololwa go agiwa ka one, tiro ya go aga e ne ya simololwa kwa lefelong le go direlwang dikepe kwa go lone, le le itsegeng e le Kgotlatshekelo ya Masole a Lewatle, le kgabagare le neng la nna ntlokgolo ya dikepe tsa ntwa tsa Ba-Russia.

Ka 1710 go ne ga agiwa Ntlo ya Segosi ya Selemo ya babusibagolo. Ka 1712, motsemoshate wa Russia le diofisi tsa one tse dintsi tsa puso o ne wa fudusiwa kwa Moscow mme wa isiwa kwa St. Petersburg. Ntlo ya ntlha ya segosi e e agilweng ka maje, e e sa ntseng e le gone le gompieno, e ne ya wediwa ka 1714. E ne ya agelwa mmusi wa ntlha wa toropo eno, e bong Aleksandr Menshikov. Gape mo go one ngwaga oo go ne ga agiwa le Kereke e Kgolo ya ga Peter-Paul mo lefelong la boiphemelo le le lone le bidiwang la ga Peter-Paul. Tora e e kwa godimo ya kereke eno ke letshwao le toropo eno e tlhomologileng ka lone. Gape go ne ga agiwa le Ntlo ya Segosi ya Mariga mo Nokeng ya Neva, mme e ne ya agiwa sesha ka makgetlo a le mantsi. Moragonyana go ne ga agiwa Ntlo ya Segosi ya Mariga e e sa ntseng e le gone le gompieno e e nang le diphaposi di ka nna 1 100. Ntlo eno e kgolo ya segosi e setse e le boremelelo jwa toropo eno e bile e na le musiamo wa Naga o o itsegeng thata wa Hermitage.

St. Petersburg e ile ya gola thata mo dingwageng di le lesome fa e sa le e agiwa. Go bolelwa gore ka 1714 go ne go na le dikago di ka nna 34 500 mo toropong eno! Matlo a segosi le dikago tse dingwe tse dikgolo di ne tsa tswelela di agiwa kwantle ga go kgorelediwa ke sepe. Dikago di le dintsi tsa toropo eno di supa gore bodumedi bo nnile le tlhotlheletso e kgolo mo hisitoring ya Russia.

Ka sekai, go na le Kereke e Kgolo ya ga Kazan, e e batlileng e nna kgolokwe le e e nang le dipilara fa pele. Tsela e e kgatlhang e kereke eno e lebegang ka yone mo mmileng o mogolo wa toropo eno wa Nevsky Prospekt, e ile ya dira gore mmila ono o bidiwe mongwe wa mebila e megolo go gaisa yotlhe mo lefatsheng. Moragonyana go ne ga agiwa Kereke e Kgolo ya ga St. Isaac. Go ne ga tsenngwa dikholomo di ka nna 24 000 tsa motheo mo mmung wa yone o o seretse gore di tshegetse kago eno, mme go ne ga dirisiwa dikilogerama di le 100 tsa gouta go gaba serotobolo sa yone se segolo.

Go agiwa ga dikago kwa dikgaolong tse di dikologileng St. Petersburg le gone go ne go kgatlha tota. Ntlo e Kgolo ya Segosi ya ga Peter e ne ya simololwa go agiwa ka 1714 kwa Peterhof, e gone jaanong e itsegeng e le Petrodvorets. Go sa ntse go le jalo, mosadi wa ga Peter le ene o ne a agelwa Ntlo ya maemo tota ya Segosi ya ga Catherine kwa motseng o o fa gaufi wa Tsarskoe Selo, o gone jaanong o bidiwang Pushkin. Kwa bofelong jwa lekgolo leo la dingwaga, go ne ga agiwa matlo a mabedi a magolo a segosi kwa metseng e mebedi e e kwa borwa e e dikologileng toropo eno, e leng Pavlovsk le Gatchina.

Bontle jwa toropo eno e e neng e sa tswa go agiwa bo ne jwa okediwa thata ke marogo a le mantsintsi a a neng a agiwa mo meseleng ya yone e mentsi ya noka. Ka jalo, St. Petersburg e ile ya nna ya tlhalosiwa e le “Venice ya Bokone.” Batlhami ba dipolane ba kwa Fora, Jeremane le Italy ba ne ba dirisana le batlhami ba dipolane ba ba ditswerere tota ba kwa Russia go aga toropo e The Encyclopædia Britannica e bolelang gore ke “nngwe ya ditoropo tse dintle le tse di rulagantsweng sentle tsa Yuropa.”

Go Itshoka mo Dinakong Tsa Mathata

Baba ba ga Peter ba ne ba sa lemoge gore Ba-Russia ba ne ba tlile go iketleetsa go le kana kang gore ba sireletse tsela ya bone ya go tsena kwa Yuropa. Buka ya Peter the Great—His Life and World e tlhalosa jaana: “Fa e sa le Peter yo Mogolo a fitlha kwa molomong wa Noka ya Neva, naga eo le toropo e e neng ya agiwa koo e sa le e ntse e le tsa Ba-Russia.”

Ee ruri, fela jaaka buka e e nopotsweng fa godimo e bolela, “fa makgolo a dingwaga a ntse a feta, ga go na bafenyi bape ba moragonyana ba neng ba tsena kwa Russia le batlhabani ba le bantsi—Charles XII, Napoleon, Hitler—ba ba ileng ba kgona go gapa boemakepe jwa ga Peter kwa Baltic, le fa masole a Banasi a ile a dikanyetsa toropo eno ka malatsi a le 900 ka Ntwa ya Lefatshe II.” Fa toropo eno e ne e dikanyeditswe ka lobaka loo lo loleele, go ne ga swa batho ba ka nna milione. Ba le bantsi ba ile ba bolawa ke serame le leuba mo marigeng a 1941/42, fa serame se ne se le kwa tlase ga lefela ka didikirii di le 40. Didikirii tseno di supa gore go ne go le tsididi tota, le fa o ka tswa o di bala ka selekanyo sa didikirii tsa Celsius kgotsa tsa Fahrenheit.

Fa Ntwa ya Lefatshe I e runya ka 1914, toropo eno e ne ya fetolwa leina mme ya bidiwa Petrograd. Mme e ne ya re fa moeteledipele wa ntlha wa Soviet Union e bong Vladimir Lenin a swa ka 1924, e ne ya bidiwa Leningrad. Kgabagare ka 1991, fa puso ya Soviet Union e phutlhama, toropo eno e ne ya simolola go bidiwa ka leina la yone gape la kwa tshimologong la St. Petersburg.

Kafa e Tlhotlheleditseng Lefatshe ka Gone

Ka 1724, mo e ka nnang ngwaga pele Peter a swa a le dingwaga di le 52, go ne ga tlhongwa Setheo sa Russia sa Dithuto Tsa Saense, mme ka 1757 go ne ga tlhongwa Setheo sa Botaki mo toropong eno. Ke gone kwa bataki ba Ba-Russia ba lekgolo la bo19 la dingwaga e bong Karl Bryullov le Ilya Repin ba ileng ba bona dithuto tsa bone mme moragonyana e ne ya nna bataki ba ba itsegeng thata mo lefatsheng.

Ka 1819, go ne ga tlhongwa St. Petersburg State University, mme fa nako e ntse e tsamaya go ile ga tlhongwa le ditheo tse dingwe tse dintsi tsa dithuto tse di kwa godimo. Mo lekgolong la bo19 la dingwaga, mofisioloji wa Mo-Russia yo o neng a agile kwa St. Petersburg, e bong Ivan Pavlov yo o neng a gapa Sekgele sa Nobel, o ne a simolola kgopolo ya se go tweng ke go tsibogela sengwe se sesha ka go se amanya le sengwe se se kileng sa tsibogelwa mo nakong e e fetileng. Mme ke gone kwa rakhemisi wa Mo-Russia e bong Dmitry Mendeleyev a neng a tlhama thulaganyo ya gagwe ya dielemente e e bidiwang periodic table kgotsa thulaganyo ya ga Mendeleyev jaaka e itsege kwa Russia.

Setso sa batho ba toropo eno le sone se ile sa kgatlha batho ba le bantsi thata. Ka 1738 go ne ga tlhongwa setheo sa go tansa, se kgabagare se neng sa itsege e le Mariinsky Ballet. Go ise go ye kae, diholo le mafelo a le mantsi a bobogelo a ballet le dikhonsata a ne a kgabisa toropo eno. Batlhami ba ba itsegeng thata ba mmino ba ba jaaka Pyotr Ilich Tchaikovsky ba ne ba tla go nna kwa St. Petersburg. Monna yono o itsege ka dipina tsa tlelasiki tse di sa siiweng ke nako tsa ballet, tse di jaaka Sleeping Beauty, Swan Lake le The Nutcracker le pina ya gagwe e e itsegeng thata ya 1812 Overture.

Gape go ne go na le baboki le bakwadi ba le bantsi ba ba itsegeng thata ba Ba-Russia ba ba neng ba nna kwa St. Petersburg. Lekawana Aleksandr Sergeyevich Pushkin o ne a nna mongwe yo batho ba le bantsi ba mo tsayang e le ‘mmoki wa Mo-Russia yo o gaisang botlhe le mokwadi wa ntlha wa dibuka tsa segompieno tsa Se-Russia.’ Fela jaaka mekwalo ya ga Shakespeare, mekwalo ya ga Pushkin e ne ya nna le tlhotlheletso e kgolo e bile e ile ya ranolelwa mo dipuong tsotlhe tse dikgolo mme nngwe ya dilo tse a neng a di kwala ke leboko le le nopotsweng kwa tshimologong le le buang ka toropo e a neng a e tsaya e le legae la gagwe. Mo godimo ga moo, go na le Dostoyevski yo The Encyclopædia Britannica e bolelang gore “gantsi o tsewa e le mongwe wa bakwadi ba dibuka ba ba ditswerere go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela.”

Ka jalo, go ka twe le fa St. Petersburg e ile ya bona melemo mengwe mo Yuropa mo metlheng ya fa e ne e sa ntse e simologa, boammaaruri ke gore e ile ya solegela Yuropa molemo thata. Ga go pelaelo gore mo dingwageng tseno tsotlhe baagi ba toropo eno ba ile ba nna le tlhotlheletso e kgolo mo dinageng tse dingwe tsa lefatshe.

Nako ya go Akanya

Mo bekeng ya May 24 go ya go beke ya June 1, 2003, batho ba le dikete di le makgolo ba ba neng ba etetse kwa St. Petersburg ba ne ba nna le seabe mo go ketekeng ngwaga wa bo300 wa go nna gone ga toropo eno. Fa ba ntse ba ipelela moletlo ono o o rulagantsweng ka matsetseleko, ba le bantsi ba ne ba ntse ba akanya ka bontle jwa toropo eno le hisitori ya yone e e kgatlhang tota.

Se se itumedisang ke gore beke pele ga moo, batho ba le bantsi ba ne ba etetse kwa St. Petersburg go tla moletlong wa go kgakola dikago tse di okeditsweng tsa lekala la kwa Russia la Basupi ba ga Jehofa, le le agilweng mo mafelong a a dikologileng toropo eno. Mo letsatsing le le latelang, batho ba le 9 817 ba ne ba kokoana kwa Kirov Stadium kwa St. Petersburg go tla go reetsa poeletso ya thulaganyo ya go kgakolwa ga dikago le go reetsa dipego tse di kgothatsang tse di malebana le ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa kwa dinageng tse dintsi.

Go na Le Dilo di le Dintsi Tse di ka Bonwang

Gantsi batho ba ba etelang kwa St. Petersburg ba dumela gore go na le dilo di le dintsi tse di ka bonwang mo toropong eno mo e leng gore ga ba itse gore ba simolole kae. Seno se direga thata fa o le kwa musiamong wa Hermitage. Go fopholediwa gore motho o ne a tla tsaya lobaka lwa dingwaga di le dintsi go bona sengwe le sengwe se se mo musiamong ono fa e le gore o tsaya motsotso go leba selwana se le sengwe fela mo diphaposing di le dintsintsi tsa musiamo ono.

Ba bangwe ba akanya gore nngwe ya dilo tse di kgatlhang thata ka toropo ya St. Petersburg ke motshameko wa yone wa ballet. Ka sekai, kwa Lefelong la Bobogelo le le itsegeng thata la Mariinsky, motho a ka nna ka fa tlase ga ditshwaramabone tse di makala tsa kirisetale tse di kgabisitseng tse di dikologilweng ke maribelo le dipota tse di tsabakelang, tse di gabilweng ka gouta ya dikilogerama di ka nna 400. Fano, o ka bona metshameko ya ballet e go ka tweng ke e e gaisang mo lefatsheng.

Motho a ka itumelela go bona dikago tse dintle tota tse di iphaphathileng le Noka ya Neva fa a ntse a iphokisa phefo mo toropong eno e e nang le baagi ba ka nna dimilione di le tlhano. Sengwe se motho a ka se itumelelang thata ke go itsamaela ka diterena tse dintle tsa toropo eno tse di tsamayang ka fa tlase ga lefatshe. Diterena tseno tse di tsamayang mo gare ga diteishene di feta di le 50 mo sekgaleng sa dikilometara di le 98, di dirisiwa ke batho ba feta dimilione di le pedi ka letsatsi. Dingwe tsa diteishene tseno ke diteishene tse dintle go gaisa tsotlhe mo lefatsheng. Ka 1955, fa go ne go bulwa ditsela tsa diterena tseno, The New York Times e ne ya bitsa diteishene tseno e re ke “motseletsele wa matlo a segosi a a ka fa tlase ga lefatshe a lekgolo la bomasomeamabedi la dingwaga.”

Ruri ga go kafa motho a ka se kang a kgatlhwa ke St. Petersburg—tsela e e gakgamatsang e e neng ya agiwa le go gola ka yone, bontle jwa yone jo bo nnelang ruri, botaki, setso, thuto le mmino. Le fa baeng ba ka tswa ba kgatlhegela eng, go bonala sentle gore ba ka dumalana le buka nngwe e e bitsang St. Petersburg “nngwe ya ditoropo tse dintle go gaisa tsotlhe mo Yuropa.”

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Mothei wa toropo eno e bong, Peter yo Mogolo

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Lefelo la Boiphemelo la ga Peter-Paul le kereke ya lone e kgolo, kwa St. Petersburg e neng ya thewa gone

[Ditshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Ntlo ya Segosi ya Mariga mo Nokeng ya Neva, e ga jaana e leng musiamo wa Hermitage (bokafateng jwa yone bo supilwe kwa mojeng o o kwa kgakala)

[Motswedi wa Setshwantsho]

The State Hermitage Museum, St. Petersburg

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Ntlo e Kgolo ya Segosi

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

St. Petersburg e bidiwa Venice ya Bokone

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Lefelo la Bobogelo la Mariinsky le le itsegeng thata mo lefatsheng

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Steve Raymer/National Geographic Image Collection

Photo by Natasha Razina

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Diteishene tse di ka fa tlase ga lefatshe tsa St. Petersburg di ile tsa tlhalosiwa e le “matlo a segosi a a ka fa tlase ga lefatshe”

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Top picture: Edward Slater/Index Stock Photography; painting and emblems: The State Hermitage Museum, St. Petersburg