Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo o Amogela Mekgwa e Mengwe ya Botshelo?

A Modimo o Amogela Mekgwa e Mengwe ya Botshelo?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Modimo o Amogela Mekgwa e Mengwe ya Botshelo?

“KE TLA itse leng gore dikeletso tsa me tsa tlhakanelodikobo ke dife?” Go ne ga kwala jalo mosetsanyana wa dingwaga tse 13 a kwalela kholomo e e nayang basha ba dingwaga tsa bolesome dikgakololo. Potso ya gagwe e tsamaisana le boikutlo jwa ba le bantsi ba ba akanyang gore batho ba gololesegile go tlhopha mokgwa mongwe le mongwe fela wa tlhakanelodikobo o ba batlang go tshela ka one.

Batho bangwe ruri ba ka tswa ba tlhakane tlhogo malebana le maikutlo a bone a tlhakanelodikobo. Ba bangwe ba amogela mekgwa e mengwe ya botshelo e e jaaka bosodoma ba sa fitlhe. Mme ba bangwe bone ba itshwara jaaka batho ba bong bo sele e bile ba apara jaaka bone ka tshosologo. Ba bangwe ba iphetola bong ka go arwa. Gape go na le batho ba ba tatalalang gore bagolo ba tshwanetse ba letlelelwa go tlhakanela dikobo le bana.

A ruri mekgwa ya tlhakanelodikobo le ya bong ke dilo tse motho a tshwanetseng a di itlhophela? Lefoko la Modimo la reng ka dikgang tseno?

‘O ba Bopile e le Monna le Mosadi’

Go ya ka buka ya Baebele ya Genesise, Modimo ka boene o ne a dira gore go nne le dipharologano fa gare ga banna le basadi. Pego eo ya re: “Modimo a bopa motho mo setshwanong sa gagwe . . . A ba bopa monna le mosadi. Mo godimo ga moo, Modimo a ba segofatsa mme Modimo a ba raya a re: ‘Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye.’”—Genesise 1:27, 28.

Modimo o ne a bopa batho ba na le kgololesego ya go itlhophela mme a ba naya ditshono tsa gore ba dirise kgololesego ya bone. (Pesalema 115:16) E re ka motho a ne a neilwe boikarabelo jwa go tlhokomela dilo tse dingwe tsotlhe tse di tshelang mo lefatsheng, o ne a ba a letlwa go di tlhophela maina a a di tshwanetseng. (Genesise 2:19) Le fa go ntse jalo, fa e le ka dikgang tse di amanang le dikeletso tsa tlhakanelodikobo, Modimo o ne a naya ditaelo tse di tlhomameng.—Genesise 2:24.

Ka ntlha ya go tlhoka kutlo ga ga Adame, rotlhe re ruile bosaitekanelang. Ke gone ka moo re tshwanetseng go lwantsha makoa a senama le dikeletso tse di nonofileng tse di sa tsamaisaneng le boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong. Ka jalo, mo melaong e Modimo a neng a e naya batho ba gagwe a dirisa Moshe, o ne a tlhalosa mekgwa ya tlhakanelodikobo e e neng e mo ferosa sebete—boaka, go tlhakanela dikobo le mongwe yo o gaufi le wena ka losika, bosodoma le go tlhakanela dikobo le diphologolo. (Lefitiko 18:6-23) Gape Modimo o ne a iletsa ka tlhamalalo gore motho a se ka a apara jaaka motho wa bong bo sele gore a tle a dire boitsholo jo bo sa siamang. (Duteronome 22:5) Gangwe le gape Baebele e ruta gore mokgwa o le osi fela wa tlhakanelodikobo o o amogelwang ke Modimo ke wa banyalani ba e leng batho ba bong jo bo sa tshwaneng. (Genesise 20:1-5, 14; 39:7-9; Diane 5:15-19; Bahebera 13:4) A ditekanyetso tse di ntseng jalo di a utlwala?

Go Tlhopha Mang?

Baebele e tshwantsha seemo sa motho fa pele ga Mmopi wa gagwe le mmopa o o mo diatleng tsa mmopi wa letsopa. Ya re: “Motho ke wena, tota o mang go bo o araba Modimo? A selo se se bopilweng se ka raya yo o se bopileng sa re, ‘Ke ka ntlha yang o ne o ntira ka tsela eno?’” (Baroma 9:20) Tsela e Modimo a bopileng banna le basadi ka yone e bontsha sentle gore ke ga tlholego gore monna le mosadi ba nne le keletso ya go tlhakanela dikobo mmogo. Ka jalo go eletsa go tlhakanela dikobo le motho wa bong jo bo tshwanang le jwa gago, le phologolo, kgotsa le ngwana ga se ga tlholego.—Baroma 1:26, 27, 32.

Ka ntlha ya lebaka leo, batho ba ba latelang mekgwa e e ntseng jalo ya tlhakanelodikobo e e seng ya tlholego ba ganetsana le Modimo. Baebele e na le tlhagiso eno: “A bo go latlhega ene yo o neng a ganetsana le Mmopi wa gagwe, jaaka kapetla ya sejana sa letsopa e ganetsana le dikapetla tse dingwe tsa sejana sa letsopa sa mmu! A letsopa le ka raya mmopi wa lone la re: ‘O dira eng?’” (Isaia 45:9) Ruri go a utlwala gore Mmopi wa batho e nne ene a nayang ditaelo mo dikgannyeng tsa tlhakanelodikobo. A mme ga go utlwale gore batho ba tshwanetse go latela kaelo eo?

Go Itsholela Sejana

Mokwadi wa Baebele e bong Paulo o ne a dirisa setshwantsho se se tshwanang le seo fa a ne a kaela Bakeresete ka boitshwaro jwa tlhakanelodikobo. O ne a re: “Mongwe le mongwe wa lona a itse kafa a ka tsholang sejana sa gagwe ka gone se le boitshepo e bile se tlotlega, e seng mo go eletseng tlhakanelodikobo ka bopelotshetlha.” (1 Bathesalonika 4:4, 5) Paulo o tshwantsha mmele wa motho le sejana. Go tshola sejana seo go kaya go dira gore dikakanyo le dikeletso tsa gago di tsamaisane le melao ya Modimo ya boitsholo.

Ke boammaaruri, go ka nna ga se ka ga nna motlhofo go dira jalo. Go a utlwala gore motho yo o ileng a sotliwa ka tlhakanelodikobo a le monnye, mongwe yo batsadi ba gagwe kgotsa batlhokomedi ba bangwe ba ileng ba mo naya dikao tse di sa siamang tsa bong, kgotsa mongwe yo o neng a bona ditshwantsho tse di hepisang a sa le mmotlana a bo a ka nna le mathata. Dilo tse di amanang le dijini, dihoromone le tlhaloganyo le tsone di ka dira gore motho a nne le maikutlo a a sokameng ka tsa tlhakanelodikobo. Le fa go ntse jalo, go a gomotsa go itse gore Mmopi wa rona a ka thusa ba ba tlhokang thuso a bo a ba tshegetse.—Pesalema 33:20; Bahebera 4:16.

Letla Gore Mmopi yo Mogolo a go Bope

Pele mmopi a ka simolola go bopa, letsopa le tshwanetse la bewa fa gare ga leotwana le a le dirisang. Go tswa foo, fa leotwana le ntse le dikologa, mmopi ka botswerere o le tobetsa go se kae ka menwana gore le nne le popego e a e batlang. Pele re ka bopega go nna batho ba ba itumedisang Modimo, re tshwanetse ra tshela matshelo a rona go dumalana le melaometheo le melao e e sa fetogeng ya Modimo. Fa re setse re simolotse go dira boiteko, Modimo ka lorato o re bopa ka bonolo a dirisa Baebele, moya wa gagwe o o boitshepo le bokaulengwe jwa Bokeresete. Go tswa foo motho o simolola go utlwa gore tota Modimo o amega ka ene mo botshelong jwa gagwe.

Gone ke boammaaruri gore re tshwanetse ra ikanya botlhale jwa Mmopi, re dumela gore o itse se se re siametseng. Re ka kgona go mo ikanya jalo fa re rapela le fa re ithuta Baebele ka tlhoafalo. Fa motho yo o lebanang le kgang ya maikutlo a a sa siamang a tlhakanelodikobo a na le boikanyo joo go tla nna motlhofo gore Jehofa a mmope. Lokwalo lwa 1 Petere 5:6, 7 lwa re: “Jalo, ikokobetseng kafa tlase ga seatla se se thata sa Modimo, gore a tle a lo godise mo nakong e e tshwanetseng; lo ntse lo latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ene, ka gonne o a lo kgathalela.”

Go bala Baebele ka metlha go dira gore re itse batlhanka ba bantsintsi ba ba ikanyegang ba Modimo ba ba neng ba lwantsha dikeletso tsa nama mme ba sa ineele. A bo dikai tseo di kgothatsa jang ne! Re kgona go bona kafa ka dinako tse dingwe moaposetoloi Paulo a neng a ikutlwa a kgobegile marapo ka teng fa a ne a re: “A nna motho yo o tlhomolang pelo! Ke mang yo o tla nnamolang mo mmeleng o o diragalelwang ke loso lono?” Le fa go ntse jalo, gape o ne a re bolelela se se mo thusitseng thata fa a ne a araba potso ya gagwe a re: “Ke leboga Modimo ka Jesu Keresete Morena wa rona!”—Baroma 7:24, 25.

Maatla A a Ka Thusang Motho go Fetoga

Le rona re ka dirisa moya o o boitshepo wa Modimo. Ke maatla a magolo a a ka re thusang go fetoga. Moya o o boitshepo o re thusa gore re “latlhe botho jo bogologolo” mme re “apare botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.” (Baefeso 4:22-24) Rraarona yo o lorato wa selegodimo ga a ke a tlhoka go arabela fa batho ba mo kopa ka bopeloephepa gore a ba neye moya o o boitshepo gore o ba thuse go fetoga. Jesu o re tlhomamisetsa gore Rara o “tla naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang.” (Luke 11:13) Le fa go ntse jalo, go botlhokwa gore re rapele re sa kgaotse, jaaka mafoko ano a gagwe a bontsha: “Nnang lo kope, mme lo tla newa.” (Mathaio 7:7) Seno se ka nna jalo bogolo jang fa motho a leka go laola dikeletso tse di maatla tsa tlhakanelodikobo.

Gape Modimo o re thusa ka bokaulengwe jwa Bokeresete jwa boammaaruri, jwa batho ba ba godileng ka ditsela tse di farologaneng. Bakeresete bangwe mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga kwa Korintha ba ne ba kile ba bo ba le “banna ba ba beetsweng maikaelelo a e seng a tlholego” le “banna ba ba robalang le banna.” Le fa go ntse jalo ba ne ba fetoga. Madi a ga Keresete a ne a ba ntlafatsa, mme ba ne ba amogelega mo matlhong a Modimo. (1 Bakorintha 6:9-11) Bangwe gompieno ba tlhoka go dira diphetogo tse di ntseng jalo. Mme bano ba ka bona thuso mo phuthegong ya Bokeresete gore ba kgone go lwantsha dikeletso tse di bosula.

A seno se raya gore fa motho a nna Mokeresete, ka yone nako eo dikeletso tsotlhe tse di sa tshwanelang di a kgaotsa kgotsa go tlhakana tlhogo ka dikgang tsa bong go a fela? Nnyaa. Go dirisa melaometheo ya Baebele ka dinako tsotlhe go dirile gore bangwe ba kgone go tshela ka tsela e e tlwaelegileng. Le fa go ntse jalo, gantsi Bakeresete bano ba ile ba tshwanelwa ke go lwa letsatsi le letsatsi kgatlhanong le dikeletso tse di sa siamang. Ka gone, batho ba ba ntseng jalo ba direla Modimo le fa ba na le “mutlwa mo nameng” ka tsela ya tshwantshetso. (2 Bakorintha 12:7) Fa fela ba tswelela ba lwantsha dikeletso tse di phoso e bile ba nna le boitshwaro jo bo siameng, Modimo o ba tsaya e le batlhanka ba ba ikanyegang e bile ba le phepa mo matlhong a gagwe. Ba ka leba pele kwa nakong e ka yone mo isagweng batho botlhe ba tla ‘gololwang mo go nneng motlhanka wa go bola mme ba nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.’—Baroma 8:21.

Ga jaanong, botlhe ba ba ratang go itumedisa Modimo ba tshwanetse ba latela ditekanyetso tsa gagwe tsa tshiamo. Bakeresete ba boammaaruri ba tlhopha go direla Modimo—e seng go latela dikeletso tsa bone tsa bopelotshetlha. Batho ba ba ineelang ka boikokobetso go dira thato ya Modimo mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo ba tla duelwa ka go itumela ka bosakhutleng.—Pesalema 128:1; Johane 17:3.

Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng kana o ka rata mongwe a go etela kwa legaeng la gago go tla go ithuta Baebele le wena mahala, tsweetswee kwala o romele leina la gago le aterese ya kwa o nnang teng go Basupi ba ga Jehofa, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.

[Mafoko a a mo go tsebe 30]

Fa e le ka dikgang tse di amanang le dikeletso tsa tlhakanelodikobo, Modimo o ne a naya ditaelo tse di tlhomameng

[Mafoko a a mo go tsebe 31]

Bakeresete bangwe mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga kwa Korintha ba ne ba kile ba bo ba le “banna ba ba beetsweng maikaelelo a e seng a tlholego” le “banna ba ba robalang le banna.” Le fa go ntse jalo ba ne ba fetoga

[Setshwantsho mo go tsebe 32]

Go ithuta Baebele go thusa motho gore a nne le ditekanyetso tse di kwa godimo tsa boitsholo