Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ke Tshwanetse go Nna le Tattoo?

A ke Tshwanetse go Nna le Tattoo?

Basha ba Botsa Jaana . . .

A ke Tshwanetse go Nna le Tattoo?

“Di-‘tattoo’ dingwe di dintle. Di takilwe ka bothakga tota.”—Jalene. *

“Ke feditse dingwaga tse pedi ke batla go nna le ‘tattoo’ ya me ya ntlha.”—Michelle.

GO BONALA batho gongwe le gongwe ba na le di-tattoo. Diopedi tsa mmino wa roko, batho ba ba tumileng mo go tsa metshameko, bommabontle le bagaka ba dibaesekopo ba rata gore di-tattoo tsa bone di bonwe. Basha ba le bantsi ba a ba etsa, ba ipelela go tsamaya ba bontsha batho di-tattoo tsa bone tse di mo magetleng, mo matsogong, mo mathekeng le mo magwejaneng. Andrew a re: “Di-tattoo di dintle tota. Go tswa fela mo mothong gore a o batla go nna le yone kgotsa nnyaa.”

World Book Encyclopedia ya re: “Go itira tattoo ke go itshwaya mmele ka sengwe se se sa phimogeng. E dirwa ka go iphunya marobanyana mo letlalong ka lotlhokwa kgotsa ka lerapo le le motsu kgotsa ka nnale e e inilweng mo seeding se se mebala.”

Le mororo go se motlhofo go bona dipalopalo tse di tlhomameng, motswedi mongwe wa tshedimosetso o fopholetsa gore diperesente di le 25 tsa batho botlhe kwa United States ba ba nang le dingwaga di le 15 go ya go 25 ba na le di-tattoo. Sandy a re: “Ke sengwe se se ratwang thata.” Ke eng fa basha bangwe ba rata go itira di-tattoo thata jaana?

Ke Eng fa di Ratwa Thata Jaana?

Bangwe ba tsaya tattoo e le tsela ya go bontsha kafa o ratang motho yo mongwe ka gone. Michelle a re: “Nkgonne o kwadile mo legwejaneng la gagwe leina la mosetsana yo o neng a ratana le ene.” Jaanong bothata ke eng? “Ga ba tlhole ba ratana.” Go ya ka makasine wa Teen, “dingaka di fopholetsa gore diperesente di le 30 tsa batho ba ba batlang go tlosa di-tattoo ke basha ba basetsana ba ba batlang go tlosa maina a basimane ba ba neng ba ratana le bone.”

Basha bangwe ba tsaya go itira di-tattoo e le botaki. Ba bangwe ba akanya gore ke tsela ya go supa kafa ba itaolang ka gone. Josie o ne a re: “Ke a itaola,” a bo a bolela gore “tshwetso e le nngwe fela e kgolo e nkileng ka e dira mo botshelong” ke go nna le tattoo. Go itira tattoo go naya basha bangwe sebaka sa go lekeletsa sengwe se sesha—go nna le boikutlo jwa gore ba tshwanetse go lebega ka tsela e bone ba batlang ka yone. Gape di-tattoo di ka bontsha moya wa botsuolodi kgotsa mekgwa e e sa tlwaelegang ya botshelo. Ka jalo, di-tattoo dingwe di na le mafoko le ditshwantsho tsa matlhapa le mafoko a a rumolang.

Le fa go ntse jalo, basha ba le bantsi ba ka tswa ba itira di-tattoo fela ka gonne ba latela feshene. Mme gone, a seno se raya gore o tshwanetse go itira tattoo fela ka gonne go bonala batho ba bangwe botlhe ba na le tsone?

Di-Tattoo mo Metlheng ya Bogologolo

Mokgwa wa go itira di-tattoo ga o simolole gompieno. Go ile ga ribololwa ditopo tse di omisitsweng tsa Baegepeto le Ba-Libya tse di nang le di-tattoo tse go bonalang di nnile gone makgolo a dingwaga pele ga motlha wa ga Keresete. Gape go ile ga fitlhelwa ditopo tse di omisitsweng tse di nang le di-tattoo kwa Amerika Borwa. Bontsi jwa ditshwantsho tsa di-tattoo tseno di ne di amana ka tlhamalalo le kobamelo ya medimo ya boheitane. Go ya ka mmatlisisi Steve Gilbert, “tattoo ya bogologolo e e itsegeng ya setshwantsho sa sengwe se se neng se bonala sentle, e ne e le ya setshwantsho sa modimo Bes. Mo ditlhamaneng tsa Baegepeto, Bes ke modimo yo o se nang boitsholo wa menate e e feteletseng.”

Go bonala sentle gore ke eng fa Molao wa ga Moshe o ne o sa letle batho ba Modimo go itira di-tattoo. Lefitiko 19:28 ya re: “Lo se ka lwa itshegaka nama lo itshegakela moya o o suleng, gape lo se ka lwa itsenya matshwao a a sa phimogeng. Ke nna Jehofa.” Baobamedi ba baheitane, ba ba jaaka Baegepeto, ba ne ba itira di-tattoo mo sehubeng kgotsa mo matsogong tsa maina kgotsa tsa matshwao a medimo ya bone. Baiseraele ba ne ba tla farologana le ditšhaba tse dingwe ka go ikobela molao wa ga Jehofa wa gore ba se ka ba itira di-tattoo.Duteronome 14:1, 2

Le fa Bakeresete gompieno ba se ka fa tlase ga Molao wa ga Moshe, ba tsaya molao ono wa go sa itire di-tattoo o utlwala tota. (Baefeso 2:15; Bakolosa 2:14, 15) Fa o le Mokeresete, ga go na pelaelo gore o ne o ka se ka wa batla go itira matshwao mo mmeleng—le fa e ka tswa e le a nakwana—a a amanang le boheitane kgotsa le kobamelo ya maaka.—2 Bakorintha 6:15-18.

Dikotsi Tsa Gone mo Botsogong

Gape go na le dilo dingwe tse di ka amang botsogo jwa gago tse o tshwanetseng go di akanyetsa. Dr. Robert Tomsick, yo e leng mongwe wa boporofesa ba ba ithutang ka malwetse a letlalo, a re: “Tota se o se dirang ke go iphunya letlalo o bo o tsenya seedi se se mebala mo go lone. Le fa nnale e sa tsenelele kwa teng, nako nngwe le nngwe fa o iphunya letlalo, o itsenya mo kotsing ya go tshwaediwa ke dibaketeria kgotsa megare. Ke akanya gore [go itira tattoo] go kotsi eleruri.” Gape Dr. Tomsick a re: “Fa motho a setse a itsentse seedi seo se se mebala, le fa a sa tshwaediwa ke megare, go ka direga gore a nne le bolwetse jwa letlalo mme mmele wa gagwe o ka ila dilo dingwe tse di ka dirang gore letlalo le nne lehibidu, le ruruge, le nne le logogo le bo le babe.”

Le fa di-tattoo di diretswe gore di nnele ruri, go na le ditsela tse di farologaneng tsa go di tlosa: Go di tlosa ka go di fisa, ka go ariwa, ka go gotlha letlalo ka borashe jwa tshipi, ka go ina letlalo mo metsing a a letswai, ka go di tlosa ka asiti go bo go sala lobadi. Mekgwa eno e a tura e bile e botlhoko. Makasine wa Teen wa re: “Go itlosa tattoo ka go e fisa go botlhoko thata go feta go itira yone.”

Batho ba Bangwe ba Tla Reng?

Gape o tshwanetse go akanyetsa gore batho ba bangwe ba tla ikutlwa jang ka tattoo ya gago, ka gonne ba le bantsi ga ba di rate. (1 Bakorintha 10:29-33) Mosadi mongwe wa kwa Taiwan e bong Li, o ne a itira tattoo fa a ne a na le dingwaga tse 16, mme a e dira fela ka ntlha ya go tseega maikutlo. Gone jaanong o na le dingwaga di le 21 mme o dira mo ofising. Li a re: “Ke tshwenngwa ke tsela e badirikanna ba gotolelang tattoo ya me matlho ka yone.” Theodore Dalrymple yo o dirang ka malwetse a tlhaloganyo kwa Boritane a re batho ba le bantsi ba tsaya di-tattoo e le “letshwao le le bontshang sentle gore motho . . . o wela mo setlhopeng sa batho ba ba ratang ntwa, ba ba setlhogo, ba ba seng botsalano le ba ba ratang bokebekwa.”

Setlhogo sengwe mo makasineng wa American Demographics le sone se ne sa re: “Go bonala sentle gore Baamerika ba le bantsi ba tsaya go le kotsi gore batho ba bone motho a na le tattoo kgotsa a iphuntse mmele. Diperesente di le 85 [tsa basha] di dumalana le kgang ya gore, ‘batho ba ba nang le di-tattoo tse mongwe le mongwe a ka di bonang . . . ba tshwanetse go lemoga gore mokgwa ono wa go bontsha se ba leng sone o ka ama bokamoso jwa bone le tsela e ba dirisanang le ba bangwe ka yone.’”

Gape akanyetsa gore a batho ba bangwe ba tla dumela gore o Mokeresete tota fa o tlhopha go nna le tattoo kgotsa a ba tla nna le dipelaelo ka seo. A go ka tswa go ‘naya lebaka la go kgopisa’ ba bangwe? (2 Bakorintha 6:3) Ke boammaaruri gore basha bangwe ba ile ba itira di-tattoo mo batho ba ka se kang ba di bona gone. Tota le batsadi ba bone ba ka nna ba se ka ba itse gore ba na le tsone. Le fa go ntse jalo, ela tlhoko! Fa go ka direga gore o tshwanelwe ke go ya ngakeng ka ntlha ya maemo mangwe a tshoganyetso kgotsa o aparele fa pele ga bana ba bangwe kwa sekolong, sephiri sa gago se ka upologa! Re tshwanetse go “itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe,” re tile go nna boferefere.—Bahebera 13:18.

Fela jaaka difeshene tsotlhe, di-tattoo le tsone di ka nna tsa siiwa ke nako. A ruri go na le seaparo sengwe—e ka ne e le bokate, hempe, mosese kgotsa ditlhako—se o se ratang thata jaana mo o ka batlang go se apara botshelo jotlhe jwa gago? Nnyaa le e seng! Moaparo o a fetoga. Le fa go ntse jalo, di-tattoo tsone ga di tshwane le diaparo ka gonne go thata go di tlosa mo mmeleng. Mo godimo ga moo, sengwe se o se tsayang “se le sentle tota” fa o le dingwaga tse 16 o ka nna wa fitlhela se sa tlhole se go kgatlha go le kalo fa o na le dingwaga tse 30.

Ba le bantsi ba ikwatlhaela go bo ba ile ba itshwaya mmele ka dilo tse di sa phimogeng tse di fetotseng tebego ya bone. Amy a re: “Ke itirile tattoo pele ke ithuta ka Jehofa. Ke leka go nna ke e fitlhile. Mme ke tlhabiwa ke ditlhong tota fa go ka direga gore ba bangwe mo phuthegong ba e bone.” Seno se go ruta eng? Gore o akanye pele ga o itira tattoo. O se ka wa dira tshwetso e e tla reng moragonyana wa e ikwatlhaela.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Gantsi di-“tattoo” di amanngwa le mekgwa ya botshelo e e supang botsuolodi

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Fa nako e ntse e tsamaya, ba le bantsi ba ikwatlhaela go bo ba itirile “tattoo

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Akanya pele ga o itira “tattoo”