Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mathata a Temothuo a Tla Fela

Mathata a Temothuo a Tla Fela

Mathata a Temothuo a Tla Fela

RODNEY, yo e leng molemirui wa kokomana ya boraro mo lelapeng la gaabo, a re: “Fa batho bangwe ba e seng balemirui ba bona mathata a balemirui ba lebanang le one, ba tshwanetse ba bo ba ipotsa gore ke ka ntlha yang fa motho a ka tswelela ka temothuo.” Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi mo lefatsheng lotlhe ba tsweletse ka temothuo. Mo dinageng dingwe tse di sa ntseng di tlhabologa, go ka nna ga bo go se na ditiro tse dingwe tse ba ka di dirang; temothuo e ka thusa lelapa go nna le sengwe se le ka se jang kwa bofelong jwa letsatsi.

Mo godimo ga moo, malapa a le mantsi a tsaya gore temothuo ga se tiro fela e ba e dirang gore ba bone madi, go na le moo ke tsela ya botshelo. Kgang ya gore batho ba le bantsi ba ile ba tswelela ka temothuo go sa kgathalesege leuba, malwetse, maemo a a bokete a ikonomi le mathata a mangwe a mantsi e bontsha sentle boitshoko jwa bone le lorato lo ba ratang botshelo jwa temothuo ka lone. Pele ga re sekaseka tharabololo ya mathata a temothuo, a re boneng kafa balemirui bangwe ba ileng ba thusiwa ka gone go itshoka.

Kafa Bangwe ba Itshokang ka Gone

Temothuo e na le mathata a motho a ka se kgoneng go a tila. Go ka se ganediwe ntlha ya gore maemo a bosa, ikonomi le dilo tse dingwe tse dintsi tse di ngomolang pelo tota ga di ka ke tsa laolwa. Pego e e kwadilweng ke Cooperative Extension Service ya kwa North Carolina ya re: “Sengwe se balemirui ba le bantsi ba sa se tlhaloganyeng ke gore ga se ka dinako tsotlhe go bereka ka natla go lereng katlego. Mokgwa wa go dira ka natla o molemirui mongwe le mongwe a kgothalediwang go o latela, ga se ka metlha o tlhagisang matswela a go tweng o tla a tlhagisa. Molemirui mongwe le mongwe o na le maemo le dilo tse a ka se kgoneng go di laola.” Molemirui mongwe yo o setseng a godile o tlhalosa kafa a kgonneng go nna a itumetse ka gone, fa a re: “Ke ithutile gore ke tsamaisane le maemo a nka se kgoneng go a laola.”

Seane sengwe sa bogologolo sa re: “Yo o lebeletseng phefo ga a na go jala peo; mme yo o lebileng maru ga a na go roba.” (Moreri 11:4) Go nna le dipelaelo le go palelwa ke go dira ditshwetso go ka dira gore motho a se ka a dira sepe. Go tlhoma mogopolo mo dilong tse di molemo go na le mo go tse di bosula go ka thusa go fokotsa go ngomoga pelo go go sa tlhokegeng.

Go ja ka tsela e e tshwanetseng, go ikhutsa mo go lekaneng le go itshidila mmele ka tsela e e tshwanetseng le gone go ka thusa. The Western Producer e bega gore balemirui ba ba elang tlhoko boitekanelo jwa bone “ba kgona go dira ditshwetso tse di botoka.” Molemirui mongwe yo o bidiwang Eugene le mosadi wa gagwe, Candace, ba boleletse bakwadi ba Tsogang! jaana: “Go ikhutsa ka tsela e e lekaneng go re thusa go itshokela go ngomoga pelo. Mathata a lebega a le mannye e bile go le motlhofo go a rarabolola fa re ikhutsitse sentle. Dijo tse di tshwanetseng le tsone di a thusa, segolobogolo fa lo di ja mmogo lo le lelapa.” Kgakololo eno e dumalana le se Baebele e se bolelang: “Motho mongwe le mongwe a je a bo a nwe mme a bone molemo ka ntlha ya tiro yotlhe ya gagwe ya bonatla. Ke mpho ya Modimo.”—Moreri 3:13.

Go Ema Lelapa Nokeng

Molemirui mongwe o ne a bolelela Tsogang! jaana: “Malapa a le mantsi a dipolase a ile a tshwanelwa ke go itlamela ka go batla tiro e nngwe gape mo godimo ga ya temothuo. Le fa gone seno se direlwa go fokotsa mathata a a bakwang ke go tlhoka madi, mathata a mangwe a a amanang le dikamano tsa lelapa a ka tlhaga. Malapa mangwe a dipolase a pele a neng a momagane jaanong ga a tlhole a momagane go le kalo.” Malapa a ka itshokela maemo ano jang?

Ditlhogo tsa malapa di ne tsa gakololwa jaana dingwaga di le 2 700 tse di fetileng: “Baakanyetsa tiro ya gago kwa ntle, mme o e ipaakanyetse kwa tshimong. Morago ga moo gape o age ba ntlo ya gago.” (Diane 24:27) Randy, yo e leng rre wa lelapa le molemirui wa kokomana ya bonè mo lelapeng la gaabo, a re: “Go botlhokwa gore o iphe nako ya go leboga botlhe mo lelapeng. Mongwe le mongwe mo lelapeng o tlhoka go kgothadiwa le go bontshiwa lorato. Go dirisa mafoko a a bonolo fa o bua le ditiro tse di molemo di dira gore mongwe le mongwe a ikutlwe a tlhokega e bile a anaanelwa.”

Bana ke bone ba segolobogolo ba tlhokang go kgothadiwa fa go nna le diphetogo tse dikgolo. Tsela e bana ba ikutlwang ba latlhegetswe ka yone fa lelapa la gaabo le amogiwa polase ya lone e ile ya tshwantshiwa le ya bana ba batsadi ba bone ba tlhalaneng kana ba tlhokafetseng. Ba tlhoka go bolelelwa gore ga se molato wa bone go bo go na le bothata jono le gore lelapa le tla nna le ntse le le mmogo.

Kafa ba Bangwe ba ka Thusang ka Gone

Balemirui ba ba ngomogileng pelo ba ka nna ba itlhaola mo bathong, tota le e leng go tila ditsala tsa bone. (Diane 18:1) Le fa go ntse jalo, dinako tsa matshwenyego ke tsone tse motho a tlhokang tshegetso ya ba bangwe go gaisa ka tsone!

A o na le ditsala dingwe kana baagelani ba ba bogang ka ntlha ya mathata a temothuo? Go utlwela batho ba ba ntseng jalo botlhoko go ka thusa. Molemirui mongwe yo o bidiwang Ron a re: “Go itse fela gore ditsala tsa rona di lemoga mathata a re nang le one go a re kgothatsa ka bogone.” Ee, tsaya kgato pele go etela ditsala tsa gago le go reetsa fa ba tlhalosa kafa ba ikutlwang ka teng.

Jack o ne a solegelwa molemo ke go etelwa ka tsela e e ntseng jalo. O bolela jaana: “Ke gakologelwa ka boitumelo dinako tsa fa ditsala tsa me di ne di bona bothata jo ke leng mo go jone di bo di nketela go mpontsha lorato le go nkgothatsa.” Ga go tlhokege gore motho a nne le kitso e e tseneletseng ka temothuo gore a kgone go kgothatsa balemirui. Rodney, yo o nopotsweng kwa tshimologong, a re: “Go itse fela gore ditsala tsa me di lemoga kafa ke nang le tiro e ntsi ka gone, go nnaya maatla le go nthusa gore ke dire sotlhe se nka se kgonang.” Re gakololwa jaana ke seane seno sa Baebele: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.”—Diane 17:17.

Tharabololo e e Tla Nnelang Ruri

Mathata a temothuo ke bosupi bo le bongwe fela mo go jo bontsi jo bo gone jo bo bontshang gore motho ga a na bokgoni jwa go laola lefatshe le dikungo tsa lone ka katlego. Moporofeti Jeremia o ne a re: “Ke itse sentle, tlhe Jehofa, gore tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” (Jeremia 10:23) Go phepafetse gore motho o tlhoka thuso ya Modimo. Mme o ka solofela gore thuso e e ntseng jalo e tla tloga e tla.

Pego ya Baebele ya re: “Jehofa Modimo a tsaya monna a mmaya mo tshingwaneng ya Edene gore a e leme a ba a e tlhokomele.” (Genesise 2:15) Ee, ke Mmopi wa rona yo o laetseng gore go nne le temothuo! Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, Modimo o ne a gorosa batho ba gagwe ba Iseraele mo lefatsheng la Kanana. Pego e e tlhotlheleditsweng e bolela jaana malebana le lefatshe leo: “Le nwa metsi a pula ya magodimo; lefatshe le Jehofa Modimo wa gago a le tlhokomelang. Matlho a ga Jehofa Modimo wa gago a mo go lone ka metlha, go tloga kwa tshimologong ya ngwaga go fitlha bokhutlong jwa ngwaga.” (Duteronome 11:11, 12) Jehofa gape o ne a ntsha melao e e neng e sireletsa Naga e e Solofeditsweng gore e se ka ya dirisiwa ka tsela e e sa tshwanelang. Ka sekai, Baiseraele ba ne ba tshwanetse go tlogela masimo a bone, masimo a morara le dikgwa tsa bone tsa motlhware go nna fela di sa jalwe mo ngwageng mongwe le mongwe wa bosupa. (Ekesodo 23:10, 11) Go dira jalo go ne go dira gore naga e nne e nonne.

Re ka tshepa gore mo nakong e e tlang fa go tla bo go busa Bogosi Jwa Modimo—puso ya kwa legodimong e e eteletsweng pele ke Jesu Keresete—lefatshe le tla ntsha dikungo tsa temo go gaisa nako epe pele ga moo. (Isaia 35:1-7) Fa a ne a le mo lefatsheng, Mmusi yo o tlhomilweng wa Bogosi jono e bong Jesu Keresete, o ne a bontsha gore o na le bokgoni jwa go laola maatla a tlholego a a amang temothuo. (Mareko 4:37-41) Pesalema ya 72 e tlhalosa maemo a a tla bong a le gone fa a dirisa maatla ano go fodisa lefatshe le banni ba lone. E re tlhomamisetsa jaana: “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba. Leungo la gagwe le tla nna jaaka kwa Lebanona, mme ba ba tswang kwa motseng ba tla ntsha dithunya jaaka dimela tsa lefatshe.” (Pesalema 72:16) Batho ba Modimo mo lefatsheng leo le lesha ba tla bona thobo e kgolo ka tsela e e sa tlwaelegang, e e rojwang ka boipelo jo bogolo.

[Mafoko a a mo go tsebe 9]

“Sengwe se balemirui ba le bantsi ba sa se tlhaloganyeng ke gore ga se ka dinako tsotlhe go bereka ka natla go lereng katlego”

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Go tlhokomela ba lelapa ka dilo tse ba di tlhokang mo maikutlong le mo semoyeng go ka ba thusa gore ba itshoke

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Fa go busa Modimo, lefatshe le tla ntsha dijo di le dintsi fela thata

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 9]

Garo Nalbandian