Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Morago ga go Thunya ga Dibomo

Morago ga go Thunya ga Dibomo

Morago ga go Thunya ga Dibomo

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA ECUADOR

LETSATSI la November 20, 2002, le ne le itshiametse fela mo toropong ya Ecuador ya Riobamba. Loapi le ne le le pududu le na le marunyana a masweu. Makgwamolelo a a neng a le fa gaufi a ne a le mantle tota ka ntlha ya kapoko e e neng e a wetse. Batho ba le 124 000 ba ba neng ba nna mo motseng oo, mo Dithabeng Tsa Andes tse di leng dimetara di ka nna 2 700 kwa godimo ga lewatle, ba ne ba tshwaregile ka ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi, ba sa itse gore tidimalo e e neng e rena eno e ne e tlile go senngwa. Go ise go ye kae, go itidimaletse thapama go ne ga thunya sengwe ka modumo o mogolo o o thibang ditsebe! Difensetere le madilo a matlo tsa simolola go reketla. Ka bonako ga bonala leru le le tshosang le le neng le gola ka bofefo le bopegile jaaka leru la fa bomo e sena go thunya.

Mo metsotsong e le lesome e e latelang, ga utlwala modumo o mongwe gape wa go thunya ga sengwe, o ne wa roromisa dilo fela thata wa ba wa thuba difensetere le go kgomola ditswalo. Morago ga moo, ga bonala leru le le boitshegang, le le fetang la ntlha, la molelo o tlhakane le mosi le tlhatlogela kwa godimo. Dilo tseno di ne tsa thunya jalo ka go latelana, go tla go benya dikgabo tse di boitshegang tsa molelo.

José le mosadi wa gagwe e bong Ana—ba e leng Basupi ba ga Jehofa—ke banyalani ba ba mo dingwageng tsa bo60 ba ba nnang dimetara di le 400 go tswa mo lefelong le dilo tseno di neng di thunya mo go lone. Medumo ya go thunya ga tsone e ne ya ba digela fa fatshe. Ana o ne a eme gaufi le kgoro ya kafa pele fa e ne e kgomoga mme e itaagana mo leboteng le le kafa morago. E ne ya re fa banyalani bano ba ba neng ba tshogile ba siela kwa morago ga ntlo, siling ya simolola go ba wela. Ka tsela nngwe, ba ile ba kgona go siela kafa morago mo mathuding a mannye a ntlo, ba fitlha ba ikhutaganya gone mme ba simolola go rapela. Se se itumedisang ke gore morago ga metsotso e le 15, morwaabone o ne a goroga ka koloi mme a ba tsaya a ba isa kwa lefelong lengwe le le babalesegileng.

Batho bangwe ba ile ba gobala. Morago ga moo letshogo la itelekela. Bontsintsi jwa batho bo ne jwa tshaba ka dinao. Fa ba ntse ba tshaba jalo ba goa e bile ba lela, bangwe ba bone ba ne ba relela mme ba wela mo godimo ga digalase tse di thubegileng tse di neng di tletse fa thoko ga tsela. Dikoloi, dibese le dilori di ne tsa tswa mo toropong eno ka lobelo lo lo boitshegang, dingwe tsa tsone di tlhabagane le dijanaga tse di tlang di di lebile mo mmileng o go kgweelediwang ntlheng e le nngwe fela mo go one! Ba le bantsi ba ba neng ba tswa kwa dikolong kgotsa kwa ditirong mme ba tshaba, ba ne ba fetsa diura di ka nna 24 ba sa itse gore go ne go diragetseng ka ba malapa a bone le gore ba ne ba le kae.

Ke eng se se neng se bakile tlhakatlhakano eno? Molelo o o neng wa runya mo bobolokelong jwa dibetsa jo bo ka fa tlase ga lefatshe jwa setheo sa sesole se se neng se le fa gaufi o ne wa dira gore go runye dikgabo tsa molelo, go thunye dibomo tsa seatla, dikoloi tsa ntwa le dikanono. Fa medumo eno e ntse e tswelela, mapodisi a ne a ntsha kitsiso ka dikoloi tse di nang le dibuelagodimo gore batho botlhe ba tswe mo motseng mme ba o katoge sekgala sa dikilometara di le 15.

Go ise go ye kae, ke fa go se na ope mo motseng wa Riobamba. Baagi ba le diketekete ba motse oo ba ne ba eme fa thoko ga tsela e kgolo ka kwa ntle ga motse, ba ikhutagantse mmogo ba tlhabiwa ke phefo e e tsididi ya bosigo—ba le bantsi ba bone ba sa apara dijase kgotsa dibaki. Medumo eno ya go thunya e ne ya simolola go kokobela morago ga diura di le mmalwa. Serame se se tlhabang marapo se ne sa patelela baagi bano gore ba simolole go tsamaela ka iketlo kwa motseng wa bone, ba le kelotlhoko thata. Fa letsatsi le tswa mo mosong, ba le bantsi ba ne ba fitlhela difensetere, dikgoro, marulelo, disiling le dipota tsa matlo a bone di senyegile thata. Lelapa lengwe le ne la fitlhela diphatsa tsa digalase tse di bopegileng jaaka dithipa di sotlhometse mo bolaong kafa kamoreng. Ba bangwe ba ne ba fitlhela go na le dikapetla tsa dibomo tse di thuntseng mo teng ga matlo a bone le kafa ntle.

Dipego tsa ntlha di ne tsa bega gore go ne go sule batho ba ka nna 7, go gobetse ba le 538 mme go senyegile matlo a le 18 000. Go ne go se ope wa Basupi ba ga Jehofa ba le 950 ba mo lefelong leo yo o neng a sule, mme ke ba le babedi fela ba bone ba ba neng ba alafelwa dikgobalo tse di masisi.

Go Thusa ba ba Amilweng ke Masetlapelo

Mo mosong o o latelang morago ga go thunya ga dibomo tseno, bagolwane ba diphuthego tsa lefelo leo tsa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba simolola go etela bakaulengwe ba bone ba Bakeresete go bona gore masetlapelo ano a ne a ba amile go le kana kang. Moragonyana mo letsatsing leo, modiredi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa o ne a kopana le bagolwane ba ba tswang mo diphuthegong di le 13 tsa mo lefelong leo le ba diphuthego tse dingwe tse di ka kwa ntle ga lefelo leno go tla go bona gore go senyegile go le go kana kang le gore go gobetse ba le kae. O ne a kgothaletsa bagolwane go tlamela bafalodi ka dilo tse ba di tlhokang mo maikutlong le mo semoyeng. Go ne go le botlhokwa thata gore ba nne teng mo dipokanong tsa Bokeresete, tota le fa ba lebane le maemo a a ntseng jalo a a gwetlhang! (Bahebera 10:24, 25) Ka jalo, diphuthego tsa lefelo leo di ne tsa tshwara dipokano tsa tsone tsa ka gale maitseboa morago ga masetlapelo ao.

Ka Labone le ka Labotlhano, go ne ga dirwa pego ka botlalo ya gore go ne go senyegile matlo a le kae a Basupi mme ya romelwa kwa ofising ya lekala ya lefelo leo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Guayaquil. Pego eno e ne ya bontsha gore difensetere di le makgolokgolo tse di thubegileng di ne di tlhoka go kabiwa ka bonako go sireletsa baagi mo serameng. Mo diureng di sekae fela, ke fa ofisi ya lekala e setse e rekile dipotokwe tse dikgolo tsa polasetiki e e bonaletsang, ditheipi le dipekere tse di kgonang go kokotelwa mo konkereiting go kaba difensetere tseo ka nakwana.

Lori e e tswang kwa ofising ya lekala e ne ya goroga ka 9:00 a.m. ka Matlhatso e rwele didirisiwa tse di neng di tlhokega. Ditlhopha tsa Basupi, banna le basadi, di ne di setse di tsene mo tirong di thusa Basupi ka bone go ntsha digalase tse di thubegileng mo magaeng a bone gore go tle go simololwe ka tiro ya go tsenya dipolasetiki. Holo ya Bogosi ya lefelo leo e ne ya dirisiwa jaaka lefelo la konokono le tiro e neng e rulaganngwa mo go lone. Go ne ga dirwa matshwao fa fatshe a a neng a dirisediwa go lekanya boleele jwa dipolasetiki tseno ka bonako. Setlhopha se se neng se dira tiro ya go namola se ne se sega dipolasetiki tse di boleele jo bo tshwanetseng se dirisa selekanyo sa boleele jo ba bo neilweng ba bo ba di romela kwa ditlhopheng tse di neng di letile gore di tle go di tsenya mo matlong.

José, yo o umakilweng pelenyana, o tlhalosa jaana: “E ne ya re fa re goroga kwa gae letsatsi le le latelang thapama, morago ga go thunya ga dibomo tseno, ra fitlhela bakaulengwe ba setse ba le teng ba tlosa matlakala. Ka Matlhatso, moagelani wa me o ne a tla mme a umaka gore go ne go dirilwe tiro e e molemo tota ya go tsenya dipolasetiki mo difensetereng tsa ntlo ya me, mme a botsa a re, ‘Ba go kopile bokae go go direla dilo tseno tsotlhe?’” A bo moagelani yono a ile a gakgamala jang ne go utlwa gore ba ne ba mo diretse dilo tseno tsotlhe mahala!

Matlhatso maitseboa, baithaopi ba ka nna 200 ba diphuthego tsa lefelo leo ba ne ba kabile difensetere tsa matlo a le 91 a Basupi. Batho ba le bantsi ba e neng e se Basupi ba ne ba thusiwa. Lokwalodikgang lwa mo lefelong leo lo ne lo na le setshwantsho sa ntlo e Basupi ba neng ba berekile mo go yone mme lwa umaka gore e ne e le motho a le mongwe fela mo go ba le robedi ba ba nnang mo go yone yo e leng Mosupi wa ga Jehofa.

Go Tshegediwa mo Maikutlong

Ga go pelaelo gore go thunya gono go ile ga utlwisa ba le bantsi botlhoko thata mo maikutlong. Go ne ga rulaganyediwa gore go tshwarwe pokano e e kgethegileng ka Mantaga, November 25, ka 5:00 p.m. gore go kgothadiwe Basupi ba lefelo leo. Go ne ga romelwa baemedi ba ba tswang kwa ofising ya lekala ya mo lefelong leo go tla go tshwara pokano eno. E re ka go ne go se na motlakase, go ne go ka se ka ga kgonega gore pokano eo e tshwarwe go setse go fifetse. Le fa go ne go bonala sentle gore ga se botlhe ba ba neng ba tla kgona go tla ka nako e e neng e beilwe, go ne go lebeletswe gore bobotlana go tle batho ba ka nna 600. Le fa go ntse jalo, boidiidi jwa batho ba le 1 421, mmogo le baagelani ba bone ba e neng e se Basupi, ba ne ba tlala ka Holo ya Dikopano ya Riobamba! Temana ya konokono e go neng ga tlotliwa ka yone mo thulaganyong eo e ne e le Pesalema 4:8, e e reng: “Ke tla rapama ke bo ke robala ka kagiso, gonne wena o le nosi, Jehofa, o dira gore ke nne ka polokesego.” Botlhe ba ba neng ba le teng ba ne ba bontsha fa ba itumeletse thata thulaganyo eno ya semoya e e kgothatsang.

Kwa bokhutlong jwa thulaganyo eno, batsadi ba ne ba newa dikhopi tsa setlhogo sa makasine wa Tsogang! se se reng “Masetlapelo a Tlholego—Go Thusa Ngwana wa Gago go Lepalepana le One” (July 8, 1996) Serapa sengwe sa setlhogo seno se balega jaana:

“Federal Emergency Management Agency (FEMA) ya United States e bolela gore morago fela ga masetlapelo, gantsi bana ba boifa gore (1) ba tla sala ba le nosi, (2) ba tla kgaogana le ba malapa a bone, (3) tiragalo eo e tla direga gape le gore (4) mongwe o tla gobala kana a swa.” Ka ntlha ya dilo tse go tlotliwang ka tsone mo setlhogong seno, batsadi ba ile ba kgothalediwa go:

1. Leka go dira gore maloko otlhe a lelapa a nne a ntse a le mmogo.

2. Go ipha nako ya go tlhalosetsa bana se se diragetseng.

3. Go kgothaletsa bana go bua.

4. Go bereka mmogo le bana fa go dirwa tiro ya go phepafatsa.

Moragonyana, dikhopi tse dingwe tse di oketsegileng di ne tsa newa baagelani le batho ba ba ithutang Baebele.

Dibeke di le tharo morago ga go thunya ga dibomo tseno, go ne ga rekwa dilwana tsa go baakanyetsa matlo ruri, ga ba ga tsenngwa le difensetere tse disha, disiling le marulelo. Mo dibekeng tse dingwe gape tse tharo tse di latelang, ditiro tseno tsotlhe ke fa di setse di weditswe, e bile go ne go baakantswe le Diholo tsa Bogosi tse pedi. Batho ba le bantsi ba ne ba lebogela thuso eno e ba neng ba e newa ka lorato.

Mo “metlheng ya bofelo,” go nna go ntse go tlhaga ditiragalo tse di sa tshwaneng tsa masetlapelo. (2 Timotheo 3:1-5) Le fa go ntse jalo, tsela e Basupi ba ga Jehofa ba tshegetsanang ka yone le tsela e ba tshegetsang baagelani ba bone ka yone e re naya bosupi jwa gore Bokeresete jwa boammaaruri bo nonofile. José o ne a tlhalosa seno sentle fa a ne a re: “Phuthego ya ga Jehofa ga e diege go re naya thuso fa re e tlhoka.”

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Basupi ba ka nna 200 ba ne ba ithaopela go dira tiro ya go phepafatsa. Go ne go lekanngwa boleele jwa difensetere tse disha, di segwa di bo di tsenngwa. Go ne ga tsenngwa le marulelo a masha.