Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Puisano—E Botlhokwa Thata mo Gare ga Ditshedi Tse di Farologaneng Tsa Lefatshe

Puisano—E Botlhokwa Thata mo Gare ga Ditshedi Tse di Farologaneng Tsa Lefatshe

Puisano—E Botlhokwa Thata mo Gare ga Ditshedi Tse di Farologaneng Tsa Lefatshe

FA Julie e ne e le lesea, batsadi ba gagwe ba ne ba letetse ka tlhoafalo nako e ka yone a neng a tla simolola go bua. Mmaagwe Julie o ne a re: “Go utlwa lesea le re ‘Mama’ le ‘Papa’ ke sengwe se se itumedisang thata se go se nang motsadi ope yo o ka se tlhalosang ka botlalo. Fa Julie a ne a mpitsa la ntlha a re ‘Mama,’ go ne go ntse jaaka e kete o ne a ntlamparela a bo a re: ‘O mmè. Ke a go rata e bile ke batla go bua le wena.’ Ke tla nna ke gakologelwa nako eo e e kgethegileng ka dinako tsotlhe.” Ee, ruri go kgona go bua ke mpho e e botlhokwa thata!

Gone ke boammaaruri gore batho ga se bone fela dibopiwa tse di kgonang go buisana. Le fa diphologolo di laolwa ke maikutlo a tlholego, le tsone di na le mefuta mengwe e e tlhomologileng ya puisano. Ka sekai, ngwaga le ngwaga pele fela ga mariga, dinonyane tsa penguin tse di nnang mo segaganeng sa Antarctica, fa di fereana, di tla bo di simolola go tlhaeletsana—mme e se go tlhaeletsana ga go ijesa monate fela. Ka gonne seno se ama mamphorwana a di tlileng go nna le one mo isagweng. Jang?

Fa e namagadi e sena go beela lee, e le naya e tonanyana gore e le tsenye mo kgetsaneng e e fa mpeng ya lone gore e le thuthuse fa yone e ya kwa lewatleng go ya go batla dijo. Fa e sena go nna e tsamaya le go relela ka mpa dikilometara di le 150 e raletse segagane, nonyane eno e namagadi e a boa, morago ga malatsi a a ka nnang 65. Go a gakgamatsa go itse gore e bona jang dinonyane tsa mophato wa yone, mme motho o ipotsa gore, mo gare ga dinonyane tse di diketekete tse di tlhaeletsanang, e kgona jang go bona e tonanyana le lemphorwana la yone le le sa tswang go thuthusiwa? Ka nako ya fa di fereana, nngwe le nngwe ya tsone e tshwara sentle medumo e e dirwang ke nonyane e e fereanang le yone mo e leng gore le fa di sena go kgaogana ka dikgwedi di le dintsi, di kgona go itsane!

Mo godimo ga medumo eno e e tlhomologileng e e sa tshwaneng ya diphologolo, puisano ya tsone e akaretsa go itshikinya mmele, mebala e e ngokang diphologolo tse dingwe, go tsabakela ga diphofa tsa yone le menko e e farologaneng. Mme le fa go ka tswa go le thata go dumela seno, tota le dimela di kgona go buisana mmogo di bo di buisane le diphologolo dingwe, jaaka fa re tla bona. Ee, ruri go buisana go botlhokwa thata mo gare ga mefutafuta ya ditshedi tsa lefatshe tse botshelo jwa dingwe tsa tsone bo ikaegileng ka jwa tse dingwe.

A o batla go ithuta mo go oketsegileng ka mengwe ya mefuta e e gakgamatsang ya puisano mo lefatsheng le le re dikologileng? A o ka rata go tokafatsa tsela e o anaanelang ka yone bokgoni jwa gago jwa go bua le go bo tokafatsa? Ditlhogo tse di latelang di ka go thusa.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Nonyane e namagadi ya “penguin” e bona jang e tonanyana?