Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Puisano mo Gare ga Ditshedi Tse di re Dikologileng

Puisano mo Gare ga Ditshedi Tse di re Dikologileng

Puisano mo Gare ga Ditshedi Tse di re Dikologileng

“Fa go ne go sena puisano, setshedi sengwe le sengwe se ka bo se katogane le tse dingwe fela jaaka setlhaketlhake se le sengwe se katogane le ditlhaketlhake tse dingwe.”—The Language of Animals.

GO KA tswa go na le ditshedi di le dintsi mo sekgweng, mo dipoeng kgotsa le eleng mo tshingwaneng ya gago, di tshwaregile ka go buisana. Buka ya The Language of Animals ya re: “Diphologolo di dirisa serwe sengwe le sengwe sa kutlo, di emisa dikarolo dingwe tsa mmele ka tsela e e rileng le go emisa mmele ka boone ka tsela e e rileng; di romela melaetsa le go e amogela ka go dirisa menko e e sa utlwaleng sentle—kgotsa e e utlwalang thata jaaka ya nakedi fa e tshogile; di a tswirinya, di tlhaba mokgosi, di a opela le go lela; di romela le go amogela melaetsa ya tsone ka tsela ya tsone e e kgethegileng ya tlhago; di dira gore mebele ya tsone e tsabakele; di iphetola mmala wa letlalo; ‘di a binabina;’ le go kgwanyakgwanya le go roromisa lefelo le di tsamayang mo go lone.” Mme melaetsa eno yotlhe e raya goreng?

Baitsesaense ba fitlheletse se se kaiwang ke melaetsa e diphologolo di e romelang ka go di sekaseka ka kelotlhoko. Ka sekai, ba lemogile gore fa koko e bona kgano e tla go phamola dikoko tse dingwe, koko e e e bonang e tla bo e tlhaba mokgosi o o reng kuk, kuk, kuk go tlhagisa dikoko tse dingwe. Mme fa e bona segodi, e tla bo e tlhaba mokgosi o moleele. Mokgosi mongwe le mongwe o e o tlhabang, o dira gore tse dingwe tsotlhe di tseye kgato ka bonako go tsamaisana le mokgosi oo, se se bontshang gore dinonyane tseno di na le tsela ya tsone ya go buisana. Go na le dinonyane tse dingwe tse le tsone di ileng tsa lemogiwa gore di kgona go tlhaba mekgosi e e sa tshwaneng go ya ka go farologana ga maemo.

Buka ya Songs, Roars, and Rituals ya re: “Tsela nngwe ya konokono ya go ithuta tsela e diphologolo di buisanang ka yone ke go gatisa modumo wa tsone mo segatisamantsweng o bo o o tshamekela diphologolo tseo go bona gore di itshwara jang.” E ne ya re fa go dirwa diteko ka dikoko ga fitlhelwa dikoko tseno di itshwara ka tsela e e tshwanang le ya dinonyane tsa kwa nageng. Mokgwa ono wa go gatisa modumo le go o tshameka gape o dira le mo digokgong tota. Gore go bonwe gore ke eng se se dirang gore digokgo tse di namagadi di kgatlhegele tse di tonanyana tse di batlang go fereana le tsone—tse di lekang go kgatlha tse di namagadi ka go kgatikanya maoto a tsone a a kwa pele a a tletseng boboa—babatlisisi ba ne ba lekeletsa seno ka go gatisa ka bidio segokgo se se tonanyana mme, ka khomputara ba bo ba ntsha maboa a a tletseng mo maotong a sone. Fa ba ne ba bontsha segokgo se se namagadi bidio eno, ka bonako fela se ne sa felelwa ke kgatlhego. Ba ne ba ithuta eng go tswa mo go seno? Go bonala digokgo tse di namagadi di rata thata tse di tonanyana tse di kgatikanyang maoto a a tletseng boboa!

Go Romela Melaetsa ka Menko

Diphologolo di le dintsi di romelelana melaetsa ka go ntsha dikhemikale tse di bogale tse di bidiwang di-pheromone, tse gantsi di tswang mo dikgelesweng tse di kgethegileng, kgotsa mo motlhapong wa tsone kgotsa mo mantleng a tsone. Fela jaaka logora le nomoro ya setsha di kgona go bontsha gore setsha ke sa ga mang, monko wa di-pheromone o tshwaya le go bontsha gore lefelo le le rileng ke la diphologolo dingwe. Mme mokgwa ono wa go buisana o dira le mo diphologolong tse di tshwanang le dintša le dikatse. Lefa monko ono o sa bonale, mokgwa ono o o berekang sentle wa go tshwaya lefelo la bonno o dira gore diphologolo tsa mofuta o o tshwanang di se ka tsa atamalana.

Mme monko wa di-pheromone o dira se se fetang fela go tshwaya lefelo. O tshwana le lomati lwa dikitsiso lo lo ntshang tshedimosetso lo diphologolo tse dingwe di lo “balang” ka kgatlhego e kgolo. Buka ya How Animals Communicate e bolela gore go tshwaya lefelo ka monko, “go bonala go akaretsa tshedimosetso e e oketsegileng ka phologolo e e nnang mo lefelong leo, jaaka tshedimosetso e e tshwanang le dingwaga tsa yone, bong jwa yone, maatla a yone le dilo tse dingwe tse e kgonang go di dira, [le] gore e mo seemong sefe sa go gwela . . . Monko o o mo phologolo e tshwaileng lefelo la yone teng o na le tshedimosetso e e botlhokwa ya gore phologolo eo ke ya mofuta ofe.” Go a utlwala go bo diphologolo dingwe di sa batle go utlwa sepe ka monko o di o tlogelang go tshwaya lefelo la tsone—sengwe se batlhokomedi ba dizuu ba se itseng sentle. Batlhokomedi ba dizuu ba lemogile gore fa ba sena go tlhatswa mafelo a diphologolo di kampeletsweng mo go one, diphologolo ka bontsi di boa gape di tshwaya lefelo la tsone ka bonako. Eleruri, “fa monko wa tsone o seyo, go di ngomola pelo e bile go ka dira gore di itshware ka tsela e e sa tlwaelegang tota le gore di se ka tsa bo tsa tsala,” go bolela jalo buka e e nopotsweng fa godimo.

Gape di-pheromone di na le seabe se se botlhokwa thata le mo ditshenekeging. Ka sekai, di-pheromone tse di tsibosang ditshenekegi tse dingwe, di dira gore ditshenekegi tseno di tswe letsholo di tlhasele. Di-pheromone tse di bitsang tse dingwe, di dira gore ditshenekegi tse dingwe di kgobokanele kwa go nang le dijo gone kgotsa kwa lefelong le le siameng la bonno. Di akaretsa di-pheromone tse di bontshang gore tshenekegi ke ya bong bofe, tse ditshedi dingwe di di tsibogelang ka bonako. Diboko tse di tonanyana di na le dinakana tse pedi tse di tshwanang le makakaba a ditlhare tse dinnye tsa fern. Dinakana tseno di kgona go utlwa ka bonako mo e leng gore di kgona go lemoga molekhule o le mongwe fela wa pheromone e namagadi! Dimolekhule dingwe di le 200 di tla dira gore e tonanyana e simolole go batla e namagadi. Le fa go le jalo, puisano e e diregang ka dikhemikale ga e fitlhelwe fela mo diphologolong.

“Dimela” Tse di Buang

A o ne o itse gore dimela di ka kgona go buisana ka botsone le go buisana le diphologolo tse dingwe? Makasine wa Discover o bolela gore babatlisisi ba kwa Netherlands ba lemogile gore dimela tsa lima bean fa di tlhaselwa ke digokgo tse di jang dijalo, di ntsha khemikale e e bontshang gore di tlaletswe, e e ngokang diboko tse dingwe tse di jang segokgo se se jang dijalo. Ka tsela e e tshwanang, fa mmidi, motsoko le dimela tsa tlhale di tlhaselwa ke diboko, di ntsha dikhemikale tse di ngokang meruthwane—mmaba o mogolo wa diboko. Mmatlisisi mongwe o ne a re: “Dimela ga di re fela, ‘Ee, ba nkutlwisa botlhoko,’ gape di bolela gore ke mang yo o di utlwisang botlhoko. Seno ke mokgwa o o kgatlhang le o o raraaneng wa go buisana.”

Go buisana ga dimela ka botsone le gone go gakgamatsa tota. Go ya ka Discover, babatlisisi ba ile ba “bona ditlhare tsa mogokare, tsa popoleri, tsa alder le tsa birch di reeditse tse dingwe tsa mofuta wa tsone le dipeo tsa barele di buisana le dipeo tse dingwe tsa barele. Mo kgannyeng nngwe le nngwe, dimela tse di senyegileng, e ka ne di jelwe ke diboko, di na le mothuthuntshwane kgotsa mouta, [kgotsa] di tletse ka digokgo tse di jang dijalo, . . . di romela dikhemikale tse go bonalang di dira gore dijalo tse di fa gaufi tse di iseng di senyege di itshireletse ka bonako.” Tota le dimela tse di sa tshwaneng le tsone, le tsone di ne tsa tsibogela dikhemikale tse di dirang gore dimela tseo di itshireletse.

Fa semela se tlhaselwa kgotsa se tlhagisiwa gore se tlile go tlhaselwa, se simolola go itshireletsa. Se itshireletsa ka go ntsha botlhole jo bo bolayang ditshenekegi kgotsa ka go ntsha dikhemikale tse di dirang gore motlhasedi a se ka a kgona go sila semela seno fa a sena go se ja. Patlisiso e e tla dirwang mo isagweng ka kgang eno e ka felela ka gore go bonwe dilo di le dintsi tse di gakgamatsang, tse dingwe tsa tsone di ka solegelang temothuo molemo.

‘Dirurubele Tse di Romelelanang Melaetsa’ ka Lesedi

Moitseikholoji Susan Tweit o ne a kwala jaana mo setlhogong se se buang ka dirurubele tse di kgonang go ntsha lesedi: “Lesedi la tsone le le nyedimang, le ne la kgabisa tikologo e re nnang mo go yone.” Tweit a re dirurubele tseno di buisana ka go dirisa lesedi “ka ditsela tse di farologaneng tse di jaaka go tsabakedisa lesedi fela go go sa reng sepe e le fa di tlhagisa tse dingwe ka kotsi e e tlang go ya go lesedi le le tsabakelang ka tsela e e raraaneng e le fa di bitsa tse dingwe tse di tlileng go nna balekane ba tsone.” Mmala wa lesedi la tsone o a farologana, go simolola ka o motala go isa go o o serolwana le wa namune. Ka ntlha ya gore tse dinamagadi ga se gantsi di fofa, bontsi jwa lesedi le re le bonang le benya ke la tse di tonanyana.—Bona lebokoso le le reng, “Lesedi le le Seng Mogote la Serurubele.”

Sengwe le sengwe sa mefuta e le 1 900 ya dirurubele tseno, se bentsha lesedi la sone ka tsela e e sa tshwaneng le ya se sengwe. Se ka nna sa bentsha lesedi la sone ka ditsela di le tharo tse di sa tshwaneng, morago ga motsotswana mongwe le mongwe kgotsa go feta, kgotsa sa bentsha lesedi la sone se sa kgaotse. Fa di batla molekane, e tonanyana e nna e fofafofa e bentsha lesedi go bontsha gore e batla molekane. Makasine wa Audubon wa re: “Serurubele se se namagadi se lemoga go benya gono se bo se araba ka go re, ‘Ke fano’ ka go bentsha lesedi la sone ka tsela e e tla lemogwang fela ke serurubele sa mofuta wa sone.” Se se tonanyana se tla bona fa seno se se laletsa mme se bo se fofela kwa go sone.

Dinonyane Tse di Opelang ka Botswerere

David Attenborough mo bukeng ya gagwe ya The Life of Birds a re: “Ga go na phologolo epe e e ka ntshang molodi o o monate wa dinonyane ka lobaka lo lo rileng ka ditsela tse di farologaneng le tse di raraaneng jaaka dinonyane.” Melodi ya nonyane ga e simologe mo mometsong mme e tswa mo serweng se se bidiwang syrinx, se se mo teng ga sehuba sa nonyane gaufi le mosele o phefo e tsamayang ka one o o kgaoganang go nna mesele e mebedi pele o tsena ka makgwafo.

Mengwe ya melodi eno dinonyane di nna le yone go tloga fela fa di tsalwa mme mengwe ya yone di e ithuta go tswa mo batsading. Ka jalo, tota le dinonyane tsa mofuta o o tshwanang di ka ntsha molodi o o sa tshwaneng go ya ka lefelo le di leng mo go lone. Buka ya The Life of Birds ya re: “Dinonyane tse dintsho ke lotsalo lwa tse di neng tsa isiwa kwa Australia ka lekgolo la bosomeleborobongwe la dingwaga gore di ye go itumedisa Bayuropa ka molodi wa tsone, jaanong molodi wa tsone o tshwana le wa tsa Australia.” Melodi e e monate ya nonyane e e mogatla moleele, e go bolelwang e le melodi e e raraaneng le e e monate go gaisa ya melodi ya dinonyane tsotlhe, bontsi jwa yone e ithutiwa mo dinonyaneng tse dingwe. Tota e bile, dinonyane tse di mogatla moleele di kgona go etsisa mo e leng gore di ka kgona go etsa modumo mongwe le mongwe o di o utlwang—go akaretsa modumo wa diletswa tsa mmino, wa dintša tse di bogolang, wa dialama, wa go rema ka selepe le o o dirwang ke khamera fa e tsaya ditshwantsho! Gone mme, e etsa medumo eno yotlhe fela ka boikaelelo jwa gore e kgatlhe e e tla nnang molekane wa yone.

Dinonyane tsa phaphadikota, tse gantsi di dirisang melomo ya tsone go batla dijo, ke dinonyane tse di opelang monate tse di romelelang tse dingwe melaetsa ka go kgwanyakgwanya kota kgotsa kala ya setlhare e e phanyegileng e e ntshang modumo di dirisa melomo ya tsone. Attenborough a re dingwe di ka “dirisa didirisiwa tse disha . . . , marulelo a disenke kgotsa peipe ya setofo e e ntshang mosi.” Gape dinonyane di buisana ka go lebana, di opela kgotsa di sa opele. Ka sekai, di ka nna tsa romelelana melaetsa ka go tsharolola diphuka tsa tsone tse di mebalabala.

Fa nonyane e tonanyana ya kwa Australia e e bidiwang palm cockatoo e itsise tse dingwe lefelo la yone, e ka go direla dikgakgamatso—ka go kgwanyakgwanya ka molomo, go dirisa molodi, moribo le ka go tsharolola diphuka tsa yone. E roba kala e e tla kgonang go e tshwara, e bo e e tshwara ka monoto wa yone e bo e kgwanyakgwanya kutu ya setlhare se se suleng ka kala eo. Mo godimo ga moo, e tsharolola diphuka tsa yone, e bo e gogomosa sehuba, e thukutha tlhogo e bo e tlhaba mokgosi—ruri go a kgatlha go e leba fa e dira jalo!

Melodi ya dinonyane dingwe e lemogiwa ke diphologolo tse dingwe. Tsaya ka sekai nonyane e e bidiwang tshetlho e e ratang go lela gore e bontshe nonyane ya losika lwa dikgano e leng matshwane, kwa setlhare se se nang le mamepe se leng gone. Fa nonyane eno e nna mo setlhareng kgotsa gaufi le sone, e tlhaba mokgosi o o farologaneng o e keteng wa re, “O gaufi le mamepe!” Nonyane e e bidiwang matshwane e bona setlhare seo, e bo e bula kutu ya sone ka menoto ya yone e bo e ja mamepe.

Puisano ya Ditshedi Tsa mo Metsing

Fa e sa le go tlhamiwa di-hydrophone, e leng metšhine e e dirisiwang go reetsa medumo mo metsing, babatlisisi ba ile ba gakgamadiwa ke go utlwa medumo e le mentsi e e tswang mo lewatleng. Medumo e e farologaneng, go simolola ka ya go suma go fitlha ka ya go ngaola tota le ya go bokolela, e mentsi mo e leng gore batho ba ba tsamayang ka disapomarine ba dirile gore disapomarine tsa bone di ntshe medumo e e tshwanang le ya tsone gore di se ka tsa utlwala fa di duma. Mme ditlhapi le tsone di kgona go ntsha medumo e e farologaneng. Moitsethuto wa ditshedi tsa lewatle e bong Robert Burgess o bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya Secret Languages of the Sea: “Fa tlhapi e nngwe e ‘rora, e tsirima, e bogola,’ e bo e boeletsa modumo oo gape, e nngwe e ka nna ya ‘tsirima le go dira modumo wa go thwanya,’ e bo e dira ‘modumo wa go gotlhega’ e ntse e o boaboeletsa.”

E re ka tlhapi e sena dirwe tsa go ntsha modumo, e o ntsha jang? Burgess a re dingwe tsa ditlhapi tseno di dirisa mesifa “e e tshwaraganeng le serwe se se budulogileng jaaka balunu se se di thusang go thuma, mme mesifa eno e roromise serwe seno” gore se ntshe modumo o o utlwalang jaaka meropa. Ditlhapi tse dingwe di gotlhanya meno kgotsa di bula le go tswala makgwafo a tsone ka modumo o mogolo wa go thunya le wa go phantsha. A seno ke “motlotlo” o o sa kayeng sepe fela? Ga go bonale jalo. Burgess o bolela gore fela jaaka diphologolo tsotlhe, tlhapi e ntsha medumo gore e “ngoke tlhapi ya bong bo sele, gore e itshireletse, e ntsha modumo le fa e buisana le tse dingwe tota le fa e tshosetsa tse dingwe.”

Gape tlhapi e kgona go utlwa sentle. Tota e bile, ditshedi di le dintsi di na le ditsebe tsa kafa teng mmogo le disele tse di bonako go utlwa kgatelelo tse di kafa matlhakoreng a tsone. Disele tseno di kgona go utlwa kgatelelo ya makhubu e e bakiwang ke modumo o o tsamayang mo metsing.

Ditshedi Tse di Nang le Bokgoni jo bo Tlhomologileng Jwa go Bua

Porofesa wa puo e bong Noam Chomsky o ne a kwala jaana: “Fa re ithuta puo ya batho, re atamela gaufi le se bangwe ba ka se bitsang ‘dinonofo tse di tlhomologileng tsa motho,’ e leng dinonofo tse di tlhomologileng tsa mogopolo tse kafa re itseng ka gone di fitlhelwang fela mo mothong.” Barbara Lust, porofesa wa puo le kgolo ya batho, o ne a re: “Bana ba ba ka nnang dingwaga tse 3 ba setse ba na le kitso e e gakgamatsang ya kafa puo e bopegileng ka gone le ya kafa diele di raraaneng ka gone, mme kitso eno e raraane e bile e opa kgomo lonaka mo e leng gore ga go na yo o itseng gore ba e bone jang.”

Le fa go ntse jalo, Baebele e re tlhalosetsa ka tsela e e utlwalang sentle gore go tla jang gore batho ba bo ba na le mpho eno e e gakgamatsang ya puo. Ya re Mmopi, Jehofa Modimo, yo o dirileng batho mo “setshwanong” sa gagwe ke ene a ba neileng mpho eno. (Genesise 1:27) Mme dinonofo tsa bomodimo di bonala jang mo bokgoning jwa rona jwa go bua?

Ka sekai, akanya ka go naya dilo maina. Porofesa yo o ithutang ka puisano e bong Frank Dance o kwadile gore batho “ke bone fela dibopiwa tse di kgonang go raya dilo maina.” Dikwalo di bontsha sentle gore bokgoni jwa go dira jalo ke nonofo ya bomodimo. Mo tshimologong ya pego e e malebana le popo, Baebele e re bolelela gore Modimo o ne a bitsa “lesedi Motshegare, mme lefifi lone a le bitsa Bosigo.” (Genesise 1:5) Go ya ka Isaia 40:26, go bonala Modimo a ne a naya naledi nngwe le nngwe leina la yone—a tiro e e gakgamatsang ruri!

Fa Modimo a sena go bopa Adame, tiro ya ntlha e a neng a mo neela yone e ne e le ya go naya diphologolo maina. A bo tiro eo e ile ya gwetlha maatla a ga Adame a go sekaseka dilo ka kelotlhoko le bokgoni jwa gagwe jang ne! Moragonyana, Adame o ne a raya mosadi wa gagwe leina a re Efa. Le ene o ne a bitsa ngwana wa bone wa ntlha Kaine. (Genesise 2:19, 20; 3:20) Fa e sale ka nako eo, batho ba lekile go naya sengwe le sengwe fela se ba se bonang leina—gore puisano e nne motlhofo. Ee, akanya kafa go buisana go ka bong go le boima ka teng fa go ka bo go se na maina.

Kwa ntle ga go nna le bokgoni le keletso ya go naya dilo maina, batho ba na le bokgoni jo bongwe jo bontsi jwa go buisana, e seng fela ka molomo. Eleruri, re kgona go buisana ka dilo di le dintsi thata, go simolola ka dikgopolo tse di raraaneng go fitlha ka maikutlo a a bonolo. Le fa go ntse jalo, go na le puisano e e fetang tseno tsotlhe jaaka fa re tla tloga re bona.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 22]

LESEDI LE LE SENG MOGOTE LA SERURUBELE

Lobone lo lo phatsimang lwa motlakase lo ntsha maatla a diperesente tse di fetang 90 e le mogote. Mme serurubele seno sone se ntsha lesedi la diperesente di le 90 go ya go di le 98 mme se sa ntshe mogote le fa e le o monnye fela. Ke gone ka moo le bidiwang lesedi le le seng mogote. Mo diseleng dingwe tse di kgethegileng tse di bidiwang di-photocyte go nna le go tswakana go go rileng ga dikhemikale go go tlhagisang lesedi. Mesifa ya sone e dira gore di-photocyte di bonese lesedi leno kgotsa di le time.

[Motswedi wa Setshwantsho]

John M. Burnley/Bruce Coleman Inc.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24]

DIKAKANTSHO TSE DI KA GO THUSANG GO TOKAFATSA BOKGONI JWA GAGO JWA GO BUA

1. Reetsa ka kgatlhego fa ba bangwe ba bua, mme o se ka wa bua o le esi fela. Batho ba tla itlhokomolosa lefoko le le sa bidiwang sentle kgotsa go se bue sentle, mme ga ba kitla ba rata motho yo o batlang go bua a le esi fela mme a sa reetse ba bangwe. Baebele ya re: “Nna bonako go utlwa, bonya go bua.”—Jakobe 1:19.

2. Kgatlhegela botshelo le dilo tse di go dikologileng. Bala ka dilo di le dintsi mme o tlhophe dilo tse o di balang ka kelotlhoko. Fa o tlotlela ba bangwe ka se o se ithutang, dira jalo ka boingotlo le ka boikokobetso.—Pesalema 5:5; Diane 11:2.

3. Godisa letlotlo la mafoko a gago—mme o dirise mafoko a a utlwalang e seng mafoko a a kgatlhang a a dirang gore go tlhomiwe mogopolo mo go wena jaaka sebui. Batho ba ne ba bua jaana ka Jesu: “Ga go ise go ke go nne le motho yo mongwe yo o kileng a bua jaana.” (Johane 7:46) Le fa go ntse jalo, tota le batho “ba ba sa rutegang e bile e le batho fela” ba ne ba kgona go tlhaloganya mafoko a ga Jesu.—Ditiro 4:13.

4. Bua ka tsela e e utlwalang mme o bitse mafoko sentle. Mme o se ka wa bua ka tsela e e seng ya tlholego kgotsa e e bontshang gore o leka go etsa motho mongwe o sele. Fa re bua ka tsela e e utlwalang sentle e bile re bitsa mafoko sentle kgotsa re sa metse mafoko, re dira gore se re se buang se tlotlege e bile re akanyetsa bareetsi ba rona.—1 Bakorintha 14:7-9.

5. Lemoga gore bokgoni jwa gago jwa go bua bo tswa kwa Modimong. Seno se tla go tlhotlheletsa gore o dirise bokgoni joo ka tsela e e bontshang gore o a bo tlotla.—Jakobe 1:17.

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Diboko di na le dinaka tse di bonako go utlwa

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy Phil Pellitteri

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Phaphadikota

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Nonyane ya paradaise

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Michael S. Yamashita/CORBIS

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Nonyane e e bidiwang “Palm cockatoo”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Roland Seitre