Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Megare e Tla Bo e Sa Tlhole e le Kotsi mo go Ope

Fa Megare e Tla Bo e Sa Tlhole e le Kotsi mo go Ope

Fa Megare e Tla Bo e Sa Tlhole e le Kotsi mo go Ope

MEGARE e a tlhokega mo botshelong. E fitlhelwa ka selekanyo se se rileng mo mmung le mo mebeleng ya rona. Jaaka fa lebokoso le le mo tsebeng ya 17, le le reng “Mefuta ya Megare” le bontsha, “go na le dibakateria di le dibilione mo mebeleng ya rona.” Bontsi jwa tsone di re solegela molemo—tota e bile, di botlhokwa thata mo boitekanelong jwa rona. Le fa gone e le di se kae fela tse di bakang malwetse, re ka solofela gore kgabagare go tla bo go sa tlhole go na le megare e e kotsi mo bathong.

Pele ga re sekaseka tsela e megare yotlhe e e kotsi e tla fedisiwang ka yone, a re sekasekeng maiteko a a ileng a dirwa bosheng jaana a go lwantsha megare e e bakang malwetse. Mo godimo ga go sekaseka lebokoso le le reng “Se o Ka se Dirang,” sekaseka maiteko a a dirwang ke baitse ba tsa kalafi go lwantsha megare e e palelang diokobatsi.

Dithulaganyo Tsa Lefatshe Lotlhe

Dr. Gro Harlem Brundtland, yo e kileng ya bo e le mokaedimogolo wa World Health Organization (WHO), o ile a tlhalosa maiteko a a dirwang. Mo setlhogong se se reng “Go Fenya Megare e e Palelang Dibolayamegare,” se se mo Report on Infectious Diseases 2000, o ile a bontsha gore “go tlhokega thulaganyo ya lefatshe lotlhe ya go laola megare e e palelang diokobatsi.” Gape o ne a bua ka “tsela ya go gokaganya ditheo tsotlhe tsa kalafi gore di nne seoposengwe,” a bo a gatelela jaana: “Re na le tshono ya go simolola ntwa e kgolo kgatlhanong le malwetse a a bakwang ke megare.”

Ka 2001, WHO e ne ya akantsha gore go nne le “Thulaganyo ya Lefatshe Lotlhe ya go Laola Megare e e Palelang Dibolayamegare.” Lekwalo leo le ne le na le thulaganyo e e neng e diretswe ditheo tsa kalafi le batho ka kakaretso e e malebana le “se ba ka se dirang le gore ba ka se dira jang.” Thulaganyo eno e ne e akaretsa go ruta batho gore ba ka tila jang go lwala, le go ba naya ditaelo tsa kafa ba ka dirisang dibolayamegare le di-antimicrobial tse dingwe ka gone fa ba tshwerwe ke bolwetse jo bo bakwang ke megare.

Mo godimo ga moo, badiri ba tsa kalafi—dingaka le baoki go akareletsa le badiri ba bangwe ba mo dikokelong le mo magaeng a batsofe—ba ne ba kopiwa gore ba dirise ditsela tse di botoka tsa go thibela go anamisiwa ga malwetse a a bakwang ke megare. Ka maswabi, dipatlisiso di bontshitse gore bontsi jwa baitse ba tsa kalafi ba sa ntse ba itlhokomolosa go tlhapa diatla kgotsa go fetola ditlelafo fa ba tswa mo molwetseng yo mongwe ba ya go yo mongwe.

Gape dipatlisiso di ile tsa bontsha gore dingaka di neela balwetse dibolayamegare le fa go sa tlhokege. Lebaka lengwe la seno ke gore batho ba pateletsa dingaka tse di ba alafang gore di ba neele dibolayamegare gore ba fole ka bonako. Ka gone dingaka di a dumela, e le fela gore di itumedise balwetse. Gantsi dingaka ga di tseye matsapa a go ruta balwetse ba tsone kana ga di na didirisiwa tse di tlhokegang gore di kgone go lemoga gore ke mogare ofe o o bakang bolwetse jo bo rileng. Gape, di ka nna tsa neela molwetse dibolayamegare tsa bosheng mme e le tse di turang thata le tse di sa bolayeng mofuta o le mongwe fela wa megare. Mme seno le sone se dira gore go nne le megare e e palelang diokobatsi.

Dilo tse dingwe tse go neng ga buiwa ka tsone mo Thulaganyong ya Lefatshe Lotlhe ya WHO ke dikokelo, ditheo tsa naga tsa boitekanelo, batlhagisi ba dijo, dikhampani tse di dirang melemo le batho ba ba tlhomang melao. Pego eo e ile ya kgothaletsa gore go nne le tirisanommogo gareng ga batho bano botlhe e le gore ba kgone go lwantsha bothata jono jwa lefatshe lotlhe jwa megare e e palelang diokobatsi. A mme thulaganyo e e ntseng jalo e tla atlega?

Dilo Tse di Kgoreletsang Katlego

Thulaganyo ya Lefatshe Lotlhe ya WHO e ile ya kaya sekgoreletsi se segolo mo go rarabololeng mathata a boitekanelo. Ke bothata jwa go rata madi. Baebele e bolela gore lorato lwa madi ke lone lo bakang “mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko.” (1 Timotheo 6:9, 10) WHO e ikuela jaana: “Go dirisana mmogo le madirelo a melemo le gone go tshwanetse ga akanyediwa, go akaretsa le go laolwa sentle ga tsela e barekisi ba madirelo ano ba buelelang melemo eno ka yone mo badiring ba dikokelo le gore go elwe tlhoko dithulaganyo tsa thuto tse di etleediwang ke madirelo ano tse di rutang badiri ba dikokelo, e re ka gantsi di tlhotlheletsa badiri bano gore ba dumele gore ba tshwanetse go dirisa diokobatsi thata.”

Dikhampani tsa diokobatsi di ile tsa buelela diokobatsi tsa tsone mo dingakeng ka tsela e e supang bogagapa. Jaanong ba setse ba dira seno ka tlhamalalo mo bathong ka dipapatso tsa thelebishene. Go bonala sentle gore seno se ile sa baka bothata jwa gore diokobatsi di dirisiwe ka tsela e e feteletseng, e leng lone lebaka la konokono le le dirang gore megare e e palelang diokobatsi e ate.

Mo karolong ya yone e e buang ka go dirisiwa ga di-antimicrobial mo diphologolong tse di tlhagisang dijo, Thulaganyo ya Lefatshe Lotlhe ya WHO ya re: “Diperesente di le 40 kana go feta tsa madi a dingaka tsa malwetse a diphologolo mo dinageng dingwe di a amogelang di a bona ka ntlha ya go rekisa diokobatsi, ka gone seno se kgoreletsa gore go lekanyediwe tiriso ya di-antimicrobial.” Jaaka fa go bontshitswe, megare e e palelang diokobatsi e runtse le go ata ka ntlha ya go dirisa diokobatsi ka tsela e e feteletseng.

Tota dibolayamegare di dirwa ka bontsi jo bo gakgamatsang. Kwa United States fela, go dirwa dikilogerama di le dimilione di le 20 tsa dibolayamegare ka ngwaga! Mo go tsotlhe tse di dirwang mo lefatsheng, ke halofo ya tsone fela e e dirisiwang mo bathong. Tse dingwe tsotlhe di kgatshiwa mo dijalong kgotsa di jesiwa diphologolo. Gantsi dibolayamegare di tlhakanngwa le dijo tsa diphologolo tse di ruetsweng go jewa go di thusa gore di gole ka bonako.

Seabe sa Dipuso

Komiti e e Dirang Ditshwetso ya Thulaganyo ya Lefatshe Lotlhe ya WHO e bolela jaana ka tlhamalalo: “Boikarabelo jo bogolo jwa gore thulaganyo eno e simololwe bo tla wela mo magetleng a naga nngwe le nngwe. Dipuso di na le seabe sa botlhokwa fela thata mo kgannyeng eno.”

Tota e bile, dipuso di le dintsi di setse di dirile dithulaganyo tsa go laola megare e e palelang dibolayamegare, mme di gatelela thata tirisanommogo ya batho ba tsone le ya dinaga tse dingwe. Dithulaganyo tseno di akaretsa go ela tlhoko thata kafa dibolayamegare di dirisiwang ka gone le megare e e di palelang, go tokafatsa tsela ya go laola malwetse a a bakwang ke megare, go dirisiwa ga dibolayamegare ka tsela e e feteletseng mo go tsa kalafi le mo temothuong, go dirwa ga dipatlisiso gore go tlhaloganngwe megare e e palelang diokobatsi le go dirwa ga melemo e mesha. Pego ya WHO e e mo go Report on Infectious Diseases 2000 e ne e sa supe fa e na le tsholofelo. Ka ntlha yang?

Pego eno e ile ya bontsha gore bothata ke “boradipolotiki ba ba sa ikemisetsang go tsaya kgato, ba go bonalang ba sa tseye boitekanelo jwa setšhaba e le selo se se tlang pele.” Pego eno e ne ya oketsa jaana: “Malwetse le megare e e palelang diokobatsi a anama le mo mafelong a maemo a one a sepolotiki a sa iketlang, a a humanegileng, a batho ba fudugang ka bontsi mo go one le go senyega ga tikologo kwa mafelong a batho ba le bantsi ba tlhaselwang ke malwetse a a bakwang ke megare gone.” Ka maswabi, one mathata ano ke one a dipuso tsa batho di iseng di ko di kgone go a rarabolola.

Le fa go ntse jalo, Baebele e re bolelela ka puso e e se kitlang e rarabolola fela mathata a a bakang malwetse mme gape e tla fedisa go lwala gotlhelele. O ka nna wa akanya gore megare mengwe e tla aga e le kotsi ka dinako tsotlhe, mme gone go na le mabaka a a utlwalang a go dumela gore mo isagweng go tla nna le maemo a a botoka thata go gaisa ano.

Fa go Tla bo Go se Na Megare e e Kotsi

Moporofeti wa Baebele e bong Isaia o ne a bolelela pele bogologolo gore go tla nna le puso e e fetang ya motho a bo a tlhalosa mmusi wa yone. Ela tlhoko boporofeti joo jaaka fa bo tlhaga mo thanolong ya Baebele ya King James: “Gonne re tsaletswe ngwana, re neilwe ngwana wa mosimane: mme puso e tla nna mo legetleng la gagwe: mme o tla tewa leina go twe ke Kgakgamatso, Mogakolodi, Modimo mothata, Rara wa bosakhutleng, Kgosana ya Kagiso.”—Isaia 9:6, mokwalo o o sekameng ke wa rona.

Ngwana yono ke mang, kgosana eno e e tla newang puso? Utlwa kafa a ileng a tlhalosiwa ka gone le eleng pele ga a tsholwa. Moengele Gabariele o ne a bolelela lekgarebana Marea jaana: “Bona! o tla ithwala mo sebopelong sa gago o bo o tshola ngwana wa mosimane, mme o mo reye leina o re Jesu. Yono o tla nna mogolo . . . , mme bogosi jwa gagwe ga bo na go nna le bokhutlo.”—Luke 1:31-33.

Fa Jesu a sena go gola, o ne a bontsha sentle gore ruri e ne e le Mmusi yo o solofeditsweng wa puso ya Bogosi Jwa Modimo. Jesu ga a ka a ralala naga fela a bolela “dikgang tse di molemo tsa bogosi,” mme gape o ne a bontsha le maatla a gagwe a go fedisa malwetse otlhe. Baebele e bega gore “boidiidi jo bogolo jwa mo atamela, bo na le batho ba ba tlhotsang, ba ba golafetseng, ba ba foufetseng, ba ba dimumu, le ba bantsi ba ba ka tsela e sele, mme ba ba latlhela fela fa dinaong tsa gagwe, mme a ba alafa; mo boidiidi bo neng jwa gakgamala fa bo bona dimumu di bua le ditlhotsa di tsamaya le difofu di bona.”—Mathaio 9:35; 15:30, 31.

Ee, bolwetse bope fela kana bokoa jo bo neng bo tshwere motho, Jesu o ne a bo fodisa. O ne a ba a tsosa batho ba le mmalwa ba ba neng ba sule! (Luke 7:11-17; 8:49-56; Johane 11:38-44) Ke boammaaruri gore ba ba neng ba fodisiwa, tota le ba ba neng ba tsositswe mo baswing, kgabagare ba ne ba swa. Le go ntse jalo, dikgakgamatso tsa ga Jesu di ne di bontsha se a tla se direlang batho mo isagweng ba ba tla bong ba tshela mo lefatsheng fa go laola puso ya Bogosi. Baebele e solofetsa gore mo nakong eo “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24; Tshenolo 21:3, 4.

Gompieno, jaaka fa rotlhe re lemoga, mongwe le mongwe o a lwala le go swa. Megare e tlhagisetsa batho ba le dimilione kotsi, gantsi e a ba bolaya. Le fa go ntse jalo, mmele wa motho o dirilwe ka tsela e e gakgamatsang thata mo e leng gore bangwe ba ipotsa gore ke eng fa motho a lwala. Lewis Thomas, yo e leng mankge mo go tsa kalafi o ne a kwala a tlhalosa botlhokwa jwa dibakateria a bo a tlhalosa le gore go lwala go diragala “jaaka e kete ke ka kotsi.” O ne a re: “Go ka direga gore thulaganyo ya mmele ya balwetse ya go iphemela e koafala ka tsela nngwe.”

Ee ruri, batho ba ba nang le thulaganyo e e nonofileng ya mmele ya go lwantsha malwetse ga se gantsi ba lwatswang ke go tshwaediwa ke dibakateria, fa e le gore go tle go direge. Le fa go ntse jalo, kgabagare batho ba a tsofala le go swa. Baebele e bolela gore boleo jo re bo ruileng go tswa mo mothong wa ntlha yo o itekanetseng, Adame, ke jone bo bakang bolwetse le loso. Baebele e tlhalosa jaana: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.”—Baroma 5:12.

Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a romela Morwawe mo lefatsheng go tla go ntsha botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng e le thekololo gore a golole batho mo ditlamoragong tsa boleo. (Mathaio 20:28) Baebele e tlhalosa jaana: “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso, mme mpho e Modimo a e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete Jesu Morena wa rona.” (Baroma 6:23; 1 Johane 5:11) Fa Bogosi Jwa Modimo bo busa, matswela a setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete a tla diragadiwa. Ka nako eo megare yotlhe, tota le e gone jaanong e bakang malwetse, ga e kitla e nna kotsi mo go ope.

A ga go utlwale go ithuta ka puso ya Bogosi e e solofeditsweng mo Baebeleng, e e tla rarabololang mathata a batho? Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go ithuta mo go oketsegileng.

[Lebokoso mo go tsebe 19]

Se o Ka se Dirang

Ke eng se o ka se dirang go fokotsa go tshwaediwa ke megare e e palelang diokobatsi? World Health Organization e ntshitse dikakantsho dingwe. Sa ntlha, e tlhalosa se re ka se dirang go fokotsa malwetse le go thibela go anama ga megare. Sa bobedi, e tlhalosa kafa batho ba ka tokafatsang tsela e ba dirisang di-antimicrobial ka yone.

Go a utlwala go bolela gore tsela e e molemo go gaisa ya go fokotsa malwetse le go anama ga one ke gore motho a dire sotlhe se se tlhokegang gore a nne a na le botsogo jo bo siameng. Ke eng se o ka se dirang gore o se ka wa lwala?

Dilo Tse O ka Di Dirang Gore O se Ka wa Lwala

1. Dira bojotlhe gore o nne le dilo tseno tse tharo: dijo tse di siameng, go ikatisa le go ikhutsa ka tsela e e lekaneng.

2. Ipoloke o le phepa. Baitse ba tsa kalafi ba gatelela thata gore go tlhapa diatla ke sone selo sa botlhokwa go gaisa tsotlhe se se ka thusang motho go tila go lwala le go fetisetsa megare mo bathong ba bangwe.

3. Tlhomamisa gore dijo tse wena le lelapa la gago lo di jang di babalesegile. Ela tlhoko thata gore diatla tsa gago le lefelo le dijo di baakanyediwang mo go lone di phepa. Gape, tlhomamisa gore metsi a o a dirisetsang go tlhapa diatla le go tlhatswa dijo a phepa. E re ka megare e ata thata mo dijong, apaya nama gore e butswe sentle. Boloka dijo le go di tsenya mo setsidifatsing ka tsela e e tshwanetseng.

4. Mo dinageng tse mo go tsone malwetse a anamisiwang ke ditshenekegi tse di fofang, fokotsa ditiro tse o di dirang kwa ntle fa go le bosigo kgotsa mo mosong, e leng dinako tse ditshenekegi tseno di a bong di tlhanasela thata ka tsone. Ka metlha dirisa masire a a sireletsang.

5. Go entiwa go ka thusa thulaganyo ya gago ya mmele ya go lwantsha malwetse gore e kgone go lwantsha megare e gantsi e fitlhelwang mo lefelong le o nnang mo go lone.

Go Dirisa Di-antimicrobial

1. Ikgolaganye le moitse wa tsa kalafi pele ga o reka kana o nwa sepe fela sa dibolayamegare kana di-antimicrobial. Melemo e o e rekang kwantle ga kaelo ya ngaka gantsi e solegela barekisi ba yone molemo go na le wena yo o e rekang.

2. O se ka wa pateletsa ngaka gore e go fe dibolayamegare. Fa o dira jalo, e ka nna ya go fa tsone mme e dira jalo e le fela gore e boifa gore o ka se tlhole o tla kwa go yone fa o lwala. Ka sekai, mofikela o bakiwa ke dibaerase, mme dibolayamegare ga di o alafe. Go nwa dibolayamegare fa o na le baerase go ka nna ga fekeetsa dibakateria tse di mosola mo mmeleng, e leng se gongwe se ka dirang gore tse di palelang diokobatsi di oketsege.

3. O se ka wa ikanya thata melemo ya bosheng—e ka tswa e sa go siamela mme e bile e ka go jela madi a a mantsi go sa tlhokege.

4. Ithute ka melemo epe fela e e gone go tswa mo motsweding o o ikanyegang: Ke molemo wa eng? Ditlamorago tse di ka nnang gone ka ntlha ya one ke dife? Molemo ono a ga o thulane le diokobatsi tse dingwe, le gore ke dilo dife tse dingwe tse di ka nnang kotsi fa o dirisiwa?

5. Fa e le gore ruri go a tlhokega gore o newe dibolayamegare, gantsi o kgothalediwa gore o di nwe go fitlha o di fetsa, le fa o ka tswa o ikutlwa botoka pele ga di fela tsotlhe. Tse di sa ntseng di le gone ka nako ya fa o ikutlwa botoka di thusa fela go tlhomamisa gore bolwetse bo fodile gotlhelele.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Fa puso ya Modimo ya tshiamo e busa, batho ba tla itumelela botshelo go se na megare e e kotsi