Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Wena le ba Losika Lwa Gago Lo se Mo Bodumeding jo bo Tshwanang

Fa Wena le ba Losika Lwa Gago Lo se Mo Bodumeding jo bo Tshwanang

Kgopolo E e Mo Baebeleng

Fa Wena le ba Losika Lwa Gago Lo se Mo Bodumeding jo bo Tshwanang

GO YA ka phopholetso nngwe, go na le madumedi le makoko a a fetang 10 000 mo lefatsheng. Naga nngwe e na le diperesente di le 16 tsa bagolo ba ba kileng ba fetola bodumedi jwa bone. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo ba losika le ditsala ba se mo bodumeding jo bo tshwanang. Ka dinako tse dingwe, seno se dira gore ba se ka ba kgona go tshedisana sentle ka lorato. Ke gone ka moo go tsogang potso e e reng, Bakeresete ba tshwanetse go tshwara jang baratiwa ba bone ba ba seng mo bodumeding jo bo tshwanang le jwa bone?

Kamano e e Kgethegileng

Ka sekai, akanya ka se Baebele e se buang ka kamano e e kgethegileng fa gare ga batsadi le bana ba bone. Taelo e e mo go Ekesodo 20:12 e e reng “Tlotla rrago le mmago” e bontsha gore bana ba tshwanetse go tlotla batsadi ba bone go ya go ile. Tota e bile, go bonala sentle gore fa Jesu a ne a tlotla ka taelo eno mo go Mathaio 15:4-6, o ne a bua ka tlotlo e bana ba ba setseng ba godile ba tshwanetseng go e naya batsadi ba bone.

Buka ya Baebele ya Diane e bontsha gore ga go a siama gore motho a se ka a tlotla batsadi ba gagwe. Diane 23:22 e ntsha kgakololo e e reng o “se ka wa nyatsa mmago fela ka gonne a tsofetse.” Diane 19:26 e gatelela gore yo o “tshwarang rraagwe setlhogo le yo o lelekang mmaagwe ke morwa yo o itshwarang ka tsela e e tlhabisang ditlhong le ka tsela e e tlontlololang.”

Dikwalo di bontsha ka phepafalo gore ga re a tshwanela go tlhokomologa batsadi ba rona. Lebaka fela la go bo batsadi ba rona ba se mo bodumeding jo bo tshwanang le jwa rona ga le fedise kamano ya rona le bone. Melaometheo eno ya Baebele e dira le mo go ba losika le mo balekaneng ba rona ba lenyalo tota. Go phepafetse gore Dikwalo di tlama Bakeresete gore ba rate ba losika lwa bone.

Go Botlhokwa go Nna Tekatekano

Ke boammaaruri gore Baebele e re tlhagisa gore re se ka ra tsalana le batho ba ba sa siamang, mme tlhotlheletso e e sa siamang e ka tswa mo go bone ba masika a rona. (1 Bakorintha 15:33) Batlhanka ba le bantsi ba ba ikanyegang ba Modimo ba mo nakong e e fetileng ba ne ba emela se se siameng le fa ba ne ba ganediwa ke batsadi ba bone. Go ne go ntse jalo ka bomorwa Kora. (Dipalo 16:32, 33; 26:10, 11) Bakeresete ba boammaaruri ga ba a tshwanela go dira sepe se se kgatlhanong le tumelo ya bone gore ba itumedise ba bangwe, tota le ba losika lwa bone.—Ditiro 5:29.

Ka dinako tse dingwe, batsadi kgotsa batho bangwe ba re ba ratang ba nna kgatlhanong fela thata le dilo tse Mokeresete a di dumelang. Bangwe ba ka nna ba bo ba fetoga baba ba Bokeresete jwa boammaaruri. Mo maemong a a ntseng jalo, Bakeresete ba tsaya dikgato tse di tshwanetseng gore ba sireletse bomoya jwa bone. Jesu o ne a bua jaana ka tlhamalalo: “Baba ba motho e tla nna batho ba ntlo ya gagabo. Yo o ratang rraagwe kgotsa mmaagwe thata go na le nna ga a ntshwanela; le yo o ratang morwawe kgotsa morwadie thata go na le nna ga a ntshwanela.”—Mathaio 10:36, 37.

Le fa go ntse jalo, ga se gantsi Bakeresete ba lebanang le kganetso e e setlhogo e e tswang mo bathong bao ba ba ratang. E a bo e le fela gore ba losika lwa bone ga ba tlhaloganye dithuto tsa Baebele ka tsela e bone ba di tlhaloganyang ka yone. Dikwalo Tse di Boitshepo di ne di kgothatsa balatedi ba ga Keresete gore ba tshware batho ba ba seng mo bodumeding jo bo tshwanang le jwa bone “ka bonolo” le ka “tlotlo e e boteng.” (2 Timotheo 2:25; 1 Petere 3:15) Baebele e gakolola jaana ka tlhamalalo: “Motlhanka wa Morena ga a tlhoke go lwa, mme o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe.” (2 Timotheo 2:24) Gape, moaposetoloi Paulo le ene o ne a gakolola Bakeresete gore ba se “bue ope ka go mo utlwisa botlhoko, ba sa rate ntwa, ba le tekatekano, ba bontsha bonolo jotlhe mo bathong botlhe.”—Tito 3:2.

Ikgolaganye le Bone Mme o ba Bontshe Gore O a Ba Rata

Mo go 1 Petere 2:12, Bakeresete ba kgothadiwa jaana: “Nnang lo ntse lo na le boitshwaro jo bo molemo mo ditšhabeng [batho ba ba seng mo bodumeding jo bo tshwanang le jwa lona] gore . . . ba tle ba galaletse Modimo . . . ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di molemo tse ba leng basupi ba tsone.” Gantsi, batho ba re ba ratang ba ba seng mo bodumeding jo bo tshwanang le jwa rona ba bona diphetogo tse Baebele e di dirileng mo botshelong jwa rona. Gakologelwa gore batho ba le bantsi ba ba neng ba sa kgatlhegele dithuto tsa Baebele kgotsa ba ba neng ba di ganetsa ba fetotse megopolo ya bone. Batho bangwe ba ka tswa ba tsere dingwaga di le dintsi ba etse tlhoko boitshwaro jo bo molemo jwa molekane wa bone wa lenyalo kgotsa jwa ngwana wa bone pele ba sekaseka go bona gore ke eng se se dirang gore ba itshware jalo. Fa batho ba sa amogele dithuto tsa Baebele, lebaka la gone ga e a tshwanela ya nna gore ba ne ba tlhokomologilwe ke mongwe wa losika lwa bone yo e leng Mokeresete.

Gone maemo a batho ga a tshwane mme Basupi bangwe ba Bakeresete ba nna kgakala thata le batsadi ba bone. Go ka nna ga se ka ga kgonega gore ba ba etele gantsi kafa ba eletsang ka gone. Mme go ba kwalela makwalo, go ba founela kgotsa go ikgolaganya le bone ka metlha ka ditsela tse dingwe go tla dira gore ba losika lwa rona ba bone gore re a ba rata. Batho ba le bantsi ba e seng Bakeresete ba rata batsadi ba bone le ba bangwe ba masika a bone e bile ba buisana le bone ka metlha go sa kgathalesege gore ke ba bodumedi bofe. A Basupi ba e leng Bakeresete le bone ga ba a tshwanela go dira ka tsela e e tshwanang?

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Go nna o ikgolaganya le ba losika lwa gago go tla ba tlhomamisetsa gore o a ba rata