Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Megare e e Palelang Diokobatsi e Kotsi go le Kana Kang?

Megare e e Palelang Diokobatsi e Kotsi go le Kana Kang?

Megare e e Palelang Diokobatsi e Kotsi go le Kana Kang?

Megare e e palelang dibolayamegare le diokobatsi tse dingwe ke bothata jo bo aparetseng lefatshe lotlhe. Go tlile jang gore seno se direge? Ke eng se o ka se dirang gore o itshireletse wena le ba lelapa la gago?

KA October 1997, Hollie Mullin, yo e leng lesea la dibeke di le tharo, o ne a tshwarwa ke tsebe ka ntlha ya go tshwaediwa ke megare. E rile fa tsebe e sa fole morago ga malatsi a le mmalwa, ngaka e e mo alafang e ne ya mo nosa dibolayamegare tsa segompieno. Di ne di tshwanetse go mo alafa motlhofo fela, mme go ne ga se ka ga nna jalo. Megare e ne ya mo tshwaetsa gape mme ya tswelela e mo tlhasela morago ga kalafi nngwe le nngwe e a neng a e newa ya dibolayamegare.

Mo ngwageng wa ntlha fela wa ga Hollie, o ne a setse a alafilwe ka makgetlo a le 17 go dirisiwa dibolayamegare tse di farologaneng. Mme fa a na le dikgwedi di le 21, megare e ne ya mo tshwaetsa ka tsela e e maswe le go feta. Kwa bofelong, tsebe ya gagwe e ne ya fola morago ga malatsi a le 14 a ntse a fiwa kalafi ka go nosiwa dibolayamegare tse gantsi di dirisiwang fa go setse go padile.

Ditiragalo tsa go tshwana le tseno di setse di tlwaelegile thata, e seng fela mo baneng le mo batsofeng. Batho ba dingwaga tsotlhe ba a lwala le e leng go swa ka ntlha ya malwetse a a bakwang ke go tshwaediwa ke megare, malwetse a pele go neng go le motlhofo go a alafa ka dibolayamegare. Tota e bile, megare e e palelang dibolayamegare ga e bolo go nna bothata jo bo masisi mo dikokelong dingwe fa e sa le go tloga ka bo1950. Mme ka dingwaga tsa bo1960 le bo1970, megare eno e e palelang kalafi ya dibolayamegare e ne ya anamela le kwa ntle ga dikokelo.

Fa go ntse go ya, babatlisisi ba tsa kalafi ba ne ba simolola go bolela gore go dirisa dibolayamegare ka tsela e e feteletseng mo bathong le mo diphologolong ke sone selo sa konokono se se dirang gore megare e e palelang dibolayamegare e oketsege. Ka 1978 mongwe wa babatlisisi bano ba tsa kalafi o ne a tlhalosa gore go dirisiwa ga dibolayamegare ka tsela e e feteletseng ga “go tlhole go laolega gotlhelele.” Ka ntlha ya moo, ka dingwaga tsa bo1990, ditlhogo tsa dikgang tse di tshwanang le tse di latelang di ne tsa simolola go tlhagelela mo lefatsheng lotlhe: “Megare e e Palelang Diokobatsi e Gorogile,” “Megare e e Palelang Diokobatsi e Itsetsepetse,” “Diokobatsi Tse di Kotsi—Go se Dirise Dibolayamegare Sentle go Atisa Megare e e Palelang Diokobatsi.”

A ditlhogo tseno di ne di feteletsa dilo? E seng go ya ka se se tlhalosiwang ke mekgatlho e e tlotliwang ya tsa kalafi. Mo pegong ya ngwaga wa 2000, e e kaga malwetse a a bakwang ke megare, mokaedimogolo wa World Health Organization (WHO) o ne a re: “Mo tshimologong ya mileniamo o mosha, batho ba lebane le bothata jo bongwe. Malwetse a pele a neng a kgona go alafiwa . . . gone jaanong a setse a kgona go fekeetsa le melemo e e bolayang megare.”

Bothata jono bo masisi go le kana kang? WHO e ne ya re: “Bothata jono [jwa megare e e palelang diokobatsi] bo dirile gore go se ka ga tlhola go nna le tsholofelo ya gore malwetse a a bakwang ke megare a tla alafiwa.” Tota e bile, baitse ba le bantsi gompieno ba bolela gore batho ba boela gape mo motlheng ole o mo go one go neng go se na dibolayamegare.

Tota go tlile jang gore megare eno e e palelang diokobatsi e aname thata jaana mo lefatsheng, e bo e palele le kalafi ya maemo a a kwa godimo ya saense? A go na le sengwe se motho a ka se dirang go itshireletsa kana go sireletsa batho ba bangwe? Mme ke tharabololo efe ya mo isagweng e e tla fedisang megare e e palelang dibolayamegare? Ditlhogo tse di latelang di a araba.