Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Dira Jang Gore Batho Ba se Ka ba Nkamanya Thata le Batsadi ba Me?

Nka Dira Jang Gore Batho Ba se Ka ba Nkamanya Thata le Batsadi ba Me?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Dira Jang Gore Batho Ba se Ka ba Nkamanya Thata le Batsadi ba Me?

“Rre ke mogolwane yo o itsegeng thata mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa. Ke a mo tlotla, mme ka dinako tse dingwe ke ne ke sa rate gore gongwe le gongwe kwa ke yang teng ke itsiwe ke le ngwana wa ga Rre Bill.”—Larry. *

“E re ka rre e le mogolwane yo o itsegeng thata, ke ne ke na le boikutlo jwa gore mongwe le mongwe o lebeletse mo gontsi mo go nna, mme ke ne ke fitlhela go le thata gore ke dire dilo go ya ka tsela e ke leng ka yone.”—Alexander.

FA O ntse o gola, go a utlwala go bo o ka batla go ikemela—o kgone go itirela leina le wena o le batlang. Fa o ne o tsholwa, batsadi ba gago ba ile ba go tlhophela leina le bone ba le ratang. Mme e re ka jaanong o le mo dingwageng tsa bolesome, o batla go itirela “leina.”

Kgosi Solomone o ne a kwala jaana: “Go tshwanetse ga tlhophiwa leina [le le molemo] go na le dikhumo tse dintsi; go amogelwa go botoka go na le selefera le gouta.” (Diane 22:1) Tota le fa o sa ntse o le monnye, le wena o ka nna wa batla go simolola go itirela leina.

Go Amanngwa Thata le Batsadi

Fela jaaka Larry le Alexander, basha bangwe ba na le boikutlo jwa gore ba amanngwa thata le batsadi ba bone go ya ka leina le batsadi ba bone ba le itiretseng kgotsa dilo tse ba di fitlheletseng. Gongwe batsadi ba bone ke batho ba ba itsegeng thata mo setšhabeng ka ntlha ya tiro ya bone kgotsa thutego. Kgotsa e ka tswa e le gore ba itsege thata mo phuthegong ya Bokeresete. Fa e le gore go ntse jalo ka batsadi ba gago, go ka direga gore ka dinako tse dingwe o ikutlwe e kete batho ba go beile leitlho mo go sengwe le sengwe se o se dirang. O ka nna wa se ka wa batla go itshwara ka tsela e e rileng, fela ka ntlha ya gore batsadi ba gago ke bomang.

Ka sekai, rraagwe Ivan ke mogolwane mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa ya mo lefelong la bone. Ivan a re: “E re ka rre a ne a itsege thata e bile a tlotlwa, ka metlha ke ne ke ikutlwa ke tshwanelwa ke go nna sekao kwa sekolong le kwa gae. Ke ne ke ikutlwa e kete batsadi ba bangwe ba ne ba ntirisa jaaka sekao sa kafa bana ba bone ba tshwanetseng go itshwara ka gone. Le fa seno se ne se itumedisa, tota se ne se ntsenya mo kgatelelong e kgolo ya gore ke itshware ka tsela e e tlhomelang ba bangwe sekao. Seno se ne se dira gore ka dinako tse dingwe ke se ka ka ikokobetsa mme ke palelwe ke go lemoga diphoso tsa me.” Alexander a re: “Ke ne ke ikutlwa e kete batho ba mpeile leitlho ka dinako tsotlhe mme fa nka dira phoso, mongwe o tla bo a setse a itlhaganelela go tla go bua le nna ka yone.”

Larry, yo o umakilweng kwa tshimologong, o ne a leka go dira gore batho ba se ke ba nna ba mo etse tlhoko ka go sa ba bolelele sefane sa gagwe. A re: “Fa ke ne ke kopana le batho ba ke sa ba itseng kwa dikokoanong tsa rona, ke ne ke tle ke re, ‘Dumelang, leina la me ke Larry,’ ke bo ke ema teng foo—ke sa umake sefane sa me. E bile fa go kgonega ke ne ke kwala leina la me fela fa ke saena diforomo. Ke ne ke boifa gore batho ba ne ba tla simolola go ntshwara ka tsela e e sa tshwaneng le e ba tshwarang ba bangwe ka yone fa ba ka itse gore ke ngwana wa ga mang. Ke ne ke batla gore balekane ba me ba ntshware ka tsela e ba tshwarang batho ba bangwe botlhe ka yone.”

Gone mme, go a utlwala go bo batho ba bangwe ba ka lebelela mo gontsi mo go wena fa rrago e le mogolwane wa Mokeresete kana motlhanka wa bodiredi. Tota e bile, banna ba ba tlhomilweng mo maemong ao ba tshwanetse go “okamela bana le ba ntlo ya bone ka mokgwa o o siameng.” (1 Timotheo 3:5, 12) Ka gone, ga go gakgamatse go bo batho ba lebeletse gore o tlhome sekao! A mme gone seno se phoso? Nnyaa, segolo jang fa o akanya gore Paulo o ne a tlhopha go tsamaya le mosha wa Mokeresete Timotheo mo tirong ya botlhokwa ya bodiredi, yo o neng a ka tswa a le mo dingwageng tsa bolesome. (1 Bathesalonika 3:1-3) Ka jalo, o tshwanetse go dira ka natla gore o nne sekao, le fa rraago e ka tswa e le mogolwane kgotsa e se ene.

Go Tsuologa Go ka Se go Thuse ka Sepe

Le fa go ntse jalo, basha bangwe ba leka go dira gore batho ba tlogele go ba amanya le batsadi ba bone ka go tsuologa. Ivan a re: “Kgang ya gore ke tshwanelwe ke go nna sekao mo bathong ba bangwe e ne e ntsheleka ka dinako tse dingwe. Ke ne ke tsuologa ka go godisa moriri wa me ke o dira moleele tota, ke bo ke leta go bona gore go tla tsaya lobaka lo lo kae pele mongwe a tla go bua le nna ka gone.”

Abesalome, yo e neng e le mongwe wa bomorwa Kgosi Dafide o ne a tsuologa. Rraagwe o ne a itsiwe e le motho yo o ineetseng mo go Jehofa mme batho ba le bantsi mo setšhabeng sa Iseraele ba ne ba mo rata tota. Go ne go lebeletswe mo gontsi mo go Abesalome, e re ka e ne e le morwa Dafide. Mme go na le gore Abesalome a dire bojotlhe jwa gagwe jaaka go ne go lebeletswe, o ne a tlhopha go itirela leina ka go tsuologela rraagwe. Tota Abesalome o ne a tsuologela Jehofa ka gonne Dafide e ne e le motlodiwa wa ga Jehofa. Boitshwaro jwa gagwe bo ne jwa tlisetsa ba lelapa la gagwe matlhabisaditlhong e bile bo ne jwa dira gore ene ka boene a welwe ke masetlapelo.—2 Samuele 15:1-15; 16:20-22; 18:9-15.

Fa o tsuologa, le wena o ka nna wa diragalelwa ke dilo tseno tse di utlwisang botlhoko. Akanya ka se Baebele e re bolelelang sone ka Nehemia. Bangwe ba baba ba gagwe ba ne ba leka go mo faposa gore a dire sengwe se se sa itumediseng Modimo. Ka ntlha yang? Nehemia a re: “Gore ba tle ba ntshenye leina le go ntlhabisa ditlhong.” (Nehemia 6:13, Today’s English Version) Go tsuologa go ka go senya leina—e leng selo se batho ba ka se kang ba se lebala motlhofo.

Sengwe gape se se sa tshwanelang go tlhokomologiwa ke tsela e go tsuologa go ka amang batho ba bangwe ka yone. Go ka hutsafatsa batsadi ba gago go sa tlhokege. (Diane 10:1) Gape boitshwaro jwa gago bo ka ama basha ba bangwe ka tsela e e sa siamang. Ivan a re: “Boitshwaro jwa me bo ne jwa ama nnake ka tsela e e sa siamang. O ne a kgaotsa gotlhelele go kopanela le phuthego ya Bokeresete ka lobakanyana, a dira dilo tsotlhe tse a neng a itse gore ga di tsamaisane le melao ya Baebele. Se se itumedisang ke gore o ne a itharabologelwa mme gone jaanong o direla Jehofa gape e bile o itumetse.”

Tsela e e Botoka

Solomone, morwarraagwe Abesalome ka rraagwe, ga a ka a latela tsela ya ga Abesalome. Ka boikokobetso o ne a iketleeleditse go ithuta mo go rraagwe e bong Dafide. (1 Dikgosi 2:1-4) Go na le gore Solomone a leke go ikgodisa, o ne a batla go itirela leina le lentle le Modimo. Mo nakong eo yotlhe, o ne a dira gore lelapa la gagwe le tlotlwe a bo a dira gore a itsege e le nngwe ya dikgosi tse di molemo tota tsa Iseraele.—1 Dikgosi 3:4-14.

Sekao se se molemo sa ga Solomone se gatelela dintlha tse pedi tsa botlhokwa: Ya ntlha, ga o itirele leina ka go batla go itlhaola mo lelapeng, go na le moo o itirela leina ka go ithuta ka dinonofo tse di molemo tse ba lelapa la gago ba nang le tsone. Lokwalopaka lwa Adolescence lwa re: “Basha ga ba a tshwanela go akanya gore fa ba le mo dingwageng tsa bone tsa bosha, eo ke nako ya gore ba ikgaoganye le batsadi ba bone gore ba itirele leina.” Lokwalopaka lono lo tswelela lo re: “Go engwa nokeng ke batsadi ba gago ga go ka ke ga go kgoreletsa” gore o kgone go itirela leina, “go na le moo [go a] go thusa.”

Se se kgatlhang ke gore, Solomone ka boene o ne a kgothatsa jaana: “Reetsa rrago yo o dirileng gore o tsholwe, mme o se ka wa nyatsa mmago fela ka gonne a tsofetse.” (Diane 23:22) Go bonala sentle gore mafoko ano Solomone o ne a sa a kwalele bana ba bannye ka gonne ba tla bo ba godile fa batsadi ba setse ba “tsofetse.” Seno se re bontsha eng? Tota le fa o setse o godile mme o na le lelapa la gago, o sa ntse o ka solegelwa molemo ke botlhale jwa batsadi ba gago. Ivan le ene o ne a lemoga seo. A re: “Fa ke ntse ke gola jaana, ke leka go etsa dinonofo tse di molemo tsa batsadi ba me mme ke leka ka natla gore ke se ka ka akanya ka diphoso tsa bone.”

Ntlha ya bobedi e re tshwanetseng go akanya ka yone ke gore maikaelelo a magolo a ga Solomone e ne e se go itirela “leina,” mme e ne e le go itumedisa Jehofa. Ke boammaaruri gore go ne go lebeletswe mo gontsi mo go ene e re ka e ne e le morwa Dafide. Le fa go ntse jalo, Solomone o ne a kgona go diragatsa maikarabelo a gagwe ka ntlha ya go ikanya Jehofa. Alexander le ene o setse a leba dilo ka tsela eo. A re: “Jaanong ke setse ke amogela gore go lebeletswe mo gontsi mo baneng ba batsadi ba bone e leng bagolwane. Ke ile ka swetsa ka gore ke dirise ntlha eno ka tsela e e molemo, mme go dira jalo go ile ga ntshireletsa tota. Ke ile ka lemoga gore selo sa botlhokwa thata ke tsela e Jehofa a ntebang ka yone. O nkitse ka namana, e seng fela gore ke ngwana wa ga mang.”

Daryn, yo rraagwe e leng moalogi wa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileade *—sekolo se se thapisang barongwa—le ene o ithutile go lebana le boemo jwa go nna le batsadi ba ba itsegeng thata. A re: “Fa ke ne ke kolobediwa, ke ne ka ineela mo go Jehofa e seng mo mothong ope o sele. Ke dira bojotlhe jwa me go tshelela boineelo jwa me, mme seno se dira gore ke ritibale maikutlo e re ka ke itse gore Jehofa o itumelela se ke se dirang, le fa ke sa kgone go fitlhelela sengwe le sengwe se batsadi ba me ba se fitlheletseng.”

Kgosi Solomone o ne a re: “Mosimane o dira gore a lemogiwe ka ditiro tsa gagwe gore a tiro ya gagwe e itshekile e bile e thokgame.” (Diane 20:11) Kwa bokhutlong, batho ba tla go gopola ka se o se buang le se o se dirang. Nna sekao “mo go bueng, mo boitshwarong, mo loratong, mo tumelong, mo boitshekong.” Fa o dira jalo, batho ba tla go rata le go go tlotla ka ntlha ya se o leng sone!—1 Timotheo 4:12.

Le fa go ntse jalo, basha ba bangwe bone ba na le bothata jwa go amanngwa thata le bana ba bangwe mo gae ba ba fitlheletseng mo gontsi mo botshelong. Setlhogo sa mo makasineng o o tlang se tla tlhalosa kafa o ka lebanang le bothata jono ka gone.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 22 Sekolo sa Gileade se kaelwa le go tsamaisiwa ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 26]

Go tsuologa go tla tlisetsa batsadi ba gago mahutsana fela le go go senya leina

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Sekao sa gago se se molemo se ka solegela ba bangwe molemo