Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Oli—A e Na le Melemo ya Yone le Masula a Yone?

Oli—A e Na le Melemo ya Yone le Masula a Yone?

Oli—A e Na le Melemo ya Yone le Masula a Yone?

DINAGA tse di nang le madirelo di ikaegile go le kana kang ka oli le dikungwa tsa yone? Oli—le gase ya tlholego—di botlhokwa thata mo dinageng tseno, mme seno se dirile gore re nne le “Setšhaba sa Batho ba ba Ikaegileng Thata ka Haeterojene le Khabone,” jaaka fa Daniel Yergin a tlhalosa mo bukeng ya gagwe ya The Prize. Akanya fela ka oli e e gotetsang, dikirisi, bonota, boka, le dilo tse di dirilweng ka dikhemikale tsa lookwane lo lo tswang mo mafikeng—difofane, dikoloi, mekoro, dikgomaretsi, pente, diaparo tsa polyester, diteki, ditshamekisabana, difetolammala, di-asprin, dinkgisamonate, ditlolo tsa go intlafatsa, didisiki, dikhomputara, dithelebishene, difouno. Letsatsi le letsatsi, batho ba le bantsi ba dirisa di le mmalwa tsa dilo di feta 4 000 tse di dirilweng ka dilo tse di tswang mo oling, mme e le dilo tse di amang botshelo jwa rona fela thata gompieno. Mme go tweng ka tshenyo e e sa bolong go nna e bakwa ke oli mo ditsheding tse di farologaneng fa e sale go tloga fela kwa tshimologong ya yone?

Kgosi E e Sa “Buseng ka Tsela e e Molemo”

Kwa bokhutlong jwa 1940, fa go ne go bonala e kete go tloga go faga ntwa mo gare ga Romania le Hungary, mmusaesi wa mo-Nazi e bong Adolf Hitler o ne a nna bonako go tsereganya. A e ne e le ka gonne a batla go thusa? Se Hitler tota a neng a batla go se dira e ne e le go thibela gore didiba tsa oli tse di kwa Romania di se ka tsa laolwa ke Soviet Union. Gape oli e ne e le yone lebaka la konokono le le dirileng gore Iraq e tlhasele Kuwait ka 1990 ga ba ga feleletsa go tsene le dinaga tse dingwe mo ntweng eo. Mme seno e ne e se bothata jwa dinaga tseno fela. Go diregile gantsi gore go nne le dintwa le go boga e le ka gonne dinaga di batla go laola oli.

Ga se fela gore oli e botlhokwa thata mo botshelong jwa gompieno mme gape e nnile selo se segolo thata mo dipolotiking le mo bathong ba sekae ba ba nang le dithata. Jaaka fa Organization of Petroleum Exporting Countries (OPEC) e ne ya tlhalosa bosheng jaana, oli ga se selo fela se se tlwaelegileng mme “e na le karolo e e botlhokwa thata mo ditogamaanong tsa puso.” Dinaga dingwe di ile tsa dirisa oli go dira gore di nne le thata mo godimo ga tse dingwe, ka go baya dithibelo mo go tsone. Mo godimo ga moo, dirukhutlhi le tsone di ile tsa nna tsa tlhasela didiba tsa oli, mafelo a oli e tlhotlhelwang mo go one, le dikepe tse dikgolo tse e tsamaisiwang ka tsone—mme gantsi go felele ka gore di bake tshenyo e e seng kana ka sepe mo tikologong.

Madirelo a oli le one a ile a pegwa molato wa gore a senyetsa tikologo go ya pele ka go ntsha khabonetaeokosaete, e e ka nnang ya gakatsa go fetofetoga ga tlelaemete mo lefatsheng. Go ya ka pego nngwe ya PEMEX (Mexican Petroleums), e leng mongwe wa mekgatlho e megolo thata e e gwebang ka oli, fa leokwane le le tswang mo mafikeng le ntse le feta mo dikarolong tse di farologaneng tsa go dirwa ga lone gore e nne oli, le nna le ntsha leswe. Le mororo leokwane la peterole gone jaanong le le phepanyana go feta pele—mo e ka nnang dingwaga di le thataro fa e sale ka Kopanokgolo ya Kyoto, fa dinaga di le 161 di ne di kopana go tsaya dikgato tsa go fokotsa kotsi ya go gotela thata ga tlelaemete—ba le bantsi ba na le maikutlo a gore ga go a fetoga sepe se se kalokalo. Kafa letlhakoreng le lengwe, OPEC yone ya re “oli ke yone e dirileng gore [dinaga di le dintsi] di bo di humile jaana e bile di atlega jaana.” A mme gone go ntse jalo ka metlha?

Bangwe ba ka nna ba supa tshenyo e e bakilweng ke go epa didiba tsa oli le go agiwa ga diphaepe. Ba bangwe ba ka nna ba supa palo e e ntseng e oketsega ya batho ba ba se nang mebereko kwa Saudi Arabia, e leng naga e e nang le didibeletso tse dintsi tsa oli. Alí Rodríguez Araque, e leng poresidente wa OPEC, a re: “Dipuso tsa dinaga tse di nang le madirelo di dirisa ka botlalo tiro e di e batlang ka kgang mo badiring ba oli, mo batlhotlhing ba yone le mo badirising ba yone.”

Mokgatlho wa CorpWatch, e leng mokgatlho o tiro ya one e leng go dira gore mekgatlho e mengwe e ikarabele mo dilong tse di tshwanang le go tlhokomelwa ga tikologo, o bolela jaana: “Oli e sa ntse e le Kgosi. Mme ga e buse ka tsela e e molemo.”

Go tlile go diregang ka oli mo isagweng?