Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Oli—Kafa e go Amang ka Teng

Oli—Kafa e go Amang ka Teng

Oli—Kafa e go Amang ka Teng

A O KILE wa akanya gore botshelo jwa batho ba le bantsi bo ka bo bo ntse jang fa go ka bo go se na lookwane lo lo tswang mo mafikeng le dilo tse di dirilweng ka lone? * Oli e e dirilweng ka lookwane lono e dirisiwa go logetsa dikoloi, dibaesekele, diporema le dilo tse dingwe gore ditshipi tsa tsone di se ka tsa gotlhana. Oli e dira gore ditshipi di se ka tsa gotlhana thata, ka jalo e dira gore ditshipi tsa motšhine di se ka tsa senyega ka bonako. Mme ga e dirisediwe seo fela.

Oli e dirisediwa go dira mafura a difofane, a dikoloi le a dithutafatsi. Bontsintsi jwa ditlolo tsa go intlafatsa, dipente, dienke, diokobatsi, menontsha le dipolasetiki mmogo le dilo tse dingwe tse dintsi di na le dilo tse di fitlhelwang mo lookwaneng lono lo lo tswang mo mafikeng. Go ne go ka nna thata gore batho ba le bantsi ba tshele kwa ntle ga oli. Ga go gakgamatse go bo go ya ka buka nngwe go bolelwa gore lookwane lono le dilo tse di bonwang mo go lone lo “dirisediwa dilo di le dintsi thata go feta le fa e le eng mo lefatsheng.” Re bona jang oli? E tswa kae? Batho ba na le lobaka lo lo kana kang ba e dirisa?

Baebele e re bolelela gore dingwaga tse di fetang dikete tse pedi pele ga motlha wa ga Keresete, Noa o ne a ikobela ditaelo tsa Modimo ka go aga sekepe se segolo mme a dirisa tere—e gongwe e dirilweng ka lookwane lo lo tswang mo mafikeng—gore sekepe seno se se ka sa tsena metsi. (Genesise 6:14) Bababelona ba ne ba dirisa dilo tse ba di bonang mo lookwaneng lono go tshasa ditena tsa bone tse di besiwang, Baegepeto bone ba ne ba di dirisetsa go omisa setopo sa motho yo o suleng e bile di ne di dirisiwa ke batho ba bangwe ba bogologolo mo dilong tsa kalafi.

Ke mang yo o neng a ka akanya gore sedirisiwa seno se ne se tla nna botlhokwa jaana mo lefatsheng la gompieno? Ga go ope yo o ka ganelang gore tlhabologo e e leng teng mo madirelong a segompieno e ikaegile ka lookwane lo lo tswang mo mafikeng.

Oli e e tswang mo lookwaneng lono e e dirisediwang go tshuba dipone e dirile gore batho ba dirise oli e ntsi thata. Fa e sale ka lekgolo la bo15 la dingwaga, oli e e epilweng mo didibeng tse di seng boteng e ne ya dirisiwa mo diponeng kwa Baku, e leng motsemogolo wa gompieno wa Azerbaijan. Ka 1650, didiba tse di seng boteng tsa oli di ne tsa epiwa kwa Romania, kwa go neng go dirisiwa oli e e tshwanang le parafini go tshuba dipone. Mo bogareng jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, naga eo le tse dingwe kwa Yuropa Botlhaba di ne di setse di na le madirelo a a humileng a oli.

Kwa United States, setlhopha sengwe sa banna ka dingwaga tsa bo1800 se ne sa tsaya matsapa a go batla oli e le fela gore ba kgone go nna le dipone tse di bonesang botokanyana. Banna bano ba ne ba swetsa gore ba ne ba tshwanetse go epa oli gore ba tle ba kgone go nna le parafini e e lekaneng go tlamela dimmaraka ka yone. Ka jalo ka 1859, ba ne ba kgona go epa sediba sa oli kwa Pennsylvania. Batho ba ne ba setse ba simolola go dirisa oli thata ka nako eo. Go ne ga direga eng morago ga moo?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Gantsi fa go buiwa ka lookwane lo lo tswang mo mafikeng go tewa dilo tse pedi tse di amanang thata—e leng gase ya tlholego, e gape e bidiwang methane, le oli. Ka dinako tse dingwe dilo tseno ka bobedi di tswetswenela kwa ntle ka maphanyego a a mo lefatsheng. Oli e ka bonwa e le seedi kgotsa e tshwana le boka, bitumene kgotsa tere.

[Lebokoso mo go tsebe 3]

LOOKWANE LO LO TSWANG MO MAFIKENG LE OLI—DI FAROLOGANA JANG?

Le fa gantsi go twe go ntshiwa oli mo didibeng tsa oli, tota se se tswang mo tlase ga lefatshe ke lookwane lo lo tswang mo mafikeng, kgotsa lo lo sa tlhotlhiwang. Lookwane lono lo tlhalosiwa e le “seedi se se lepologang sa motswako wa digase tse di tshwarang molelo tsa mmala o o serolwana go ya go o montsho le dikhabone le dihaeterojene tse gantsi di fitlhelwang kafa tlase ga lefatshe.” Seedi seno se “ka kgaoganngwa ka dikarolwana tse di akaretsang gase ya tlholego, peterolo, naphtha, parafini, mafura le oli e e logetsang, mafura a parafini le boka mme se dirisiwa fela jaaka se ntse go dira dilo tsa mefutafuta ka sone.”—The American Heritage Dictionary of the English Language.