Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Oli—Re e Bona Jang?

Oli—Re e Bona Jang?

Oli—Re e Bona Jang?

“AGO nne lesedi.” Go ne ga tlhokega motswedi o mosha wa lesedi le le itiretsweng go rarabolola bothata jwa dipone tse di sa tshubeng sentle tse di neng di tshubiwa ka mafura le dilo tse dingwe kwa United States ka lekgolo la bo19 la dingwaga. Tharabololo e ne ya nna eng? Oli! E ne e tla bonwa kae?

Ka 1859, Edwin L. Drake, mokgweetsi wa diterena yo o neng a tlogetse tiro o ne a dirisa enjene e e berekang ka mowa wa metsi a a bolelo go epa sediba sa boteng jwa dimetara tse 22 go ya kwa oling e e sa tlhotlhiwang e e neng ya lemogiwa la ntlha gaufi le Titusville, kwa Pennsylvania, U.S.A. Seno e ne ya nna tshimologo ya motlha wa oli. E re ka oli e ne ya bonwa mo dinageng di le dintsi tsa lefatshe, e ne ya ama ikonomi le dipolotiki fela thata. E ne ya nna motswedi wa maemo a a kwa godimo wa lesedi le le itiretsweng o lefatshe le neng le sa bolo go o letela ka tlhoafalo.

Go ise go ye kae, batho gongwe le gongwe ke fa ba reka ditsha ba bo ba epa didiba mo mafelong a a bidiwang gore ke dikgaolo tsa oli kwa United States. Mo dingwageng tseo, go ne go tlwaelegile go utlwela ka batho ba ba neng ba fetoga bahumi ka bonako le ka ba bangwe ba ba neng ba latlhegelwa ke dikhumo tsa bone. Edwin Drake, monna yo o neng a epa sediba sa ntlha kwa Pennsylvania, ke mongwe wa ba ba neng ba latlhegelwa ke dikhumo tsa bone.

Go sa kgathalesege go gola ka bonako ga dikgwebo tsa oli, go ise go ye kae ke fa madirelo a oli kwa Pennsylvania a fokotsa tlhwatlhwa ya one ya oli. Barele e le nngwe ya oli e ne ya wela kwa tlase go tswa go $20 go ya go disente di le 10! Go tlhagisiwa ga oli ka bontsi le go lekanyediwa ga ditlhwatlhwa tsa yone go ne ga dira gore ditlhwatlhwa di ye kwa tlase mme didiba dingwe di ne tsa felelwa ke oli ka bonako. Pithole City, kwa Pennsylvania, e gone jaanong e leng matlotla ka ntlha ya go felelwa ke oli e re gopotsa seno ka tsela e e kgethegileng. E ne ya agiwa, ya gola mme ya tlogelwa—mo sebakeng se se fetang ngwaga le halofo fela. Ao e ne e tlile go nna mathata a konokono a dikgwebo tsa oli.

Ka 1870, John D. Rockefeller le ditsala tsa gagwe di le mmalwa ba ne ba tlhoma Standard Oil Company. Khampani eno e ne e laola marekisetso a mangwe otlhe a kerosene go fitlha go nna le tse dingwe tse di neng di gaisana le yone, segolobogolo tse di kwa madirelong a oli a Russia. Mongwe wa bagaisani bano e ne e le Marcus Samuel, yo o neng a tlhoma se gompieno se itsegeng e le Royal Dutch/Shell Group. Mo godimo ga moo, ka ntlha ya botlhale jwa bana ba ga Nobel, * go ne ga tlhongwa kgwebo e e gatetseng pele sentle ya oli kwa Russia mme oli ya teng e ne e ntshiwa mo ditsheng tsa naga ya Baku.

Seo e ne e le tshimologo ya dikgwebo tse dintsi tsa oli. Go tloga ka nako eo, go ne ga tlhomiwa mekgatlho gore tlhwatlhwa ya oli le selekanyo se e tlhagisiwang ka sone di se ka tsa fetofetoga. Mongwe wa mekgatlho eno ke Organization of Petroleum Exporting Countries (OPEC), e maloko a yone otlhe a le 11 a nang le mabolokelo a oli e e sa tlhotlhiwang.—Bona lebokoso le le mo tsebeng 7.

Go na Le Oli e Kana Kang Mme e Bonwa Kae?

Kwa bofelong jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, go anama ga motlakase go ne ga batla go dira gore dikgwebo tsa oli di phutlhame. Le fa go ntse jalo, go ne ga dirwa sengwe se se tlhomologileng se se neng sa thibela bothata jono fela thata—mme selo se, e ne e le enjene e gantsi e dirisiwang mo dikoloing. Dikoloi, tse di neng di le gone mo dinageng di le dintsi tsa madirelo kwa bofelong jwa dingwaga tsa bo1920, di ne di tlhoka go dirisa peterolo, e e dirilweng ka lookwane lo lo tswang mo mafikeng. Jaanong go ne go tlhokega oli e ntsi gore dikoloi di kgone go tsamaya, mme e ne e tla bonwa kae?

Fa nako e ntse e ya, go ne ga bonala sentle gore oli e gaisa dikuno tse dingwe tsotlhe mo mebarakeng ya lefatshe fa go ntse go bonwa ditsha tse dingwe tse disha tsa oli—di ka nna 50 000—mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe! Le fa go ntse jalo, malebana le go ntshiwa ga oli, lebaka la botlhokwa e ne e se palo ya ditsha tse di neng tsa bonwa mme e ne e le bogolo jwa tsone. Di ne di le bogolo jo bo kana kang?

Ditsha tsa oli tse di ntshang bobotlana dibarele di le dibilione di le tlhano tsa oli e e tswang mo lefatsheng ke tsone tse dikgolo thata mo lenaaneng, mme di latelwe ke ditsha tse di kgonang go ntsha dibarele di le dimilione di le makgolo a matlhano go ya go dibilione di le tlhano. Le fa dinaga dingwe di le 70 di ne di balelwa mo lenaaneng la “U.S. Geological Survey World Petroleum Assessment 2000” e le tse di nang le mabolokelo mangwe a oli, ke dinaga di le mmalwa fela tsa tsone tse di nang le ditsha tse dikgolo tse go epiwang oli mo go tsone. (Bona lebokoso le le mo tsebeng 7.) Ditsha tse dikgolo tse go epiwang oli mo go tsone di fitlhelwa mo mafikeng a kwa Arabia le Iran, e leng karolo e e gaufi le Kgogometso ya Kwa Peresia.

Go sa ntse go batliwa mafelo a mangwe a masha a oli e ka epiwang mo go one. Mme go dirisiwa botegeniki jwa maemo a a kwa godimo. Gone jaanong kgaolo ya Lewatle la Caspian, e dinaga tsa Azerbaijan, Iran, Kazakhstan, Russia, Turkmenistan, le Uzbekistan di leng mo go yone e ngokile bagwebi ba oli. Go ya ka U.S. Energy Information Administration, kgaolo eno e na le bokgoni jo bogolo jwa go ntsha oli le gase ya tlholego. Go sa ntse go sekasekwa go bona gore a oli e ka romelwa kwa dinageng tse dingwe ka ditsela tse dingwe, tse di tshwanang le go feta ka Afghanistan. Mafelo a mangwe a go fitlhetsweng oli e ka bonwa mo go one ke a a kwa Botlhabagare, Greenland le dinaga tsa Afrika. Ntlha e nngwe e e ntseng e akanyediwa ke go fetolwa ga haeterojene le dikhabone go dira maatla le dilo tse dingwe tse di dirisiwang letsatsi le letsatsi.

Oli e Epiwa Jang?

Baithutajioloji le batho ba ba tlhatlhobang lefatshe ba batlana le mafelo a a ka tswang a na le oli e e sa tlhotlhiwang kafa tlase ga lefatshe. Fa ba sena go lekanyetsa le go tsaya disampole, ba a epa go tlhomamisa gore tota oli e gone. Mo metlheng ya pele, fa o ne o ka epela kwa tlase ka tlhamalalo kwa oli e leng gone o ne o ka tshelwa ke metsi a a nang le seretse le oli, mme seo se dire gore oli e senyege, gape go ne go ka direga gore go thunye. Le fa go ntse jalo, metšhine ya gompieno e e dirisiwang go epa oli e na le didirisiwa tse di lekanyang le dibelefo tse di kgethegileng, e thibela gore seno se se ka sa direga. Gape go a kgonega gompieno gore go epiwe mesima e mennye le e e boteng.

Kgabagare kgatelelo e e dirang gore oli le gase di tswe e a ngotlega mme e tshwanetse go bolokwa e le kwa godimo ka go tsenya metsi, dikhemikale, khabonetaeokosaete kgotsa digase tse dingwe tse di tshwanang le naeterojene. Dioli ga di a tiya ka tsela e e tshwanang go ikaegile ka gore di fitlhelwa mo lefelong lefe. Gantsi, oli e e ratiwang thata ke e e sa tiyang ka gonne e bonwa motlhofo e bile go bonolo go e tlhatswa.

Fela jaaka go ne ga tlhalosa setheo se se bidiwang American Petroleum Institute, botegeniki jwa segompieno bo akaretsa go epa mesima go ya kwa matlhakoreng mme seno se dira gore go se ka ga epiwa didiba di le dintsi. Go epiwa ga oli gaufi le losi lwa lewatle, go go neng ga simolola ka 1947 kwa Kgogometsong ya Mexico, go ne ga oketsa selekanyo se oli e tlhagisiwang ka sone. Gone ke boammaaruri gore mokgwa o o dirisiwang go ntsha oli o ama tlhwatlhwa ya oli fa e sena go tlhatswiwa. *

Oli e Romelwa Jang Kwa Dinageng Tse Dingwe?

Ka 1863 kwa Pennsylvania, go ne ga dirwa diphaepe tsa logong tsa bokima jo bonnye gore oli e tsamaisiwe ka tsone, e re ka di ne di le tlhwatlhwa e e kwa tlase e bile di sa imele thata jaaka dibarele tsa dilitara tse 159 tse di neng di pegiwa mo kareng ya dipitse. * Gompieno, go dirisiwa thulaganyo e e raraaneng ya diphaepe, e bile go dirisiwa tse dintsi thata. Go ya ka Association of Oil Pipe Lines, United States ka boyone fela e na le diphaepe di le dintsi tsa lookwane lo lo tswang mo mafikeng tsa dikilometara di le 300 000!

Diphaephe tseo tse di dirilweng segolobogolo ka tshipi ga di ise fela oli e e sa tlhotlhiwang kwa e tlhatswiwang gone mme gape di romela le e e setseng e tlhatswitswe kwa dikgwebong tse dingwe. Botegeniki jwa segompieno jwa diphaepe bo dira gore oli e kgone go romelwa kwa mafelong a mangwe mme o kgona go bona gore e elela ka selekanyo se se kana kang le ka kgatelelo e e kana kang. Gape go na le didirisiwa tse di bidiwang Magnetic Flux Leakage le ultrasonic in-line tse di kgonang go tlhatlhoba diphaephe sekgala sa dikilomitara tse dintsi. Le fa go ntse jalo, modirisi o tla bona sesupo se se bontshang gore phaepe ya lookwane lo lo tswang mo mafikeng e teng kwa tlase ga lefatshe le tlhagiso ya gore go se ka ga epiwa mo lefelong leo.

Le fa thulaganyo ya go tsamaisa oli ka diphaepe e le mosola jalo, ga se thulaganyo e e siameng go le kalo gore oli e ntsi e romelwe ka yone kwa moseja. Mme bagwebi ba metlha ya bogologolo ba ne ba bona tharabololo ya bothata jono—go dirisa dikepe tse dikgolo tsa oli. Tseno ke dikepe tse di dirilweng ka tsela e e kgethegileng tsa boleele jwa dimetara di le 400. Dikepe tseno di dikgolo e bile di kgona go tsamaya di raletse lewatle e bile di kgona go rwala dibarele tsa oli di le milione kgotsa go feta. Ka maswabi, le fa dikepe tseno di lebega di nonofile, di sa ntse di na le bokoa jwa tsone jo bo iseng bo kgone go baakanngwa, jaaka lebokoso le le reng “Dintlha Malebana le go Tshologa ga Oli” le bontsha. Gape go tlwaelegile gore oli e tsamaisiwe ka diketswana le materoko a terena. Le fa go ntse jalo, mokgwa o oli e tsamaisiwang ka one ke bontlhabongwe fela jwa bothata.

Kgabo e nnye ya molelo e e bonwang kwa godimo mo diphaepeng tse di telele e go bontsha lefelo le oli e tlhotlhiwang mo go lone. Mo dikagong tseno tse dikgolo tse di tlhotlhang oli, oli e e sa tlhotlhiwang e a gotediwa e bo e romelwa kwa kagong e e goletseng kwa godimo gore e tlhatswiwe gone, koo e tla fitlhang e kgaoganngwa ka dikarolwana tsa yone tse di farologaneng. Dikarolwana tseno di farologana go simolola ka tse di seng boima thata—jaaka digase tse di tshwanang le butane—go ya go dikarolwana tse di boima tse go dirwang dilogetsi ka tsone le dilo tse dingwe. (Bona tsebe 8-9.) Le fa go ntse jalo, go sala potso eno, A oli e na le melemo ya yone le masula a yone?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Mongwe wa bone, e bong Alfred Bernhard Nobel, ke ene yo moragonyana a neng a tlhama Sekgele sa Nobel.

^ ser. 16 “Kwa Kgogometsong ya Mexico go agilwe kago e e goletseng kwa godimo mo metsing a a fetang dimetara di le 300 e go fopholediwang gore ditshenyegelo tsa yone tsa go ntsha oli di feta tsa kwa Botlhabagare ka makgetlo a le 65.”—The Encyclopædia Britannica.

^ ser. 18 Mo metlheng ya pele, oli e ne e bolokiwa le go romelwa e le mo dibareleng tsa logong tse di tshwanang le tse di neng di dirisediwa waene.—Bona lebokoso le le mo tsebeng 5.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]

A KE DIBARELE KGOTSA DITONE?

Dikhampani tsa ntlha tsa oli tsa Pennsylvania di ne di romela oli ka dibarele tsa waene tse di tsenyang dilitara di le 180. Kgabagare go ne ga tsenngwa oli ya dilitara di le 159 fela gore e se ka ya tshologa fa e romelwa. Gompieno go sa ntse go dirisiwa barele (e e tsenyang dilitara di le 159) mo mebarakeng ya oli.

Go tswa kwa tshimologong, oli ya Yuropa e ne e romelwa ka dikepe e bile go ne go tsewa bokete jwa yone ka ditone jaaka fa go tlwaelegile gompieno.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Source: American Petroleum Institute

[Lebokoso mo go tsebe 6]

LOOKWANE LO LO TSWANG MO MAFIKENG LO SIMOLOGILE JANG?

Kgopolo e borasaense ba ntseng ba na le yone fa e sale ka dingwaga tsa bo1870 ke gore “leswe la ditshedi le le fitlhegileng mo gare ga mafika a magolo le a bola le bo le fetoga oli le gase morago ga lobaka lo loleele le gore lookwane lono lo lo tswang mo mafikeng lo nna lontsi mo marobeng a mafika a a leng gaufi le bogodimo jwa [Lefatshe].” Tiragalo eno ke yone e tlhagisang lookwane lo lo tswang mo mafikeng, le dikarolwana tsa lone tsa konokono e leng haeterojene le khabone. Le fa go ntse jalo, fa e sale ka dingwaga tsa bo1970 go na le borasaense bangwe ba ba sa dumalaneng le kgopolo eno.

Mo makasineng wa August 20, 2002, wa Proceedings of the National Academy of Sciences, go ne ga gatisiwa setlhogo se se reng “Tlholego ya Dihaeterojene le Dikhabone, le Tshimologo ya Lookwane Lwa mo Mafikeng.” Bakwadi ba setlhogo seno ba re lookwane lo lo tswang mo mafikeng lo tshwanetse lwa bo lo tlholega kwa mafelong a a kwa tengteng “mo garegare ga mpa ya Lefatshe” mme e seng mo mafelong a a seng boteng a lefatshe jaaka batho ba le bantsi ba akanya.

Mankge wa fisikisi e bong Thomas Gold o ne a ntsha dikgopolo dingwe tse di sa ntseng di ka ganediwa mme a tlhalosa mabaka a gagwe ka botlalo mo bukeng ya gagwe ya The Deep Hot Biosphere—The Myth of Fossil Fuels. O kwala jaana: “Kwa United States le dinaga di le dintsi tsa Yuropa, kgopolo ya gore dihaeterojene le dikhabone di simologile ka gore go nne le ditshedi tse di bolang kafa tlase ga lefatshe e ne ya ratiwa thata mo e leng gore baganetsi ba yone ba ne ba se ka ba tlhola ba dira sepe go e ganetsa. Go ne go sa nna jalo mo dinageng tsa Soviet Union wa pele.” “Go ka direga gore ka ntlha ya gore rakhemisi yo o tlotlegang thata wa Mo-Russia e bong Mendeleyev o ne a sa dumele gore lookwane lo lo tswang mo mafikeng lo nnile gone ka ntlha ya go bola ga leswe la ditshedi dingwe. Mabaka a a a ntshang a utlwala fela thata gompieno fa o akanya ka tshedimosetso e ntsi e re nang le yone gone jaanong.” Kgopolo ya gore lookwane ga lo a tlholwa ke go bola ga leswe la ditshedi dingwe yone ya reng?

Gold a re: “Kgopolo eno ya re haeterojene e e tlhakaneng le khabone e ne e le karolo ya dilo tse di bopang lefatshe, tse di neng tsa dirwa ke gore go nne le dilo dingwe tse di neng tsa nna tsa koelana ka sebaka sa dingwaga di ka nna dibilione di le 4,5 tse di fetileng.” Go ya ka kgopolo eno, dilo tse oli eno e dirilweng ka tsone ga di bolo go nna gone kwa tengteng ga lefatshe fa e sa le le bopiwa. *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 37 Tsogang! ga e tseye letlhakore lepe malebana le dikgopolo tseno tse di sa tshwaneng. E bega fela ka tsone.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 10, 11]

DINTLHA MALEBANA LE GO TSHOLOGA GA OLI

▪ Palo yotlhe ya oli e e tsholotsweng ke dikepe magareng ga 1970 le 2000 ke ditone di le 5 322 000

▪ Oli e e tshologileng ka bontsi jo bogolo ka 1979 e ne e le fa sekepe sa Atlantic Empress se thulana le sa Aegean Captain kwa Caribbean, mme go ne ga tshologa ditone di le 287 000 tsa oli

▪ Le fa oli e ntsi e tshololwa ke go nna e pegiwa mo sekepeng, e pagololwa le go tladiwa mo tankeng ya sekepe, e ntsi thata e tshologa fa dikepe di thulana le fa di ya go emisiwa kwa losing lwa lewatle

▪ Go tshologa ga oli ka mabaka a mangwe a a sa amaneng le dikepe:

● Go tshologa ga oli e e neng e epiwa mo sedibeng sa Ixtoc I ka 1979, kwa Kgogometsong ya Mexico. Oli yotlhe e e tshologileng: dilitara di le 500 000 000

● Go tshologa ga oli mo sedibeng kwa Kgogometsong ya Kwa Peresia ka 1983. Oli yotlhe e e tshologileng: dilitara di le 300 000 000

● Go ntsha oli ka boomo ka 1991 kwa Kgogometsong ya Kwa Peresia. Oli yotlhe e e tshologileng: dilitara di le 900 000 000

[Setshwantsho]

Sekepe sa oli se se bidiwang “Erika” se nwela gaufi le Penmarch Point, kwa Fora, ka December 13, 1999

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Sources: International Tanker Owners Pollution Federation Limited, “Oil Spill Intelligence Report,” “The Encarta Encyclopedia”

© La Marine Nationale, France

[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Go Dirwa Ga oli—MOKGWA O O TLHOFOFADITSWENG

1—GO TLHOTLHOMISA LEFELO

SATHALAETE

Thulaganyo ya khomputara ya Global Positioning System e ntsha tshedimosetso e e tlhomameng e e dirisiwang fa go sekasekwa lefelo

DIMAEKEROFOUNO TSE DI MO MMUNG

DILORI TSE DI DIRISEDIWANG GO BATLA OLI

DIMAEKEROFOUNO TSE DI MO METSING

DIKEPE TSE DI DIRISEDIWANG GO BATLA OLI

Mokgwa mongwe o o dirisiwang, wa go sekaseka lefelo ka go baka thoromo ya lefatshe mo lefelong leo (seismic surveying), o thusa go bona makhubu a medumo e e itlhametsweng e e bontshang dithoromo tse di diregang kafa tlase ga lefatshe

2—GO NTSHA OLI

DIDIBA TSE DI MO LEFATSHENG

POLATEFOMO E E KWA TENGNYANA GA LEWATLE

SEDIBA SE SE KAFA TLASE GA METSI

Mekgwa ya go e ntsha e akaretsa go dirisa didiba tsa oli tse di mo mmung, tse di kwa tengnyana ga lewatle, le tse di kafa tlase ga metsi. Ka dinako tse dingwe go ka dirisiwa digase kgotsa metsi go dira gore sediba se nne se na le kgatelelo e e tlhokegang gore se ntshe oli

[Setshwantsho]

METSWEDI YA OLI E E KAFA TLASE GA METSI

Go dirisiwa disabomarine tse di laolwang ka khomputara go aga mafelo a go direlwang oli mo go one kwa tlasetlase ga lewatle

[Setshwantsho]

GO EPELA KWA MATLHAKORENG

Dienjene tse di laolwang ke moenjiniri ka khomputara di dikolosa konopo ya go epa, mme metšhini e e dirisiwang go dupelela e bontsha gore go na le sengwe mo matlapeng

3—GO ROMELWA GA OLI KWA MAFELONG A MANGWE

DIPHAEPE

SEKEPE SE SEGOLO

Go dirisiwa diphaepe tse di mo godimo ga lefatshe, tse di kafa tlase ga lefatshe le tse di kwa tlase ga lewatle go isa oli kwa mafelong a a farologaneng. Mekgwa e mengwe e e dirisiwang go romela oli kwa mafelong a mangwe e akaretsa dikepe tse dikgolo le tse dinnye, le materoko a terena

4—GO TLHOTLHA OLI

MO OLI E TLHOTLHELWANG GONE

Oli e e sa tlhotlhiwang e a gotediwa, e bedisiwe, e bo e kgaoganngwa ka dikarolwana tsa yone tse di ka kgonang go dirisiwa go dira dilo tse di farologaneng

DIKAGO TSE DI GOLETSE-GILENG TSE DI DIRISIWANG GO TLHATSWA OLI KA GO E BEDISA

Fa oli e e tiileng, e ntsho, e e sa tlhotlhiwang e gotediwa mo leubelong, dihaeterojene le dikhabone di fetoga go nna digase. Digase tseno di boa gape e nna diedi fa dithemperetšha di ntse di fetofetoga. Ka go dira jalo seno se kgaoganya oli ka dikarolwana tsa yone

20°C.

DIGASE TSE DI DIRISIWANG GO TLHOTLHA OLI

Tsone di akaretsa methane, ethane, propane, le butane

20°-70°C.

PETEROLE

E dirisiwa e le leokwane la dikoloi le selo se go dirwang dipolasetiki ka sone

70°-160°C.

SEEDI SA NAPHTHA

Ka sone go ka dirwa polasetiki, leokwane la dikoloi, le dikhemikale tse dingwe

160°-250°C.

KEROSENE

E dirisiwa go dira leokwane la difofane le oli ya setofo

250°-350°C.

OLI YA GASE

Ka yone go dirwa disele le lookwane lo lo tukisang

LEUBELO

400°C.

MASALEDI A OLI

A tlhaolosiwa gape go dira leokwane la go tlhotlha oli, oli e e tiileng e e tukisang, bonota jwa kerese, dikirisi, le boka

GO THUBA DIKAROLWANA TSE DINNYE TSA OLI

Dihaeterojene le dikhabone di a gotediwa di bo di tlhakanngwa le khemikale e e fisang thata ya jeli e e dirilweng poere ya aluminiamo le silikhone. Go dira jalo go thusa go thuba dihaeterojene le dikhabone gore di nne dimolekhule tse dinnye tse di ka kgonang go dirisiwa go dira dilo tse dingwe

Dikhemikale tse di mo sebopegong sa poere di kopana le dihaeterojene le dikhabone fa di fetogile go nna mowa wa metsi a a fisang

ETHANOL

E dirisiwa go dira dipente, ditlolo tsa go intlafatsa, dinkgisamonate, disepa, le difetolammala

DIPOLASETIKI

Ka sekai, polysterene e dirwa ka go tlhakanya dimolekhule tse di farologaneng tsa styrene

DIKHEMIKALE TSE DI TSENNGWANG MO PETEROLENG

Khemikale e e nayang octane maatla e thusa go dira gore gase e se ka ya tlhosetsa molelo ka bonako thata mo enjeneng, mme ka go dira jalo e dira gore enjene e dire botokanyana

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photo Courtesy of Phillips Petroleum Company

[Kerafa mo go tsebe 7]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

METSWEDI E MEGOLO YA OLI

Dipalogotlhe tseno di balwa ka dibilionebilione tsa dibarele. Ga di aka-retse metswedi e mengwe e e iseng e bonwe

▪ Leloko la OPEC

• Naga e e nang le setsha se le sengwe kgotsa go feta, se segolo thata sa oli

E e ntshitsweng ka bontsi thata

◆ E e bolokilweng

▪ • ◆ 332,7 SAUDI ARABIA

• ◆ 216,5 UNITED STATES

• ◆ 192,6 RUSSIA

▪ • ◆ 135,9 IRAN

▪ • ◆ 130,6 VENEZUELA

▪ • ◆ 125,1 KUWAIT

▪ • ◆ 122,8 IRAQ

▪ • ◆ 113,3 UNITED ARAB EMIRATES

• ◆ 70,9 MEXICO

• ◆ 42,9 CHINA

▪ • ◆ 41,9 LIBIA

▪ ◆ 33,4 NIGERIA

◆ 21,2 CANADA

▪ ◆ 21,0 INDONESIA

◆ 20,5 KAZAKHSTAN

▪ • ◆ 18,3 ALGERIA

◆ 17,6 NORWAY

◆ 16,9 UNITED KINGDOM

[Ditshwantsho mo go tsebe 4]

Sediba sa ntlha sa oli e e sa tlhotlhiwang, Titusville, Pennsylvania, 1859

Go pomponyega ga oli mo sedibeng kwa Texas

[Motswedi wa Setshwantsho]

Brown Brothers

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Setsha sa bogologolo sa oli, Beaumont, Texas

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Kara ya dipitse e rwele dibarele tsa oli

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Sediba sa oli se se tukang kwa Kuwait

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 5]

All photos: Brown Brothers