Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batho ba Etsa Tsela ya Mmopi ya go Bopa

Batho ba Etsa Tsela ya Mmopi ya go Bopa

Batho ba Etsa Tsela ya Mmopi ya go Bopa

Go tla jang gore tleloupu e e bosesane jwa pampiri e se ka ya thubega fa e tsenngwa kgotsa e kurufelelwa mo setshegetsing sa yone? Go ya ka buka ya How in the World?, seno se bakwa ke tsela e tleloupu e bopegileng ka yone, e e dirilweng go ya ka “tsela e kapetla ya lee e bopegileng ka yone.” Le fa kapetla ya lee e le tshesane, mae ga a thubege fa koko e namagadi e a elama mo kutleng. Seno se bakwa ke gore, tsela e lee le bopegileng ka yone e dira gore le nne thata mme le se ka la thubega fa le gatelelwa. (Kokwana e ka nna ya se ka ya kgona go tswa fa dikapetla di le dikima.) Ka go etsa tsela ya Mmopi ya go bopa, tleloupu le yone e kgolokwe, mme seo se dira gore fa e huparetswe ka maatla e se ka ya thubega ka gonne fa o e tshwere, “tsela e galase ya yone e bopegileng ka yone e dira gore maatla a o e tshwereng ka one a anamele kwa dintlheng tsotlhe tsa yone.” Ka jalo, fela jaaka fa o tshwere lee, seatla sa gago ga se gatelele tleloupu mo lefelong le le lengwe fela, mme seo se dira gore e se ka ya thubega. Eleruri, batho ba ithutile go le gontsi mo popong!