Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Ngwana wa Gago a Tshwerwe ke Letshoroma

Fa Ngwana wa Gago a Tshwerwe ke Letshoroma

Fa Ngwana wa Gago a Tshwerwe ke Letshoroma

“Ke a lwala!” Selo sa ntlha se o ka akanyang go se dira fa ngwana wa gago a lela jalo ka khutsafalo, ke go tlhola themperetšha ya gagwe. Go a utlwala gore o bo o ka tshoga fa o fitlhela a na le letshoroma.

Go ya ka patlisiso e e dirilweng ke The Johns Hopkins Children’s Center kwa Baltimore, Maryland kwa United States of America, diperesente di le 91 tsa batsadi ba dumela gore, “tota le letshoroma le le seng kwa godimo le ka nna kotsi ka tsela nngwe, la baka go ngatega kgotsa kgobalo ya boboko.” Yone patlisiso eo e bontsha gore “diperesente di le 89 tsa batsadi ba ne ba naya bana ba bone melemo e e fokotsang letshoroma fa themperetšha ya ngwana e ne e fitlhile go didikirii di le 102 tsa Fahrenheit (didikirii di le 38,9 tsa Celsius).”

Tota o tshwanetse go tlhobaela go le kae fa ngwana wa gago a nna le letshoroma? Mme ke ditsela dife tse di molemo tsa go le alafa?

Tiro ya Botlhokwa ya Letshoroma

Ke eng se se bakang letshoroma? Le fa selekanyo se se tshwanetseng sa themperetšha ya mmele (fa e tsewa mo molomong) e le didikirii tsa Celsius di le 37, ka tlwaelo themperetšha ya mmele wa motho e nna e fetofetoga letsatsi lotlhe ka dikirii e le nngwe kgotsa go feta. * Ka jalo, go ka direga gore themperetšha ya mmele wa gago e bo e le kwa tlase mo mosong mme e tlhatloge thapama. Karolo e e kwa tlase mo bobokong e e bidiwang hypothalamus e laola themperetšha ya mmele fela jaaka selaolamogote se dira. Go bonala motho a nna le letshoroma fa thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse e tsibogela dibakateria kgotsa dibaerase tse di tseneng mo mmeleng ka go tlhagisa sengwe se se bidiwang pyrogen mo mading. Seno se dira gore karolo ya boboko e e bidiwang hypothalamus e “fetole” themperetšha gore e ye kwa godimo.

Letshoroma ga le kotsi thata le fa gone le ka dira gore motho a se ka a ikutlwa sentle kgotsa la baka go felelwa ke metsi mo mmeleng. Tota e bile, go ya ka Mayo Foundation for Medical Education and Research, go bonala letshoroma e le lone le thusang thata mo go ntsheng dibakateria le dibaerase mo mmeleng. “Dibaerase tse di bakang mofikela le mathata a mangwe a go hema di nna teng thata fa dithemperetšha di le kwa tlase. Fa o tshwerwe ke letshoroma go sekae, tota mmele wa gago o a bo o thusa go lwantsha dibaerase tseo.” Gape motswedi ono wa tshedimosetso o bolela gore “go alafa ngwana wa gago fa a tshwerwe ke letshoroma go sekae ga go tlhokege e bile go ka kgoreletsa tsela ya tlhago ya go ikalafa ga mmele.” Tota e bile bookelo bongwe kwa Mexico bo alafa malwetse mangwe ka go tlhatlosa themperetšha ya mmele wa molwetse, e leng kalafi e e bidiwang hyperthermia.

Dr. Al Sacchetti wa American College of Emergency Physicians a re: “Ke ka sewelo letshoroma e leng bothata. Le fa go ntse jalo, le supa gore motho a ka tswa a tshwaeditswe ke megare. Ka jalo, fa ngwana a na le letshoroma, go tshwanetse ga tlhongwa mogopolo mo ngwaneng le gore gongwe a ka tswa a tshwaeditswe ke megare e seng mo themperetšheng ya gagwe.” The American Academy of Pediatrics e akgela ka gore: “Tota ga go tlhokege go alafa letshoroma le le kafa tlase ga didikirii tsa Fahrenheit di le 101 (didikirii tsa Celsius di le 38,3) kwantle fela ga fa ngwana wa gago a sa ikutlwe sentle kgotsa a na le bothata jwa go ngatega. Tota le dithemperetšha tse di kwa godimo ga di kotsi e bile ga di botlhokwa kwantle fela ga fa ngwana wa gago a na le bolwetse jwa go ngatega kgotsa bolwetse bongwe jo bo masisi. Go botlhokwa thata go ela tlhoko gore ngwana wa gago o dira eng. Fa e le gore o ja sentle, o robala sentle e bile o nna a tshameka tshameka, gongwe ga go tlhokege gore a bone kalafi.”

Kafa o ka Alafang Ngwana ka Teng fa a Tshwerwe ke Letshoroma go Sekae

Dintlha tseno ga di reye gore ga go sepe se o ka se dirang go thusa ngwana wa gago. Bomankge bangwe ba tsa bongaka ba buelela dilo tse di latelang tse di ka thusang go alafa ngwana wa gago fa a tshwerwe ke letshoroma go sekae: Boloka phaposi ya ngwana wa gago e le tsiditsana. O se ka wa mo apesa thata. (Go gotela thata go ka gakatsa letshoroma.) Rotloetsa ngwana wa gago go nwa diedi thata, tse di jaaka metsi, matute a maungo a a tlhaolositsweng le sopo ka gonne letshoroma le ka baka go felelwa ke metsi mo mmeleng. * (Dino tse di nang le khafeine tse di jaaka dino tsa cola kgotsa tee e ntsho di dira gore motho a tlhapologe gantsintsi mme seo se ka baka gore a felelwe ke metsi thata mo mmeleng.) Fa ngwana wa gago e le lesea tswelela o mo anyisa. Tila dijo tse di sa silegeng motlhofo ka gonne letshoroma le dira gore mala a se ka a bereka sentle.

Fa letshoroma la ngwana le le kwa godimo ga didikirii tsa Celsius di le 38,9, a ka newa melemo e e fokotsang letshoroma e e ka bonwang kwantle ga tetla ya ngaka e e jaaka acetaminophen kgotsa ibuprofen. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa go latela selekanyo sa go nwa se se kwadilweng mo molemong oo. (Bana ba ba kwa tlase ga dingwaga di le pedi ga ba a tshwanela go fiwa melemo kwantle ga kaelo ya ngaka.) Melemo e e fokotsang letshoroma ga e bolaye dibaerase. Ka jalo, ga e dire gore ngwana a fole ka bonako fa a ne a tshwerwe ke mofikela kgotsa malwetse a mangwe a a tshwanang le ao, mme e dira gore a ikutlwe botoka mo mmeleng. Baitse bangwe ba bolela gore bana ba ba kafa tlase ga dingwaga di le 16 ga ba a tshwanela go fiwa aspirin e le go fokotsa letshoroma, ka gonne e amanngwa le bolwetse jwa Reye—bolwetse jo bo ka bolayang motho. *

Gape letshoroma le ka fokodiwa ka go phimola ngwana ka metsi le letsela. Tsenya ngwana mo bateng ya metsi a a mololo o bo o nna o mo phimola ka letsela le le metsi. (O se ka wa dirisa rubbing alcohol, ka gonne e ka tswa e le botlhole.)

Lebokoso le le tsamaisanang le setlhogo seno le na le tshedimosetso e e bontshang gore motho a ka bitsa leng ngaka. Go botlhokwa thata gore motho a batle thuso ya ngaka fa a nna mo mafelong a go nang le letshoroma la dengue, baerase ya Ebola, letshoroma la mala, kgotsa letshoroma le lesetlha.

Selo sa botlhokwa se o ka se dirang ke go tlhokomela ngwana wa gago. Gakologelwa gore ke ka sewelo letshoroma le ka nnang kwa godimo mo le ka bakang go gobala ga boboko kgotsa la bolaya. Tota le go ngatega go go bakiwang ke letshoroma, le fa gone go tshosa, gantsi ga go ke go nna le diphelelo tse di nnelang ruri.

Go botoka go thibela bolwetse bo ise bo simologe, mme nngwe ya ditsela tse di botlhokwa tsa go sireletsa ngwana wa gago gore a se ka a tshwaediwa ke megare ke go mo ruta bophepa. Bana ba tshwanetse go rutwa go tlhapa diatla ka metlha—segolobogolo pele ba ja, fa ba tswa mo ntlwaneng, fa ba ne ba le mo lefelong la batho botlhe kgotsa ba tshameka le diruiwa. Fa e le gore morago ga go leka dilo tseno tsotlhe, ngwana wa gago o tshwarwa ke letshoroma go sekae o se ka wa tshoga. Jaaka re ithutile, go na le mo gontsi mo o ka go dirang go thusa ngwana wa gago gore a fole.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Themperetšha e ka fetofetoga go ikaegile ka gore e tsewa kae le ka mofuta o o dirisiwang wa themomethara.

^ ser. 10 Bona makasine wa Tsogang! ya April 8, 1995, tsebe 11, go bona kafa o ka dirang ka teng motswako wa go busetsa metsi mo mmeleng fa ngwana wa gago a tshwerwe ke letshoroma le le bakang letshololo kgotsa le le dirang gore a kgwe.

^ ser. 11 Bolwetse jwa Reye, ke bolwetse jo bo amanang le boboko jo bo ka tshwarang ngwana fa a sena go tshwaediwa ke megare.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

Bitsa Ngaka fa Ngwana yo o Nang le Letshoroma . . . 

▪ A na le dikgwedi di le tharo kgotsa kafa tlase mme themperetšha ya gagwe ya mo maragong e le didikirii tsa Celsius di le 38 kgotsa kwa godimo

▪ A le magareng ga dikgwedi di le tharo le di le thataro mme themperetšha ya gagwe e le didikirii tsa Celsius di le 38,3 kgotsa kwa godimo

▪ A le kwa godimo ga dikgwedi di le thataro mme themperetšha ya gagwe e le didikirii tsa Celsius di le 40 kgotsa kwa godimo

▪ A gana go nwa diedi mme a na le matshwao a go felelwa ke metsi mo mmeleng

▪ A ngatega kgotsa a se na maatla

▪ A sa ntse a na le letshoroma morago ga diura di le 72

▪ A lela thata mme a le mo maibing

▪ A na le sebabo, a thatafalelwa ke go hema, a na le letshololo kgotsa a kgwa gangwe le gape

▪ A tshwerwe ke thamo kgotsa a opiwa ke tlhogo thata

[Motswedi wa Setshwantsho]

Dintlha tseno di tserwe go: The American Academy of Pediatrics