Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Lefatshe le Tla Namolwang ka Gone

Kafa Lefatshe le Tla Namolwang ka Gone

Kafa Lefatshe le Tla Namolwang ka Gone

LE FA gone maemo a tikologo e le a a sa itumediseng, re ka rata gore lefatshe le namolwe. Kana e bile, ke legae la rona—mme re solofetse gore e nne legae la bana ba rona le la bana ba bone. A go na le sengwe se re ka se dirang go nonotsha tsholofelo eo?

Boammaaruri ke gore le fa bontsi jwa batho bo amegile ka tikologo, ba bangwe ba le bantsi ga ba lese go latlhela matlakala fa fatshe, go a latlhela mo dinokeng kgotsa go tlogela dipone tsa motlakase di tshubilwe le fa ba sa di dirise. Ditiro tse di ntseng jalo di ka lebega di le dinnye, mme gone fa mongwe le mongwe wa dimilionemilione tsa batho mo lefatsheng a ne a ka ela tlhoko kafa a tshwarang lefatshe ka gone, seno se ne se ka tokafatsa maemo thata. Dilo tse di jaaka go somarela motlakase, go dirisana mmogo le dithulaganyo tsa go dirisa sesha dilo tse di neng di ka latlhwa le go latlha matlakala ka tsela e e tshwanetseng, go ne go ka thusa thata gore tikologo e sirelediwe. Re ka bontsha gone jaanong ka mokgwa o re dirang dilo ka one gore re amega ka lefatshe.

Le fa go ntse jalo, ga re ka ke ra kgona go laola se batho ba re tshelang le bone ba se dirang. A seno se bolela gore ga go na tsholofelo gotlhelele?

Tharabololo e Kgolo e Gaufi

Kakgelo ya ga Thilo Bode wa mokgatlho wa Greenpeace e e nopotsweng ke makasine wa Time, e umaka lebaka la konokono le le bakang bothata jwa tikologo: “Mokgele wa rona o mogolo e ntse e le go lemotsha dikhampani gore di tshwanetse go ela tlhoko kafa di latlhang matlakala a tsone ka teng. Di tshwanetse go akanyetsa dilo di le tharo: go dirwa ga dilo, kafa di dirisiwang ka gone le kafa di ka latlhwang ka gone. Ka maswabi, re kgona go dira dilo e bile re itse kafa di dirisiwang ka gone, mme ga re itse go di latlha ka tsela e e tshwanetseng. Mo makgetlong mangwe tota re ka re fela batho ga ba itse kafa ba ka dirang seno ka tsela e e babalesegileng ka gone.

Batho ba na le dilo tse ba sa kgoneng go di dira, mme ga go a nna jalo ka Mmopi wa lefatshe. O setse a bontshitse botlhale jwa gagwe jo bogolo mo dilong tse a di bopileng tse re di bonang mo lefatsheng. O itse kafa a ka dirang dilo ka gone, kafa a ka di dirisang ka gone le kafa a ka di latlhang ka tsela e e tshwanetseng ka gone. Dithulaganyo tse dintsi tse a di dirileng di itiragalela fela. Peo e a tlhoga, semela se a gola se bo se ungwa. Morago ga moo se a swa—dikarolo tsotlhe tsa sone di a bola kwantle ga gore di bake kgotlelo, mme di bo di ka dirisiwa gape. Eno ke tsela e e molemo go gaisa tsotlhe ya go latlha matlakala! Ga e bake kgotlelo epe e e botlhole!

Mmopi ga a ikaelela go tlogela lefatshe le senyega go fitlha e nna thotobolo ya matlakala e go ka se nniweng mo go yone. Mo Baebeleng, mo go Isaia 45:18, re bala jaana: “Jehofa o buile jaana, . . . Ene Modimo wa boammaaruri, Mmopi wa lefatshe le Modiri wa lone, Ene Yo o le tlhomamisitseng thata, yo o sa le bopelang lefela, yo o le bopetseng go nniwa.”

Fa e le gore Modimo o bopetse lefatshe gore le nniwe, ke eng fa a letlile gore le nne mo seemong se se utlwisang botlhoko jaana? Baebele e tlhalosa gore kwa tshimologong motho o ne a beilwe mo paradaiseng. Tota e bile, Modimo o ne a ikaeletse gore Paradaise eno e nne mo lefatsheng lotlhe mme e tlale ka batho. (Genesise 1:28) Le fa go ntse jalo, go ne ga nna le botsuolodi. Monna le mosadi wa ntlha ba ne ba sa batle go tswelela ba le kafa tlase ga bolaodi jwa Modimo.

Modimo o ne a letlelela batho gore ba lekeletse tsela ya bone ya go busa. Matswela a gone ke se re se bonang gompieno, go palelwa mo go utlwisang botlhoko. Ga go pelaelo gore batho ba ka se kgone go rarabolola mathata a bone. Modimo a ka se pegwe molato ka ntlha ya sotlhe se se diregileng. Se Baebele e se buang se boammaaruri mo bathong botlhe: “Bone ka bobone ba dirile bosula; ga se bana ba gagwe, bogole ke jwa bone. Kokomana e e kgopameng le e e sokameng!”—Duteronome 32:5.

Le fa go ntse jalo, Modimo ga a itlhokomolose go senngwa ga lefatshe. O tla tsaya kgato pele ga go nna thari, pele ga lefatshe e nna naga fela e go ka se nniweng mo go yone. Re itse seno jang? Tshenolo 11:18 e tlhalosa jaana: “Ditšhaba tsa galefa, mme bogale jwa gago jwa tla, le nako e e tlhomilweng . . . go senya ba ba senyang lefatshe.” Go senngwa ga lefatshe go tla khutlisiwa.

Boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong jwa gore lefatshe le nne paradaise, bo sa ntse bo tla diragadiwa. Modimo o bontshitse seno ka se a se buileng. Ka sekai, o ile a re: “Lefoko la me le le tswang mo molomong wa me . . . ga le kitla le boela mo go nna le se na matswela, ruri le tla dira selo se se intumedisang.” (Isaia 55:11) O ka nna wa itumelela go bala Isaia kgaolo 35, e mo go yone Modimo a tlhalosang ka go fetolwa ga mafelo a a senyegileng go nna diparaka tse dintle le masimo a a ungwang.

Tota le gone jaanong, mo mafelong a kgotlelo e emisitsweng mo go one, lefatshe le ile la bontsha bokgoni jwa lone jo bo gakgamatsang jwa go intšhafatsa. Modimo o le bopile gore le kgone go dira jalo. Fa go ka fedisiwa dilo tsotlhe tse di kgotlelang lefatshe, mefuta e mentsi e e farologaneng ya ditshedinyana tse di mo metsing le mo mmung e ka baakanya tshenyo e ntsi. Mo godimo ga moo, go na le lebaka la go dumela gore fa Modimo a ka tsenelela le go kaela dilo, tsela eno ya go iintšhafatsa e tla bereka go gaisa. A ka kgona go neela batho thapiso le kaelo e e tshwanetseng sentle e gone jaanong ba se nang yone.

Ka gone, go na le tsholofelo ka isagwe ya lefatshe. Dimela le diphologolo di tla namolwa. Go tla bo go se na dipego tsa mefuta ya diphologolo tse go bolelwang fa di tloga di nyelela gotlhelele. Mowa o re o hemang le metsi di tla nna phepa gape. Batho ba ba kutlo ba tla bo ba le gone go itumelela dilo tseno. A o ka rata go bona seo? O ka kgona. Jang? Baebele e bolela ka botlalo se o ka se dirang. Ke eng fa o sa tlhatlhobe Baebele ka kelotlhoko gore o iponele seno ka bowena? Kopa bagatisi ba makasine ono gore ba go golaganye le mongwe yo o ka go thusang go simolola go dira jalo. O se lese tshono ya go ithuta kafa wena le ba lelapa la gago lo ka itumelelang tikologo e e phepa ka bosakhutleng ka gone.