Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lekgetho—A ke Madi A re A Duelang go “Tlisa Tlhabologo”?

Lekgetho—A ke Madi A re A Duelang go “Tlisa Tlhabologo”?

Lekgetho—A ke Madi A re A Duelang go “Tlisa Tlhabologo”?

“Re duela lekgetho gore go nne le tlhabologo.”—Mokwalo o o mo kagong ya Internal Revenue Service kwa Washington, D.C.

DIPUSO di bolela gore le fa batho ba sa rate go duela lekgetho gone go botlhokwa gore le duelwe—ke madi a a thusang go ‘tlisa tlhabologo.’ Le fa o dumalana le kgopolo eno kgotsa nnyaa, gone ke boammaaruri gore gantsi madi a lekgetho a kwa godimo fela thata.

Makgetho a ka kgaoganngwa ka dikarolo tse pedi: lekgetho le le kopiwang ka tlhamalalo le le le sa kopiweng ka tlhamalalo. Dikai tsa lekgetho le le kopiwang ka tlhamalalo ke lekgetho le le duelwang ke babereki, lekgetho le le duelwang ke ditlamo le lekgetho la dithoto. Mo go ano otlhe, go bonala lekgetho le le duelwang ke babereki e le lone le le ilwang thata. Seno se ntse jalo segolobogolo mo dinageng tse mo go tsone motho a duelang lekgetho go ya ka madi a a a amogelang—fa o amogela madi a mantsi o duela lekgetho le le ntsi. Batshwayadiphoso ba re mofuta ono wa lekgetho o duedisetsa batho go dira ka natla le go atlega.

OECD Observer, e leng kgatiso ya Organization for Economic Cooperation and Development, e re gopotsa gore mo godimo ga makgetho a a duelwang dipuso tsa bogare, “babereki ba tshwanetse go duela lekgetho la lefelo la bone, la kgaolo, la porofense kgotsa la puso ya naga mo godimo ga gore ba duele lekgetho la puso ya bogare. Go ntse jalo kwa Belgium, Canada, Iceland, Japane, Korea, dinaga tsa Yuropa Botlhaba, Spain, Switzerland le United States.”

Makgetho a a sa kopiweng ka tlhamalalo a akaretsa lekgetho la dilo tse o di rekang, makgetho a bojalwa, disekerete le a dithoto. Makgetho ano ga a lemotshege thata jaaka a a kopiwang ka tlhamalalo mme a sa ntse a ka ama ikonomi ka tsela e e botlhoko, segolobogolo bahumanegi. Mo makasineng wa India wa Frontline, mokwadi Jayali Ghosh a re kgang ya gore batho ba maemo a a fa gare le bahumi ba ba duelang lekgetho, ba duela makgetho a mantsi mo India ga se boammaaruri. Ghosh a re: “Makgetho a a sa kopiweng ka tlhamalalo a a duelwang Puso e e kgaogantsweng ka dikgaolo a fitlha go diperesente tse di fetang 95. . . . Go ka direga gore batho ba ba humanegileng ba ba berekang ke bone ba ba duelang madi a le mantsi thata a lekgetho go na le bahumi.” Lekgetho le le kwa godimo le le duelelwang dilo tse di dirisiwang ka bontsi jaaka sesepa le dijo, go bonala e le lone le le dirang gore go bo go na le go sa lekalekaneng jaana.

Dipuso di dira eng tota ka madi otlhe a di a kokoanyang?

Kafa Madi a Dirisiwang ka Gone

Gone ke boammaaruri gore go ja puso madi a le mantsi gore e kgone go direla batho mo setšhabeng ditiro tse di botlhokwa. Ka sekai, kwa Fora, motho a le esi mo go ba le 4 o berekela puso. Seno se akaretsa barutabana, batho ba ba berekang mo posong, mo dimusiamong le mo dikokelong, mapodise le ba bangwe ba ba berekang mo pusong. Go tlhokega makgetho gore ba duelwe. Gape makgetho a duelela ditsela, dikolo le dikokelo e bile a thusa go duelela ditiro tse di tshwanang le go phuthiwa ga matlakala le go romelwa ga poso.

Go duela masole ke lebaka le lengwe le le dirang gore go nne le lekgetho. Lekgetho le le duelwang ke babereki, pele le ne le ntshiwa ke Maborithane a a humileng go duelela ntwa kgatlhanong le Fora ka 1799. Le fa go ntse jalo, ka Ntwa ya Lefatshe II, puso ya Boritane e ne ya simolola go batla gore babereki ba duele lekgetho. Gompieno, go tlhokomela masole ka madi go ja madi a le mantsi le ka dinako tse go se nang ntwa ka tsone. Stockholm International Peace Research Institute e fopholeditse gore madi a a dirisitsweng go tlhokomela sesole mo lefatsheng ka 2000 e ka nna diranta di le dibilione di le 5.9.

Go Laola se se Dirwang ke Batho

Gape makgetho a “laola se se dirwang ke batho”—e leng sedirisiwa se se kgothatsang batho go itshwara ka tsela e e rileng kgotsa se se ba thibelang go itshwara ka tsela eo. Ka sekai, go dira gore bojalwa bo duelelwe lekgetho go fokotsa go nwa bojalwa go feta tekanyo. Ka jalo, mo dinageng di le dintsi makgetho a dira diperesente di le 35 tsa tlhwatlhwa ya bojalwa.

Gape madi a le mantsi a lekgetho a bonwa fa go rekiwa motsoko. Mo Afrika Borwa makgetho a dira diperesente di le 45 go ya go di le 50 tsa madi a motsoko o rekwang ka one. Le fa go ntse jalo, boikaelelo jwa puso jwa go tsenya makgetho a a ntseng jalo ga se gantsi e leng boikaelelo jwa go thusa setšhaba. Fela jaaka mokwadi Kenneth Warner a bolela mo makasineng wa Foreign Policy, motsoko ke “sedirisiwa se se maatla sa ikonomi se ngwaga le ngwaga se tsenyang dibilione di le dintsi tsa didolara fa se rekisiwa le dibilione tse di oketsegileng tsa didolara ka madi a lekgetho.”

Sekai se sengwe se se tlhomologileng sa go laola se se dirwang ke batho se ne sa direga mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga. Batlhomamelao ba United States ba ne ba batla go fokotsa mogolagang wa malapa a bahumi. Jang? Ka go dira gore dithoto di duelelwe lekgetho. Fa monna wa mohumi a tlhokafala, go tsewa madi a le mantsi a lekgetho a dithoto tse a di kgobokantseng. Babueledi ba makgetho ba re go duedisa lekgetho ka tsela eno ke go “ntsha madi mo lelapeng gore a ntshediwe tirelo setšhaba.” Go ka tswa go le jalo, le fa go ntse jalo batho ba ba humileng ba ba duelang lekgetho ba na le ditsela di le dintsi tse ba di dirisang go fokotsa lekgetho la bone.

Madi a lekgetho a sa ntse a dirisediwa go tlhokomela dilo tse di farologaneng mo setšhabeng jaaka tikologo. Environmental Magazine e bega jaana: “Bosheng jaana dinaga di le robongwe tsa Yuropa Bophirima di tlhomile molao wa gore tikologo e duelelwe lekgetho, e le gore go fokodiwe dilo tse di kgotlelang mowa.” Makgetho a a duelwang ke babereki go ya ka madi a ba a amogelang, a a umakilweng pelenyana ke boiteko jo bongwe jwa go laola se se dirwang ke batho; boikaelelo ke go dira gore bahumi ba se ka ba nna ba humela pele fa bahumanegi bone ba nnetse go humanegela pele. Dipuso dingwe di letlelela gore mekgatlho e e nayang batho dimpho kgotsa banyalani ba ba nang le bana ba se ka ba duedisiwa madi a le mantsi a lekgetho.

Ke ka Ntlha Yang fa Melao ya Lekgetho e Raraane Jaana?

Nako le nako fa go akantshiwa lekgetho le lesha, batho ba ba tlhomang molao ba leka go kaba diphatlha le fa e le dife tse di ka nnang gone malebana le lekgetho. Gakologelwa: Seno se ka raya go latlhegelwa ke madi a le mantsi. Diphelelo e ka nna eng? Gantsi melao ya lekgetho e raraane. Setlhogo se se mo makasineng wa Time se tlhalosa gore mathata a le mantsi mo molaong wa lekgetho la United States “a nna gone fa go sekasekwa gore tota ke eng se e leng lotseno,” ke gore, fa go sekasekwa gore tota ke eng se se tshwanetseng go tsewa e le selo se se ka ntshetswang lekgetho. Mathata a mangwe a nna gone ka ntlha ya melao e mentsintsi “e e letlelelang go fokodiwa ga lekgetho le go se le duele.” Le fa go ntse jalo, ga se United States fela e e nang le melao e e raraaneng ya lekgetho. Kgatiso nngwe ya bosheng ya molao wa lekgetho la United Kingdom e ne e na le ditsebe di le 9 521, tse di dirang dibolumo di le lesome.

Office of Tax Policy Research kwa Yunibesithing ya Michigan e bega jaana: “Ngwaga le ngwaga batho ba ba duelang lekgetho ba United States ba dirisa diura di le dibilione tse tharo ba leka go bala madi a lekgetho a ba tshwanetseng go a busediwa. . . . Nako yotlhe le madi otlhe a a dirisiwang ke batho ba ba duelang lekgetho ba United States [go tlatsa diforomo tse di bontshang gore ba tshwanetse go busediwa madi a a kana kang] a fitlha go dibilione di le 740 tsa diranta ngwaga le ngwaga kgotsa diperesente tse di ka nnang lesome tsa lekgetho le le phuthiwang. Bontsi jwa ditshenyegelo tseno tse di nnang gone ka ntlha ya go ikobela melao ya lekgetho bo bakwa ke go raraana go go katlang tlhogo ga melao ya lekgetho.” Reuben yo o umakilweng mo tshimologong ya setlhogo sa ntlha mo metseletseleng eno a re: “Ke ne ke tle ke leke go bala madi a lekgetho a ke tshwanetseng go a busediwa mme go ne go ja nako, e bile gantsi ke ne ke na le maikutlo a gore ke duela madi a le mantsi go feta a ke tshwanetseng go a duela. Gone jaanong ke duela akhaontente gore e nne yone e tlhokomelang go duelwa ga makgetho a me.”—Bona lebokoso le le reng “Go Ikobela Melao ya Lekgetho,” mo tsebeng 8.

Bangwe ba a Duela, ba Bangwe ba Leka Ditsela Tsa go se Duele

Batho ba le bantsi ba dumela fela ka go ikgolola gore madi a lekgetho a na le molemo mongwe mo setšhabeng sa bone. Mookamedi wa British Inland Revenue o kile a tlhalosa jaana: “Ga go na ope yo o ratang go duela lekgetho, mme ke batho ba le mmalwa fela ba ba tla go bolelelang gore go ka bo go le botoka fa le ka bo le seyo. Bangwe ba fopholetsa gore go na le diperesente di le 90 tsa batho ba ba ikobelang melao ya lekgetho kwa United States. Ramakgetho mongwe o bolela jaana: “Selo se segolo se tota se dirang gore ba le bantsi ba se ka ba ikobela melao ya go duelwa ga makgetho ga se ka gonne ba sa batle, mme ke ka gonne melao le dithulaganyo tsa go duelwa ga makgetho di raraane thata.”

Le fa go le jalo, ba le bantsi ba batla ditsela tsa go tila go duela makgetho mangwe. Ka sekai, akanya ka se setlhogo sa U.S.News & World Report se se boletseng ka makgetho a ditlamo: “Difeme di le dintsi di tila go duela bontsi jwa madi a tsone a lekgetho—mme ka dinako tse dingwe di tila go duela madi ao otlhe—ka go fokotsa lotseno lwa bone gore makgetho a nne kwa tlase le ka ditsela tse di botlhajana tsa go bala madi.” Setlhogo seno se tswelela jaana fa se ntsha sekai se le sosi sa go dira dilo ka botlhajana: “Khampani ya United States e tlhoma feme mo nageng nngwe e e se nang makgetho a a kwa godimo. Morago ga moo e bo e dira gore khampani eo ya United States e laolwe ke khampani ya naga e sele.” Ka jalo khampani ga e tshwanelwe ke go duela makgetho a United States—a a ka nnang a bo a fitlha go diperesente di le 35—le fa tota “khampani eo e e tlhomilweng mo nageng e sele e ka ne e dira tiro ya go faela le go romela makwalo fela.”

Gape, go na le batho ba bangwe ba ba tilang go duela lekgetho gotlhelele. Kwa nageng nngwe ya Yuropa go begiwa gore go tila go duela lekgetho go lebiwa e le selo se batho ba se dirang go itlosa bodutu. Go ya ka patlisiso nngwe kwa United States, diperesente di le 58 fela tsa banna ba ba nang le dingwaga tse di fa gare ga 25 le 29 ba ne ba dumela gore go phoso go se kwale lotseno lotlhe lwa gago. Bakwadi ba patlisiso eno ba dumela jaana: “Pego eno e bontsha fela kafa setšhaba sa rona se nang le ditekanyetso tse di kwa tlase ka teng tsa melao le boitsholo.” Go fopholediwa gore kwa Mexico go na le diperesente di le 35 tsa batho ba ba tilang go duela lekgetho.

Le fa go ntse jalo, ka kakaretso batho ba dumela gore go tlhokega makgetho e bile ga ba na mathata le go duela se ba se kolotang. Le fa go ntse jalo, mafoko a a itsegeng a a neng a buiwa ke Tiberius Caesar a bonala a le boammaaruri: “Modisa yo o molemo wa dinku o tshwanetse go beola motlhape wa gagwe e seng go o bua letlalo.” Fa o ikutlwa o sa tshwarwe sentle ke thulaganyo e e bonalang e le morwalo, e sa siama e bile e raraane thata, o tshwanetse go leba go duela makgetho jang?

[Lebokoso mo go tsebe 7]

Akanya Pele ga o Fuduga!

Dithulaganyo tsa lekgetho di farologana go ya ka dinaga. Tota e bile lekgetho le le ntshiwang ke babereki le ka farologana fela thata mo nageng e le nngwe. A tota go molemo go akanyetsa go fudugela kwa kgaolong nngwe e lekgetho la yone le leng lennye? Gongwe, mme o tshwanetse go akanya pele ga o fuduga.

Ka sekai, setlhogo sengwe se se mo OECD Observer se gakolola babadi gore lekgetho le le ntshiwang ke babereki ga se selo se le sengwe fela se se tshwanetseng go akanyediwa. Ya re: “Selekanyo sa madi a lekgetho a a gogwang mo mading a batho ba ba duelang lekgetho se bontsha kafa go gogelwa madi a a dirisediwang dilo tse di farologaneng go ba amang ka gone.” Ka sekai, dinaga dingwe di duedisa batho lekgetho le lennye. Mme “ga di thuse go le kalo mo dilong tse di tshwanang le go fokodiwa ga makgetho, go busiwa ga one le go se duedise makgetho.” Ka ntlha ya seo, o ka iphitlhela o duela lekgetho le le ntsi koo go na le mo dinageng tse di duedisang batho lekgetho le le kwa godimo mme di kgona gore ka dinako tse dingwe di se ka tsa duedisa batho lekgetho le fa e le go ba gogela madi mangwe.

Kwa United States, bangwe ba akanyetsa go fudugela kwa dipusong tsa naga tse di se nang lekgetho le le ntshiwang ke babereki. A mme seno se dira gore madi a se ka a senyega? E seng go ya ka Kiplinger’s Personal Finance, e e reng: “Mo mabakeng a le mmalwa, dipatlisiso tsa rona di bontsha gore dipuso tseo tsa naga tse di sa duediseng babereki lekgetho di le bona ka go duedisa batho makgetho a a kwa godimo a a jaaka a dithoto, a go rekisa le go ba duedisa mefuta e mengwe ya lekgetho.”

[Lebokoso mo go tsebe 8]

Go Ikobela Melao ya Lekgetho

Mo go ba le bantsi ba rona, go duela lekgetho go boima, ee, ke mokgweleo. Ka jalo Tsogang! e ne ya kopa mankge mongwe wa lekgetho dikakantsho dingwe tse di mosola.

“Bona kgakololo e e siameng. Seno se botlhokwa ka gonne molao wa lekgetho o raraane mme ke ka sewelo fela go ka amogelwang seipato sa gore ga wa ikobela melao ya lekgetho ka gonne o ne o sa e itse. Le fa motho yo o duelang lekgetho a ka akanya gore badiredi ba lekgetho ke baba, gantsi ba ka go naya dikakantsho tse di motlhofo tsa kafa o ka berekanang le dikgang tsa lekgetho ka gone. Balaodi ba lekgetho ba rata gore fa o tlatsa diforomo tsa gago tsa lekgetho, o ele tlhoko gore o di tlatsa sentle. Ga ba batle go go sekisetsa go sa ikobele molao wa lekgetho.

“Fa maemo a gago a madi a raraane, batla kgakololo mo mothong yo o itseng ka lekgetho. Mme o ele tlhoko! Le fa go na le batho ba le bantsi ba ba itseng ka lekgetho ba ba amegang ka wena, go na le ba le bantsi ba ba sa amegeng. Batla thuso mo tsaleng e o e tshepang kgotsa motho yo o itsaneng nae ka kgwebo o bo o sekaseke ditshwanelego tsa motho yo o kopang thuso mo go ene.

“Tsaya kgato ka bonako. Kotlhao ya go romela tshedimosetso morago ga nako e ka nna boima fela thata.

“Boloka direkoto tse di tlhokometsweng sentle. Go sa kgathalesege gore tsela e o bolokang direkoto tsa gago tsa madi ka yone e ntse jang, e boloke e le mo nakong. Ka tsela eno, tiro e o tla tshwanelwang ke go e dira fa o tlatsa diforomo tse di bontshang gore o tshwanetse go busediwa madi a le kana kang ga e kitla e nna ntsi. Gape o tla nna mo boemong jo bo siameng fa direkoto tsa gago di tlhatlhobiwa.

“Ikanyege. O ka nna wa raelesega gore o tsietse kgotsa o tlole melao mengwe go se kae. Mme badiredi ba lekgetho ba na le ditsela di le dintsi tse di botlhale tsa go bona fa o leka go tsietsa ka tsela nngwe. Ka jalo go botlhokwa gore ka dinako tsotlhe o ikanyege.

“Itse se se diregang ka madi a gago. Fa motho yo o go baakanyetsang direkoto tsa gago a romela tshedimosetso e e seng boammaaruri, e sa ntse e le boikarabelo jwa gago go bona gore dilo tsotlhe di tsamaya sentle. Ka jalo nna kelotlhoko gore moemedi wa gago o dira tumalanong le dikeletso tsa gago.”

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Mo dinageng di le dintsi makgetho a a kwa godimo a tsenngwa mo dilong tse di dirilweng ka motsoko le mo bojalweng

[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Makgetho a duelela bontsi jwa ditiro tse re ka tswang re di tsaya motlhofo fela