Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Polanete ya Rona e Lwala go le Kana Kang?

Polanete ya Rona e Lwala go le Kana Kang?

Polanete ya Rona e Lwala go le Kana Kang?

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA PHILIPPINES

Molwetse o lwala fela thata. O na le matshwao a malwetse a le mantsi. Moya wa legano la gagwe ga o nkge monate. O na le letshoroma le legolo go feta le fa e le leng pele. Maiteko a go le okobatsa a itaya sefololetse. Go fitlhetswe botlhole mo dieding tsa mmele wa gagwe. Fa matshwao ano a alafiwa mo karolong nngwe ya mmele, go runya a mangwe mo dikarolong tse dingwe tsa mmele. Fa molwetse yono e ka bo e le motho, dingaka di ne di tla re o tshwerwe ke malwetse a le mantsi a a sa foleng le a a ka mmolayang. Ka ntlha ya go tlalelwa, di ne di tla leka ka bojotlhe go kokobetsa botlhoko jo a bo utlwang go fitlhela a swa.

LE FA go ntse jalo, molwetse yono ga se motho. Ke legae la rona—lefatshe. Tiragalo e e tlhalositsweng fa godimo e tshwantshetsa sentle se se diragalelang polanete ya rona. Mowa o o kgotletsweng, go gotela ga lefatshe, metsi a a kgotletsweng le matlakala a a botlhole, ke malwetse a se kae fela a a tshwereng lefatshe la rona le le lwalang thata. Fela jaaka dingaka tse di umakilweng fa godimo, baitse ba akabetse, ga ba itse gore ba ka dirang.

Metswedi ya tshedimosetso ka metlha e bontsha seemo se se maswe se lefatshe le leng mo go sone ka ditlhogo tse di jaaka: “Go tshwara ditlhapi ka go di thunya ka didaenamaete go ripitla boalo jwa lewatle.” “Dimilionemilione Tsa Batho ba Asia di Tla bo di Tlhoka Metsi a a Phepa mo Lobakeng Lwa Dingwaga di le 24.” “Ditone di le dimilione di le masome a le manè tsa matlakala a a botlhole di latlhelwa mo dinageng tse dingwe ngwaga le ngwaga mo lefatsheng lotlhe.” “Mo e ka nnang peditharong ya didiba di le 1 800 tsa kwa Japane di kgotletswe ka dilo tse di botlhole.” “Phatlha ya Ozone E e Fa Godimo ga Antarctic e a Oketsega.”

Go lebega batho bangwe ba tlwaelana le dipego tse di tlhagang gangwe le gape tsa kafa tikologo e senngwang ka gone, gongwe e bile ba akanya gore ‘Seno ga se ntshwenye ka gope fa fela se sa nkame.’ Le fa go ntse jalo, go senngwa mo go feteletseng ga tikologo ya lefatshe go ama batho ba le bantsi fela thata, re ka tswa re lemoga seno kana nnyaa. E re ka jaanong go senngwa ga polanete ya rona go aname thata, go ka direga gore go setse go ama botshelo jwa rona ka ditsela tse di farologaneng. Ka gone, rotlhe re tshwanetse go amega ka boitekanelo le go sirelediwa ga legae la rona. Tota e bile, ke kae gape koo re ka tshelang gone?

Tota bothata jono bo aname go le kana kang? Lefatshe le lwala go le kana kang? Seno se ama botshelo jwa batho jang? A re sekasekeng mabaka a le mmalwa a a ka re thusang go tlhaloganya gore ke eng fa re ka re lefatshe la rona le lwala thata, e seng go se kae fela.

MAWATLE: Go tshwarwa ditlhapi di le dintsi ka tsela e e feteletseng mo dikarolong tse dikgolo tsa lewatle. Pego e e ntshitsweng ke United Nations Environment Programme e bolela gore “diperesente di le 70 tsa dikarolo tsa lewatle tse di nang le madirelo a a tshwarang ditlhapi di gogotswe ditlhapi thata jaana mo e leng gore palo ya tse di tsalwang mo go one ga e kgone go kaba phatlha ya tse di tshwerweng.” Ka sekai, palo ya mefuta ya ditlhapi tsa cod, hake, haddock le flounder kwa North Atlantic e ile ya fokotsega ka mo e ka nnang diperesente di le 95 gareng ga 1989 le 1994. Fa seno se ka tswelela, go tla ama jang dimilione tsa batho ba ba ikaegileng ka lewatle go bona dijo?

Mo godimo ga moo, go fopholediwa gore ngwaga le ngwaga ditone di le dimilione di le 20 go ya go 40 tsa ditshedi tsa mo lewatleng di a tshwarwa di bo di latlhelwa gape mo lewatleng—gantsi di gobetse kana di sule. Ke eng fa di latlhelwa gape mo lewatleng? Ka gonne di a bo di tshwerwe le ditlhapi tse tota di batliwang mme tsone di sa batliwe.

DIKGWA: Go rengwa ga dikgwa go baka tshenyo e kgolo. Go rengwa ga ditlhare go fokotsa bokgoni jwa lefatshe jwa go monya khabonetaeokosaete, mme go bolelwa fa seno e le sone se bakang go gotela ga lefatshe. Mefuta mengwe ya dimela, e gantsi e ka dirisediwang melemo e e bolokang matshelo a batho, e tla nyelela. Le fa go ntse jalo, go senngwa ga dikgwa go ntse go tsweletse kwantle ga go kgaotsa. Tota e bile, selekanyo sa tshenyo ya dikgwa se oketsegile mo dingwageng tsa bosheng. Baitse bangwe ba akanya gore fa seno se ka tswelela, dikgwa tsa boboatsatsi di ka nna tsa nyelela mo lobakeng lwa dingwaga di le 20.

MATLAKALA A A BOTLHOLE: Go latlhiwa ga dilo tse di kotsi mo lefatsheng le mo lewatleng ke bothata jo bo masisi jo bo ka nnang jwa bakela dimilione tsa batho kotsi e kgolo. Matlakala a nuklea, dimetale tse di botlhole le leswe le le tswang fa go dirwa dipolasetiki ke dingwe tsa dilo tse di ka bakang dilo tse di sa tlwaelegang, malwetse kgotsa loso mo bathong le mo diphologolong.

DIKHEMIKALE: Mo dingwageng di le lekgolo tse di fetileng, go ile ga dirisiwa mo e ka nnang dikhemikale tse disha di le 100 000. Dikhemikale tseno di feleletsa di fitlhelwa mo moweng o re o hemang, mo mmung, mo metsing le mo dijong. Ke di se kae fela tsa tsone tse di ileng tsa tlhatlhobiwa go bona gore di ama jang boitekanelo jwa batho. Le fa go ntse jalo, mo go tse di ileng tsa tlhatlhobiwa, go ile ga lemogiwa gore di le dintsi tsa tsone di baka kankere kgotsa di baka malwetse ka ditsela tse dingwe.

Go na le dilo di le dintsi tse di senyang tikologo ya rona: go kgotlelwa ga mowa, go se phepafadiwe ga dithulaganyo tsa go gelelwa ga leswe, pula ya asiti le go tlhoka metsi a a phepa. Dilo di le mmalwa tse di setseng di umakilwe di bontsha sentle gore ruri lefatshe le a lwala. A molwetse yono a ka alafiwa, kgotsa a go setse go le thari?