Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Atlegile go le Kana Kang go Namola Tikologo?

Re Atlegile go le Kana Kang go Namola Tikologo?

Re Atlegile go le Kana Kang go Namola Tikologo?

CHERNOBYL, Bhopal, Valdez, Three Mile Island. Go ka direga gore maina ano a go gopotsa masetlapelo a tikologo a a ileng a nna gone mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe. Tiragalo nngwe le nngwe ya masetlapelo ano e re gopotsa kafa tikologo ya lefatshe e tlhasetsweng ka gone.

Baitse le batho ba ba farologaneng ba ile ba ntsha ditlhagiso. Bangwe ba ile ba bontsha kafa ba ikutlwang ka teng ka go tsaya kgato phatlalatsa. Mosadi mongwe wa kwa Engelane yo e leng motlhokomedi wa laeborari o ne a ikgokelela mo katapulareng ka keetane ka go bo a ne a le kgatlhanong le go agiwa ga tsela go ralala lefelo le le ka senyegang motlhofo le diphologolo le dimela di fitlhelwang mo go lone. Basadi ba babedi ba Baaborijene kwa Australia ba ne ba etelela pele letsholo le le kgatlhanong le go epiwa ga metale wa uranium mo teng ga serapa sa diphologolo. Tiro eno ya moepo e ne ya emisiwa. Le fa gone maiteko ano a dirwa ka boikaelelo jo bo siameng ga se ka metlha a ileng a amogelwa sentle. Ka sekai, moeteledipele wa sekepe sa ntwa wa puso ya Soviet o ne a tshwenyegile ka marang a nuklea a a dutlang mo dikepeng tsa ntwa tse di nweditsweng mo lewatleng. Fa a ne a gatisa tshedimosetso e e bontshang mafelo a di fitlhelwang mo go one, o ne a tshwarwa.

Mekgatlho e e farologaneng le yone ga e bolo go nna e tlhagisa ka go senngwa ga tikologo. Mekgatlho eno e akaretsa wa United Nations Educational, Scientific, and Cultural Organization; wa United Nations Environment Programme; le wa Greenpeace. Batho bangwe le mekgatlho mengwe ba bega ka mathata a tikologo fa fela go ka direga gore a amane le tiro ya bone ka tsela nngwe. Ba bangwe bone ba ineetse mo tirong eno ya go bega ka dikgang tse di amanang le tikologo. Mokgatlho wa Greenpeace o itsege thata ka go romela badiraditshupetso kwa mafelong a go nang le mathata a tikologo kwa go one gore ba thuse batho gore ba tseye tsia dikgang tse di jaaka go gotela ga lefatshe, mefuta ya ditshedi tse di gaufi le go nyelela gotlhelele le dikotsi tsa go fetolwa ga dijini tsa diphologolo le tsa dimela.

Badiraditshupetso bangwe ba bolela gore ba dira “dilo tse di kgonang go bonwa ka matlho go senola mathata a tikologo.” Ka gone, ba dirisa ditsela tse di jaaka go ikgokelela ka dikeetane mo dikgorong tsa madirelo a dipolanka fa ba le kgatlhanong le go rengwa ga dikgwa tse di sa bolong go nna gone ka makgolokgolo a dingwaga. Setlhopha se sengwe sa badiraditshupetso se ne sa nna kgatlhanong le naga nngwe e e neng ya roba tumalano e e neng e dirilwe ya gore go se ka ga tshwarwa maruarua ka lobaka lo lo rileng ka go tla kwa dikagong tsa boemedi jwa naga eo ba rwele dihutshe tse di nang le matlho a magolo go bontsha gore batho ba etse tlhoko se naga eno e se dirang.

Go na le dikgang di le dintsi tse di malebana le tikologo tse go ka buiwang ka tsone. Ka sekai, batho le mekgatlho ba ile ba tlhagisa gangwe le gape ka kotsi ya go kgotlelwa ga metsi. Le fa go ntse jalo, go bonala maemo a sa tokafale ka gope. Batho ba le bilione ga ba na metsi a a phepa a a nowang. Go ya ka makasine wa Time, “ngwaga le ngwaga go swa dimilione di le 3,4 tsa batho ka ntlha ya malwetse a a amanang le metsi.” Go kgotlelwa ga mowa o re o hemang le gone go na le mathata a a tshwanang. The State of World Population 2001 e bega gore “go fopholediwa gore go kgotlelwa ga mowa go bolaya batho ba le dimilione di le 2,7 go ya go di le 3,0 ngwaga le ngwaga.” E oketsa ka go re “go kgotlelwa ga mowa go gobatsa batho ba feta dibilione di le 1,1.” E bega gore sekai sengwe sa seno ke “dikarolwana tse dinnye tsa dilo tse di kgotlelang tse di bakang diperesente di le 10 tsa malwetse a a amanang le go hema mo baneng ba Yuropa.” Ee, go sa kgathalesege ditlhagiso le dikgato tse di tserweng go tla go fitlha jaanong, mathata a a amanang le dilo tseno tsa konokono tse di tlhokegang mo botshelong a ntse a nna maswe le go feta.

Mo go ba le bantsi go bonala dilo tseno tsotlhe di ikganetsa. Go na le tshedimosetso e ntsi go gaisa le fa e le leng pele e e kaga tikologo. Batho ba le bantsi le mekgatlho e le mentsi go gaisa pele ba ile ba kgatlhegela go bona tikologo e phepafadiwa. Mebuso e tlhomile maphata a a thusang go rarabolola mathata ano. Re na le botegeniki jo bontsi go gaisa le fa e le leng pele go thusa go rarabolola mathata. Le go ntse jalo, ga go bonale dilo di tokafala. Ka ntlha yang?

Poelomorago e Kgolo go Feta Kgatelopele

Kgatelopele e e dirilweng mo madirelong e ne e direlwa go tokafatsa botshelo jwa rona. Ka ditsela dingwe e kgonne go dira jalo. Le fa go ntse jalo, yone “kgatelopele” eno ke yone e e gakatsang mathata a tikologo a lefatshe le lebaneng le one. Re itumelela dilo tse madirelo a re di diretseng le ditlhabololo tsa one, mme go dirwa ga tsone dilo tseno le go di dirisa ga rona gantsi go ile ga felela ka gore re senye dikarolo dingwe tsa lefatshe la rona.

Sekai sa seno ke dikoloi. Di dirile gore go tsaya mosepele go nne bofefo le go nna motlhofo. Batho ba le bantsi ba ka se batle go boela gape mo motlheng ole wa fa go pagangwa dikara tsa dipitse. Le fa go ntse jalo, dipalangwa tsa segompieno di bakile mathata a le mantsi. Mangwe a mathata ano ke go gotela ga lefatshe. Batho ba ile ba fetola thulaganyo ya dikhemikale tsa atemosefere ka go dirisa didiriswa tse di ntshang ditone di le dimilionemilione tsa digase. Digase tseno go bolelwa fa di baka se se bidiwang gore ke greenhouse effect, e e dirang gore atemosefere ya lefatshe e gotele. Dithemperetšha di ile tsa oketsega mo lekgolong le le fetileng la dingwaga. Environmental Protection Agency ya United States e bega gore “dingwaga tse di 10 tse di mogote go gaisa tsa lekgolo la bo20 la dingwaga tsotlhe di nnile mo dingwageng di le 15 tse di fetileng tsa lone lekgolo leno.” Baitsesaense bangwe ba dumela gore mo lekgolong la bo21 la dingwaga, palokakaretso ya themperetšha ya lefatshe lotlhe e ka nna ya tlhatloga go nna didikirii tsa Celcius di le 1,4 go ya go 5,8.

Go lebeletswe gore dithemperetšha tse di mogote di tla baka mathata a mangwe. Selekanyo sa kapoko ya dithaba tsa Hemisefere ya Bokone se a fokotsega. Go ne ga wa kgapetla ya aese ya bogolo jwa disekwerekilometara di le 3,250 kwa Antarctica mo masimologong a 2002. Bogodimo jwa lewatle bo ka nna jwa tlhatloga thata mo dingwageng di le lekgolo tse di tlang. E re ka peditharong ya batho ba ba mo lefatsheng e nna gaufi le lewatle, seno kgabagare se ka dira gore ba latlhegelwe ke magae le masimo a bone. Seno gape se ka nna sa baka mathata a magolo mo ditoropong tse di gaufi le lewatle.

Baitsesaense ba dumela gore dithemperetšha tse di kwa godimo di tla dira gore maemo a a farologaneng a bosa a oketsege, e leng se se tla dirang gore nako le nako go nne le maemo a a feteletseng a bosa. Batho bangwe ba akanya gore dikgwanyape tse dikgolo tse di tshwanang le e e neng ya bolaya batho ba le 90 le go senya ditlhare di le dimilione di le 270 kwa Fora ka 1999, ga se sepe fa e bapisiwa le se se sa ntseng se tlile go direga mo isagweng. Babatlisisi ba bangwe ba akanya gore go fetoga ga maemo a bosa go tla dira gore malwetse a a jaaka malaria, dengue, le kholera a aname.

Sekai sa koloi se bontsha kafa matswela a botegeniki a raraaneng ka gone—bo kgona go dira dilo tse di thusang batho ka kakaretso, mme gone di ka baka mathata a le mantsi a a amang dikarolo di le dintsi tsa botshelo. Se se ileng sa bolelwa ke Human Development Report 2001 se boammaaruri: “Sengwe le sengwe se botegeniki bo se dirileng se na le melemo le mathata a sone, mangwe a one ga a motlhofo go bonelwa pele.”

Gantsi batho ba senka tharabololo ya mathata a tikologo mo botegeniking. Ka sekai, bomankge mo go tsa tikologo ga ba bolo go nna ba ganana le go dirisiwa ga dikhemikale tse di bolayang ditshedi tse di senyang dijalo. Go ile ga lebega e kete botegeniki bo tlile ka tharabololo e e molemo fa bo ne bo dira dimela tse di fetotsweng dijini, tse di neng di fokotsa kgotsa di fedisa go dirisiwa ga dikhemikale tseno. Le fa go ntse jalo, mo kgannyeng ya mmidi o o tsentsweng bakateria ya Bt, e e diretsweng go bolaya ditshedinyana tse di jang lotlhaka kwantle ga gore go dirisiwe dikhemikale, dipatlisiso di ile tsa bontsha gore bakateria eno gape e kgona go bolaya le dibokwana tsa serurubele sa monarch. Ka gone ka dinako tse dingwe “tharabololo” e dira se se farologaneng le se se neng se lebeletswe mme e oketse mathata.

A Mebuso e ka Thusa?

E re ka go senngwa ga tikologo e le bothata jo bogolo jaana, gore bo rarabololwe ka tsela e e atlegileng go tla tlhokega gore mebuso ya lefatshe e dirisane mmogo. Mo maemong mangwe baemedi ba dipuso ba ile ba dira sentle thata ka go nna pelokgale go kgothaletsa diphetogo tse di siameng tse di tla thusang mo tikologong. Le fa go ntse jalo, tharabololo ya mmatota e sa ntse e tlhokega.

Sekai sa seno ke kokoano ya boditšhabatšhaba e e neng e tshwaretswe kwa Japane ka 1997. Dinaga di ne di ngangisana kaga go saeniwa ga tumalano ya go fokotsa selekanyo se se ntshediwang mo phefong sa digase tse di kgotlelang tse go bolelwang fa di baka go gotela ga lefatshe. Kwa bofelong go ne ga dirwa tumalano go sa lebelelwa. Tumalano eno e ne ya bidiwa gore ke Tumalano ya Kyoto. Dinaga tse di tlhabologileng tse di jaaka Dinaga Tse di Kopaneng Tsa Yuropa, Japane le United States di ne di tla bo di fokoditse selekanyo se se ntshediwang mo phefong sa digase tse di kgotlelang ka palogare ya diperesente di le 5,2 ka 2012. Seno se ne se utlwala se naya tsholofelo. Le fa go ntse jalo, mo masimologong a 2001, puso ya United States e ile ya bolela gore ga e tlhole e dumalana le Tumalano ya Kyoto. Seno se ile sa gakgamatsa batho ba le bantsi, e re ka United States, e e nang le diperesente tse di kwa tlase ga tse 5 fela mo palong ya baagi botlhe ba lefatshe, e ntshetsa nngwennèng ya digase tse di kgotlelang mo phefong. Mo godimo ga moo, mebuso e mengwe ke gone e ntseng e ikobela tumalano eno kana e gana go e latela.

Dikai tseno tse go builweng ka tsone di bontsha kafa go leng thata ka gone gore mebuso e tle ka tharabololo e e molemo. Go thata gore mebuso e e farologaneng e kopane go nnela ditherisano, e bile go thata gore e dumalane ka se e ka se dirang go rarabolola mathata a tikologo. Tota le fa go ka saeniwa ditumalano, mekgatlho mengwe e ikgogela morago fa nako e ntse e ya. E mengwe e go fitlhela go le thata go dirisa se se ileng sa dumalanwa. Mo makgetlong a mangwe mebuso kgotsa mekgatlho e nna le maikutlo a gore e ka se kgone go duelela ditshenyegelo tsa go phepafadiwa ga tikologo. Mo mafelong mangwe, bogagapa ke jone bothata e re ka dikhampani tse dikgolo di tlhotlheletsa mebuso fela thata gore e se ka ya dirisa melao e e dumalanweng e re ka e tlile go dira gore dipoelo tsa kgwebo di ngotlege. Go setse go itsege gore dikgwebo le mekgatlho di batla go bona dipoelo di le dintsi kwantle ga go amega ka gope ka mathata a ditiro tsa tsone di ka a bakang mo isagweng.

Se se dirang gore maemo a nne maswe le go feta ke gore ga se baitsesaense botlhe ba ba dumelang gore fa tikologo e kgotlelwa go tla nna le matswela a a maswe thata. Ka gone, batho ba ba tlhomang melao ya puso ba ka nna ba go fitlhela go le thata go itse gore ba tshwanetse go beela ikonomi e e golang melelwane go ya bokgakaleng bofe e le gore ba laole bothata jo bogolo jo e ka nnang ya bo baka kgotsa ya se ka ya bo baka go le kalo jaaka fa bangwe ba akanya.

Ruri batho ba mo bothateng jo bogolo. Mongwe le mongwe wa itse gore go na le bothata le gore go tshwanetse ga dirwa sengwe ka jone. Dinaga dingwe di dira maiteko ka kelotlhoko mme gone gantsi mathata a tikologo a nnela maswe go ya pele. A lefatshe le tla feleletsa le fetogile lefelo le batho ba ka se kang ba tlhola ba nna mo go lone? A re tlhatlhobeng potso eno mo setlhogong se se latelang.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 23]

MODUMO O MOGOLO

Go na le mofuta o mongwe wa kgotlelo o o sa bonweng ka matlho mme o utlwiwa—ke modumo o mogolo. Baitse ba bolela gore le one o tshwanetse go elwa tlhoko ka gonne o ka dira gore motho a nne susu, a tshwenyege thata mo maikutlong, a nne le kgatelelo e e kwa godimo ya madi, a tlhorege boroko le gore a se ka a dira ka natla. Bana ba ba tsenang sekolo mo tikologong e e modumo ba ka nna le mathata a go se kgone go bala sentle.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 23]

GO RENGWA GA DIKGWA GO ATISA DIPEBA

Fa ditoropo di le 15 kwa Samar, Philippines di ne di tlhasetswe ke dipeba tse dintsi, setheo sengwe sa puso se ne sa bolela gore seno se bakwa ke go rengwa ga dikgwa mo kgaolong eo. Go senngwa ga dikgwa go dira gore ditshedi tse di jang dipeba di fokotsege le dijo tsa dipeba ka botsone di ngotlege. Dipeba tseno di fudugela mo mafelong a go nnang batho mo go one fa di ntse di batla dijo.

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Michael Harvey/Panos Pictures

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 23]

A BATHO BA LWADIWA KE MATLAKALA A DILO TSE DI BOTLHOLE?

Fa Michael a na le dikgwedi tse tharo le halofo, go ne ga lemogiwa gore o na le neuroblastoma, e leng mofuta mongwe wa kankere. Seno se ne se ka se gakgamatse fa e le gore e ne e le ene fela yo o tshwerweng ke kankere eno mo lefelong leo. Le fa go ntse jalo, moragonyana go ne ga fitlhelwa gore bana ba bangwe ba ka nna 100 mo go lone lefelo leo le bone ba na le kankere. Seno se ne sa tshwenya batsadi ba le bantsi. Bangwe ba bone ba ne ba akanya gore palo eno e e sa tlwaelegang ya bana ba ba tshwerweng ke kankere e ka tswa e bakwa ke dikhampani tsa dikhemikale tse di mo lefelong leo. Dipatlisiso di ne tsa bontsha gore mo nakong e e fetileng lori nngwe ya matlakala e e seng ya dikhampani tseno e ile ya tsaya ditanka tsa seedi se se botlhole go tswa mo go nngwe ya dikhampani tseno mme ya di latlhela mo lefelong le pele e neng e le polasi ya dikoko, mme ka dinako tse dingwe botlhole jo bo mo go tsone bo ne bo dutla. Babatlisisi ba ile ba fitlhela didiba tsa lefelo leo di kgotletswe ke dikarolwana tsa botlhole jono. Batsadi ba ipotsa gore a e seng gore botlhole jono ke jone bo dirileng gore bana ba bone ba tshwarwe ke kankere.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24]

DIKHEMIKALE TSE DI BOTLHOLE

Fa Ntwa ya Lefatshe II e sena go fela, ditone di le 120 000 tsa dilo tse di botlhole, tse bontsi jwa tsone e leng digase tsa phosgene le mustard, di ne tsa pegiwa mo dikepeng mme tsa nwediwa mo lewatleng, dingwe tsa tsone kwa bokonebophirima jwa Ireland Bokone. Baitsesaense ba Russia ba ile ba tlhagisa gore go ka direga gore jaanong digase tseno di dutle.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24]

GO KGOTLELWA GA MOWA GO A BOLAYA

World Health Organization e bolela gore diperesente tse di magareng ga 5 le 6 tsa batho ba ba swang mo lefatsheng lotlhe ngwaga le ngwaga ba bolawa ke go kgotlelwa ga mowa. Go begwa gore kwa Ontario, Canada, baagi ba teng fela ba dirisa diranta di feta dikete di le dimilione tse 5,6 ngwaga le ngwaga go duelela ditshenyegelo tsa kalafi le go se nne gone ga badiri kwa tirong go go bakwang ke go kgotlelwa ga mowa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24]

MAFELO A A SENYEGANG A A KAFA TLASE GA LEWATLE

Batshwari bangwe ba ditlhapi kwa Borwabotlhaba Jwa Asia ba dirisa seedi sa cyanide go idibatsa ditlhapi, gore go nne motlhofo go di tshwara. Botlhole jono bo kgona go tswa mo mmeleng wa tlhapi, ka gone e sa ntse e ka jewa. Le fa go ntse jalo, botlhole jono bo nna bo le teng mo metsing a lewatle, mme bo senya mafelo a a kafa tlase ga lewatle.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24]

A O RWALE SEBIPO SA NKO LE MOLOMO?

Makasine wa Asiaweek o bega gore bontsi jwa kgotlelo ya mowa kwa ditoropong tsa Asia bo bakwa ke mosi wa dikoloi. Dikoloi tse di tsamayang ka diesel le dithuthuthu ke tsone tse segolobogolo di kgotlelang, e re ka di ntsha selekanyo se segolo sa dikarolwana tse dinnye tsa dilo tse di kgotlelang. Seno se baka malwetse a le mantsi. One makasine ono o bega jaana: “Moitse mongwe yo o di gogang kwa pele mo go tsa kgotlelo wa Taiwan, e bong Dr. Chan Chang-chuan, o bolela gore mosi wa diesel ke one o o bakang kankere.” Batho bangwe kwa ditoropong tsa Asia ba rwala diipipo tsa nko le molomo tse gantsi di dirisiwang ke dingaka go leka go itshireletsa. A diipipo tseno di na le mosola mongwe? Dr. Chan a re: “Diipipo tseno ga di na mosola ka gope. Bontsi jwa kgotlelo e e bakwang ke digase le dikarolwana tse dingwe tse di kgotlelang di dinnye thata mo e leng gore seipipo ka bosone fela ga se kgone go di thibela gore motho a se ka a di hema. Mo godimo ga moo, . . . ga di a dirwa gore go se ka ga nna le mowa ope o o tsenang le o o tswang mo go tsone. Ka gone di dira gore go nne e kete motho o babalesegile mme go sa nna jalo.”

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Go jalwa sekgwa sesha go thusa go namola tikologo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

AFP/Getty Images; top left: Published with the permission of The Trustees of the Imperial War Museum, London (IWM H 42208); top right: Howard Hall/howardhall.com