Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Ditherisano Tsa go Batla Kagiso ya Lefatshe di Tla Atlega?

A Ditherisano Tsa go Batla Kagiso ya Lefatshe di Tla Atlega?

A O KA rata go bona dintwa di fedile? Ruri go tshwanetse ga bo go na le sengwe se se ka thusang go fedisa dintwa mo gare ga dinaga tse di farologaneng le dintwa tse di lowang mo lefatsheng lotlhe. Bontsi bo akanya gore fa baeteledipele ba lefatshe ba ne ba dirisana mmogo, ntwa e ne e ka fedisiwa. Le fa go ntse jalo, go ka direga gore o swabisitswe ke diphelelo tsa ditherisano. Babueledi ba ditherisano ga ba bolo go saena ditumalano ka makgolokgolo a dingwaga, ba dira maitlamo e bile ba tshwara dikokoano mme go sa rarabololwe sepe se se kalo.

Baebele e bua thata ka ditherisano le kagiso. E araba dipotso tse di latelang: Ke dilo dife tse gone jaanong di dirang gore ditherisano di se ka tsa lere kagiso? A Bakeresete ba nna le seabe mo ditherisanong? Kgabagare kagiso ya boammaaruri e tla bonwa jang?

Ke Eng se se Thibelang Kagiso?

Dipego di le mmalwa tsa Baebele di bontsha kafa go buisana le motho ka namana go ka thusang ka teng go lere kagiso. Ka sekai, Abigaile ka botswerere o ne a dira gore Dafide le masole a gagwe ba se ka ba ipusolosetsa kgatlhanong le lelapa la gagwe. (1 Samuele 25:18-35) Jesu o ne a dira setshwantsho sa kgosi nngwe e e neng e se na se e ka se dirang fa e se go romela barongwa go ya go kopa kagiso. (Luke 14:31, 32) Ee, Baebele e dumela gore mefuta mengwe ya ditherisano e ka rarabolola dikgotlhang. Ke ka ntlha yang he fa gantsi dipuisano tsa go tlisa kagiso di sa atlege go le kalo?

Baebele e ile ya bolelela pele ka tlhomamo gore metlha ya rona e ne e tla nna le mathata. Ka ntlha ya tlhotlheletso e e boikepo ya ga Satane Diabolo, batho ba ne ba tla nna “ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe” mme ba tla nna “bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso.” (2 Timotheo 3:3, 4; Tshenolo 12:12) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a porofeta gore bokhutlo jwa tsamaiso ya gone jaanong ya dilo bo tla bonwa ka “dintwa le dipego tsa dintwa.” (Mareko 13:7, 8) Ke mang yo o ka ganelang gore dilo tseno di setse di aname fela thata? Ka gone he, a go a gakgamatsa go bo maiteko a go lere kagiso mo ditšhabeng a sa atlege?

Gape, akanyetsa ntlha eno: Le fa babueledi ba ditherisano ba ka leka ka natla jang gore go se ka ga nna le dikgotlhang, boikaelelobogolo jwa mongwe le mongwe wa bone ke go tsweletsa dikgatlhego tsa naga ya gagwe pele. Leno ke lone lebaka le le botlhokwa thata la ditherisano tsa bopolotiki. A Bakeresete ba tshwanetse go nna le seabe mo dikgannyeng tse di ntseng jalo?

Go sa kgathalesege gore batho ba ba nnang le seabe mo ditherisanong tsa lefatshe ba na le boitlhomo bofe, ga ba na bokgoni kgotsa maatla a go dira gore go nne le ditharabololo tse di nnelang ruri

Kafa Bakeresete ba Lebang Ditherisano Tsa go Batla Kagiso ya Lefatshe ka Gone

Baebele e gakolola jaana: “O se ka wa ikanya batlotlegi, le fa e le morwa motho wa mo lefatsheng, yo go se nang poloko epe mo go ene.” (Pesalema 146:3) Seno se kaya gore go sa kgathalesege gore batho ba ba nnang le seabe mo ditherisanong tsa lefatshe ba na le boitlhomo bofe, ga ba na bokgoni kgotsa maatla a go dira gore go nne le ditharabololo tse di nnelang ruri.

Fa Jesu a ne a sekisiwa ke Ponto Pilato, o ne a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno. Fa bogosi jwa me e ne e le karolo ya lefatshe leno, batlhokomedi ba me ba ka bo ba tlhabane gore ke se ka ka neelwa Bajuda. Mme, kafa go ntseng ka gone, bogosi jwa me ga bo tswe mo motsweding ono.” (Johane 18:36) Gantsi maano a go lere kagiso a senngwa ke go tlhoana ga ditšhaba le bogapapa jwa dipolotiki. Ka gone, Bakeresete ba boammaaruri ba tila go nna le seabe mo dintweng tsa lefatshe leno le maiteko a lone a go rerisana.

A seno se raya gore Bakeresete ga ba amege ka dikgang tsa lefatshe? A seno se raya gore ga ba utlwe botlhoko fa batho ba boga? Nnyaa. Go na le moo, Baebele e tlhalosa baobamedi ba boammaaruri ba Modimo e le batho ba ba “fegelwang le ba ba sonelang” ka ntlha ya dilo tse di bosula tse di diregang go ba dikologa. (Esekiele 9:4) Bakeresete ba ikaegile fela ka Modimo go tlisa kagiso fela jaaka a solofeditse. A wena o bona fa kagiso ya lefatshe e le fa go sa tlhole go na le ntwa? Ruri Bogosi jwa Modimo bo tla diragatsa seo. (Pesalema 46:8, 9) Mme mo godimo ga moo, bo tla tlhomamisa gore batho botlhe ba lefatshe ba babalesegile e bile ba itekanetse sentle. (Mika 4:3, 4; Tshenolo 21:3, 4) Kagiso e e ntseng jalo ya maemo a a kwa godimo e ka se ka ya bonwa ka ditherisano kgotsa ka maiteko a mekgatlho ya batho ya go “boloka” kagiso.

Boporofeti jwa Baebele le maitemogelo a nako e e fetileng a bontsha sentle gore go ikanya ditherisano tse di dirwang ke batho go tlisa kagiso go a swabisa. Ba ba solofelang gore Jesu Keresete o tla tlisa kagiso e bile ba tshegetsa Bogosi jwa Modimo ba tla bona se ba se eletsang se direga e leng gore go nne le kagiso ya boammaaruri. Mo godimo ga moo, ba tla e itumelela ka bosakhutleng!—Pesalema 37:11, 29.