Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Balwetse ba ka Nna le Tsholofelo

Balwetse ba ka Nna le Tsholofelo

Balwetse ba ka Nna le Tsholofelo

MO NAKONG e e fetileng, batho ba ne ba na le go tila batho ba ba nang le malwetse a go fetofetoga maikutlo. Seno se ne se dira gore batho ba le bantsi ba ba nang le malwetse ano ba kgaphelwe kwa thoko mo setšhabeng. Bangwe ba ile ba latlhegelwa ke ditiro tsa bone kgotsa ba fitlhela go le thata gore ba ka thapiwa. Ba bangwe ba ile ba latlhiwa ke ba malapa a bone. Gantsi seno se ne se gakatsa bothata e bile se dira gore batho ba ba nang le malwetse ano ba se ka ba batla thuso.

Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng jaana, go dirilwe maiteko a magolo tota a go tlhaloganya bolwetse jo bo tlhokang kalafi jwa go tshwenyega thata mo maikutlong, le bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng. Gone jaanong go setse go itsiwe sentle gore malwetse ano a a alafega. Mme gone, ga se ka metlha go leng motlhofo gore motho a ye go batla thuso. Ka ntlha yang?

Go Lemoga Matshwao

Bolwetse jwa go fetofetoga maikutlo ga bo lemogiwe ka go tsewa madi gore a ye go tlhatlhobiwa kgotsa ka go tsewa X ray. Go na le moo, go tsewa lobakanyana go ntse go tlhatlhobiwa tsela e motho a itshwarang ka yone, a akanyang ka yone le e a lebang dilo ka yone. Go tshwanetse ga nna le matshwao mangwe a le mantsinyana gore go tle go lemogiwe gore motho o tshwerwe ke bolwetse bofe. Bothata ke gore ka dinako tse dingwe ba malapa le ditsala ga ba lemoge gore dilo tse ba di bonang mo mothong yoo ke matshwao a a supang gore o na le bolwetse bongwe jwa go fetofetoga maikutlo. Dr. David J. Miklowitz o kwala jaana: “Le fa batho ba dumalana ka gore motho o itshwara ka tsela e ba sa mo tlwaelang ka yone, ba ka nna le dikgopolo tse di farologaneng thata malebana le gore ke eng se se dirang gore a itshware ka tsela eo.”

Mo godimo ga moo, tota le fa ba lelapa ba akanya gore seemo sa motho yono se masisi, go ka nna thata gore ba mo thuse go tlhaloganya gore o tlhoka thuso ya kalafi. Kgotsa fa e le gore ke wena yo o lwalang, o ka nna wa se ka wa rata go ya go batla thuso. Dr. Mark S. Gold o kwala jaana: “O ka tswa o dumela dilo tse o di akanyang fa o tshwenyegile thata mo maikutlong—gore ga o motho wa sepe, ka jalo, ke eng fa o tshwanetse go ya go senka thuso fa go se na tsholofelo ka motho yo o tshwanang le wena jaana. Gongwe o ka rata go bua le mongwe ka bothata jwa gago, mme gone, o akanya gore go tshwenyega thata mo maikutlong go go tlhabisa ditlhong le gore ke molato wa gago. . . . O ka tswa o sa itse gore tsela e o ikutlwang ka yone ke letshwao la gore o na le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong.” Le fa go ntse jalo, go botlhokwa thata gore batho ba ba nang le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong ba newe thuso ya kalafi.

Ke boammaaruri gore rotlhe re na le go ikutlwa re hutsafetse ka dinako tse dingwe, mme seno ga se reye gore re na le bolwetse bongwe jwa go fetofetoga maikutlo. Le fa go ntse jalo, go tweng fa maikutlo ano a le botlhoko thata, e se go hutsafala fela? Mme go tweng fa motho a ikutlwa jalo ka lobaka lo loleele ka tsela e e sa tlwaelegang—gongwe dibeke di le pedi kgotsa go feta moo? Mo godimo ga moo, gongwe maikutlo ano a go hutsafala a dira gore o se ka wa dira dilo jaaka gale, e ka ne e le kwa tirong, kwa sekolong, kgotsa fa o na le batho ba bangwe. Mo maemong a a ntseng jalo, go ka nna molemo gore o bone ngaka e e tshwanelegang, e e kgonang go lemoga malwetse a go tshwenyega thata mo maikutlong le go a alafa.

Fa bolwetse bo bakwa ke go se lekalekane ga dikhemikale tse di mo mmeleng, motho a ka nna a newa melemo mengwe. Mo maemong a mangwe, go ka nna ga rulaganngwa gore molwetse a bone ngaka e e alafang ka go naya dikgakololo tse di tla mo thusang go bona kafa a ka lebanang le seemo sa gagwe ka teng. Ka dinako tse dingwe, mekgwa eno e mebedi e ile ya nna le matswela a a molemo tota fa e dirisiwa mmogo. * Selo sa botlhokwa ke gore motho a eme a ye go batla thuso. Lenore, yo o nang le bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng, yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, a re: “Gantsi batho ba ba lwalang ba boifisiwa ke bolwetse jwa bone e bile bo ba tlhabisa ditlhong. Le fa go ntse jalo, selo se tota se tlhabisang ditlhong ke fa motho a belaela gore o na le bothata a bo a sa ye go senka thuso e a e tlhokang thata.”

Lenore o tlhalosa se se neng sa mo diragalela. A re: “Ke feditse mo e ka nnang ngwaga ke lwala thata e bile ke batla ke sa kgone go tswa mo bolaong gotlhelele. Mme ka letsatsi lengwe fa ke ne ke ikutlwa ke le botokanyana, ke ne ka swetsa ka gore ke founele ngaka le go rulaganya gore ke ye leng kwa go yone.” Go ne ga lemogiwa gore Lenore o tshwerwe ke bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng, mme o ne a newa kalafi. Botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetoga thata go tloga ka nako eo. Lenore a re: “Ke ikutlwa sentle fa ke nwa melemo ya me, le mororo ke tshwanelwa ke go nna ke ikgopotsa gore fa nka kgaotsa go e nwa, ke tla boa ke nna le matshwao ale otlhe a bolwetse.”

Brandon, yo o nang le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong, le ene o ne a diragalelwa ke se se tshwanang. A re: “Fa ke ne ke sa ntse ke le mosha, ke ne ke aga ke akanya ka kgang ya go ipolaya ka gonne ke ne ke fekeediwa thata ke boikutlo jwa gore ga ke motho wa sepe. Ke ne ka ya kwa ngakeng fela fa ke sena go tshwara dingwaga tsa bo30.” Fela jaaka Lenore, Brandon le ene o dirisa melemo e e mo thusang go lwa le bolwetse jwa gagwe, le fa go ntse jalo, go na le dilo tse dingwe tse a fitlhetseng di mo thusa thata. A re: “Selo se se nthusang go nna le botsogo jo bo botoka, ke go tlhokomela mmele le dikakanyo tsa me. Ke ipha nako e e lekaneng ya go ikhutsa e bile ke kelotlhoko thata ka se ke se jang. Gape ke tlatsa mogopolo le pelo ya me ka dikakanyo tse di molemo tse di tswang mo Baebeleng.”

Le fa go ntse jalo, Brandon o bolela gore bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong bo tlhoka kalafi—ga se bothata jwa semoya. Go lemoga seno go ka thusa motho thata gore a fole. Brandon a re: “Letsatsi lengwe Mokeresete mongwe yo o neng a na le maitlhomo a mantle o ne a mpolelela gore e re ka Bagalatia 5:22, 23 e bolela gore boipelo ke lengwe la maungo a moya o o boitshepo wa Modimo, go tshwanetse ga bo go na le sengwe se ke ntseng ke se dira go kgoreletsa moya ono, mme seno ke sone se se dirang gore ke tshwenyege thata mo maikutlong. Seno se ile sa dira gore ke ikutlwe ke le molato le go feta e bile ke tshwenyegile thata mo maikutlong go feta pele. Le fa go ntse jalo, leru leno le lentsho la khutsafalo le le neng le nkaparetse le ne la apoga fa ke sena go simolola go batla thuso. Ke ne ka ikutlwa ke le botoka fela thata! Ke ne ke eletsa e kete nkabo ke sa le ke batlile thuso.”

Go Fenya Ntwa

Bolwetse jwa go fetofetoga maikutlo bo ka tswelela bo bakela motho mathata, tota le fa go setse go lemogilwe gore o tshwere ke mofuta ofe wa bolwetse jono e bile a setse a simolotse le go newa kalafi. Kelly, yo o lwang le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong, o lebogela thuso ya baitse ba ba mo neetseng kalafi ya bolwetse jwa gagwe. Mme gape o ne a lemoga gore go botlhokwa thata gore motho a batle thuso ya batho ba bangwe. Kwa tshimologong, Kelly o ne a okaoka go batla thuso mo bathong ba bangwe ka go bo a ne a sa batle go nna morwalo mo go bone. A re: “Ke ne ka tshwanelwa ke go ithuta go batla thuso le go e amogela. Ke ne ka simolola go ikutlwa botoka fela fa ke sena go phuthologa le go tlhalosetsa ba bangwe maikutlo a me.”

E re ka Kelly e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o nna gone kwa dipokanong le badumedi ba bangwe kwa Holong ya Bogosi. Le fa go ntse jalo, tota le tsone dinako tseno tsa boitumelo di na le go mmakela mathata. “Gantsi ke fekeediwa maikutlo ke dipone, le ke go tsamayatsamaya ga batho le modumo. Ka nako eo, ke simolola go ikutlwa ke le molato, ke bo ke tshwenyega thata mo maikutlong ka gonne ke akanya gore bolwetse jono bo ntshwara jaana ka go bo ke le bokoa semoyeng.” Kelly o lebana jang le seemo seno? A re: “Ke ithutile gore go tshwenyega thata mo maikutlong ke bolwetse jo motho a tshwanetseng go lwa le jone. Ga se kgang ya gore ke rata Modimo kgotsa Bakeresete ka nna go le kana kang. Ga bo bontshe gore ke nonofile go le kana kang semoyeng.”

Lucia, yo o umakilweng mo go sengwe sa ditlhogong tse di fetileng, o lebogela thata kalafi e e molemo tota e a neng a e newa. A re: “Ruri go ya kwa ngakeng ya malwetse a tlhaloganyo go nthusitse gore ke ithute go itshokela bothata jwa go fetofetoga maikutlo jo bo nnang gone fa motho a tshwerwe ke bolwetse jono.” Gape Lucia o gatelela botlhokwa jwa go ipha nako ya go ikhutsa. A re: “Boroko ke selo sa botlhokwa thata se se ka thusang motho go lwa le bothata jwa go itumela ka tsela e e feteletseng. Fa ke sa iphe nako e e lekaneng ya go robala, matshwao a bolwetse jwa me a gakala le go feta. Tota le fa ke tlhorega boroko, ke ithutile gore ke se ka ka tsoga, mme ke rapame fela mo bolaong, ke ikhutse.”

Sheila, yo le ene a umakilweng pelenyana, o fitlhetse go thusa thata gore a nne le bukana e a ka e dirisang go kwala mo go yone, a tlhalosa maikutlo a gagwe. O lemogile gore o leba dilo ka tsela e e botoka thata. Le fa go ntse jalo, go na le dilo dingwe tse di sa ntseng di mmakela bothata. Sheila a re: “Go bonala letsapa le dira gore ke nne le dikakanyo tse di sa siamang. Le fa go ntse jalo, ke ithutile gore ke se ka ka di isa tlhogong thata kgotsa ka akanya thata ka tsone.”

Kgomotso go Tswa mo Lefokong la Modimo

Baebele e thusa batho ba le bantsi ba ba tshwenngwang ke ‘dikakanyo tse di tlhobaetsang.’ (Pesalema 94:17-19, 22) Ka sekai, Cherie o ne a kgothadiwa thata ke Pesalema 72:12, 13. Mo ditemaneng tseno, mopesalema o bua jaana ka Kgosi e e tlhomilweng ke Modimo, e bong Jesu Keresete: “O tla golola mohumanegi yo o goang a kopa thuso, le yo o bogisiwang le ope fela yo o se nang mothusi. O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka.” Gape Cherie o ne a kgothadiwa ke mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo a a mo go Baroma 8:38, 39: “Ke tlhatswegile pelo gore le fa e le loso kgotsa botshelo kgotsa baengele kgotsa dipuso kgotsa dilo tse jaanong di leng fano kgotsa dilo tse di tlang kgotsa maatla kgotsa bogodimo kgotsa boteng kgotsa sebopiwa le fa e le sefe se sengwe, ga di ka ke tsa kgona go re kgaoganya le lorato lwa Modimo.”

Elaine, yo o tshwerweng ke bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng, o nonotshiwa thata ke kamano e a nang le yone le Modimo. O gomodiwa thata ke mafoko ano a mopesalema: “Pelo e e phatlogileng le e e gateletsweng, wena Modimo, ga o kitla o e nyatsa.” (Pesalema 51:17) A re: “Ruri ke ile ka gomodiwa thata ke go itse gore Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong, Jehofa, o na le kutlwelobotlhoko. Ke ile ka nonotshiwa thata ke go atamalana le ene ka thapelo, segolo jang fa ke ikutlwa ke tlaletswe e bile ke tshwenyegile thata mo maikutlong.”

Jaaka o ka bona, go tshela ka bolwetse jwa go fetofetoga maikutlo go na le mathata a gone. Le fa go ntse jalo, Cherie le Elaine ba lemogile gore go ikaega ka Modimo ka thapelo le go dirisa kalafi e e tshwanetseng go ba thusitse go tokafatsa botshelo jwa bone. Mme gone, ke eng se bangwe mo lelapeng le ditsala ba ka se dirang go thusa batho ba ba tshwerweng ke boletswe jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng, kgotsa bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Tsogang! ga e kgothaletse motho go dirisa mokgwa le fa e le ope fela wa kalafi. Bakeresete ba tshwanetse go tlhomamisa gore kalafi epe fela e ba batlang go e dirisa ga e thulane le melaometheo ya Baebele.

[Mafoko a a mo go tsebe 10]

“Leru le lentsho la khutsafalo le le neng le nkaparetse le ne la apoga fa ke sena go simolola go batla thuso. Ke ne ka ikutlwa ke le botoka thata fela!”—BRANDON

[Lebokoso mo go tsebe 9]

Se se Neng sa Buiwa ke Molekane wa Lenyalo

“Pele ga Lucia a lwala, o ne a ama matshelo a batho ba le bantsi ka kitso e a neng a na le yone. Tota le gompieno fa batho ba etela mosadi wa me ka nako ya fa a ritibetse maikutlo, ba lebega ba ngokwa thata ke tsela e a leng botsalano ka yone. Se batho ba le bantsi ba sa se lemogeng ke gore Lucia o fetofetoga maikutlo thata, o tshwenyega thata mo maikutlong go tswa foo a bo a itumela ka tsela e e feteletseng. Leno ke letshwao la bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng, e leng bolwetse jo a sa leng a simolola go bo itshokela dingwaga di le nnè tse di fetileng.

“Ka nako ya fa Lucia a itumetse mo go feteletseng, ga go gakgamatse go mmona a sa kgone go thulamela go fitlha ka ura ya bongwe, ya bobedi kgotsa le e leng ya boraro mo mosong, tlhaloganyo ya gagwe e tletse dikakanyo tse di molemo tota. Ka nako eo matlhagatlhaga a gagwe a ya magoletsa. O tseega maikutlo le ka dilo tse tota di sa reng sepe le go dirisa madi botlhaswa. O itsenya mo maemong a a kotsi tota, a akanya gore ene ke segatlhamelamasisi, ga go na kotsi epe e e ka mo diragalelang—mo boitshwarong, mo mmeleng kgotsa mo go sepe fela se sengwe. Bothata jo bongwe jo bo tsamaisanang le go dira dilo ka go phamoga jalo ke jwa go batla go ipolaya. Ka metlha fa a sena go itumela ka tsela eo e e feteletseng o tla bo a tshwenyega thata mo maikutlong, gantsi e le ka selekanyo se se tshwanang le se a neng a itumetse ka sone.

“Botshelo jwa me bo fetogile fela thata. Tota le fa Lucia a newa kalafi, dilo tse re ka kgonang go di dira gompieno, di ka nna tsa se ka tsa tshwana le tse re kgonneng go di dira mo nakong e e fetileng kgotsa tse re ka kgonang go di dira mo nakong e e tlang. Se re kgonang go se dira se fetofetoga go ya ka maemo a rona. Ke iphitlhetse ke patelesega go nna motho yo o fetofetogang ka selekanyo se ke neng ke sa akanye gore nka se kgona.”—Mario.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 11]

Fa o Newa Melemo

Batho bangwe ba akanya gore fa motho a nwa melemo seno se supa gore o palelwa ke go laola maikutlo a gagwe. Le fa go ntse jalo, akanya jaana ka seno: Motho yo o nang le bolwetse jwa sukiri o tshwanetse go latela thulaganyo e e rileng ya kalafi, e e ka nnang ya akaretsa go itlhaba ka insulin. A seno se supa gore o paletswe? Nnyaa le e seng! Go itlhaba jalo ke tsela ya go lekalekanya dikotla tse di mo mmeleng gore motho yo o nang le bolwetse jono a kgone go nna a itekanetse.

Go ntse fela jalo le ka go nwa melemo ya bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong le ya bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng. Le mororo batho ba le bantsi ba ile ba thusiwa ke go ya kwa ngakeng e e alafang ka go naya dikgakololo e e ba thusitseng go tlhaloganya bolwetse jwa bone, go na le dilo dingwe tse di tshwanetseng tsa elwa tlhoko thata. Fa bolwetse bo bakwa ke go sa lekalekane ga dikhemikale tse di mo mmeleng, bo ka se ka jwa alafiwa fela ka go thusa motho gore a bo tlhaloganye. Steven yo o nang le bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng a re: “Ngaka e e neng e nkalafa e ne ya tshwantsha seno jaana: O ka fetsa nako e ntsi o ruta motho go kgweetsa koloi, mme fa o mo naya koloi e e se nang setereberi kgotsa mariki, matsapa a gago a go mo ruta go kgweetsa e tla bo e le a lefela. Ka tsela e e tshwanang, go naya motho yo o nang le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong kitso fela ka bolwetse jwa gagwe go ka nna ga se ka ga mo thusa go le kalo. Selo sa ntlha sa botlhokwa se se tshwanetseng sa dirwa ke go lekalekanya dikhemikale tsa gagwe tsa boboko.”

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Baebele e thusa batho ba le bantsi ba ba tshwenngwang ke dikakanyo tse di sa siamang