Go Tlamela Bana Ka se Ba se Tlhokang
Go Tlamela Bana Ka se Ba se Tlhokang
GA GO pelaelo gore bana ba bannye ba tlhoka go newa tlhokomelo e ntsi, mme go bonala sentle gore bontsi jwa bone ga ba newe se ba se tlhokang. Boemo jwa basha ba gompieno bo bontsha seno sentle. Mmatlisisi mongwe yo o neng a nopolwa mo lekwalodikgannyeng la The Globe and Mail, la kwa Toronto, Canada, o ne a bolela jaana a hutsafetse: “Ga go ise go ke go direge gore basha ba rona ba katogane thata jaana le ba malapa a bone, ba tingwa maitemogelo a botshelo le botlhale jo bo mosola.”
Matsapa di a tsere kae? A bothata jono bo ka tswa bo bakilwe ka selekanyo se se rileng ke go se lemoge botlhokwa jwa go naya bana tlhokomelo fa ba sa le bannye? Moithutatlhaloganyo mongwe yo o thusang basadi ba ba itshedisang ka lotseno lo lonnye go ithuta kafa ba ka tlhokomelang masea a bone ka gone o tlhalosa jaana: “Rotlhe re tlhoka go ithuta bokgoni jwa go nna batsadi. Mme re tshwanetse ra lemoga gore nako e re e fetsang re na le bana ba rona gone jaanong e tla re duela fela thata mo nakong e e tlang.”
Tota le masea a tlhoka go rutiwa ka metlha. E seng fela ka metsotso e se kae nako nngwe, mme ka metlha—ee, letsatsi lotlhe. Nako e batsadi ba e fetsang ba na le bana ba bannye go tloga fela fa ba sa le masea go ya pele e botlhokwa thata gore ba gole sentle.
Go Ipaakanya
Gore batsadi ba diragatse maikarabelo ano a bone a a bokete sentle, ba tshwanetse go ipaakanyetsa go goroga ga lesea la bone. Ba ka nna ba ithuta mo molaomotheong o Jesu Keresete a neng a bua ka one malebana le botlhokwa jwa go rulaganyetsa dilo kwa pele. O ne a re: “Ke mang wa lona yo o batlang go aga tora a sa nneng fa fatshe pele a bo a bala ditshenyegelo?” (Luke 14:28) Go godisa ngwana—e leng se gantsi se bidiwang gore ke tiro ya dingwaga di le 20—ke selo se se raraaneng thata go feta go agiwa ga tora. Ka gone gore motho a kgone go atlega fa a godisa ngwana, o tshwanetse go nna le polane, jaaka go ka tualo, ya tiro eno.
Sa ntlha, go botlhokwa go ipaakanya mo mogopolong le mo semoyeng pele o tsaya boikarabelo jwa go nna motsadi. Patlisiso e e neng ya dirwa mo basading
ba le 2 000 ba ba imileng kwa Jeremane, e ne ya bontsha gore bana ba bommaabone ba neng ba lebeletse ka tlhoafalo go nna le lelapa ba ne ba na le botsogo jo bo siameng—mo maikutlong le mo mmeleng—go gaisa bana ba bommaabone ba neng ba sa ba batle. Kafa letlhakoreng le lengwe, mmatlisisi mongwe o ne a fopholetsa gore go ka direga ka diperesente di le 237 gore mosadi yo o mo lenyalong le le sa itumediseng a belege lesea le le nang le mathata mo maikutlong le mo mmeleng go na le mosadi yo o mo lenyalong le le itumetseng.Ka gone, ga go pelaelo gore borrabana ba botlhokwa thata mo go thuseng gore ngwana a gole sentle. Dr. Thomas Verny o ne a akgela jaana: “Ga go na selo se se kotsi mo maikutlong le mo mmeleng wa ngwana go gaisa rre yo o sotlang kgotsa yo o itlhokomolosang mosadi wa gagwe yo o imileng.” Ee ruri, gantsi go bolelwa gore mpho ya botlhokwa go gaisa e ngwana a ka e fiwang ke fa rraagwe a rata mmaagwe.
Dihoromone tse di amanang le go tshwenyega le go ngomoga pelo, tse di ntshediwang mo mading a mmè di ka ama lesea le le iseng le belegwe. Le fa go ntse jalo, go akanngwa gore ke fela fa mmè a tshwenyega thata kgotsa ka lobaka lo loleele go ka nnang kotsi mo ngwaneng yo a iseng a belegwe go na le go utlwa botlhoko mo maikutlong ka nakwana kgotsa go ngomoga pelo ka sewelo fela. Ntlha e e botlhokwa thata go bonala e le kafa mmè yo o imileng a ikutlwang ka teng ka lesea la gagwe le le iseng le belegwe. *
O tshwanetse go dira eng fa e le gore o imile mme monna wa gago ga a go tshegetse kgotsa fa e le gore wena ka bowena ga o batle go nna le ngwana? Go tlwaelegile gore maemo a dire gore mosadi a tshwenyege thata mo maikutlong ka nako ya fa a imile. Le fa go ntse jalo, ka metlha gakologelwa gore ga se molato wa ngwana wa gago. Mme gone, o ka kgona jang go ritibala mo maikutlong le fa gone maemo e se a a itumedisang?
Kaelo e e botlhale e e tswang mo Lefokong la Modimo, Baebele, e ile ya thusa batho ba le bantsi. Ya re: “Mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” O tla gakgamadiwa thata ke kafa go dirisa mafoko ao go ka go thusang ka teng go latela kgakololo eno: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe.” (Bafilipi 4:6, 7) O tla ikutlwa o tshegediwa ke Mmopi, yo o ka go tlhokomelang.—1 Petere 5:7.
Ga se Selo Se se Sa Tlwaelegang
Mo dikgweding di le mmalwa tsa ntlha tsa morago ga go belega, bommè bangwe ba ba sa leng basha ba ikutlwa ba hutsafetse e bile ba lapile kwantle ga lebaka. Tota le basadi ba ba neng ba itumeletse go nna le ngwana ba ka nna ba fetofetoga maikutlo. Go fetofetoga gono ga maikutlo go tlwaelegile. Seno se dirwa ke gore morago ga go belega, basadi ba ka nna ba nna le diphetogo tse dikgolo tsa dihoromone. Gape go tlwaelegile gore mosadi yo o sa tswang go belega a imelwe ke boikarabelo jwa go nna mmè—go jesa lesea, go le fetola mengato le go le tlhokomela, dilo tse lesea le di batlang nako nngwe le nngwe fela.
Mmè mongwe o ne a akanya gore lesea la gagwe le ne le lela e le fela gore le mo tshwenye. Ga go gakgamatse go bo moitse mongwe wa kgodiso ya bana kwa Japane a ile a re: “Ga go na ope yo o sa ngomolweng pelo ke go godisa ngwana.” Go ya ka moitse yono, “selo sa botlhokwa go gaisa ke gore mmè a se ka a itlhaola mo bathong.”
Tota le fa mmè a ka tshwenyega thata mo maikutlong ka dinako tse dingwe, a ka sireletsa ngwana wa gagwe gore a se ka a amiwa ke go fetofetoga maikutlo ga gagwe. Makasine wa Time o ne wa bega jaana: “Bommè ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba ba ileng ba kgona go fenya khutsafalo ya bone, ba bo ba naya masea a bone tlhokomelo e ntsi le go *
nna le seabe mo metshamekong, ba ile ba nna le bana ba ba nnang ba itumetse.”Kafa Rre a ka Thusang ka Gone
Rraagwe ngwana ke ene yo gantsi a ka kgonang go thusa mmè le go mo tshegetsa. Fa lesea le lela bosigogare, mo makgetlong a le mantsi rre a ka le tlhokomela ka dilo tse le di tlhokang gore mosadi wa gagwe a kgone go robala. Baebele ya re: “Banna ba ba nyetseng ba tshwanetse ba tshwara basadi ba bone ka go ba akanyetsa mo botshelong jwa bone mmogo.”—1 Petere 3:7, The Jerusalem Bible.
Jesu Keresete o ne a tlhomela banna ba ba nyetseng sekao se se molemo se ba ka se latelang. O ile a bo a swela balatedi ba gagwe. (Baefeso 5:28-30; 1 Petere 2:21-24) Ka gone, banna ba ba itimang dilo dingwe tse ba di ratang gore ba thuse go godisa bana ba bone ba etsa Keresete. Ee ruri, go godisa bana ke tiro e e kopanetsweng le e e tlhokang tirisanommogo ya batsadi ka bobedi.
Tiro e e Kopanetsweng le e Tlhokang Tirisanommogo
Yoichiro, yo o nang le mosetsanyana wa dingwaga di le pedi a re: “Nna le mosadi wa me re ile ra tlotla ka botlalo ka tsela e re tlileng go godisa morwadiarona ka yone. Nako le nako fa re nna le bothata, re buisana ka jone go bona gore re ka bo rarabolola jang.” Yoichiro o a tlhaloganya gore mosadi wa gagwe o tlhoka go ikhutsa ka mo go lekaneng, mme gantsi o tsamaya le morwadie fa a tabogela mabaka mangwe.
Mo metlheng ya pele ya fa malapa a ne a le magolo e bile a nna mmogo, batsadi ba ne ba thusiwa ke bana ba bone ba ba setseng ba godile le ba losika go tlhokomela bana. Ka gone ga go gakgamatse go bo mosadi mongwe yo o berekang kwa Child-Rearing Support Center kwa Kawasaki, Japane, a akgela jaana: “Mo makgetlong a le mantsi, bommabana ba tla ikutlwa ba imologile fa ba buisana le ba bangwe ka kgang eno. Ka thuso e se kae fela, bommabana ba le bantsi ba ile ba kgona go itshoka le fa ba lebane le dikgoreletsi.”
Makasine wa Parents wa re batsadi “ba tlhoka setlhopha sa batho ba ba ka buisanang le bone ka dilo tse ba tshwenyegileng ka tsone.” Setlhopha seno sa batho se ka bonwa kae? Fa borre le bommè ba ba sa leng basha e le batho ba ba iketleeleditseng go reetsa kgakololo e bile ba reetsa batsadi ba bone, seo se ka ba solegela molemo thata. Ke boammaaruri gore borremogolo le bommèmogolo ba tshwanetse ba lemoga gore banyalani bano ba *
ba sa leng basha ke bone ba tshwanetseng ba itirela tshwetso kwa bofelong.Batho ba bangwe ba gantsi batsadi ba ba sa leng basha ba ka ikaegang ka bone ke badumedi mmogo. Mo phuthegong ya lefelo la lona ya Basupi ba ga Jehofa, o ka nna wa fitlhela batho ba ba nang le maitemogelo a dingwaga di le dintsi a go godisa bana le ba ba iketleeleditseng go reetsa mathata a gago. Ba ka nna ba go neela dikakantsho tse di ka go thusang. Gantsi, o ka nna wa kopa thuso ya “basadi ba ba tsofetseng”—e leng tsela e Baebele e bitsang batho ba ba nang le maitemogelo mo botshelong jwa Bokeresete ka yone—ba ba iketleeleditseng go thusa basadi ba ba sa leng basha.—Tito 2:3-5.
Ke boammaaruri gore batsadi ba tshwanetse go tlhopha gore ke dikgakololo dife tse ba tla di reetsang mo go tse ba di fiwang ke batho ba bangwe. Yoichiro a re: “Ka bonako fela ke fa batho ba re tshelang le bone e setse e le bomankge mo kgannyeng ya go ruta ngwana.” Mosadi wa gagwe e bong Takako, o dumela jaana: “Kwa tshimologong, ke ne ke kgopisiwa ke dikakantsho tse ke neng ke di fiwa ke batho ba bangwe, ka gonne ke ne ke akanya gore ba ntshwaya phoso ka gonne ke sena maitemogelo a botsadi.” Mme gone, ka go ithuta go tswa mo go ba bangwe, banna ba le bantsi ba ba nyetseng le basadi ba bone ba ile ba thusiwa go nna le pono e e lekalekaneng malebana le go tlhokomela bana ka dilo tse ba di tlhokang.
Thuso E e Di Gaisang Tsotlhe
Tota le fa go ka bonala go se na ope yo o ka go thusang, go na le mongwe yo o ka ikaegang ka ene gore o tla go nonotsha. Motho yoo ke Jehofa Modimo, ene yo o re bopileng, ene yo leitlho la gagwe le kgonang go bona ‘le masea a a mo popelong’ a a belegwang mo lefatsheng. (Pesalema 139:16) Jehofa o kile a bolelela batho ba gagwe ba bogologolo jaana jaaka fa go kwadilwe mo Lefokong la gagwe, Baebele: “A mosadi a ka lebala losea lwa gagwe lo lo anyang gore a bo a tlhoke go tlhomogela morwa wa sebopelo sa gagwe pelo? Le e leng basadi bano ba ka lebala, mme nna ga nkitla ke go lebala.”—Isaia 49:15; Pesalema 27:10.
Ee ruri, Jehofa ga a lebale batsadi. O ba neile dikaelo tse di molemolemo mo Baebeleng tsa go godisa bana. Ka sekai, dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng, moporofeti wa Modimo Moshe o ne a kwala jaana: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka maatla otlhe a gago.” Morago ga moo Moshe o ne a re: “Mafoko ano [go akaretsa le taolo ya go rata Jehofa le go mo direla] a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago; o a jalele kwa teng mo go morwao o bo o bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.”—Duteronome 6:5-7.
O akanya gore ke ntlha efe ya botlhokwa e e bolelwang ke kaelo eno ya Lefoko la Modimo? A ga se gore go ruta bana ba gago e tshwanetse go nna selo sa ka metlha, se se tswelelang pele le se se dirwang letsatsi le letsatsi? Tota e bile, ga go a lekana go rulaganyetsa bana ba gago se go tweng ke nako e e itumedisang ka sewelo fela. E re ka gantsi dinako tsa botlhokwa tsa go buisana di itlhagela fela go sa lebelelwa, o tshwanetse go nna o iketleeleditse ka metlha go ipha nako le bana ba gago. Go dira jalo go tla dira gore o kgone go diragatsa taelo eno ya Baebele: “Thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng.”—Diane 22:6.
Go thapisa bana ba bannye ka tsela e e tshwanetseng go akaretsa go ba balela kwa godimo. Baebele e re bolelela gore morutwa wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Timotheo “o itsile mekwalo e e boitshepo go tswa boseeng.” Ka gone go bonala sentle gore mmaagwe, e bong Yunise le nkokoagwe e bong Loise ba ne ba mo balela kwa godimo fa e sa ntse e le lesea. (2 Timotheo 1:5; 3:14, 15) Go molemo gore o simolole go dira seno ka bonako fela fa o simolola go bua le lesea la gago. Mme gone, ke eng se o ka se balang, mme o ka ruta jang tota le lesea ka tsela e e molemo go gaisa?
Dira gore ngwana a go utlwe o bala Baebele. Go bonala e le sone se Timotheo a neng a se balelwa. Gape go na le dibuka tse di tlwaelanyang bana le Baebele ka go dirisa ditshwantsho tsa mmala. Tota ditshwantsho tseno di thusa ngwana go bona ka mogopolo dilo tse Baebele e di rutang. Ka sekai, go na le Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela le ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela. Dibuka tse di jaaka tseno di ile tsa gatisa dithuto tsa Baebele mo megopolong le mo dipelong tsa bana ba bannye ba le dimilione.
Jaaka fa Baebele e bua, “bana ke boswa jo bo tswang kwa go Jehofa; maungo a sebopelo ke tuelo.” (Pesalema 127:3) Mmopi wa gago o go file “boswa” gore o bo tlhokomele, ngwana yo o rategang, yo o ka go leretseng boipelo le yo o ka nnang motlotlo ka ene. Go godisa bana, segolobogolo ka boikaelelo jwa gore ba galaletse Mmopi wa bone, ruri ke tiro e e itumedisang!
[Dintlha tse di kwa tlase]
^ ser. 9 Ga se fela dihoromone tsa go ngomoga pelo tse di ka gobatsang lesea le le iseng le belegwe mme gape le motsoko, bojalwa le diokobatsi tse dingwe di ka le gobatsa. Go molemo gore bommè ba ba imileng ba se ka ba dirisa dilo tse di kotsi. Mo godimo ga moo, go botlhokwa go buisana le ngaka malebana le gore melemo e e nowang ke mmè e tla ama jang lesea le le iseng le belegwe.
^ ser. 15 Fa mmè a ikutlwa a hutsafetse thata e bile a se na tsholofelo le go ikutlwa a se na kamano le lesea le dilo tse di mo dikologileng, a ka nna a bo a tshwerwe ke bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong morago ga go belega. Fa e le gore go ntse jalo, o tshwanetse a ikgolaganya le ngaka ya gagwe e e belegisang. Tsweetswee bona Tsogang! ya August 8, 2002, tsebe 14-18 le June 8, 2003, tsebe 21-3 (ka Seesemane).
^ ser. 22 Tsweetswee bala setlhogo se se reng “Borremogolo le Bommèmogolo—Dilo Tse ba di Itumelelang le Dikgwetlho,” mo kgatisong ya Tsogang! ya April 8, 1999.
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Tsela e mmè a ikutlwang ka yone ka lesea la gagwe le le iseng le belegwe e botlhokwa thata
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Le fa gone mmè yo mosha a ka nna a fetofetoga maikutlo morago ga go belega, go na le mo gontsi mo a ka go dirang gore ngwana wa gagwe a ikutlwe a ratiwa e bile a babalesegile
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Borrabana ba na le boikarabelo jwa go thusa go tlhokomela ngwana
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Go balela ngwana go tshwanetse ga simololwa fa a sa le lesea