Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa ba Bangwe ba ka Thusang ka Teng

Kafa ba Bangwe ba ka Thusang ka Teng

Kafa ba Bangwe ba ka Thusang ka Teng

GONGWE go na le motho mongwe yo o mo itseng yo o tshwerweng ke bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong kgotsa bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng. Fa e le gore go ntse jalo, o ka mo thusa jang? D. J. Jaffe wa Mokgatlho wa Setšhaba wa Balwetse ba Tlhaloganyo o naya kgakololo eno e e utlwalang: “O se ka wa kopanya bolwetse le motho yo o bo lwalang; go na le moo, tlhoa bolwetse mme o rate motho yoo.”

Mosadi mongwe e bong Susanna, o ile a dira seno ka bopelotelele le ka lorato. O ne a na le tsala e e neng e tshwerwe ke bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng. Susanna a re: “Go ne go na le dinako dingwe tse a neng a sa mpatle fa thoko ga gagwe ka tsone.” Go na le gore Susanna a ngale tsala eno ya gagwe, o ne a dira dipatlisiso gore a ithute ka bolwetse jono jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng. O bolela jaana: “Gone jaanong, ke tlhaloganya kafa boitshwaro jwa tsala ya me bo neng bo amiwa thata ka gone ke bolwetse jwa gagwe.” Susanna o akanya gore fa motho a leka ka natla go tlhaloganya motho yono yo o lwalang, seno se ka nna le diphelelo tse di molemo tota. A re: “Go ka go thusa gore o rate le go anaanela dinonofo tse di molemo tse motho yono a nang le tsone le mororo a lwala.”

Fa mo lelapeng go na le mongwe yo o lwalang, go botlhokwa thata gore a kgothadiwe. Mario, yo o umakilweng pelenyana mo motseletseleng ono wa ditlhogo, o ne a ithuta seno go sa le gale. Mosadi wa gagwe Lucia, yo le ene a umakilweng pelenyana, o na le bolwetse jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng. Mario a re: “Kwa tshimologong, selo se se neng se nthusa e ne e le go tsamaya le mosadi wa me fa a ya kwa ngakeng le go ithuta ka bolwetse jono jo bo sa tlwaelegang gore ke tle ke kgone go tlhaloganya ka botlalo seemo se re neng re lebane le sone. Gape nna le Lucia re ne re ipha nako e ntsi tota ya go buisana e bile re ne ra nna re leka ka natla go itshokela seemo le fa e le sefe se se neng se tlhaga fa nako e ntse e tsamaya.”

Go Engwa Nokeng ke Phuthego ya Bokeresete

Baebele e kgothaletsa Bakeresete botlhe go ‘bua ka tsela e e gomotsang le meya e e tshwenyegileng maikutlo’ le go ‘nna pelotelele mo go botlhe.’ (1 Bathesalonika 5:14) O ka dira seno jang? Sa ntlha, go botlhokwa gore o tlhaloganye pharologanyo e e leng teng magareng ga go lwala tlhaloganyo le go lwala semoyeng. Ka sekai, mokwadi mongwe wa Baebele e bong Jakobe o ne a bontsha gore thapelo e ka fodisa motho yo o lwalang semoyeng. (Jakobe 5:14, 15) Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bolela gore batho ba ba lwalang mo mmeleng ba tlhoka ngaka. (Mathaio 9:12) Gone mme, go siame e bile go a thusa ka dinako tsotlhe gore re bolelele Jehofa ka thapelo dilo dipe fela tse re amegileng ka tsone, go akaretsa le botsogo jwa rona. (Pesalema 55:22; Bafilipi 4:6, 7) Le fa go ntse jalo, Baebele ga e bolele gore go oketsa seabe sa rona mo ditirong tsa semoya ka bogone fela go tla rarabolola mathata a a tlhokang kalafi a re nang le one gone jaanong.

Ka jalo, Bakeresete ba ba nang le temogo ba tila go bua dilo tse di ka kayang gore batho ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ke bone ba ipakelang mathata. Dipuo tse di ntseng jalo di ne di tla bo di tshwana fela le tse di neng tsa buiwa ke bagomotsi ba maaka ba ga Jobe. (Jobe 8:1-6) Ntlha ke gore, gantsi motho yo o nang le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong ga a kitla a nna botoka fa a sa newe kalafi. Seno se direga segolo jang fa motho a tshwenyegile thata mo maikutlong, gongwe e bile a batla le go ipolaya. Mo maemong a a ntseng jalo, go botlhokwa thata gore motho yono a bone ngaka.

Le fa go ntse jalo, go na le dilo di le dintsi tse Bakeresete ba bangwe ba ka di dirang go thusa. Gone ke boammaaruri gore ba tshwanetse go nna pelotelele. Ka sekai, dikarolo dingwe tsa bodiredi jwa Bokeresete di ka nna tsa kgoba batho ba ba nang le bolwetse jwa go fetofetoga maikutlo marapo thata. Diane, yo o tshwerweng ke bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng a re: “Ke fitlhela go le thata gore ke ye tshimong. Go thata gore ke bue le batho ba bangwe ka dikgang tse di molemo le tse di itumedisang tse di tswang mo Baebeleng, fa nna ke sa ikutlwe monate e bile ke sa itumela.”

O tshwanetse go leka ka natla gore o utlwele batho bano ba ba lwalang botlhoko gore o kgone go ba thusa. (1 Bakorintha 10:24; Bafilipi 2:4) Leka go leba dilo ka tsela e motho yono yo o lwalang a di lebang ka yone, o se ka wa di leba ka tsela ya gago. O se ka wa mo imetsa ka go lebelela gore a dire dilo tse a ka se kang a di kgona. Carl, yo o nang le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong a re: “Fa batho ba nkamogela ka seemo se ke leng mo go sone gone jaanong, ke simolola go ikutlwa ke ratiwa gape. Ka ntlha ya go thusiwa ka bopelotelele ke ditsala di le mmalwa tse di mphetang go se kae ka dingwaga, ke ile ka kgona go nna le kamano e e gaufi thata le Modimo mme ke ile ka itumedisiwa thata ke go thusa batho ba bangwe gore le bone ba dire fela jalo.”

Fa batho ba ba lwalang ba kgothadiwa, seno se ka ba namola mo matshwenyegong a bone. Akanya ka mosadi mongwe wa Mokeresete e bong Brenda, yo le ene a nang le bolwetse jwa tlhaloganyo jwa go itumela le go hutsafala mo go feteletseng. A re: “Ditsala tsa me mo phuthegong di ne di nthusa tota le go nkutlwela botlhoko ka dinako tsa fa ke tshwenyegile thata mo maikutlong, mme le ka motlha ba ne ba sa ntseye ke le bokoa semoyeng. Go na le dinako dingwe tse ba neng ba ntetla go tsamaya le bone kwa tshimong ba bo ba sa lebelele gore ke bue, kgotsa ba mpeela setulo kwa Holong ya Bogosi gore ke tsene fa batho botlhe ba setse ba ntse fa fatshe.”

Cherie, yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, yo o nang le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong o ile a thusiwa thata ke bagolwane ba ba lorato le ba ba kutlwelobotlhoko ba phuthego. A re: “Ke ikutlwa ke imologa fa bagolwane ba ntlhomamisetsa gore Jehofa o a nthata, ba mpalela ditemana dingwe go tswa mo Lefokong la Modimo, Baebele, ba bua ka boikaelelo jwa ga Jehofa jwa paradaise ya kagiso e batho ba tla nnang le botsogo jo bo molemo mo go yone, le fa ba rapela le nna—tota le ka thelefouno. Ke a itse gore Jehofa kgotsa bakaulengwe ba me ga ba a ntatlha mme seno se a nnonotsha.”

Ga go pelaelo gore fa ba lelapa ba ema nokeng motho yo o lwalang, seno se ka mo thusa gore a nne le botsogo jo bo botoka. Lucia a re: “Ke akanya gore ke setse ke kgona go laola botshelo jwa me jaanong. Nna le monna wa me re lekile ka natla gore re lebane le bothata jono ka katlego, mme gone jaanong maemo a botoka go feta le fa e le leng pele.”

Batho ba le bantsi ba ga jaana ba nang le mefuta e e farologaneng ya malwetse a tlhaloganyo ba lemoga gore go lwa le malwetse ano a a hutsafatsang ga se selo sa nakwana. Le fa go ntse jalo, Baebele e solofetsa gore mo lefatsheng le lesha la Modimo, “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) Malwetse a a hutsafatsang a a tlhasetseng batho ba le bantsi gompieno, a tla bo a fedile. Eleruri, go a itumedisa go tlhatlhanya ka tsholofetso ya Modimo ya lefatshe le lesha le mo go lone malwetse otlhe—go akaretsa le malwetse a go fetofetoga maikutlo—a tla bong a sa tlhole a le teng. Baebele e bolela gore ka nako eo ga go kitla go tlhola go nna le khutsafalo le fa e le selelo.—Tshenolo 21:4.

[Mafoko a a mo go tsebe 12]

Jesu o ile a bolela gore batho ba ba lwalang ba tlhoka ngaka.—MATHAIO 9:12

[Mafoko a a mo go tsebe 13]

Baebele e solofetsa gore mo lefatsheng le lesha la Modimo, “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—ISAIA 33:24