Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nka Dira Jang Gore ke Kgone go Bua mo Pele ga Batho?

Nka Dira Jang Gore ke Kgone go Bua mo Pele ga Batho?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Nka Dira Jang Gore ke Kgone go Bua mo Pele ga Batho?

“Ke ne ke akanya gore batho ba ne ba lemoga diphoso dingwe le dingwe tse ke di dirang le kafa ke neng ke sa itshepe ka teng. Ke ne ke sa kgone go tlhoma mogopolo mo go se ke se buang. Ke ne ke utlwa e kete ba ne ba ntshega mo pelong.”—Sandy. *

HOLO ya sekolo e tletse. O utlwa leina la gago le bidiwa ka sebuelagodimo mme mongwe le mongwe o go lebile. Dikgato di le mmalwa tse o tshwanetseng go di tsaya go fitlha kwa setlhomong sa sebui di bonala e le sekgala se seleele. Matsogo a gago a simolola go fufula, mangole a gago a a gwetlha mme legano la gago le kgala mathe. Morago ga moo, mofufutso o elela mo lerameng la gago pele ga o ka o phimola. A bo go tlhabisa ditlhong jang ne! Wa itse gore ga o ye go ema fa pele ga masole a a go thuntshang mme gone o utlwa e kete ke sone se se tlileng go direga.

A re amogele seno: Bontsi jwa rona re tshaba go bua mo pele ga batho. (Jeremia 1:5, 6) Batho bangwe ba ile ba re ba tshaba go bua mo pele ga batho go feta go tshaba loso ka bolone! Le fa o ka ikutlwa ka tsela epe fela, go na le mabaka a a utlwalang a go bo o tshwanetse go kgatlhegela go bua mo pele ga batho. A re sekaseke mangwe a mabaka ao mme re tlhatlhobe gore ke eng se se ka go thusang go bua mo pele ga batho.

Fa o Bidiwa Gore o Tle go Bua

“Mongwe le mongwe o tlhoka go nna le bokgoni jwa go bua mo pele ga batho.” Go bolela jalo papatso nngwe ya khoso ya go ithuta go bua mo pele ga batho. Ee, go ise go ye kae o ka nna wa tshwanelwa ke go bua mo pele ga bareetsi. Ka gonne tota go bua mo pele ga batho ke selo se se rotloediwang mo dikolong di le dintsi. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Tatiana le gakologelwa jaana: “Go na le makgetlho a le mantsi a ke neng ka tshwanelwa go bua mo pele ga baithuti ka nna kwa sekolong.” Gantsi baithuti ba tshwanetse ba bo ba iketleeleditse go bua, e ka tswa e le fa ba tshwanelwa ke go ntsha dipego kgotsa go sekaseka dibuka tse di rileng kgotsa go bua ba dirisa dibuelagodimo kgotsa go tshwara dipuisano tsa mo sekolong.

Fa kgabagare o bereka, o ka nna wa kopiwa gore o rute setlhopha sa badirimmogo le wena, o buelele se o se rekisang kgotsa o tlhalosetse komiti nngwe ya botsamaisi pego ya madi. Totatota, bokgoni jwa go bua bo botlhokwa mo ditirong tse di farologaneng, tse di akaretsang tsa go kwala dikgang, botsamaisi, go dirisana le ba bangwe le kgwebo.

Go tweng he fa o tlhopha go nna modiri fela mo femeng nngwe kgotsa go nna tlelereke mo ofising? Boammaaruri ke gore, gore o hiriwe kgotsa o se ka wa hiriwa go ikaegile ka gore a o kgona go bua sentle fa o botsolodiwa ka mmereko. Fa o bereka, mme o kgona go itlhalosa sentle go ka go thusa. Corrine o ne a bereka dingwaga di le tharo e le waitara fa a sena go fetsa sekolo. A re: “Fa o ka kgona go bua sentle, o lebiwa o godile sentle e bile o kgona go rwala maikarabelo a a oketsegileng. O ka nna wa bona tiro e e botoka, wa duelwa madi a mantsi kgotsa wa tlotliwa fela thata.”

Lebaka la bofelo ke gore gantsi Bakeresete ba basha ba bua le ba bangwe e le karolo ya kobamelo ya bone. (Bahebera 10:23) Taneisha a re: “Go botlhokwa gore o bo o kgona go itlhalosa sentle. Re na le tshiamelo ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo.” (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Bakeresete ba basha ga ba ka ke ba “tlogela go bua ka dilo tse [ba] di boneng le tse [ba] di utlwileng” mo phuthegong le mo bodireding jwa bone jwa phatlalatsa.—Ditiro 4:20; Bahebera 13:15.

Ka jalo o tla solegelwa molemo ka ditsela tse di farologaneng fa o ithuta ditsela tse dintle tsa go bua. Le fa go le jalo, o ka nna wa ikutlwa o tlhobaediwa ke go ema mo pele ga bareetsi. A go na le sengwe se o ka se dirang gore o se ka wa tshoga? Ee, se teng.

Go Fenya Poifo e o Nang le Yone

Dr. Morton C. Orman, moitse wa go ngomoga pelo le porofeshenale ya go bua mo pele ga batho, a re: “Ga go tlhokege gore o bo o le botlhale kgotsa o itekanetse gore o atlege. Boikaelelo jo bogolo jwa go bua mo pele ga batho ke jono: ruta bareetsi sengwe sa botlhokwa.” Ka mafoko a mangwe, tlhoma mogopolo mo molaetseng e seng mo go wena kgotsa mo dilong tse o tlhobaelang ka tsone. Bangwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba akanya gore moaposetoloi Paulo o ne a se setswerere mo puong, mme ka gonne a ne a tlhola a na le sengwe se se botlhokwa go se bua, o ne a kgona go atlega. (2 Bakorintha 11:6) Ka tsela e e tshwanang, fa o bua sengwe se se botlhokwa se o se dumelang tota, go ise go ye kae o tla bo o sa tlhole o tshoga.

Ron Sathoff, sebui se sengwe se se itsegeng e bile e le mokatisi wa go bua, o akantsha jaana: O se ka wa leba puo ya gago jaaka go tshameka terama mo seraleng. E tseye e le motlotlo. Ee, leka go buisana le bareetsi ba gago, e seng jaaka setlhopha se segolo, mme e le batho ba ba farologaneng, fela jaaka fa o ka dira fa o tshwere motlotlo. Bontsha gore o “kgatlhegela” bareetsi ba gago ka tsela ya mmatota mme o bue le bone ka tsela e o tlwaetseng go bua ka yone. (Bafilipi 2:3, 4) Fa o leka go bua ka tsela ya go tlotla, seno se tla dira gore o bue o phuthologile le go feta.

Lebaka le lengwe le le tlwaelegileng le le ka dirang gore o tlhobaele ke go tshaba go tlhabiwa ke ditlhong kgotsa go tshaba gore bareetsi ba gago ba tla go tshwaya diphoso. Lenny Laskowski, sebui sa porofeshenale e bile e le mokatisi wa go bua o re gopotsa gore gantsi bareetsi ba reetsa sengwe le sengwe se se buiwang ba na le boikutlo jo bo siameng. Laskowski a re: “Ba batla gore o atlege—e seng gore o retelelwe.” Ka jalo nna le boikutlo jo bo siameng. Fa go kgonega, leka go dumedisa bareetsi ba gago fa ba goroga. Leka go ba leba e le ditsala e seng baba.

Gakologelwa gape gore go tshoga ga se selo se se sa siamang gotlhelele. Moitse mongwe a re: “Go farologana le se batho ba le bantsi ba se buang, letshogo le go siametse e bile le siametse le puisano ya gago.” Ke ka ntlha yang fa go le jalo? Ka gonne go tshoga go se kae go bontsha boingotlo, jo bo tla go thusang gore o se ka wa itshepa thata. (Diane 11:2) Baatlelete, diopedi le batshameki ba le bantsi ba re go tshoga go se kae go ba thusa gore ba dire se ba se dirang botoka mme seno se ka thusa le mo dibuing tse di buang mo pele ga batho.

Dikakantsho Tse Di ka Go Thusang go Atlega

Bangwe ba Bakeresete ba basha ba setse ba na le maitemogelo e bile ba atlegile go nna dibui kwa sekolong, kwa tirong le kwa diphuthegong tsa bone ka ntlha ya go dirisa dikakantsho tse di latelang le tse dingwe. Bona gore a dingwe tsa dikakantsho tsa bone di ka go thusa.

Jade: “Neela dintlha tsa puo ka mafoko a gago. Ipolelele gore se o tlileng go se bua se tlile go solegela bareetsi molemo. Fa o tsaya gore puo ya gago e botlhokwa, bareetsi ba gago le bone ba tla e leba ka tsela e e tshwanang.”

Rochelle: “Ke fitlhetse go thusa go itheipa ka khamera ya bidio. Go dira gore o lemoge makoa a gago mme go botlhokwa. Gape, leka go tlhopha kgang e o e ratang. Go tla utlwala mo puong ya gago gore o a e rata.”

Margrett: “Ke fitlhela gore fa ke dirisa aotlelaene ke bua ka tsela ya tlholego e bile ke utlwala ke tlotla go na le fa ke kwadile mafoko otlhe fa fatshe. Mo godimo ga moo, fa ke kgwa mowa pele ga ke bua go nthusa gore ke ritibale.

Corrine: “O se ka wa tshaba go itshega fa o dirile diphoso. Mongwe le mongwe o dira diphoso. O tshwanetse go leka go dira se o se kgonang.”

Gone mme, fela jaaka go ntse mo ditirong dipe fela tse di tshwanang le metshameko, botaki kgotsa mmino, go botlhokwa go nna le maitemogelo le go ikatisa. Tatiana o akantsha gore o baakanyetse se o tlileng go se bua pele ga nako gore o nne le nako e ntsi ya go ikatisa. Mme o se ka wa itlhoboga. A re: “Fa ke bua gantsi fa pele ga ba bangwe, ke ikutlwa ke sa tlhole ke tshoga thata.” Le fa go ntse jalo, go na le sengwe gape se se ka go thusang, se o sa tshwanelang go se lebala, segolobogolo fa o kopiwa go buelela kobamelo ya boammaaruri.

Thuso e e Tswang mo Mosedimosetsing yo Mogolo

Fa a ne a sa ntse a le lekawana, Dafide, yo a neng a tla nna kgosi ya Iseraele mo isagweng, o ne a setse a itsege e le “sebui se se botlhale.” (1 Samuele 16:18) Ke ka ntlha yang fa go ne go le jalo? Go bonala fa Dafide a ne a sa ntse a le mosha, fa a ne a disa dinku nako e telele kwa nageng, a ne a nna le botsalano jo bo gaufi le Mosedimosetsi yo Mogolo, e bong Jehofa Modimo ka go rapela. (Pesalema 65:2) Botsalano jono le jone bo ne jwa mo thusa go bua ka tsela e e utlwalang sentle, ka maatla le ka tsela e e tlhotlheletsang le fa a ne a lebane le maemo a a boima.—1 Samuele 17:34-37, 45-47.

O ka tlhomamisega gore fa o ntse o obamela Modimo, le wena o tla go thusa go bua ka tsela e e tlhotlheletsang, fela jaaka a ile a thusa Dafide, ka go go naya “loleme lwa ba ba rutilweng.” (Isaia 50:4; Mathaio 10:18-20) Ee, fa o dirisa ditshono tsa go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go bua gone jaanong, o ka kgona go nna motho yo o buang fa pele ga batho ka tsela e e nang le matswela!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Mangwe a maina a fetotswe.

[Lebokoso mo go tsebe 18]

Ba Thapisitswe Gore e Nne Dibui

Mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe, go na le thulaganyo e e theilweng mo Baebeleng ya beke le beke e e rutang e e bidiwang Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Baithuti ba nna le seabe mo metlotlong e e tshwarwang mo sekolong, ba neela dipuo fa pele ga phuthego e bile ba thusiwa gore ba kgone go gatela pele. A thulaganyo eno e a dira? Mma Chris wa dingwaga di le 19 a go bolelele maitemogelo a gagwe.

A re: “Pele ga ke ikwadisa mo sekolong, ke ne ke ikutlwa ke sa phuthologa fa ke na le batho. Ke ne ke sa akanye gore ke ne ke tla kgona go ema fa pele ga bareetsi. Mme bangwe ba ne ba nkgothatsa mo phuthegong, ba re le fa ke ne nka nnela go kwakwaetsa fa ke neela puo, ba ne ba tla e itumelela, ka gonne ba itse gore go tlhokile boiteko jo bogolo gore ke bo ke eme fa pele ga bone. Mme nako nngwe le nngwe fa ke sena go neela puo, ba ne ba nkakgola. Seo se ne se nthusa thata.”

Gompieno, morago ga gore Chris a nne le seabe mo sekolong ka dingwaga di le tlhano, o baakanyetsa puo ya gagwe ya ntlha ya metsotso e le 45. A o dirisa thulaganyo eno ka botlalo?

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Fa o le sebui se se nang le bokgoni go tla go thusa mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo