Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Botho Jwa Gago bo Laolwa ke Mofuta wa Madi a Gago?

A Botho Jwa Gago bo Laolwa ke Mofuta wa Madi a Gago?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Botho Jwa Gago bo Laolwa ke Mofuta wa Madi a Gago?

GO TLWAELEGILE gore botho jwa motho bo sekasekiwe go ya ka mofuta wa madi a gagwe kwa dinageng dingwe. Ka sekai, kwa Japane, go tlwaelegile gore bangwe ba botse jaana fa ba simolola motlotlo, “Madi a gago ke a mofuta ofe?” Babueledi ba kgopolo eno ba re batho ba ba nang le madi a mofuta wa A ke batho ba ba ritibetseng, ba ba nang le maikarabelo e bile ba rata go belaela; mme ba ba nang le madi a mofuta wa B ke batho ba ba pelotshweu, ba ba fetofetogang maikutlo, ba ba tsiediwang motlhofo; jalo le jalo. Gape go bolelwa gore motho yo o nang le madi a mofuta o o rileng a ka nna a go fitlhela go le thata—kgotsa go le motlhofo—go dirisana sentle le motho wa mofuta o sele wa madi.

Go ya ka kgopolo eno, bangwe ba akanya gore mofuta wa madi a motho ke sengwe sa dilo tse di botlhokwa tse di tshwanetseng go dirisiwa fa baithuti ba bewa go ya ka ditlhopha tsa bone kwa sekolong, fa go tlhophiwa baemedi kwa dikhampaning kgotsa fa go tlhophiwa balekane ba lenyalo. A tota go na le bosupi bongwe jwa gore mofuta wa madi a rona o laola tsela e botho jwa rona bo tla nnang ka yone? A Baebele e ruta sengwe ka kgang eno?

Fa go Buiwa ka Mofuta wa Madi a Motho go Tewang?

World Book Multimedia Encyclopedia e tlhalosa jaana: “Letlalo le lesesane mo diseleng tse dikhibidu tsa madi le na le diporoteine tse di bidiwang di-antigen. Go bonwe di-antigen tse di fetang 300 tsa disele tse dikhibidu tsa madi.” Le fa batho bangwe ba na le di-antigen tse di rileng, ba bangwe bone ga ba na tsone mme di-antigen dingwe ga di kgone go nna mmogo le tse dingwe. Ka jalo, fela jaaka saetlopedia eno e oketsa, “baitsesaense ba kgonne go kgaoganya madi a batho ka ditlhopha tse di farologaneng go ikaegile ka gore ke di-antigen dife tse di fitlhetsweng le gore ke dife tse di seyong.”

Mokgwa o o dirisiwang thata wa go kgaoganya madi ke o o bidiwang ABO, o o kgaoganyang madi a motho ka dikarolo tse nnè—A, B, AB, le O. Mo godimo ga moo, go dirisiwa thata mokgwa wa Rh. Totatota, go na le mekgwa mengwe e le 20 e e itsegeng ya go kgaoganya madi. Ka jalo, o ka kgona go bona gore madi a motho ke selo se se raraaneng fela thata. Encyclopædia Britannica ya re: “Palo e kgolo ya di-antigen tse di farologanyeng tsa disele tse dikhibidu e dira gore go lebege go ka se kgonege gore batho ba nne le madi a a tshwanang ntle le fa e le mawelana a a tshwanang kgo.”

Seno se akantsha gore fa go lejwa dilo sentle, mongwe le mongwe o na le “mofuta wa madi” o o sa tshwaneng le wa ga ope. Ka jalo ga go na bosupi jo bo bontshang gore batho ba ba nang le mofuta wa madi a a rileng ba tla nna le botho jo bo tshwanang. Go bonala go na le dilo di le mmalwa tse di laolang gore botho jwa rona bo nna jang.

Ke Eng se se Laolang Gore Botho Jwa Rona bo Nna Jang?

Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana: “Botho jwa motho ke mekgwa e motho a itshwarang ka yone e ka tswa a tshotswe ka yone kgotsa a e ithutile, e e tlhaolang motho mo go ba bangwe.” Ee, mo godimo ga tsela e re tshotsweng ka yone, go na le dilo tse dingwe gape—tse di tshwanang le tikologo ya lelapa, thuto, batho ba re tsalanang le bone le dilo tse di re diragalelang, e ka tswa e le tse di siameng kgotsa tse di sa siamang—tse di amang tsela e botho jwa rona bo tla nnang ka yone. Ka jalo, tsela e re bopilweng ka yone ga se yone fela e e laolang botho jwa rona. Tota le mawelana a a tshwanang, a a nang le dijini tse di tshwanang, gantsi ba na le botho jo bo farologaneng.

Lebaka le lengwe le le botlhokwa ke gore botho jwa motho bo ka fetoga kgotsa bo ka fetolwa. Moaposetoloi Paulo o ne a gatelela maatla a dithuto tsa Bokeresete di nang le one go fetola batho. O ne a kwala jaana: “Apolang botho jo bogologolo le ditlwaelo tsa jone, mme lo apare botho jo bosha, jo bo ntšhafadiwang ka kitso ya boammaaruri go ya ka setshwano sa Ene yo o neng a bo bopa.” (Bakolosa 3:9, 10) Bakeresete ba lemoga gore ke baleofi e bile ba ruile mekgwa ya boleo. Botho jwa bone bo ne bo tshwanetse go fetolwa gore ba tle ba amogelwe ke Modimo.

Ke eng se se dirang gore go kgonege go dira diphetogo tseno? Ke maatla a lefoko la Modimo kgotsa molaetsa wa one. Paulo o ne a kwala jaana malebana le tlhotlheletso e e maatla e lefoko la Modimo le nang le yone, e jaanong e fitlhelwang mo Baebeleng: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla mme le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e magalemabedi e bile le tlhaba gore le bo le kgaoganye moya le maikutlo, le malokololo le moko wa one, mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” (Bahebera 4:12) Fa motho a itetla go tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo e bile a leka go tshela ka melao ya boitsholo e e kwadilweng mo Baebeleng, go ka kgonega gore botho jwa gagwe bo fetoge ka iketlo. Botho jwa Bokeresete jo bo bopilweng ka tsela eno bo akaretsa “lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele.”—Bakolosa 3:12.

Go Nna Tekatekano ga Bokeresete

Gone ke boammaaruri gore ga go na molaomotheo ope wa Baebele o o kganelang go ithuta ka mefuta ya madi. Mme go amanya mofuta wa madi a motho le botho jwa gagwe ke kgang e nngwe. Fela jaaka go ntse ka dilo tsotlhe mo botshelong, re tshwanetse go letla Lefoko la Modimo go re kaela mo go se re se dirang. (Pesalema 119:105) Go nna tekatekano le gone go botlhokwa.—Bafilipi 4:5.

Ruri go tla bo go sa utlwale go dirisa mofuta wa madi a motho gore e nne sone seipato sa gore motho a bo a sa kgone go baakanya makoa mangwe mo bothong jwa gagwe. Go sa kgathalesege gore Bakeresete ba bopegile jang, ba tshwanetse go tswelela pele ba bopa botho jwa bone gore e nne jo bo bontshang dinonofo tsa ga Jehofa le Jesu ka tsela e ba ka kgonang ka yone.—Baefeso 5:1.

Mo godimo ga moo, Bakeresete ba leka go leba ba bangwe ka tsela e Jehofa a ba lebang ka yone. “Modimo ga a na tlhaolele.” (Ditiro 10:34, 35) Jehofa o amogela batho ba mefuta yotlhe ka pelo yotlhe. Ka jalo go tla bo go sa utlwale e bile e se tsela ya Bokeresete go gana kgotsa go tila go kopana le batho ba ba rileng fela ka ntlha ya mofuta wa madi a bone. Gape go ne go tla bo go sa utlwale fa motho a ne a ka tsalana fela le batho ba ba nang le madi a a reng a tshwana le a gagwe. Baebele e gakolola jaana: “Fa lo tswelela lo bontsha kgethololo, lo dira boleo.”—Jakobe 2:9.

Jaaka fa tsa saense le tsa botegeniki di ntse di gatela pele, go na le dilo le dikgopolo di le dintsi tse di lemogiwang ka mmele wa motho. Ke ga tlholego go kgatlhiwa ke dikgopolo tseno. Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba dira sentle go dira gore Baebele—e seng dikgopolo tsa batho—di kaele tsela e ba akanyang ka yone. Mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo, Bakeresete ba tlhoka go ‘tlhomamisa dilo tsotlhe’ le go ‘ngangatlela se se molemo.’—1 Bathesalonika 5:21.

Fa e le gore o ka rata go bona tshedimosetso e e oketsegileng kana o ka rata mongwe a go etela kwa legaeng la gago go tla go ithuta Baebele le wena mahala, tsweetswee kwala o romele leina la gago le aterese ya kwa o nnang teng go Basupi ba ga Jehofa, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa atereseng e e tshwanetseng e e mo lenaaneng le le mo tsebeng ya 5.