Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A re Etele Mmaraka o Mogolo Thata mo Lefatsheng wa Ditlhapi

A re Etele Mmaraka o Mogolo Thata mo Lefatsheng wa Ditlhapi

A re Etele Mmaraka o Mogolo Thata mo Lefatsheng wa Ditlhapi

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA JAPANE

A O ITUMELELA go tlhanasela ga kwa mmarakeng? Mmaraka mongwe o o ka go kgatlhang e bile o ngoka bajanala go tswa mo lefatsheng lotlhe ke Tsukiji, mmaraka wa ditlhapi o o gaufinyana fela le bogare jwa Tokyo. Mmaraka ono o ikgantsha ka gore ke one o mogolo thata mo lefatsheng.

Nako e e siameng ya go ya kwa mmarakeng ono ke mo mosong. Fa batho ba sa ntse ba robetse mo mafelong a mangwe kwa Tokyo, go na le dilo di le dintsi tse di diregang mo mmarakeng ono. Dilori di tlisa ditone tse di ka nnang dikete tse pedi tsa ditlhapi ka letsatsi, mme di tshwanetse go pagololwa pele ga nako ka gonne bareki ba simolola go tla ka 3:00 a.m. Barekisi ba baya sentle mabokose a bone a ditlhapi ka bonako, ba tsenya matshwao mo lebokosong lengwe le lengwe a a tlhaolang mabokoso ano go bontsha gore ditlhapi tseno di boima jo bo kana kang le gore di tshwerwe kae. Go motlhofo go bona bareki. Ba rwala dibutshi tsa rabara le dikepese tse di bontshang dinomoro tsa bone tsa laesense. Go farologana le bajanala ba ba tsamayang ka iketlo, bareki ba tabogela kwa le kwa ba tlhatlhoba boleng jwa tlhapi le go bona gore ba ka e reka ka bokae. Ba ba tshwereng huku, lebone le toulo ke ba ba rekang tuna. Didirisiwa tsa bone di botlhokwa go sekaseka gore tuna e kgolo eno ke ya boleng jo bo kana kang mme toulo yone e dirisediwa go iphimola diatla fa o sena go tshwara tlhapi.

Go simolola go tlhanasela ka bo 5:30 a.m. Go utlwala modumo wa ditleloko di lela go tswa mo matlhakoreng otlhe fa ba ba rekisang mo fantising ba bitsa bareki gore ba simolole go baya tlhwatlhwa e ba batlang go reka tlhapi ka yone. Go bonala ba ba rekisang mo fantising ba le gongwe le gongwe. Tota e bile, go na le barekisi ba le supa ba ba tshwereng fantisi ka nako e le nngwe, mme barekisi bangwe ba na le batho ba le babedi kgotsa go feta ba ba rekisang mo fantising ba ba rekisang dilo tse di farologaneng ka nako e le nngwe. Barekisi bano botlhe ba bitsa dinomoro tse di mo mabokosong, mongwe le mongwe a goa ka tsela ya gagwe, mme bareki ba bontsha ka ditsela tsa bone gore ba tla reka ka madi a a kana kang. Kgwebo e tsamaya ka bonako mo e leng gore tlhwatlhwa ya lebokoso lengwe le lengwe e swediwa ka metsotswana fela. Bareki bangwe ba gweba ka nako e le nngwe le ba babedi ba ba rekisang mo fantising. Lebenkele lengwe le lengwe le letleletswe moreki a le mongwe fela, ka jalo bareki ba tshwanelwa ke go nna ba tabogela kwa dikarolong tse di farologaneng tsa mmaraka gore ba reke ditlhapi tse ba di batlang. Gongwe ba ba tshwanetseng go potlaka fela thata ke ba ba rekang ditlhapi tse dintsi le tsa mefuta e farologaneng gore ba tle ba di rekisetse mabenkele a le mmalwa a mannye.

Fa go sena go dumalanwa ka tlhwatlhwa, bareki ba itlhaganelela go isa ditlhapi kwa di tshwanetseng go ya gone ka bonako. Batho ba ba di rwalang ba a di tsaya ba dirisa dikolotsana le dibene go di isa kwa di yang gone ka bonako. Gongwe le gongwe go modumo e bile go a tlhanasela. Motho yo o lebileng seno o bona tlhakatlhakano fela. Mme gone, tiro eno e laolwa le go rulaganngwa ka manontlhotlho. Ka diura di le mmalwa fela go a bo go rekisitswe le go romelwa ditone di feta sekete tsa ditlhapi. Ditlhapi dingwe di isiwa kwa mabenkeleng a mannye a a kwa mmarakeng o mongwe mme di tla rekisediwa batho ba ba diketekete mo mosong ba ba batlang go di reka.

Jaaka fa o ka akanya, Mmaraka wa Tsukiji o mogolo. Dikhampani tse supa tse dikgolo tse di tshwarang difantisi le bagwebi ba dikgwebo tse dinnye ba ba fetang sekete ba kwadisitswe ka molao go dira kgwebo mono. Mo ngwageng otlhe, ba nna ba tshwaregile go rekisetsa bareki ba ba ka nnang 40 000 ba ba etelang mmaraka ono letsatsi le letsatsi.

Ke bomang ba ba rekang? Bangwe ba bone ke ba ba rekang ditlhapi tse dintsi ba di rekela dihotele tse dikgolo, diresetšhurente, mabenkele le disupamakete. Gape, go na le beng ba mabenkele a mannye a dijo, dimmaraka tse di fa gaufi tsa ditlhapi, le beng ba mabenkele a mantle a a agilweng ka tsela ya bogologolo a a rekisang sushi. Bareki bano botlhe, ba batla ditlhapi tsa maemo a a kwa godimo thata. Go fopholediwa gore bareki bano botlhe fa ba kopane, ba reka ditone di ka nna 600 000 tsa dijo tsa ditshedi tsa lewatle ka ngwaga, ba dirisa madi a a fetang diranta di le dibilione di le 36.

Totatota, Tsukiji ga se mmaraka wa ditlhapi fela. Ke mmaraka o mogolo o o rekisang gape le maungo le merogo. Ke mongwe wa mebaraka e le 11 e e mo bogareng jwa Tokyo e e kaelwang ke puso ya Tokyo. Hisitori ya dimmaraka tse di rekisang dijo tse di foreshe ga e bolo go nna gone go tloga ka bo1603. Dimmaraka tseno di ile tsa laolwa ke puso ka 1877 go tlhomamisa gore di ntsha dijo tse di itekanetseng sentle le tsa boleng. Thoromo ya lefatshe kwa Tokyo ka 1923 e ne ya senya dimmaraka tsa Tokyo, mo go neng ga felela ka gore go nne le Mmaraka o gompieno e leng Tsukiji o o neng wa simolola go dira ka 1935.

Go tloga ka nako eo, mmaraka ono o godile fela thata. Ke kae mo lefatsheng mo o ka bonang go rekisiwa ditlhapi di le dintsi jaana le tsa mefuta e e farologaneng letsatsi le letsatsi? Go fopholediwa gore ditlhapi tse di tshwanang le salmon, cod, sea bream, mackerel, sole, herring mmogo le sea urchin, sea cucumber, le shellfish—mefuta e mentsi e e ka nnang 450 go tswa mo lefatsheng lotlhe—di rekisiwa fano. Mabenkele a mangwe a mannye mo mmarakeng a rekisa fela dijo tsa ditshedi tsa lewatle ka mofuta o le esi fela o o tshwanang le octopus kgotsa shrimp.

Le fa go ntse jalo, go na le tlhapi e kgolo go gaisa ditlhapi tse dingwe tsotlhe tse di mo mmarakeng ono. Ke tuna e kgolo, e e tlisiwang ka sefofane go tswa kwa mafelong a a kgakala a a tshwanang le Lewatle la Mediterranean le Amerika Bokone. Ga go na tlhapi epe e e ka tshwanang le yone ka bogolo kgotsa ka tlhwatlhwa. Tuna e le nngwe e ka ja dikete di le mmalwa tsa diranta. Mo lefelong leno letsatsi le letsatsi go rekisiwa tuna e ntsi e foreshe le e e gatsetseng. Bareki ba sega tuna go ya kafa batho ba ba dirang kgwebo le bone ba batlang ka teng. Dikarolo tse di ntlentle tse di mafura mo tlhaping eno di bidiwa toro, ke tse di mo dikgopong, mme kgabagare di feleletsa e le moro o o tshelwang mo godimo ga sushi.

Ga go gakgamatse go bo mmaraka o mogolo thata mo lefatsheng wa ditlhapi o le kwa Japane. Naga eo e dikologilwe ke mawatle a manè, mme Bajapane ba ithutile go rata dilo tse di tswang mo lewatleng go tloga bogologolo. Tlhapi ke nngwe ya dijo tsa konokono tse di monate tsa Bajapane. Ngwaga le ngwaga, ka kakaretso Mojapane a le esi o ja dikilogerama di le 70 tsa tlhapi le ditshedi tsa mo lewatleng mme bontsi jwa tsone di tswa kwa Mmarakeng wa Tsukiji. Ka jalo fa o ka tsamaya wa etela Tokyo, ke ka ntlha yang fa o sa tsamaye le bajanala ba le bantsi ba ba etelang mmaraka o mogolo thata mo lefatsheng wa ditlhapi?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 18]

Fish artwork: From the book L’Art Pour Tous, Encyclopedie de l’Art Industriel et Decoratif, Vol. 31, 1861-1906

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 19]

James L. Stanfield/NGS Image Collection

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 19]

© Jeff Rotman/www.JeffRotman.com

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 20]

Courtesy of Tokyo Metropolitan Central Wholesale Market