Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bontlentle jo bo Nnang Teng Ngwaga le Ngwaga Kwa Namaqualand

Bontlentle jo bo Nnang Teng Ngwaga le Ngwaga Kwa Namaqualand

Bontlentle jo bo Nnang Teng Ngwaga le Ngwaga Kwa Namaqualand

KA MOKWADI WA TSOGANG! MO AFRIKA BORWA

Lobala lo logolo lo khurumeditswe ke dithunya tse di mebalabala go fitlha kwa o kgonang go bona gone. Gantsi baeng ga ba kgone go itshwara ka ntlha ya boitumelo fa ba bona bontle jono jwa ngwaga le ngwaga kwa Namaqualand fa ba ntse ba bona dithunya di thunya ba di lebile. Mojanala mongwe o ne a bua jaana a gakgametse: “Fa e le la ntlha o bona bontlentle jono, dithunya di lebega jaaka seretse sa lekgwamolelo se se elelang mo maphanyegong a mafika se bipa karolo nngwe le nngwe ya lefelo leo ka mmala o o galotseng wa namune.”

Le fa go ntse jalo, ke eng se se dirang gore nako eno ya dikgakologo ya fa dithunya di fetoga e nne ntlentle jaana? Namaqualand ke kgaolo e kgolo, e e omeletseng e e kwa sekhutlong sa bokonebophirima jwa Afrika Borwa. Noka ya Orange e e ka kwa ga dithaba tse di kwa ntlheng ya bokone, ke molelwane o o kafa bokone wa kgaolo eno. Namaqualand, e leng naga e kgolwane go feta Switzerland (e e ka nnang disekwerekilometara di le 50 000), e anametse sekgala sa dikilometara di ka nna 200 go ela kwa borwa go tswa mo Nokeng ya Orange, e leng sekgala se se fetang halofo fela go ya Cape Town. Mo nakong e ntsi ya ngwaga, dithemperetšha mo nageng eno e e omileng di fitlha go dikerii tsa Celsius di le 40 motshegare mme di wela tlase go nna botsididi jwa dikerii tsa Celsius di le 8 kafa tlase ga boswakgapetla bosigo. Namaqualand e ka bonala e sa kgatlhe ka ntlha ya go bo go se na melapo e bile go na le metsi a a nang le letswai kafa tlase ga lefatshe—go fitlhela bontlentle jono jwa ngwaga le ngwaga bo bonala!

Ngwaga le ngwaga, morago ga dipula tsa mariga, mo masimologong a August go fitlha mo bogareng jwa September, lobala lo gantsi lo omeletseng lwa Namaqualand ka bonako fela lo ntsha dithunya tse di mebalabala. Naga yotlhe e tlhoga dithunya tsa mmala wa namune, o o serolwana, o o pinki, o mosweu, o mohibidu, o mmududu le o o phepole. E re ka bontle jono bo tsaya dibeke di le mmalwa fela ngwaga le ngwaga, baeti ba ba tswang mo lefatsheng lotlhe ba gakalela go ya go bona bontlentle jono jwa dithunya.

Selo se segolo se se dirang gore lefelo leno le nne lentlentle jaana ke pula ya selekanyo se se siameng mme morago ga moo e nne letsatsi la selekanyo se se siameng. Morago ga moo, mongwe le mongwe o eletsa e kete diphefo tse di mogote tsa botlhaba di se ka tsa tla, ka gonne di tla fisa dithunya tseno tse dintle.

Sengwe se se dirang gore naga ya Namaqualand e nne ntle ke gore dithunya tseno di ntsha dipeo di le dintsi. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa dithunya tseno ga di tlhoge ngwaga le ngwaga—di ntsha bontle jwa tsone fela kafa tlase ga tlelaemete e e rileng. Le fa dipeo dingwe di tlhoga morago ga ngwaga, dipeo tse dingwe tsone di nna di sa mele ka dipaka di le mmalwa, di emetse nako e e siameng. Moeti mongwe o tlhalosa jaana: “Dipeo dingwe di na le thulaganyo nngwe mo go tsone e e di thibelang go tlhoga pele ga nako. Go na le gore di tlhoge ka go bo pula e nele gangwe fela fa go le mogote, dipeo tseo di tlhoga fela fa go le tsiditsana e bile go le bongola—e leng nako e e di siametseng gore di kgone go tlhoga mo lefelong leno le le sekaka.”

Ngwaga nngwe le nngwe e na le bontle jwa yone jo bo ka se bapisiweng le sepe go ikaegile ka dipula tse di siameng le diphefo tse di sa fiseng, dingwaga dingwe di tlhagisa bontlentle jo bogolo jo bo sa tshwaneng le jwa dingwaga tse dingwe. Buka ya Namaqualand—South African Wild Flower Guide ya re: “Ka ntlha ya gore mofuta mongwe le mongwe wa dimela o na le themperetšha e e rileng e dimela di tshwanetseng go gola kafa tlase ga yone, dipula tsa ntlha di ka nna tsa na go tloga ka April go ya go July (e leng dikgwedi tse di nang le dithemperetšha tse di farologaneng) mme dimela tse di farologaneng di tlhoga ngwaga le ngwaga, go ikaegile ka gore dipula tsa ntlha di nele leng.”

A bo go na le dithunya tse di farologaneng jang ne—mefuta e e fetang 4 000, mme mongwe le mongwe wa mefuta eno o na le dipopego, mmala le tsela e o tlhogang ka yone! Mo mafelong mangwe, re bona mefuta ya dimela tse di farologaneng tsa dithunya go simolola ka tse 10 go ya go 20 mo sekweremetareng se le sosi fela. Bontle jwa lefelo leno bo dira gore setshwantsho sa motaki se bonale e se sepe fa se bapisiwa le jone. Tota e bile ga go na mafoko ape a a lekaneng go tlhalosa bontlentle jwa Namaqualand.

Le fa go ntse jalo, bataki, baboki, le bakwadi ba tlhotlhelediwa ke bontlentle jono jwa dithunya. Mmoki mongwe wa Afrika Borwa e bong D. J. Opperman o ne a tlhalosa se a se akanyang jaana: “E ne e le letsatsi le legolo la go jala mo lefatsheng, fa . . . peo e ntle e dutla ka lesoba mo kgetsing ya Modimo ya dipeo.” Monna mongwe yo o neng a kgatlhegile o ne a kwala jaana: “Go ntse jaaka e kete motshe wa godimo o fetile mo godimo ga sekaka seno o tlogela mebalabala ya one gongwe le gongwe mo lefelong leno.” Moeti mongwe o ile a re: “Bontlentle jono jo bo sa feleng bo dira gore motho a anaanele bopelotshweu le botlhale jwa Mmopi wa rona e bong Jehofa.”

Mo godimo ga moo, bontlentle jo bo nnang teng ngwaga le ngwaga kwa Namaqualand bo re tlhomamisetsa gore Mmopi a ka dirisa thulaganyo e e ntseng jalo ya dilo tsa tlholego go busetsa maemo a Paradaise mo lefatsheng lotlhe—gore e itumelelwe ke batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang le ba ba anaanelang ka bosakhutleng. (Pesalema 37:10, 11, 29) Morago ga moo, ka tsela e kgolwane, “sekaka se tla ipela le dithunya di tla mela mo nageng e e omeletseng.”—Isaia 35:1, Today’s English Version.

[Setshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Naga yotlhe, ya bogolo jwa disekwerekilometara di le 50 000, e tlhoga dithunya