Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modimo O na Le Leina!

Modimo O na Le Leina!

Modimo O na Le Leina!

Leina la Modimo ke mang? Batho botlhe ba na le maina. Tota e bile ba le bantsi ba raya le diruiwa tsa bone tsa mo gae maina! A go ne go se kitla go utlwala gore Modimo le ene a nne le leina? Ga go pelaelo gore go nna le maina le go a dirisa go botlhokwa mo dikamanong le mo ditirisanong tsa batho. A ga go a tshwanela ga nna jalo le ka kamano ya rona le Modimo? Selo se se gakgamatsang ke gore bontsi jwa batho ba ba ipolelang fa ba na le tumelo mo Modimong yo go buiwang ka ene mo Baebeleng ga ba dirise leina la gagwe. Mme leina la Modimo ga le bolo go itsiwe ka makgolokgolo a dingwaga. Fa o ntse o bala motseletsele ono wa ditlhogo, o tla utlwa ka metlha e mo go yone batho ba le bantsi ba neng ba dirisa leina la Modimo. Selo sa botlhokwa le go feta ke gore o tla utlwa se Baebele e se buang malebana le kafa go leng botlhokwa ka teng gore motho a itse Modimo ka leina.

MO LEKGOLONG la bo17 la dingwaga, dinaga di le mmalwa tsa Yuropa di ne di dira madi a tshipi a a kwadilweng leina la Modimo. Madi a tshipi a kwa Jeremane a a dirilweng ka ngwaga wa 1634 a ne a kwadilwe leina Jehofa ka tsela e e bonalang sentle. Madi ano a ile a simolola go itsiwe e le madi a tshipi a Jehofa mme a ile a dirisiwa ka dingwaga di le dintsi.

Leina la Modimo le ntse le itsiwe e le Jehofa * ka makgolo a le mantsi a dingwaga. Ka puo ya Sehebera e e balwang go tswa ka fa mojeng go ya kwa molemeng, leina leno le kwalwa ka ditumammogo di le nnè, יהוה. Ditlhaka tseno tse nnè tsa Sehebera—tse di ranolwang e le YHWH—di bidiwa Thaterakeramatone. Gape leina la Modimo le ne le kwala ka tsela eno mo mading a tshipi a Yuropa ka dingwaga di le dintsi.

Leina la Modimo le ka fitlhelwa le mo dikagong, mo difikantsweng, mo dilong tse di takilweng le mo difeleng di le dintsi tsa kereke. Go ya ka saetlopedia ya Sejeremane ya Brockhaus, go kile ga bo go tlwaelegile gore dikgosana tsa Porotesetanta di apare letshwao le le nang le setshwantsho sa letsatsi le le kgabisitsweng le ditlhaka tse nnè tsa Thaterakeramatone. Letshwao leno, le gape le neng le dirisiwa le mo difolageng le mo mading a tshipi, le ne le itsiwe e le letshwao la Jehovah-Sun. Ga go pelaelo gore Bayuropa ba ba neng ba rata bodumedi thata ba lekgolo la bo17 le la bo18 la dingwaga, ba ne ba itse gore Modimo Mothatayotlhe o ne a na le leina. Mme selo sa botlhokwa le go feta ke gore ba ne ba sa tshabe go le dirisa.

Leina la Modimo le ne le itsiwe le kwa dikarolong tsa Amerika tse di neng di dirilwe Dikolone. Ka sekai, akanya ka lesole le le neng le lwela Diphetogo Tsa Amerika e bong Ethan Allen. Go ya ka dipego tse di buang ka botshelo jwa gagwe, ka 1775 o ne a laela baba ba gagwe gore ba latlhele seditse “mo leineng la Jehofa yo Mogolo.” Moragonyana, ka nako ya fa Abraham Lincoln e ne e le poresidente, bagakolodi ba gagwe ba le mmalwa ba ne ba umaka Jehofa ka leina gangwe le gape mo makwalong a ba neng ba a kwalela Lincoln. Makwalo a mangwe a hisitori a Amerika a leina la Modimo le kwadilweng mo go one a ka bonwa mo dilaeboraring di le dintsi. Tseno ke dikai di se kae fela tse di bontshang kafa leina la Modimo le ileng la dirisiwa thata ka teng ka makgolo a le mantsi a dingwaga.

Go tweng ka gompieno? A leina la Modimo le lebetswe? Nnyaa le e seng. Dithanolo tse di farologaneng tsa Baebele di dirisa leina la Modimo mo ditemaneng di le dintsi. Fa o ka ya kwa laeboraring kgotsa wa ipha nakonyana ya go dira dipatlisiso mo didikishinareng tsa gago, o tla lemoga gore batho ba le bantsi ba amogela Jehofa e le leina le le tsamaisanang le Thaterakeramatone. Ka sekai, Encyclopedia International e tlhalosa leina Jehofa sentle e le “tsela ya gompieno ya go kwala leina la Modimo le le boitshepo la Sehebera.” Kgatiso nngwe ya bosheng ya The New Encyclopædia Britannica e tlhalosa gore Jehofa ke “leina la Modimo la Sejuda le la Bokeresete.”

Mme gone o ka tswa o ipotsa gore, ‘A gompieno batho ba kgatlhegela leina la Modimo?’ Leina la Modimo, le fa le ka tswa le kwadilwe ka ditsela tse di farologaneng, le sa ntse le fitlhelwa mo mafelong a le mantsi a batho botlhe. Ka sekai, leina Jehofa le kwadilwe mo pilareng ya sekhutlo mo kagong nngwe kwa New York City. Mo go yone toropo eno, leina leno le kwadilwe gape le ka Sehebera mo mokgabisong wa mebalabala mo seteisheneng se se nnang se tlhanasela sa diterena tse di tsamayang ka fa tlase ga lefatshe. Le fa go ntse jalo, go ka bolelwa gore mo bathong ba le dikete di le dintsi ba ba tsamayang mo mafelong ano, ke ba le mmalwa fela ba ba tsayang leina leno le le botlhokwa.

A batho ba lefelo la lona ba tsaya leina la Modimo le le botlhokwa? Kgotsa a bontsi jwa bone ba bitsa Mmopi ba re “Modimo,” jaaka e kete sereto seno ke lone leina la gagwe? O ka tswa o lemogile gore batho ba le bantsi ga ba re sepe ka kgang ya gore a Modimo o na le leina kgotsa ga a na lone. Go tweng ka wena? A o ikutlwa o gololesegile go bitsa Modimo ka leina la gagwe, Jehofa?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Motseletsele ono wa ditlhogo o bontsha ditsela di le 39 tse leina Jehofa le kwalwang ka tsone jaaka le dirisiwa mo dipuong di le 95.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 4]

Kgosi e e Neng ya Itsise Leina la ga Jehofa

Ka 1852, setlhopha sengwe sa barongwa se ne sa tsaya mosepele go tswa kwa Hawaii go ya kwa ditlhaketlhakeng tsa Micronesia. Se ne se tshotse lekwalo lengwe le le neng le ba tlhalosa le le neng le na le setempe sa semolao sa ga Kgosi Kamehameha III, yo o neng a laola Ditlhaketlhake Tsa Hawaii ka nako eo. Lekwalo leno, le kwa tshimologong le neng le kwadilwe ka Se-Hawaii e bile le kwaletswe balaodi ba ba farologaneng ba Ditlhaketlhake Tsa Pacific, le ne le na le mafoko ano: “Barutisi bangwe ba Modimo Mogodimodimo Jehofa, ba tloga ba tsaya mosepele ka sekepe go tla mo ditlhaketlhakeng tsa lona, go tla go lo ruta Lefoko la Gagwe gore lo bone poloko ya bosakhutleng. . . . Ke lo kgothaletsa gore lo tseele barutisi bano ba ba molemo kwa godimo, lo nne botsalano mo go bone mme lo reetse dithuto tsa bone. . . . Ke lo kopa gore lo latlhe medingwana ya lona, lo amogele Morena Jehofa e le Modimo wa lona, lo mo obamele mme lo mo rate, mme ene o tla lo segofatsa le go lo boloka.”

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Kgosi Kamehameha III

[Motswedi wa Setshwantsho]

Hawaii State Archives

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Thaterakeramatone, e e kayang “ditlhaka di le nnè,” e bontsha kafa leina la Modimo le kwalwang ka teng ka Sehebera