Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsela ya go Itse Modimo ka Leina

Tsela ya go Itse Modimo ka Leina

Tsela ya go Itse Modimo ka Leina

MOKWALADIKGANG mongwe o ne a amogela lekwalo le le latelang go tswa kwa mmading mongwe: “Ga ke bolo go ipotsa potso eno mo botshelong jotlhe jwa me, mme ke solofela gore o tla e araba. Leina la Modimo ke mang? Bajuda ba bolela gore leina la gagwe la mmatota ga le bolo go nyelela. Bakeresete ba mmitsa Jesu. Bamoseleme ba mmitsa Allah. . . . Ka jalo, tota leina la gagwe ke mang?” Lekwalodikgang le ne la gatisa potso eo le karabo eno: “Go ya ka dithuto tsa bogologolo tsa Sehebera, Modimo ke mothatayotlhe, ka jalo, a ka se ka a itsiwe ka leina le le lengwe fela. Le fa go ntse jalo, ke go tlhomamisetsa gore o tla go araba fa o mmitsa ka leina lengwe le lengwe fela.”

Gompieno go tlwaelegile gore batho ba tseye leina la Modimo motlhofo jalo. Le fa batho ba ba dumelang mo Baebeleng ba rata bodumedi, ba le bantsi ba bone ga ba na sepe le leina la Modimo. Mme gone, Modimo o ikutlwa jang ka seno? A o tsaya kgang eno e se ya sepe?

Ke Kgang ya Botlhokwa

Akanya ka kgang ya gore Baebele e dirisa leina la Modimo, Jehofa, ka makgetlho a le mantsi. Mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, leina la Modimo le tlhaga ka makgetlho a le 7 210! * Modimo ka boene o ne a tlhotlheletsa bakwadi ba Baebele gore ba dirise leina la gagwe thata jalo. Mongwe wa bakwadi bano e bong mopesalema Asafe o ne a kwala jaana: “Wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” (Pesalema 83:18) Dafide le ene o ne a kwala jaana mo pesalemeng nngwe: “Re tla umaka leina la ga Jehofa Modimo wa rona.”—Pesalema 20:7.

Baebele e bontsha gore Jehofa Modimo o tlhatlhoba dipelo tsa rona go bona gore re ikutlwa jang ka leina la gagwe. Mopesalema o ile a re: “Fa e le gore re lebetse leina la Modimo wa rona, . . . a Modimo ga a na go batlisisa seno? Gonne o lemoga diphiri tsa pelo.” (Pesalema 44:20, 21) Moporofeti Isaia o ne a kwala jaana: “Ntshetsang Jehofa ditebogo! Bitsang leina la gagwe. Itsiseng ditšhaba ditiro tsa gagwe. Umakang gore leina la gagwe le godisitswe.”—Isaia 12:4.

Modimo ka boene o ne a re: “Ba tla tshwanelwa ke go itse gore leina la me ke Jehofa.” (Jeremia 16:21) Nako nngwe o ne a re: “Ruri ke tla itshepisa leina la me le legolo, le le neng le itshepololwa mo gare ga ditšhaba, . . . mme ditšhaba di tla itse gore ke nna Jehofa.” (Esekiele 36:23) Mangwe a mafoko ano a bua ka nako ya fa Jehofa a tla bo a tsaya kgato a galefile kgatlhanong le batho ba ba tlontlololang leina la gagwe. Modimo o tsaya kgang e e amanang le leina la gagwe e le botlhokwa thata.

Jehofa Modimo ga a Kgakala le Wena

O ka itse Modimo jang ka leina? Go itse Modimo ka leina go kaya eng? Baebele e araba jaana: “Ba ba itseng leina la gago ba tla go ikanya.” (Pesalema 9:10) Ga go pelaelo gore go itse Modimo ka leina go akaretsa se se fetang go itse fela gore leina la gagwe ke mang. O tshwanetse go mo ikanya. Seno se bolela gore o mo itse gore ke Modimo yo o ntseng jang mme o ithute ka dinonofo le dikakanyo tsa gagwe. Seno se tla go tlhotlheletsa gore o mo ikanye.

Go bala le go ithuta Baebele ka kelotlhoko ke gone fela go ka go thusang go tlhaloganya gore Jehofa ke Modimo yo o ntseng jang. O solofetsa go sireletsa batho ba ba mo ratang le ba ba ratang leina la gagwe. Modimo o bua jaana ka motho yo o dirang jalo: “Gonne o tlhomile lorato lwa gagwe mo go nna, gape ke tla mo falotsa. Ke tla mo sireletsa ka gonne o setse a itse leina la me. O tla mpitsa, mme ke tla mo araba. Ke tla nna le ene mo matshwenyegong. Ke tla mo namola ke bo ke mo galaletse. Ke tla mo kgotsofatsa ka boleele jwa malatsi, mme ke tla dira gore a bone poloko ya me.”—Pesalema 91:14-16.

A kamano e e molemo jang ne e Jehofa Modimo a nang le yone le batho ba ba mo itseng ka leina! Le wena o ka nna le kamano e e ntseng jalo le ene. Ka nako ya fa o mo rapela go tswa pelong, o se ka wa okaoka go mmitsa ka leina. O tla go araba ka gonne, fela jaaka Baebele e bua, ‘ga a kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.’—Ditiro 17:27.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, ke thanolo ya Baebele e e dirisang puo ya segompieno mo boemong jwa puo e e dirisitsweng mo dithanolong tsa bogologolo. Sengwe sa botlhokwa thata ka thanolo eno ke gore e buseditse leina la Modimo mo le tshwanetseng teng mo ditemaneng tsa Baebele. Go tla go fitlha gompieno, e gatisitswe e feletse kgotsa bontlhanngwe jwa yone ka dikhopi di feta dimilione di le 122 ka dipuo di le 45.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 11]

Modimo o go Itse ka Leina

Modimo o ne a raya Moshe a re: “Ke go itse ka leina.” (Ekesodo 33:12) Seno se supelwa ke pego e e itsegeng thata e e ka ga setlhatshana se se tukang. Baebele e bolela gore Modimo o ne “a mmitsa go tswa mo gare ga setlhatshana se se mitlwa a re: ‘Moshe! Moshe!’” (Ekesodo 3:4) Seno ke sekai se le sengwe fela sa dinako di le dintsi tse ka tsone Modimo a neng a bitsa batho ka maina a bone. Go bonala sentle gore Mmopi wa lobopo lotlhe o kgatlhegela mongwe le mongwe wa rona.

Baebele e bolela gore Modimo o itse nngwe le nngwe ya dinaledi di le dimilione di le diketekete ka leina. (Isaia 40:26) Ruri o tshwanetse a bo a amega le go feta ka batho ba ba mo obamelang! Moaposetoloi Paulo o ne a bolela gore “Jehofa o itse ba e leng ba gagwe.” (2 Timotheo 2:19) Seno ga se reye fela gore o tshwara maina a bone ka tlhogo. Modimo o itse baobamedi ba gagwe sentle. Le rona re tshwanetse go itse Modimo ka leina le go itse dinonofo tsa gagwe sentle.

Buka ya bofelo ya Baebele e tlhalosa buka nngwe ya tshwantshetso e Modimo a kwalang mo go yone maina a batho botlhe ba ba ileng ba mo obamela go ralala hisitori. Buka eno e bidiwa “lokwalo lwa momeno lwa botshelo” ka gonne Jehofa Modimo o tla naya batho ba maina a bone a kwadilweng mo go yone botshelo jo bo sa khutleng. (Tshenolo 17:8) Eno ke isagwe e e itumedisang tota e batho ba ba itseng Modimo ka leina ba tla nnang le yone.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 12]

Ba Ile ba Itsise Leina la Modimo

● Pina ya ga Moshe ka nako ya fa Baiseraele ba tloga ba tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng: “Ke tla bolela leina la ga Jehofa.”Duteronome 32:3.

● Mafoko a Dafide a neng a a bolelela Goliathe: “Ke tla kwa go wena ka leina la ga Jehofa wa masomosomo.”1 Samuele 17:45.

● Mafoko a ga Jobe fa a sena go latlhegelwa ke sengwe le sengwe se a neng a na le sone, le fa bana botlhe ba gagwe ba sena go swa ka tshoganyetso: “A leina la ga Jehofa le nne le bakwe.”Jobe 1:21.

● Moaposetoloi Petere a nopola Dikwalo Tsa Sehebera mo puong ya gagwe: “Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.”Ditiro 2:21.

● Moporofeti Isaia: “Ntshetsang Jehofa ditebogo! Bitsang leina la gagwe. . . . Umakang gore leina la gagwe le godisitswe.”Isaia 12:4.

● Jesu Keresete a ruta barutwa ba gagwe go rapela: “Ka jalo, lo rapele ka tsela eno: ‘Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.’”Mathaio 6:9, 10.

● Jesu Keresete a rapela Modimo: “Ke bonaditse leina la gago.”Johane 17:6.

● Modimo a bua le batho ba gagwe: “Ke nna Jehofa. Ke lone leina la me; mme ga nkitla ke naya ope o sele kgalalelo ya me.”Isaia 42:8.