Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Nwa Bobe go Maswe go le Kalo Tota?

A go Nwa Bobe go Maswe go le Kalo Tota?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A go Nwa Bobe go Maswe go le Kalo Tota?

LETAGWA lengwe le tiro ya lone e leng go tshegisa batho, le ntse le tlhagelela thata mo seraleng le mo dibaesekopong ka dingwaga di le dintsi. Le fa batho bano ba tiro ya bone e leng go tlosa ba bangwe bodutu ba ka ne ba tshameka fela, tsela e ba dirang ka yone e bontsha ditsela tse di farologaneng tse batho ba ikutlwang ka tsone ka go nwa bobe, ee, gore ke bokoa fela jo motho a nang le jone mme ga go kotsi ka gope.

Gone mme, boammaaruri ke gore go nwa bobe go kotsi. World Health Organization e tsaya go nwa bobe e le sengwe sa dilo tse dikotsi thata mo boitekanelong jwa batho mo lefatsheng ka bophara. Go bolelwa gore ntle le go tshwakgolwa ke motsoko, go nwa bobe go baka dintsho le malwetse a mantsi go feta le fa e le eng se se tshwakgolang, e bile go dirisa madi a a fetang dibilione tsa diranta tse 1,3 a ikonomi ya Amerika ka ngwaga.

Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba tswelela pele ba sa tseye tsia kotsi e e bakiwang ke go nwa bobe. Le fa ba ka dumela gore go nwa bobe go ka nna le ditlamorago tse di kotsi, ga ba bone phoso epe fa motho a nwa bobe sewelo fela. Basha bangwe mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, ba leba go nwa bobe e le sengwe sa dilo tse di tshwanetseng go direga tse di bontshang gore jaanong o fetela mo bogolong. Mme le fa mekgatlho ya boitekanelo e ka tlhagisa batho ka dikotsi tsa go nwa bobe, go nwa bobe sewelo mo go tlhalosiwang e le go nwa dino di le tlhano kgotsa go feta ka nako e le nngwe, ke bothata jwa batho ba dingwaga tsotlhe. Go a utlwala he go bo batho ba le bantsi ba ipotsa gore a go nwa bobe go maswe go le kalo tota. Baebele ya reng?

Beine le Dino Tse di Tagang—Ke Dimpho Tse di Tswang Kwa Modimong

Baebele e na le go umaka beine le dino tse di tagang gantsi. Kgosi Solomone o ne a kwala jaana: “Tsamaya, o je dijo tsa gago ka boipelo mme o nwe beine ya gago ka pelo e e itumetseng, ka gonne Modimo wa boammaaruri o setse a ipeletse ditiro tsa gago.” (Moreri 9:7) Mopesalema o ne a dumela gore Jehofa Modimo ke Motlamedi wa “beine e e ipedisang pelo ya motho yo o nang le go swa.” (Pesalema 104:14, 15) Go bonala gore beine ke nngwe ya dimpho tse di akarediwang mo masegong a Jehofa a a neileng batho.

Go phepafetse gore go nwa beine e ne e le selo se Jesu a neng a se amogela. Tota e bile, kgakgamatso ya gagwe ya ntlha e ne e le ya go fetola metsi gore e nne beine e e monate thata kwa moletlong wa lenyalo. (Johane 2:3-10) Gape o ne a dirisa beine go tshwantshetsa sentle madi a gagwe fa a ne a tlhoma Sejo sa Morena sa Maitseboa. (Mathaio 26:27-29) Tota e bile Baebele e umaka mosola wa beine mo go alafeng, ka gonne moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa Timotheo go “dirisa beine e nnye ka ntlha ya mala a [gagwe].”—1 Timotheo 5:23; Luke 10:34.

Se se Botlhokwa ke go Nwa ka Tekatekano

Ela tlhoko gore Paulo o ne a akantsha go nwa “beine e nnye” fela. Baebele e kgala ditsela tsotlhe tsa go sa dirise bojalwa sentle. Baperesiti ba Bajuda ba ne ba gololesegile gore ba ka nwa ka tekanyo fa ba ne ba sa bereke. Le fa go ntse jalo, ba ne ba ileditswe go nwa dino dipe fela tse di tagang fa ba ne ba dira ditiro tsa bone tsa boperesiti. (Lefitiko 10:8-11) Morago ga dingwaga di le dintsi, Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba tlhagisiwa gore matagwa ‘ga a na go rua bogosi jwa Modimo.’—1 Bakorintha 6:9, 10.

Mo godimo ga moo, fa Paulo a ne a laela Timotheo o ne a re ba ba eteletseng pele mo phuthegong ga ba a tshwanela go nna ‘matagwa a a tsosang modumo’ kgotsa ‘ba ineele mo beineng e ntsi.’ * (1 Timotheo 3:3, 8) Tota e bile, Baebele e laela gore matagwa a a sa ikwatlhayeng a tlosiwe mo phuthegong ya Bokeresete. (1 Bakorintha 5:11-13) Fela jaaka Dikwalo di bontsha sentle, “beine ke mosotli.” (Diane 20:1) Go nwa bobe go ka dira gore motho yo o noleng a se ka a kgona go itshwara sentle le go dira ditshwetso tse di siameng.

Lebaka La go Bo Lefoko la Modimo le Kgala go Nwa Bobe

Jehofa, ‘Yo o re rutang gore re solegelwe molemo,’ o itse gore fa re ka dirisa sengwe ka tsela e e sa tshwanelang, re feleletsa re ikutlwisitse botlhoko le go utlwisa ba bangwe botlhoko. (Isaia 48:17, 18) Go ntse jalo le ka go nwa dino tse di tagang. Lefoko la Modimo le botsa jaana: “Ke mang yo o nang le tatlhego? Ke mang yo o sa ritibalang? Ke mang yo o manganga? Ke mang yo o nang le matshwenyego? Ke mang yo o nang le dintho kwantle ga lebaka? Ke mang yo o nang le matlho a a letobo?” Le araba jaana: “Ba ba nnelang beine nako e telele, ba ba tsenang go tla go senka beine e e tlhakantsweng.”—Diane 23:29, 30.

Batho ba le bantsi ba dirile dilo tse dintsi tse di se nang tlhaloganyo le tse dikotsi ka go bo ba nole thata: ba kgweetsa le fa ba sa bone sentle mme ba ipaya le go baya ba bangwe mo kotsing, ba bontsha molekane wa motho yo mongwe lorato ka mo go sa tshwanelang, ba bua le go dira ditiro tsa boeleele kgotsa tse di sa siamang. (Diane 23:33) Go nwa bobe go ile ga bidiwa sentle gore ke bongwe jwa mathata a a senyang a a tshwenyang batho gompieno. Ga go gakgamatse go bo Modimo a gakolola jaana: “O se ka wa nna mo gare ga ba ba nwang beine bobe”!—Diane 23:20.

Mo go Bagalatia 5:19-21, Paulo o umaka mediro ya botagwa le mediro ya ditlhapelo e le “ditiro tsa nama” go farologana le maungo a moya wa Modimo. Go nwa bobe go senya kamano e motho a nang le yone le Modimo. Go phepafetse he gore Bakeresete ba tshwanetse go tila go nwa bobe.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 E re ka balebedi le batlhanka ba bodiredi ba tshwanetse go nna dikao mo letsomaneng ka ditshwetso tse ba di dirang le ka tsela e ba itshwarang ka yone ba bontsha ditekanyetso tse di kwa godimo tsa ga Jehofa kafa ba ka kgonang ka gone, mme seno se dira le mo Bakereseteng ba bangwe ka tsela e e tshwanang.