Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘E Tletse ka Boammaaruri jo bo Botlhokwa’

‘E Tletse ka Boammaaruri jo bo Botlhokwa’

‘E Tletse ka Boammaaruri jo bo Botlhokwa’

Eo ke tsela e mokaedi wa setheo se se tlhokomelang balwetse ba ba lwalelang la go swa kwa Illinois, U.S.A., a neng a tlhalosa boroutšhara jwa Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala ka yone. Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a mo romeletse boroutšhara eno le makasine wa Tsogang! ka poso ka gonne morago ga gore Mosupi yono a bale makasine oo wa Tsogang!, o ne a lemoga gore palo e ntsi ya batho ba ba ipolayang ke batsofe. Fa mokaedi wa setheo seno a sena go amogela dibuka tseno, o ne a mo araba ka bonako.

Fa mokaedi yono a sena go lemoga gore boroutšhara jono jwa Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala bo tletse ka boammaaruri jo bo botlhokwa thata, o ne a kwala jaana: “Nka itumelela thata go bo abela . . . malapa a a tla gomodiwang ke dikakantsho tsa jone tse di molemo le ditemana le metlotlo ya jone ya Baebele.”

Mosupi yono o ne a leletsa mokaedi yono mogala ka bonako mme a dira dithulaganyo tsa gore a mo etele ka namana. Mokaedi o ne a kopa diboroutšhara di le 20 le gore go ikgolaganngwe le setheo seno mo dikgweding dingwe le dingwe di le pedi kgotsa di le tharo gore a romelelwe diboroutšhara tse dingwe gape.

Gongwe wena kgotsa mongwe yo o mo itseng lo ka rata go gomodiwa ke go bala boroutšhara jono jwa ditsebe tse 32. O ka kopa boroutšhara jono ka go tlatsa setlankana se se fa tlase o bo o se romela kwa atereseng e e mo go sone kgotsa e e tshwanetseng mo go tse di mo go tsebe 5 ya makasine ono.

□ Ke kopa gore lo nthomelele boroutšhara jwa Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, kwantle ga gore ke ipofe ka sepe.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya legae ya Baebele ya mahala.