Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Lekwa Tumelo

Go Lekwa Tumelo

Go Lekwa Tumelo

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA GREAT BRITAIN

RICHMOND ke toropo e ntle e e kwa North Yorkshire, kwa Engelane. Kago ya yone ya phemelo, e e agilweng morago ga phenyo ya Ba-Normandy ka 1066, e dira gore o kgone go bona bontle jo bo ka kwa ga mokgatšha wa noka ya Swale, go ela kwa Yorkshire Dales National Park.

Lenaneo lengwe la thelebishene la The Richmond Sixteen, le senotse dintlha dingwe tse di botlhokwa malebana le hisitori ya motlha wa gompieno ya kago eno ya phemelo—le tlhalosa ka se se neng sa direga ka batho ba le 16 ba ba neng ba tshwerwe koo ka nako ya ntwa ya Lefatshe 1 ka go bo ba ne ba gana go ya bosoleng ka ntlha ya digakolodi tsa bone. Go ne ga direga eng ka bone?

Go Patelediwa go Kwadisediwa Bosole

Fa Boritane e sena go simolola ntwa ka 1914, bosetšhaba bo ne jwa tlhotlheletsa banna ba ba ka nnang dimilione di le 2,5 gore ba tsenele bosole. Le fa go ntse jalo, ka go bo masole a le mantsi a ne a gobala e bile go bonala gore ntwa e ne e sa ye go fela ka bonako jaaka fa boradipolotiki ba ne ba solofeditse, rahisitori wa ntwa e bong Alan Lloyd a re “banna ba ne ba patelediwa go tsenela bosole go na le gore ba kopiwe.” Ka jalo, ka lekgetlho la ntlha mo hisitoring ya Boritane ka March 1916, banna ba ba sa nyalang ba ne ba patelediwa go kwadisediwa bosole.

Go ne ga tlhomiwa dikgotla di le dikete di le pedi gore di reetse boikuelo jwa bone, mme ke ba le mmalwa fela ba ba neng ba gana ka ntlha ya segakolodi sa bone ba ba neng ba rebolwa gore ba se ka ba tsenela bosole. Ba le bantsi ba ba neng ba gana go tsenela bosole ka ntlha ya digakolodi tsa bone ba ne ba laelwa gore e nne masole a a sa yeng ntweng, mme ba beetswe go thusa mo dilong tse di tla thusang masole a mangwe. Ba ba neng ba gana go tsenela bosole ba ne ba sa ntse ba lebiwa e le ba ba tshwanetseng go kwadisediwa bosole mme ba ne ba sekisiwa ke kgotlatshekelo ya sesole. Ba ne ba tshwarwa makgwakgwa le go tsenngwa mo dikgolegelong, gantsi dikgolegelo tseno di ne di le mo maemong a a maswe e bile di pitlagane.

Batshwarwa ba le Lesome le Borataro ba Richmond

Mo gare ga ba le lesome le borataro ba Richmond, go ne go na le Baithuti ba Baebele ba Ditšhabatšhaba ba le batlhano, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsege ka nako eo. Herbert Senior, yo o nnileng Moithuti wa Baebele ka 1905 fa a na le dingwaga di le 15, o ne a kwala jaana morago ga dingwaga di le 50: “Re ile ra tsenngwa mo diseleng tse e neng e kete molete. Go bonala di ne di sa dirisiwe ka dingwaga di le dintsi thata, e re ka go ne go na le leswe la disentimetara di le tlhano go ya go tse supa fa fatshe.” Bosheng jaana go ne ga senolwa ka ditshwantsho tse di takilweng le mokwalo o magolegwa a ileng a o tshwantsha le go o kwala mo maboteng a disele a a tshasitsweng kalaka mme gone jaanong o sa tlhole o bonala sentle e bile o sa balege sentle mo mafelong mangwe. Mo go one go ne go kwadilwe e bile go tshwantshitswe maina, melaetsa le ditshwantsho tsa baratiwa ba bone mmogo le dipolelo tsa tumelo.

Legolegwa lengwe le ne la kwala jaana: “Bogolo nka swa ka ntlha ya gore ke tshegeditse melaometheo ya me go na le gore ke swe ka ntlha ya go bo ke se na melaometheo epe.” Melaetsa e le mentsi e akaretsa ditshupiso di le dintsi ka Jesu Keresete le dithuto tsa gagwe, e bile gape go na le ditshwantsho tse di dirilweng sentle tsa letshwao la sefapaano le serwalo sa bogosi, se se neng se dirisiwa ka nako eo ke Mokgatlho wa Baithuti ba Baebele ba Ditšhabatšhaba (International Bible Students Association [IBSA]). Herbert Senior o gakologelwa gore mo leboteng la sele ya gagwe o ne a dira setshwantsho sa “Chart of the Ages” e e neng e le mo bukeng ya go ithuta Baebele ya The Divine Plan of the Ages mme ga se a ka sa bonwa. Sone mmogo le mekwalo e mengwe mo dikagong tsa kgolegelo se ka ne se sa tlhole se bonala sentle kana se latlhegile ka tsela nngwe. Mokwalo o mongwe o balega jaana: ‘Clarence Hall, Leeds, I.B.S.A. May 29, 1916. O rometswe kwa Fora.’

Ba Romelwa Kwa Fora Mme Ba bo Ba Busediwa Morago!

Batho ba ba neng ba swa mo ntweng kwa Fora le Belgium ba ne ba oketsega ka selekanyo se se tshosang. Molaodi wa ntwa e bong Horatio Herbert Kitchener le Mojenerale wa Moboritane e bong Douglas Haig ba ne ba tlhoka masole a a oketsegileng ka bonako, go akaretsa le banna ba ba nyetseng, ba le bone ka May 1916 ba neng ba patelediwa go ikwadisetsa go ya bosoleng. Badiredi bano ba ne ba ikaelela go otlhaya ba ba ganang go tsenela bosole gore ba bangwe ba tle ba tshabe go gana go ikwadisetsa bosole. Ka jalo Batshwarwa ba le 16 ba Richmond ba ne ba pegwa mo tereneng e se kafa molaong ba supilwe ka ditlhobolo, ba golegilwe mabogo mme ba isiwa ka sephiri kwa Fora go dirisiwa tsela e e modikologa. Makasine wa Heritage wa re kwa lotshitshing lwa lewatle la Boulogne “banna bano ba ne ba bofelelwa ka terata e e mebitlwa mo dikoteng, jaaka e kete ba ne ba bapolwa,” mme ga dirwa gore ba lebelele lesole la Moboritane le bolawa ke masole a a bolayang ka go bo le ne le tshabile. Ba ne ba bolelelwa gore go ne go tla direga se se tshwanang ka bone fa ba ne ba sa ikobele ditaelo.

Mo bogareng jwa June 1916, magolegwa a ne a isiwa gore a ye go ema fa pele ga masole a le 3 000 gore ba utlwe ka katlholo ya bone ya loso, mme ka nako eno Kitchener o ne a tlhokafetse, mme tonakgolo ya Boritane o ne a tsenelela go ba thusa. Posokarata ya molaetsa o o kwadilweng ka ditlhaka tsa sephiri e ne e fitlhile kwa balaoding ba kwa Lontone, mme ditaelo tse di neng di neetswe masole di ne di fetotswe. Mojenerale Haig o ne a laelwa gore a emise dikatlholo tsotlhe tsa loso mme a atlholele magolegwa ano gore a dire tiro ya botlhanka ka dingwaga di le lesome.

Pego nngwe ya puso ya re fa batshwarwa bano ba ba 16 ba boa go tswa kwa Boritane, bangwe ba bone ba ne ba isiwa kwa matikiring a a kwa Scotland go dira “tiro e e tla thusang setšhaba” kafa tlase ga maemo a a sa itumediseng. Ba bangwe, mongwe wa bone e le Herbert Senior, ba ne ba busediwa gape kwa dikgolegelong tse e seng tsa sesole.

Ngwaoboswa

Ka ntlha ya go bo mabota a disele a ne a le bokoa, pontsho e e bontshang dilo di le dintsi kwa Richmond Castle, e gone jaanong e tlhokometsweng ke mokgatlho wa English Heritage, e na le khomputara e e thusang bajanala go keleka disele le ditshwantsho tse di mo maboteng a yone kwantle ga go di senya. Ditlhopha tsa baithuti di thusiwa go bona gore ke ka ntlha yang fa batho ba ba ganang go tsenela bosole ka ntlha ya digakolodi tsa bone ba ne ba ikemiseditse go otlhaiwa, go tsenngwa mo dikgolegelong gongwe le go bolawa ka ntlha ya se ba se dumelang ka pelo yotlhe.

Batshwarwa ba le Lesome le Borataro ba Richmond ba ne ba atlega “go dira gore kgang ya go bo ba ne ba gana go ya bosoleng ka ntlha ya digakolodi tsa bone e itsege mme ba ne ba simolola go dira gore batho ba amogele tshwetso e ba e dirileng le go e tlotla.” Seno se ne sa dira gore balaodi ba tlhaloganye boemo jwa bone fa ba dirisana le ba ba ikwadisitseng gore ba se ka ba ya bosoleng ka ntlha ya digakolodi tsa bone ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II.

Ka ngwaga wa 2002, go ne ga dirwa tshingwana e ntle mo mabaleng a kago eno ya phemelo go gopola Batshwarwa ba le 16 ba Richmond ba lebogelwa bopelokgale jwa bone.

[Ditshwantsho mo go tsebe 28, 29]

Go tswa kafa molemeng go ya kwa mojeng: Tora ya lekgolo la bo12 la dingwaga ya Richmond Castle, le lefelo le le nang le disele

Herbert Senior, mongwe wa Batshwarwa ba le Lesome le Borataro ba Richmond

Nngwe ya disele tse Batshwarwa ba le Lesome le Borataro ba Richmond ba neng ba tsentswe mo go yone

Setshwantsho se se bonalang kwa morago: Dikarolo tsa mekwalo e e kwadilweng mo leboteng la kgolegelo ka dingwaga