Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Leba Diruiwa Tsa mo Gae ka Tsela e e Tshwanetseng

Leba Diruiwa Tsa mo Gae ka Tsela e e Tshwanetseng

Leba Diruiwa Tsa mo Gae ka Tsela e e Tshwanetseng

JAAKA go umakilwe mo setlhogong se se fetileng, motho o ne a filwe boikarabelo jwa go tlhokomela lefatshe le diphologolo tsotlhe tse di leng mo go lone. Baebele ya re: “[Modimo] o beile sengwe le sengwe kafa tlase ga dinao tsa gagwe: dihutshane le dipoo, tsotlhe fela, le dibatana tsa naga e e bulegileng, dinonyane tsa legodimo le ditlhapi tsa lewatle.”—Pesalema 8:6-8; 115:16.

Tsela e batho ba diragatsang maikarabelo a bone a go tlhokomela diphologolo ka yone e botlhokwa thata. Lefoko la Modimo la re: “Mosiami o tlhokomela moya wa seruiwa sa gagwe.” (Diane 12:10) Ee ruri, melao e Modimo a neng a e naya Baiseraele e ne e gatelela gangwe le gape botlhokwa jwa go akanyetsa diphologolo. (Duteronome 22:4, 10; 25:4) Gantsi batho ba ile ba diragatsa boikarabelo jono ka go neneketsa diruiwa tsa mo gae, ba kgwabofatsa diphologolo tsa naga le go di rua.—Genesise 1:24.

Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go lebala gore Baebele e gatelela gore go na le pharologanyo magareng ga batho le diphologolo. Batho ke bone ba bopilweng mo ‘setshwanong sa Modimo le kafa tshwanong ya gagwe,’ e seng diphologolo. (Genesise 1:26) Mme le fa diphologolo di ne di sa bopelwa gore di tshelele ruri, batho bone ba ne ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng. (Genesise 3:22, 23; Pesalema 37:29) Jesu Keresete o ne a bolela gore fa re batla go bona “botshelo jo bo sa khutleng,” re tshwanetse go nna le tumelo le kitso ka Modimo—e leng dilo tse diphologolo di ka se kang tsa kgona go di dira. (Johane 3:36; 17:3) Mo godimo ga moo, Baebele e tshwantsha batho ba ba sa tshwanelwang ke tsogo le “diphologolo tse di sa akanyeng tse ka tlholego di tsaletsweng go tshwarwa le go senngwa.”—2 Petere 2:9-12.

Di Bopetswe go Solegela Batho Molemo

Modimo o ne a bopa diphologolo gore di solegele batho molemo. Diphologolo di ka ba thusa go dira ditiro tsa bone e bile di ka nna ditsala tsa bone kana diruiwa tse ba di neneketsang. Gape diphologolo di bontsha bogolo jwa lorato lwa Modimo le botlhale jwa gagwe. Eleruri go a itumedisa go bona bontle jwa diphologolo le go ithuta mo gontsi ka Mmopi mo botlhaleng jwa tsone jo bo gakgamatsang jwa tlholego. (Pesalema 104:24; Diane 30:24-28; Baroma 1:20) Sekai se le sengwe fela mo dikaing di le dintsi tse di bontshang botlhale joo ke sa ditshenekegi. Sengwe se se gakgamatsang tota, ke tsela e dinotshe di buisanang ka yone, le kafa di kgonang go lemoga ka teng kwa dijo di leng gone—re sa bue sepe ka tsela e di agang ka yone mamepe a tsone a a raraaneng.

Diphologolo di ka solegela batho molemo ka gore ba di je. Kwa tshimologong, Modimo o ne a letleletse batho gore ba je merogo fela. Mme dingwaga di feta 1 600 moragonyana—morago ga Morwalela wa motlha wa ga Noa—Modimo o ne a re: “Phologolo nngwe le nngwe e e tsamayang e e tshelang e ka nna ya nna dijo tsa lona. Jaaka go ntse ka dimela tse di tala, ke di lo naya tsotlhe.” (Genesise 1:29; 9:3) Ka gone, Modimo o ne a letla batho go ja diphologolo. Ga go pelaelo gore Modimo o ne a letlelela seno gore batho ba solegelwe molemo, le mororo kwa tshimologong a ne a sa bopela diphologolo gore di jewe.

Mathata ka Diruiwa Gompieno

Go ralala hisitori, go bonala go ne go sa tlwaelega gore diruiwa tsa mo gae di letlelelwe go nna mo ntlong, mme go sa ntse go le jalo mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe. Le fa go ntse jalo, bosheng jaana go setse go tlwaelegile gore diruiwa tsa mo gae di nne mo ntlong e re ka batho ba ile ba fudugela kwa ditoropong mme ba simolola go huma. Seno se bakile mathata mangwe mo dinageng tse di tlhabologileng.

Mo diruiweng di ka nna dimilione di le 500 tse di leng mo lefatsheng lotlhe, palo e e gakgamatsang ya diperesente di ka nna 40 tsa tsone di fitlhelwa kwa United States. Go na le dintša di ka nna dimilione di le 59 le dikatse di ka nna dimilione di le 75 tse di ruilweng kwa nageng eo. Le fa go ntse jalo, palo ya tsone mo ntlong nngwe le nngwe kwa Lontone le kwa Paris e feta ya kwa New York City!

Dikuta di ka nna 70 tse di bidiwang di-caninette di ne tsa hirwa kwa Paris dingwaga di le mmalwa tse di fetileng go gopa mantle a dintša mo mebileng. Go ne go fopholediwa gore dintša tse di ka nnang 250- 000 tsa kwa Paris di dira leswe la ditone di le 25 letsatsi le letsatsi, mme dikuta tseno di sa tlose le halofo ya lone. Go ne go begwa gore ka ngwaga batho ba le makgolo a le mantsi ba ne ba gobala le go isiwa bookelong ka ntlha ya go relela mo mantleng a dintša.

Mo godimo ga moo, go na le bothata jwa modumo. Beng bangwe ba dintša ba kgona go itshokela dilo tse di dirwang ke diruiwa tsa bone tse ba neng ba ka se ka ba di itshokela fa di dirwa ke batho ba bangwe. Go ya ka The Pet Care Forum, “go bonala beng ba dintša tse di bogoletseng ruri ba kgona go itlhokomolosa modumo wa tsone.” Ka sekai, bangwe ga ba tseye matsapa ape go didimatsa dintša tsa bone fa di bogola, tota le fa ba tshwere motlotlo o o botlhokwa.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, ntša e ka tswa e le bonolo e bile e ritibetse fa mong wa yone a le teng, mme e bo e tshwenya baagelani fa a seyo. Ke boammaaruri gore beng ba diruiwa tsa mo gae ba ka di rata le fa di dira dilo tseno, mme moagelani wa bone yo o berekang bosigo kgotsa mmè yo o lekang go robatsa ngwana a ka nna a se ka a kgona go di itshokela. Mo godimo ga moo, dintša tse di jewang ke bodutu di ka nna tsa baka tshenyo, tsa tshwenyega thata mo maikutlong le e leng go galefa.

Selekanyo se diruiwa tsa mo gae di atang ka sone ke bothata jo bo bonalang thata mo ditoropong. Go fopholediwa gore ngwaga le ngwaga go tsalwa dintša di le dimilione di le 17 le dikatse di le dimilione di le 30 kwa United States. Bontsi jwa tsone di feleletsa di le kwa mafelong a go tlhokomelwang diphologolo kwa go one, koo ngwaga le ngwaga go bolawang dimilione di ka nna nnè go ya go tse thataro tsa tsone.

Ke eng fa diphologolo di le dintsi jaana di isiwa kwa lefelong leno le di tlhokomelwang kwa go lone? Gantsi seno se bakwa ke gore motho o a bo a sa tlhole a rata seruiwa sa gagwe. Ntšanyana ele e e rategang kgotsa katsana ele e ntle e a gola mme ka nako eo e tlhoka tlhokomelo e kgolo. Mme go ka nna ga se ka ga nna le ope mo lelapeng yo o ka nnang le nako kgotsa bopelotelele jwa go tshameka le yone kgotsa go e thapisa. Mokwadi le mankge wa diphologolo e bong Dr. Jonica Newby a re: “Go farologana le se batho ba le bantsi ba se dumelang, dipatlisiso tse di dirilweng mo lefatsheng lotlhe di bontsha ka metlha gore halofo ya dintša tse di leng kwa lefelong le go tlhokomelwang diphologolo kwa go lone di a bo di sa latlhiwa, go na le moo di isiwa koo ke beng ba tsone ba ba sa tlholeng ba kgona go itshokela tsela e di bogolang ka yone, e di senyang ka yone kgotsa e di leng matlhagatlhaga thata ka yone.”

Aterese nngwe ya khomputara e e nayang tshedimosetso ka ga go oketsega thata ga diruiwa tsa mo gae e sobokanya kgang eno jaana: “Dibopiwa tse di tshelang di setse di tsewa e le dilo tse di ka latlhiwang, tse di ka tshwarwatshwarwang fa di sa ntse di le dintlenyana di bo di latlhiwa fa di setse di tshwenya. Mokgwa ono wa go sa amege ka diphologolo o setse o tseneletse mo setsong sa rona e bile o a se senya.”

Dintlha Tsa Botlhokwa Tse di Tlhokang go Akanyediwa

Fa motho a nna mo toropong mme a batla go nna le seruiwa sa mo gae o tshwanetse go akanyetsa seno ka kelotlhoko. Diruiwa tse di matlhagatlhaga tsa mo gae di tlhoka go ikatisa letsatsi le letsatsi gore di nne le botsogo jo bontle. “National People and Pets Survey” ya kwa Australia e ne ya bolela jaana: “Ntša e tlhoka go nna e tsamaisiwa le go katisiwa gore e itekanele sentle. Go ka nna thata go laola dintša tse di sa fiweng nako e e lekaneng ya go ikatisa.” Le fa go ntse jalo, beng ba le bantsi ba diruiwa tseno ba boa ba lapile go tswa tirong gore ba ka tsamayatsamaya le dintša tsa bone gore di kgone go dirisa matlhagatlhaga a di nang le one.

Ka jalo, batho ba ba akanyetsang go nna le diruiwa tsa mo gae ba tshwanetse go ipotsa dipotso tseno: ‘A ke tla kgona go tlhokomela seruiwa sa me sentle? A tsela e ke tshelang ka yone e tla feleletsa e dirile gore seruiwa sa me se tlhole mo e ka nnang letsatsi lotlhe go se na ope yo o se tlhokomelang? A ke tla nna le nako ya go tsamayatsamaya le seruiwa sa me kgotsa go tshameka le sone? Fa ntša ya me e tlhoka go katisiwa, a ke iketleeleditse go e katisa kgotsa go e isa kwa sekolong se di katisiwang kwa go sone? A go nna le seruiwa sa mo gae go tla ntseela nako ya go dira dilo tsa botlhokwa le go feta?’

Ntlha e nngwe e e tshwanetseng ya akanyediwa ke gore go nna le seruiwa sa mo gae go ja madi a mantsi. Fa go ne go dirwa patlisiso nngwe ya beng ba diruiwa tsa mo gae go ne ga lemogiwa gore motho yo o ruileng ntša kwa United States o duela R1 407 ngwaga le ngwaga a duelela kalafi ya yone mme yo o ruileng katse o duela R746. Mme madi ano a ne a sa akaretse a dijo le dilo tse dingwe tse diruiwa tseno di di tlhokang letsatsi le letsatsi. Mo godimo ga moo, mo mafelong mangwe, batho ba tshwanetse go ntsha madi a go kwadisa diruiwa tsa bone.

Go Thata go Leba Dilo ka Tsela e e Tshwanetseng

Mmopi wa rona o tshwanetse a bo a itumela fa re kgatlhegela diphologolo tse a di bopileng e bile re di rata. Ka jalo, a o a lemoga gore go tla bo go sa tshwanela go sotla diphologolo? Mme gone, gantsi batho ba itlosa bodutu ka go sotla diphologolo tse di jaaka dipoo, dintša le dikoko le go dira gore di bolaane fa di lwa. Ka maswabi, ga se ka metlha batho ba tshwarang diphologolo ka lorato lo Modimo a neng a batla gore ba di tshware ka lone.

Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho bangwe ba amega thata ka diruiwa tsa bone go feta go amega ka dilo tsa botlhokwa thata. Tota e bile, fa batho ba sa laole tsela e ba ratang diruiwa tsa bone ka yone, ba ka amega thata ka tsone go feta kafa ba amegang ka batho ba bangwe ka gone. Ka sekai, fa bookelo bongwe jwa diphologolo bo ne bo sha, mme beng ba diruiwa ba kokoane kwa ntle, ga twe bangwe “ba ne ba leka go itshukunyetsa le fa batimamolelo ba ne ba thibile gore ba se ka ba tsena, ba lelela gore ba batla go swa le diruiwa tsa bone tse di rategang.”

Ke boammaaruri gore motho a ka utlwa botlhoko thata fa a bona seruiwa sa gagwe se swa. Mme le mo maemong a a ntseng jalo, motho o tshwanetse go leba dilo ka tsela e e tshwanetseng. Jaaka go umakilwe pelenyana, diphologolo di ne di sa bopiwa mo setshwanong sa Modimo le gone di ne di sa bopelwa gore di tshelele ruri jaaka go ntse ka batho. Baebele e bolela jaana malebana le tsela e Modimo a dirileng batho ka yone: “E bile o tsentse bosakhutleng mo pelong ya bone.” Mme ga go buiwe sepe ka diphologolo malebana le seno.—Moreri 3:11.

Ka jalo, Baebele ga e re go phoso go bolaya diphologolo—tota e bile gompieno di setse di jewa ke batho ba le bantsi. Le fa go ntse jalo, go tweng ka go bolaya seruiwa se se rategang sa mo gae—ka sekai, fa se lwala e bile se boga thata? Ruri eno e ka nna tshwetso e e bokete le e e botlhoko thata e motho a ka tshwanelwang ke go e dira! Le fa go ntse jalo, motho yo o ratang seruiwa sa gagwe sa mo gae a ka nna a swetsa ka gore go se bolaya ka bonako le ka tsela e e se kitlang e se utlwisa botlhoko go botoka go feta go se batlela kalafi e e turang e tota e dirang gore se itshokele botlhoko ka lobaka lo loleele fela—mme seno se ka nna sa ba sa dira gore lelapa le tsene mo mathateng a madi.

Modimo o rata batho ka lorato lo logolo; a le rona ga re a tshwanela go rata le go amega ka diphologolo tse a laetseng gore re di tlhokomele? Gantsi batho ba ba nang le lorato lo lo ntseng jalo, ba kgatlhwa thata ke tebelelo ya go tshela ka boitumelo le diphologolo, e leng se Mmopi a neng a se ikaeletse kwa tshimologong. Setlhogo sa bofelo mo motseletseleng ono se tla bua ka ntlha eno malebana le diruiwa tsa mo gae.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Ke eng fa diruiwa di le dimilione di le dintsi tse di kwa mafelong a go tlhokomelwang diphologolo kwa go one di bolawa ngwaga le ngwaga?

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Hulton-Deutsch Collection/CORBIS

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Go nna le seruiwa sa mo gae, segolo jang mo bathong ba ba nnang mo ditoropong, go na le boikarabelo jo bogolo go feta jaaka batho ba le bantsi ba akanya

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Mmopi wa rona o a itumela fa re tshwara diphologolo ka bopelonomi