Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ntwa ya Nuklea—Ke Bomang ba ba Bakang Matshosetsi?

Ntwa ya Nuklea—Ke Bomang ba ba Bakang Matshosetsi?

Ntwa ya Nuklea—Ke Bomang ba ba Bakang Matshosetsi?

“Matshosetsi a gore lotso lwa batho lo tla nyelediwa gotlhelele ka ntwa ya nuklea ke selo sa mmatota. Matshosetsi ano a sa ntse a le teng le gompieno, . . . le fa gone Ntwa ya Molomo e khutlile dingwaga di feta lesome tse di fetileng.”—Robert S. McNamara, yo e kileng ya bo e le Mokwaledi wa Lefapha la Tshireletsego la United States, le G. Blight, yo e leng porofesa wa ditirisano tsa boditšhabatšhaba wa Watson Institute for International Studies.

FA NTWA YA MOLOMO e ne e khutla ka 1991, lonaka lwa metsotso lwa tshupanako e e itsegeng ya tshenyego le ne la isiwa kwa morago gore le eme mo metsotsong e le 17 pele ga “bosigogare.” Tshupanako eno ya tshenyego e tshwantshitswe mo khabareng ya makasine wa Bulletin of the Atomic Scientists mme ke letshwao le le bontshang kafa lefatshe le leng gaufi thata ka gone go nna le ntwa ya nuklea (bosigogare). Ka one ngwaga oo, lonaka lono lwa metsotso lo ne lwa isiwa gape kwa moragonyana go tswa mo bosigogareng go gaisa nako epe e sele fa e sa le tshupanako eno e nna gone ka 1947. Le fa go ntse jalo, fa e sa le go tloga ka nako eo, lonaka lwa metsotso lo simolotse go isiwa kwa pele gape. Ka sekai, ka February 2002, nako ya tshupanako eno e ne ya isiwa kwa pele go nna metsotso e le supa pele ga bosigogare, e leng lekgetlo la boraro e isiwa kwa pele fa e sa le Ntwa ya Molomo e khutla.

Ke eng fa bagatisi ba makasine oo wa saense ba ile ba bona go tlhokega gore ba ise nako ya tshupanako eno kwa pele? Ke eng fa ba akanya gore ntwa ya nuklea e sa ntse e ka nna gone? Mme ke mang yo o tshosetsang kagiso?

Sengwe se se Bofitlha ka Kgang ya go “Fokotsa” Dimmisaele Tsa Nuklea

Makasine wa Bulletin of the Atomic Scientists o tlhalosa jaana: “Go sa ntse go na le dibetsa tsa nuklea di feta 31 000.” O tswelela jaana: “Diperesente di le 95 tsa dibetsa tseno di kwa United States le Russia, mme di feta 16 000 tsa tsone di siametse go ka dirisiwa nako nngwe le nngwe.” Bangwe ba ka nna ba lemoga se go bonalang e le go ikganetsa mo palong ya dimmisaele tsa nuklea tse di sa ntseng di le teng. A mebuso eno e mebedi e megolo e e di gogang kwa pele mo dibetseng tsa nuklea e ne e sa bolela gore e fokoditse dibetsa tsa yone gore nngwe le nngwe ya yone e nne le di le 6 000?

Se se latelang se senola sengwe se se bofitlha ka kgang eno ya go “fokodiwa” ga dibetsa tsa nuklea. Pego e e neng ya ntshiwa ke Carnegie Endowment for International Peace e tlhalosa jaana: “Palo eno ya 6 000 ke palo ya dimmisaele tse di mo lenaaneng la dibetsa la mebuso eno e mebedi e go dumalanweng ka yone mo tumalanong ya START [Strategic Arms Reduction Talks]. Dinaga tseno ka bobedi di tla ipolokela diketekete tsa dibetsa tse dingwe tse di hulelwang gautshwane le tse di tla dirisiwang mo isagweng.” (Mokwalo o o sekameng ke wa rona.) Go ya ka Bulletin of the Atomic Scientists, “palo e ntsi ya dibetsa tsa ntwa tsa United States tse di ntshitsweng mo mabolokelong tse di setseng di siametse go dirisiwa di tla nna di bolokilwe (mmogo le tse dingwe di le 5 000 tse di beetsweng kwa thoko gore di dirisiwe mo isagweng) go na le gore di tlhatlhamololwe.”

Ka gone, mo godimo ga diketekete tsa dibetsa tsa nuklea tse di setseng di siametse go ka dirisiwa tse di hulelwang kwa lefelong le le rileng tse di beetsweng go dirisiwa mo isagweng—tse di kgonang go romelwa ka tlhamalalo go tswa kwa kontinenteng e nngwe go ya go e nngwe—go na le diketekete tse dingwe tsa dimmisaele tsa nuklea le dibetsa tse dingwe tse di diretsweng go hulelwa gaufi. Ga go pelaelo gore mebuso eno e mebedi e megolo mo dibetseng tsa nuklea e sa ntse e na le dibetsa tseno di le dintsi mo mabolokelong a yone a dibetsa tse di ka kgonang go senya batho botlhe ba ba mo lefatsheng ka makgetlo a le mantsintsi! Go nna le dibetsa tse di kotsi jaana go lere matshosetsi a mangwe gape—a go hulwa ga dimmisaele tsa nuklea ka phoso.

Ntwa ya Nuklea E e Ka Runyang ka Kotsi

Go ya ka Robert S. McNamara le James G. Blight, ba ba nopotsweng pelenyana, “masole a United States a ntse a laolwa ke ‘thulaganyo ya gore a nne a ntse a iketleeditse go dirisa dibetsa tsa nuklea.’” Seno se bolelang? Ba tlhalosa jaana: “Dibetsa tsa rona di setse di siametse go ka hulwa fa tsa Russia tsone di setse di le mo lefaufaung,” mme ba oketsa ka go re: “Go ya ka molao, ga go a tshwanela ga feta metsotso e e fetang 15 gore dimmisaele tsa rona di hulwe go tloga ka nako ya tlhagiso ya ntlha ya gore Russia e a tlhasela.” Go ya ka se se ileng sa bolelwa ke mongwe yo e kileng ya bo e le modiredimogolo wa United States wa go hulwa ga dimmisaele tsa nuklea tse di romelwang kwa lefelong le le rileng, “mo e ka nnang dimmisaele tsotlhe di setse di siametse go hulwa mo lobakeng lwa metsotso e le mebedi fela.”

Boemo jono jwa gore di nne di siametse go hulwa nako nngwe le nngwe bo ka dira gore dimmisaele tseno di hulwe ka phoso ka ntlha ya tlhagiso e e seng yone. Setlhogo sengwe mo U.S.News & World Report se tlhalosa jaana: “Go setse go nnile le makgetlo a le mmalwa a mo go one go neng ga ntshiwa ditaelo tsa mmatota tsa gore go tlhaselwe tse di dirilweng ka phoso ka nako ya fa Amerika e ne e ithapisetsa go dirisa dibetsa tsa nuklea.” Ditlhagiso tse e seng tsone tse di tshwanang le tseno di ile tsa nna gone le kwa Russia. Fa sesutlhalefaufau sa dipatlisiso sa kwa Norway se ne se dira gore go nne le tlhagiso e e seng yone ka 1995, poresidente wa Russia o ne a simolola go rulaganyetsa gore dimmisaele tsa nuklea di hulwe.

Tsela eno e e dirisiwang ya gore dibetsa tseno di nne di siametse go ka hulwa e lere kgatelelo e kgolo mo go ba ba tlhomilweng go ntsha taelo ya gore di dirisiwe. Ka lesego, mo nakong e e fetileng batho bano ba ba tlhomilweng go ntsha ditaelo ba ile ba lemoga gore ditlhagiso tsa nako eo e ne e se tsone, mme go tla go fitlha jaanong, ntwa ya nuklea e ile ya kgona go thibelwa. Malebana le tiragalo nngwe ya 1979, mmatlisisi mongwe o ne a tlhalosa jaana: “Se se ileng sa thibela dimmisaele tsa Amerika [gore di se ka tsa hulwa] ke disathalaete tsa rona tse di neelang tlhagiso go sa le gale, ka gonne di ile tsa bontsha gore ga go na dimmisaele dipe tsa Soviet mo lefaufaung.” Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e ya, dithulaganyo tse di ntseng jalo tsa disathalaete di a onala. Babatlisisi le batlhatlhobi ba amegile ka gore “bontsi jwa disathalaete tsa Russia tse di ntshang tlhagiso go sa le gale ga di tlhole di bereka kgotsa di sutile mo medikong ya tsone ya mo lefaufaung.” Ka gone, fela jaaka molaodimogolo wa masole a lewatle yo o rotseng tiro a boletse dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, “go na le kgonagalo e kgolo thata gompieno go feta nako epe pele ya gore naga nngwe e tlhaselwe e sa lebelela kgotsa gore mmisaele o hulelwe felo gongwe ka ntlha ya tlhagiso e e seng yone, kgotsa gore boikarabelo jwa go ntsha taelo ya gore di hulwe bo neelwe motho yo o sa tshwanelegeng kgotsa di hulwe ka phoso.”

Maloko a Masha a Dinaga Tse di Nang le Dibetsa Tsa Nuklea

Le fa gone mebuso eno e mebedi e megolo e le yone e e nang le dibetsa tse dintsi tsa nuklea, go na le mebuso e mengwe e le yone e nang le dibetsa tsa nuklea e e jaaka China, Fora le Great Britain. Mebuso eno e go itsegeng sentle gore e na le dibetsa tsa nuklea, bosheng jaana e ne ya amogela India le Pakistan go nna maloko a masha. Kwantle ga dinaga tseno, tse dingwe gape di le mmalwa, go akaretsa le Iseraele, gantsi di tlhalosiwa e le dinaga tse di batlang go nna le dibetsa tsa nuklea—kgotsa gongwe e bile di setse di na le tsone.

Fa dipe fela tsa dinaga tseno tse di nang le dibetsa tsa nuklea di ka nna le kgotlhang ya sepolotiki, go akaretsa le tse di sa tswang go nna le tsone, seo se ka dira gore go runye ntwa ya nuklea. Makasine wa Bulletin of the Atomic Scientists o tlhalosa jaana: “Kgotlhang gareng ga India le Pakistan . . . e ile ya batla e dira gore dinaga tseno tse pedi di nne le ntwa ya nuklea fa e sa le go tloga ka ditherisano tsa Cuban Missile Crisis.” Batho ba le bantsi ba ne ba simolola go boifa gore ntwa ya nuklea e ka nna ya runya ka ntlha ya kgotlhang e e neng ya gakala mo masimologong a 2002.

Mo godimo ga moo, go dirwa ga dibetsa tse dingwe tse di kgonang go bolaya palo e kgolo ya batho go ile ga oketsa kgonagalo ya gore go dirisiwe dibomo tsa nuklea. Fa The New York Times e ne e bua ka pego nngwe ya sephiri ya Pentagon, e ne ya bolela gore “go ka direga gore go dirisiwa ga dibetsa tsa nuklea go senya mabolokelo a baba a dibetsa tsa megare, tsa dikhemikale le tse dingwe tse di bakang tshenyo e kgolo” e nne bontlhanngwe jwa leano la Amerika la go dirisa dibetsa tsa nuklea.

Go tlhaselwa ga United States ke dirukhutlhi ka September 11, 2001, go ne ga tsibosa lefatshe ka matshosetsi a mangwe gape a nuklea. Batho ba le bantsi jaanong ba dumela gore mekgatlho ya dirukhutlhi e leka go itirela dibetsa tsa nuklea—kgotsa e setse e na le tsone. Seo se ka kgonega jang?

Dirukutlhi le Dibomo Tse di Dirwang ka Masalela a Dibetsa Tsa Nuklea

A go a kgonega gore go ka dirwa bomo ya nuklea ka dilo tse di e dirang tse di rekisiwang ka bokhukhuntshwane? Go ya ka makasine wa Time seo se a kgonega. Makasine ono o ne wa bega ka setlhopha se se neng sa tlhomiwa gore se thibele borukhutlhi jwa dibetsa tsa nuklea. Go tla go fitlha jaanong, setlhopha seno “se setse se phuthile selekanyo se se fetang somepedi” sa dibomo tse di itiretsweng mo gae go dirisiwa “dilo tsa botegeniki tse di rekwang mo mabenkeleng a dilwana tsa eleketeroniki le dilwana tsa nuklea tse di rekisiwang ka bokhukhuntshwane.”

Go latlhiwa ga dibetsa tsa nuklea le go tlhatlhamololwa ga tsone go dirile gore bothata jwa gore dilwana tsa nuklea di utswiwe bo oketsege. Makasine wa Time wa re: “Go tlhatlhamololwa ga diketekete tsa dibetsa tsa nuklea tsa Russia go tswa mo mafelong a a sireletsegileng sentle a dimmisaele, a difofane tse di dirisiwang go hula dibomo le dikepe tsa ka fa tlase ga lewatle, di bo di bewa mo mabolokelong a a sa sireletsegang go le kalo go tla dira gore di utswiwe ke dirukhutlhi tse di ititeileng sehuba.” Fa setlhopha se sennye sa batho se ka nna le dilwana tsa dibetsa tse di tlhatlhamolotsweng tsa nuklea se bo se di kopanya gape go nna dibetsa, setlhopha se se ntseng jalo ka bonako fela se ka nna karolo ya dinaga tse di nang le dibetsa tsa nuklea!

Makasine wa Peace o bontsha gore tota e bile ga go tlhokege gore motho a kopanye dilwana tse di dirang bomo ya nuklea gore a tsewe a na le dibetsa tsa nuklea. Se se tlhokegang fela ke gore o nne le selekanyo se se rileng sa metale wa uranium kgotsa plutonium se se lekaneng go ka dira bomo ya nuklea. Makasine ono wa re: “Dirukhutlhi tse di nang le uranium e e kgonang go dira dibetsa tsa segompieno di ka kgona go itirela bomo motlhofo fela ka go kopanya halofo ya yone le halofo e nngwe.” Go tlhokega selekanyo se se kana kang sa dilwana tseno go dira dibetsa tsa nuklea? Go ya ka makasine oo, “dikilogerama di le tharo di tla bo di lekane.” Selekanyo seno sa dilo tse di kgonang go dira sebetsa sa nuklea se batlile se lekana le se se neng sa amogiwa batho ba ba fetisang dilo ka bokhukhuntshwane mo melelwaneng ba ba neng ba tshwarwa ka 1994 kwa Repaboliking ya Czech!

Masalela a dilwana tsa nuklea a ka nna a dira gore bangwe ba nne le dibetsa tsa nuklea. The American Spectator ya re: “Se tota se tshwenyang baitse ke go kopanngwa ga marang a a kotsi a nuklea le dilwana tse dingwe tse di tlwaelegileng tse di kgonang go thunya.” Dibetsa tsa mofuta ono tse di nnang gone ka ntlha ya didiriswa tse di anamisang marang a a kotsi a nuklea, di tsewa e le dibomo tse di seng kafa molaong tse di dirilweng ka masalela a nuklea. Di kotsi go le kana kang? Lekwalodikgang lwa IHT Asahi Shimbun le tlhalosa gore dibomo tse di seng kafa molaong di dirisa “dilwana tse di thunyang tse di tlwaelegileng go anamisa marang a a kotsi a nuklea, go bolaya batho ka botlhole go na le go ba thunya le go ba fisa.” Lo tswelela jaana: “Matswela a tsone mo bathong e ka nna go lwala ka ntlha ya marang le go swa loso lo lo botlhoko ka iketlo.” Le fa gone bangwe ba bolela gore go dirisa dibetsa tse di bonwang motlhofo tse di dirilweng ka masalela a nuklea go ka se bake tshenyo e e kalo, go nna gone ga dilwana tse di dirang dibetsa tsa nuklea ka bokhukhuntshwane go tshwenya batho ba le bantsi. Go ya ka patlisiso ya bosheng ya lefatshe lotlhe, diperesente di feta 60 tsa badiradipatlisiso ba akanya gore borukhutlhi jwa dibetsa tsa nuklea bo tla nna gone mo dingwageng di le lesome tse di tlang.

Ga go pelaelo gore matshosetsi a nuklea e sa ntse e le selo sa mmatota mo bathong. Guardian Weekly ya kwa Boritane ya January 16-22, 2003, e ne ya akgela jaana: “Kgonagalo ya gore United States e tla dirisa dibetsa tsa nuklea e kgolo thata go gaisa nako epe e sele fa e sa le ka motlha o o masisi wa ntwa ya molomo. . . . United States e ntse e oketsa ka iketlo dilo tse di farologaneng tse e akanyang gore di tla e naya lebaka la go dirisa dibetsa tsa nuklea.” Ka gone, go a utlwala go botsa jaana: A ntwa ya nuklea e ka thibelwa? A go na le tsholofelo ya gore go tla tsamaya go nna le lefatshe le le se nang matshosetsi a ntwa ya nuklea? Dipotso tseno di tla sekasekiwa mo setlhogong se se latelang.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

A ke Motlha wa Bobedi wa Nuklea?

Mokwaladikgang e bong Bill Keller (yo gone jaanong e leng morulaganyi wa The New York Times), fa a ne a kwala mo go The New York Times Magazine, o ne a bontsha gore dinaga di tsene mo motlheng wa bobedi wa nuklea. Motlha wa ntlha o ne wa nna gone go fitlha ka January 1994, fa Ukraine e ne e dumalana go latlha dibetsa tsa yone tse e neng e di tlogeletswe ke puso ya pele ya Soviet Union. Ke eng fa a bua ka motlha wa bobedi wa nuklea?

Keller o kwala jaana: “Motlha wa bobedi o ne wa simologa fa sekaka sa Rajasthani se ne se kurutla ka 1998, fa puso ya bosetšhaba e e neng e sa tswa go tlhomiwa ya Bahindu kwa India e ne e lekeletsa dibetsa tsa yone tsa nuklea ka go hula di le tlhano tsa tsone. Dibeke di le pedi moragonyana Pakistan le yone e ne ya dira se se tshwanang.” Ke eng se se neng se dira gore go lekelediwa gono ga dibetsa go farologane le ga motlha wa ntlha wa nuklea? “Tseno e ne e le dibetsa tsa nuklea tse di dirilweng go akantswe ka kgaolo e e rileng.”

Ka gone, a lefatshe le ka ikutlwa le sireletsegile fa e le fano go na le dinaga tse dingwe gape tse pedi tse di nang le dibetsa tsa nuklea? Keller o tswelela jaana: “Naga nngwe le nngwe e e sa tswang go nna le dibetsa tsa nuklea e oketsa kgonagalo ya gore e nne le ntwa e e akaretsang naga e nngwe e e nang le dibetsa tsa nuklea.”—“Se se Ka Diregang,” The New York Times Magazine, May 4, 2003, tsebe 50.

Boemo jono bo raraanngwa go ya pele ke dikgang tsa gore Korea Bokone e ka tswa e na le “plutonium e e lekaneng gore e ka dira dibomo tse dingwe gape tsa nuklea di le thataro. . . . Letsatsi lengwe le lengwe le oketsa kgonagalo ya gore Korea Bokone e tla atlega mo go itireleng dibetsa tse disha tsa nuklea, gongwe e bile e bo e lekeletsa nngwe ya tsone go bontsha gore e atlegile.”—The New York Times, July 18, 2003.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 7]

Disathalaete tsa bogologolo tse di ntshang tlhagiso go sa le gale di a onala

[Motswedi wa Setshwantsho]

NASA photo

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Modiredimogolo wa puso o bontsha bomo ya nuklea e e diretsweng ditekeletso e e lebegang jaaka “sutukeisi”

[Motswedi wa Setshwantsho]

AP Photo/Dennis Cook

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 5]

Earth: NASA photo