Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Balweladiphetogo Ba na Le Tharabololo?

A Balweladiphetogo Ba na Le Tharabololo?

A Balweladiphetogo Ba na Le Tharabololo?

BAGWEBI ba ba tsietsang, balaodi ba ba gobelelang, ditiro tsa tshiamololo, kalafi ya maemo a a kwa tlase, thuto ya maemo a a kwa tlase, go jewa ntsoma ga batho ke bodumedi le go senngwa ga tikologo—tseno ke dilo tse di tlogelang bontsi jwa rona re swabile. Dilo tseno gape ke tsone tse di tlhotlheletsang balweladiphetogo gore ba tseye dikgato.

Balweladiphetogo ba fitlhelwa mo e batlileng e nna mo setšhabeng sengwe le sengwe, mo ba kgothaletsang diphetogo ka tsela e e rulaganeng le e e kafa molaong. Gantsi ga se batho ba ba dirang gore go nne le tlhakatlhakano kgotsa ba ba tsuologang, e re ka bontsi jwa bone ba dira dilo ka tsela ya semolao e bile ba tila thubakanyo. Balweladiphetogo ba le mmalwa ba na le maemo a a kwa godimo mo setšhabeng mme ba tsaya kgato pele go lere diphetogo. Ba bangwe ba leka go tlhotlheletsa le go kopa balaodi gore ba tseye kgato.

Balweladiphetogo ba leka go dira gore setšhaba se akanyetse bosha tsela e se ka rarabololang dikgang dingwe ka yone. Ga ba nne kgatlhanong le dilo dingwe fela; ba na le dikakantsho tsa kafa dilo di ka tokafadiwang ka gone. Balweladiphetogo ba ka itsise dilo tse ba amegileng ka tsone ka go kopa thuso ya setšhaba, ka go dira ditshupetso mo mebileng kgotsa ba itsise maikaelelo a bone mo metsweding ya dikgang. Selo se se maswe go gaisa se se ka diragalelang molweladiphetogo ke fa setšhaba se mo itlhokomolosa.

Balweladiphetogo go Ralala Hisitori

Go ile ga nna le diphetogo tse dintsi mo hisitoring. Baebele e re bolelela gore dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, sebui sengwe sa phatlalatsa se ne sa akgola Felise, yo e neng e le moemedi wa mmusi wa porofense ya Roma ya Judea, ka mafoko ano: “Diphetogo di diragala mo setšhabeng seno ka ntlha ya go akanyetsa pele ga gago.” (Ditiro 24:2) Mo e ka nnang dingwaga di le 500 pele ga Felise, motlhomamolao wa Mogerika e bong Solon o ne a buelela le go dira gore go nne le diphetogo tsa go tokafatsa maemo a batho ba ba humanegileng. The Encyclopædia Britannica e tlhalosa gore Solon “o ne a fedisa maemo a a maswe go gaisa a khumanego” kwa Athena wa bogologolo.

Hisitori ya bodumedi e tletse thata ka balweladiphetogo. Ka sekai, Martin Luther o ne a leka go fetola Kereke ya Katoliki ya Roma, mme dikgato tse a neng a di tsaya di ne tsa thusa gore go nne le Boporotesetanta.

Se Bolweladiphetogo bo se Akaretsang

Balweladiphetogo ba ka nna ba leka go fetola le dilo tse di sa reng sepe. Bangwe ba rotloetsa mokgwa wa botshelo o o farologaneng gotlhelele le o go tshelwang ka one. Seno ke se se ileng sa dirwa ke mokgatlho wa kwa Jeremane wa Lebensreform (bolweladiphetogo jwa mokgwa wa botshelo) mo masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga. Ka ntlha ya go anama ga madirelo mo setšhabeng, batho ba le bantsi ba ile ba ikutlwa gore ga ba sa tlhole ba tsewa ba le botlhokwa e bile ba a tlhokomologiwa mo botshelong. Balweladiphetogo ba ne ba buelela gore go boelwe gape kwa mokgweng o motho a neng a tshela ka one pele. Ba ne ba rotloetsa go itekanela mo mmeleng, go dira ditiro tsa kwa ntle, go dirisa dilo tsa tlholego go alafa malwetse le go ja merogo.

Balweladiphetogo ba bangwe ba ile ba senola go tlhoka tshiamiso ba bo ba gatelela puso gore e baakanye boemo jono. Fa e sa le go tloga kwa masimologong a bo1970, ditlhopha tsa batho ba ba dirang ditshupetso tsa go sireletsa tikologo di ile tsa nna kgatlhanong le go sotliwa le go senngwa ga tikologo. Fa e sa le go tloga ka nako eo dingwe tsa ditlhopha tseno di ile tsa gola go nna mekgatlho ya mo lefatsheng lotlhe. Batho ba ba dirang ditshupetso ga ba dire fela megwanto ya go bontsha gore ba kgatlhanong le dilo tse di gobatsang tikologo. Ba ntsha le dikakantsho tsa kafa boemo bo ka baakanngwang ka gone. Dingwe tsa dilo tse ba ileng ba thusa mo go tsone ke gore go fetolwe melao e e mabapi le go latlhelwa ga matlakala a a botlhole mo lewatleng le go bolawa ga maruarua.

Ka dingwaga tsa bo1960, Lekgotla la Bobedi la Vatican le ne la simolola go fetola Kereke ya Katoliki ya Roma. Ka dingwaga tsa bo1990 go ile ga nna le batho ba e seng ba maemo mo kerekeng ba ba neng ba batla gore go nne le diphetogo mo Kerekeng ya Katoliki. Ka sekai, ba ile ba akantsha gore go nne le diphetogo mo kgannyeng ya go se nyale. Balweladiphetogo ba Kereke ya Engelane ba ne ba kgona go lere phetogo ya gore basadi le bone ba letlelelwe go nna baruti.

Ga se Batho Botlhe Ba ba Di Ratang

Diphetogo dingwe di ile tsa nna le melemo e megolo. Ka sekai, mo Baebeleng re fitlhela dikai di le dintsi tsa baeteledipele ba setšhaba le batho ba bangwe ba ba neng ba rotloetsa diphetogo tse di mosola. Maiteko a a ntseng jalo a ile a tsosolosa boemo jwa batho jwa semoya, a ntšhafatsa setšhaba le go dira gore se amogelwe ke Modimo. (2 Dikgosi 22:3-20; 2 Ditiragalo 33:14-17; Nehemia, kgaolo 8 le 9) Bosheng jaana go buelelwa thata ga dikgololesego tsa botlhokwa, ditshwanelo tsa setšhaba le ditshwanelo tsa batho go ile ga thusa thata gore go sirelediwe le go femela batho ba maemo a a kwa tlase ba ba humanegileng le batho ba ba bogisiwang.

Le fa go ntse jalo, fa diphetogo di setse di dirilwe gantsi di na le go nna le matswela a a neng a sa lebelelwa. John W. Gardner, yo e neng e le modiredimogolo wa puso mo lekgolong la bo20 la dingwaga o ne a re: “Sengwe sa dilo tse di gakgamatsang mo hisitoring ke gore balweladiphetogo gantsi ba tlhaetsa matlho matswela a diphetogo tse ba di batlang.” Akanya ka dikai dingwe.

Go tloga mo masimologong a dingwaga tsa bo1980, Lekgotla la Dinaga Tsa Yuropa le ne la simolola diphetogo mo temothuong ka boikaelelo jwa gore go sirelediwe naga e mo go yone go tlhogang bojang fela le ya ditlhatshana. Melao e mesha ya temothuo e ne ya dira gore diheketara di le 300 000 tsa naga e e siametseng go lengwa kwa Jeremane le Italy e fetolwe go nna naga fela ya bojang. Le fa gone balweladiphetogo ba ne ba na le maitlhomo a a molemo, go ne go na le mathata a ba neng ba sa kgone go a bonela pele. United Nations Environment Programme e ne ya re: “Le fa gone seno kwa tshimologong se ne sa amogelwa ka boitumelo e le tshono ya go tokafatsa maemo a tikologo a mafelo ano, melao eno ya go ‘beela kwa thoko’ mafelo mangwe gore a se ka a lengwa, e ka nna le ditlamorago tse di sa siamang—tse di ka dirang gore batho ba itlhokomolose tsela ya bone ya setso ya go lema mme ba simolole go dirisa mekgwa e e sa siamang ya go tlhokomela dikgwa kgotsa go di jala mo mafelong a pele a neng a se na dikgwa.”

International Fund for Agricultural Development e ne ya bolela jaana malebana le maiteko a go thusa batho ba ba humanegileng: “Maiteko otlhe a a dirwang e le gore batho ba ba humanegileng ba solegelwe molemo ke diphetogo tse di dirwang semolao a lebane le bothata jo bogolo. Gantsi go simololwa ditheo mme di bo di solegela batho ba ba nang le taolo molemo. . . . ‘Batho ba maemo’ go bonala ba dirisa ditheo tsa mo mafelong a bone gore di solegele bone molemo.”

Sekai se sengwe ke sa mokgatlho wa basadi, o o neng wa fetola matshelo a basadi kwa dinageng tsa Bophirima ka go dira gore le bone ba nne le tshwanelo ya go bouta le gore ba nne le tshono ya go bona thutego le ditiro tsa maemo a a kwa godimo. Mme tota le bangwe ba batho ba ba tshegetsang go gololesega ga basadi ba a dumela gore mekgatlho e e lwelang ditshwanelo tsa basadi e rarabolotse mathata a a rileng fa kafa letlhakoreng le lengwe e gakaditse a mangwe. Susan Van Scoyoc yo e leng mokwadi o ne a botsa jaana: “A tota re tokafaditse maemo a basadi kgotsa, a ka go lebelela gore basadi ba lekalekane le banna mo tirong kwantle ga go buelela gore balekane ba bone ba ba thuse ka ditiro tsa kwa gae, re ba ketefaleditse dilo le go feta?”

Diphetogo Tse di se Nang Mosola

Balweladiphetogo bangwe ba ile ba latofadiwa ka gore ba batla diphetogo kwantle ga mabaka a a utlwalang. Frederick Hess, yo o ithutetseng bolweladiphetogo jwa kwa sekolong, fa a tlhalosa se a se bitsang gore ke diphetogo tse di se nang mosola, o ne a re: “Selo se se dirang gore maiteko a magolo a go lere diphetogo a felele ka mahutsana ke tsela e diphetogo tseno ka botsone di dirwang ka yone. Go na le gore maiteko ano a go lere diphetogo a rarabolole mathata, a ile a nna dikgoreletsi tse di tsietsang tse tota di gakaditseng” mathata a di neng di tshwanetse go a rarabolola. O tswelela jaana: “E re ka puso nngwe le nngwe e tla le diphetogo tse disha, go lere diphetogo go nna go ntse go boaboelediwa mo dingwageng dingwe le dingwe di le mmalwa.”

Bolweladiphetogo gape bo ka felela bo dirisediwa go rotloetsa dilo di sele, tse ka dinako tse dingwe di leng kotsi. Mokgatlho wa Lebensreform kwa Jeremane o ne wa thusa gore go nne le thuto ya kafa go ka tokafadiwang lotso lwa batho ka gone ka go tlhopha batsadi ba ba tla nnang le bana ba ba nonofileng. Le fa go ntse jalo, batho ba ba ratang go feteletsa dilo ba ile ba dirisa kitso eno ka tsela e e sa siamang go ema nokeng Puso ya Banasi mo kgopolong ya yone ya go bopa lotso lwa maemo a a kwa godimo.

Tota le batho ba ba buelelang diphetogo ka tlhoafalo ka dinako tse dingwe ba swabisiwa ke matswela a tsone. Mokwaledikakaretso wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e bong Kofi Annan o ne a bolela jaana ka khutsafalo: “Ke akanya gore selo se se ngomolang pelo le go feta ke gore rotlhe re a itse gore ke eng se se phoso le gore ke eng se se tshwanetseng go dirwa, mme gantsi ga re se dire. Ka dinako tse dingwe mokwaledi yo o eteletsweng pele ke mokwaledikakaretso o newa taelo ya go dira sengwe ka boemo bongwe jo bo tlhokang go fetolwa, mme o fitlhele madi a a tlhokegang gore phetogo eo e dirwe a seyo. Ka dinako tse dingwe, fa dilo tse di sa dumelesegeng di direga mme re batla go tsibosa lefatshe ka tsone, ga go ope yo o batlang go dira sengwe ka gone ka ntlha ya dilo tse di maswe tse di neng tsa direga mo nakong e e fetileng.”

Balweladiphetogo ba ka se lebelele gore ba ratiwe, ka gonne fa ba itsise batho mekgele ya bone, ba ama botshelo jwa batho ba bangwe ka tsela e e sa itumediseng. Jürgen Reulecke, yo e leng porofesa wa hisitori ya segompieno le mankge mo go tsa bolweladiphetogo, yo o neng a nopolwa mo lekwalodikgannyeng la Die Zeit o ne a re: “Molweladiphetogo ga a bolo go nna sekgoreletsi mo bathong.” Mo godimo ga moo, le fa gone bontsi jwa balweladiphetogo ba sa tlole molao e bile ba tila go dirisa thubakanyo, bangwe ba bone ba fela pelo fa diphetogo di sa tle ka bonako. Mo maemong a a ntseng jalo mokgatlho o o lwelang diphetogo o ka nna wa fetoga go nna o o lwang le o o tlolang molao.

A diphetogo tse dintsi tse di dirilweng mo dingwageng tsa bosheng di ile tsa dira gore batho ka kakaretso ba kgotsofalele botshelo? Ga go bonale go ntse jalo. Ka sekai, kwa Jeremane, dipatlisiso tse di dirwang mo bathong di bontsha gore mo e ka nnang dingwaga di le 35 tse di fetileng, go bonala selekanyo sa go kgotsofalela botshelo se sa fetoga. Go tweng ka bodumedi? A go tlisa diphetogo mo bodumeding go ile ga ngokela batho ba le bantsi mo bodumeding? A jaanong batho ba kgotsofaletse bodumedi jwa bone? Nnyaa, seno se bonala sentle mo kgannyeng ya gore palo e e oketsegang ya batho ba dinaga tsa kwa Bophirima ga ba tlhole ba kgatlhegela bodumedi e bile ga ba tlhole ba re sepe ka bodumedi jwa bone.

A Jesu Keresete E ne E le Molweladiphetogo?

Batho bangwe ba ka nna ba bolela gore Jesu Keresete e ne e le molweladiphetogo. A go ntse jalo? Potso eno e botlhokwa mo go ope fela yo o batlang go nna motlhanka wa boammaaruri wa Modimo, e re ka seno se akaretsa go latela dikgato tsa ga Keresete gaufiufi.—1 Petere 2:21.

Ga go na pelaelo gore Jesu o ne a na le bokgoni jwa go lere diphetogo. E re ka e ne e le monna yo o itekanetseng, a ka bo a ile a etelela pele mo go direng sengwe se sesha ka go lere diphetogo tse dikgolo. Le fa go ntse jalo, Keresete ga a ka a simolola letsholo la go fedisa badiredibagolo ba ba tletseng tsietso mo lefatsheng kgotsa borakgwebo ba ba sa ikanyegeng. Ga a ka a etelela pele ditshupetso tsa mo mebileng tse di kgatlhanong le tshiamololo, le fa gone ene ka boene a ne a tla direlwa tshiamololo e e maswe go gaisa. Ka dinako tse dingwe Jesu o ne a sena “gope kwa a ka latsang tlhogo ya gagwe gone.” Le go ntse jalo, ga a ka a simolola setlhopha sa batho ba ba lwelang ditshwanelo tsa batho ba ba tlhokang magae. O ne a tlhalosa jaana fa batho bangwe ba ne ba bontsha go amega thata ka tsa madi: “Lo na le bahumanegi ka metlha.” Jesu o ne a sa tseye letlhakore mo dintweng tsa lefatshe.—Mathaio 8:20; 20:28; 26:11; Luke 12:13, 14; Johane 6:14, 15; 18:36.

Ke boammaaruri gore mathata a a jaaka khumanego, tsietso le tshiamololo a ne a ama Keresete maikutlo. Tota e bile, Baebele e bontsha gore o ne a tshwenngwa thata ke seemo se se utlwisang botlhoko sa batho. (Mareko 1:40, 41; 6:33, 34; 8:1, 2; Luke 7:13) Mme se a neng a se dira e ne e le tharabololo e e sa tshwaneng le epe. Tharabololo e Keresete a neng a akantse ka yone, e ne e se phetogo e e sa reng sepe, mme e ne e le phetogo e e amanang le go fetola gotlhelele tsela e merero ya batho e laolwang ka yone. Phetogo eno e tla dirwa ke Bogosi jwa kwa legodimong jo bo tla tlisiwang ke Mmopi wa batho, Jehofa Modimo, mme bo tsamaisiwa ke Jesu Keresete e le Kgosi ya jone. Seno se tla sekasekwa mo setlhogong se se latelang.

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Sengwe sa dilo tse di gakgamatsang mo hisitoring ke gore balweladiphetogo gantsi ba tlhaetsa matlho matswela a diphetogo tse ba di batlang.”—John W. Gardner

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

“Ke akanya gore selo se se ngomolang pelo le go feta ke gore rotlhe re a itse gore ke eng se se phoso le gore ke eng se se tshwanetseng go dirwa, mme gantsi ga re se dire.”—Mokwaledikakaretso wa lekgotlha la Ditšhaba Tse di Kopaneng, Kofi Annan

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

“Ke ne Ka Baya Botshelo Jwa me mo Kotsing go Sireletsa Tikologo”

Hans o feditse dingwaga di le 48 a tsamaya ka sekepe, go akaretsa le dingwaga di feta 35 tse a di feditseng e le kapotene wa sekepe. Go ela kwa bofelong jwa tiro eno ya gagwe ya boitshediso, o ne a nna kapotene ya sekepe se se neng se dirisiwa ke mokgatlho wa tikologo. O tlhalosa jaana:

“Ga ke bolo go nna ke dumela gore batho ba tshwanetse go tlotla tikologo le go tshwara dilo tsa tlholego ka seriti. Ka gone fa ke ne ke newa tiro ya go nna kapotene wa sekepe sa mokgatlho wa tikologo, ke ne ka e amogela ka yone nako eo. Tiro ya rona e ne e le go senola matshosetsi a a neng a lebane tikologo. Ka bonako fela fa re sena go rulaganya letsholo la mo lewatleng, re ne ra kopa bobegadikgang gore bo nne le seabe go ngoka kgatlhego ya batho. Re ne ra ya kwa lewatleng mme ra tsaya kgato go leka go emisa go latlhelwa ga leswe la marang a a kotsi le dilo tse di botlhole mo go lone. Mo letsholong le lengwe, re ne ra leka go emisa go bolawa ga manyebi le bana ba one.

“Eno e ne e se tiro ya motho yo o boboi. Ke ne ka baya botshelo jwa me mo kotsing go sireletsa tikologo. Mo go nngwe ya ditshupetso tse re neng ra di dira, ke ne ka ikgokelela mo tshetleding ya sekepe ka dihakaboi mme ka feleletsa ke wetse kwa boalong jwa lewatle le yone. Ka nako e nngwe, ke ne ke le mo mokorong o o lobelo wa rabara ke tsamaya fa thoko ga sekepe se segolo. Mongwe o ne a latlhela tanka e e bokete mo mokorong wa rona mme wa menoga ka rona. Ke ne ka gobala thata.”

Kgabagare Hans o ne a lemoga gore le fa gone maitlhomo a mokgatlho ono a ne a le molemo, o ne a baya botshelo jwa gagwe mo kotsing ka letsholo le le ka se kgoneng go sireletsa tikologo ka tsela e e nnetseng ruri. (Moreri 1:9) Ka bonako fela fa a sena go tlogela mokgatlho ono wa tikologo, o ne a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa a bo a nna Mosupi yo o kolobeditsweng. Gompieno ke modiredi wa nako e e tletseng. “Baebele e nthusitse go lemoga gore tsholofelo e le yosi fela ya go tlhokomela tikologo sentle ke ka Bogosi Jwa Modimo jwa ga Mesia.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9

O ne A Lwela Diphetogo

Sara (ga se leina la gagwe tota) o belegwe kwa Asia mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1960. E ne e le mosetsana wa dingwaga tsa bolesome fa diphetogo tse dikgolo mo nageng ya gaabo di ne di dira gore go tlhongwe puso e ntšha, e e neng e solofetsa diphetogo mo dipolotiking le mo go tsa loago. Kwa tshimologong, baagi ba naga ya gaabo ba ne ba itumeletse phetogo eno, mme mo lobakeng lwa ngwaga puso eno e ntšha e ne ya simolola go bogisa batho ba ba kgatlhanong le yone, fela jaaka puso ya pele e ne e dira. Batho ba le bantsi ba ne ba swabisitswe ke seno, mme Sara o ne a ikopanya le mokgatlho o o neng o le kgatlhanong le puso eno e ntšha. O tlhalosa jaana:

“Mokgatlho wa rona o ne o tshwara dikokoano, mme re ne re dira ditshupetso phatlalatsa. Ke ne ke le mo mebileng ya motsemoshate ke pega dipolakate mo loboteng le go aba dipampitshana tsa kitsiso fa ke ne ke tshwarwa ke masole. Kwa bofelong ba ne ba ntlogela gore ke tsamaye. Batho bangwe mo mokgatlhong wa rona ba ne ba se ka ba nna lesego jalo. Ditsala tsa me tse pedi tsa basetsana di ne tsa tshwarwa le go bolawa. Botshelo jwa me bo ne bo le mo kotsing, ka gone rre o ne a nkopa gore ke tshabe ke tswe mo nageng ya gaetsho.”

Fa Sara a sena go goroga kwa Yuropa, o ne a ithuta Baebele mme a kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa. Gompieno ke modiredi wa nako e e tletseng. Fa Sara a akanya ka ditiragalo tsa nako e e fetileng, a re:

“Ke ne ke eletsa thata gore go nne le tshiamiso le gore go nne le tharabololo ya mathata a loago. Ke ne ke bone gore puso e ntšha mo nageng ya rona e ne e simolotse e na le mekgele eo mme e ne ya feteletsa dilo thata mo e leng gore kwa bofelong e ne ya latlhegelwa ke mekgele eno mme ya simolola go gatelela batho. Ke ne ka lemoga le gore mokgatlho o ke neng ke le leloko la one o ne o ka se rarabolole mathata a naga ya rona. (Pesalema 146:3, 4) Jaanong ke a lemoga gore tharabololo ya mathata otlhe a batho ke Bogosi Jwa Modimo jwa ga Mesia.”

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Lobota Lwa Berlin lo ne lwa digwa ka 1989

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

A diphetogo tsa bosheng tse di dirilweng mo bodumeding di ile tsa kgona go ngokela batho ba le bantsi mo madumeding?

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 5]

Top right: U.S. Information Agency photo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 7]

Kofi Annan: UN/DPI photo by Evan Schneider (Feb97); background: WHO/OXFAM