Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bosigo jo bo Tshwanetseng go Gopolwa—Sontaga, April 4, 2004

Bosigo jo bo Tshwanetseng go Gopolwa—Sontaga, April 4, 2004

Bosigo jo bo Tshwanetseng go Gopolwa—Sontaga, April 4, 2004

JESU KERESETE o ne a tlhoma Segopotso sa loso lwa gagwe mo bosigong jwa pele ga a swa. Fa Jesu a ne a ntse le baaposetoloi ba gagwe ba ja dijo tse di motlhofo tse mo go tsone a neng a dirisa beine le senkgwe se se sa bedisiwang e le ditshwantshetso, o ne a laela jaana: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.”—Luke 22:19.

Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa ka lorato gore o tle go keteka Segopotso seno sa ngwaga le ngwaga le bone. Monongwaga se tla ketekwa fa letsatsi le sena go phirima ka Sontaga, April 4, e leng letlha le le tsamaisanang le Nisane 14 go ya ka khalendara ya Baebele ya modikologo wa ngwedi. Tsweetswee botsa Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona nako le lefelo le ba tla kopanelang kwa go lone.