Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A ke Lefelo la Tiro Kgotsa la Ntwa?

A ke Lefelo la Tiro Kgotsa la Ntwa?

A ke Lefelo la Tiro Kgotsa la Ntwa?

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA JEREMANE

“Ke ne ke sa tlhole ke kgona go itshokela seno. Ke ne ke berekile dingwaga di feta 30 mo khampaning eno. Ke ne ke setse ke le mookamedi. Mme ka letsatsi lengwe go ne ga nna le molaodi yo mosha kwa tirong. O ne a sa le mosha ka dingwaga, a le matlhagatlhaga e bile a na le dikakanyo tse dintsi. O ne a akanya gore ke ne ke kgoreletsa go gatela pele ga khampani, ka gone a simolola go nkgerisa. Morago ga go ntlhapatsa, go bua maaka ka nna le go ntlontlolola ka dikgwedi di le dintsi ke ne ka utlwa gore ga ke tlhole ke kgona. Fa khampani e ne e ntsholofetsa madi a go rola tiro pele ga nako, ke ne ka dumela.”—Peter. *

PETER e ne e le mongwe wa batho ba ba kgerisiwang kwa tirong. Kwa Jeremane, kwa Peter a nnang gone, go fopholediwa gore batho ba le dimilione di le 1,2 ba a kgerisiwa kwa tirong. Kwa Netherlands, motho a le 1 mo go bangwe le bangwe ba le 4 o tla kgerisiwa ka nako nngwe mo dingwageng tsa gagwe tsa go bereka. Pego nngwe e e neng ya ntshiwa ke International Labour Organization e bolela gore go kgerisiwa kwa tirong ke bothata jo bo etegelang pele kwa Australia, Austria, Boritane, Denmark, Sweden le United States. Tota go kgerisiwa kwa tirong ke eng?

“Ntwa ya Maikutlo”

Go ya ka makasine wa dikgang wa Jeremane wa Focus, go kgerisiwa kwa tirong ke “go tshwarwa makgwakgwa nako le nako, kgapetsakgapetsa e bile e le ka tsela e e logetsweng leano.” Ga se kgang fela ya go rumolana ga kwa tirong—go e ka nnang go sotla, go tshwaya diphoso, go kgesa le go dira metlae ka yo mongwe—mme go na le moo go kgerisa ke go sotla motho ka boikaelelo jwa go mo tsenya letshogo. Seno se dirwa ka boikaelelo jwa gore motho yo o tlhaselwang a ikutlwe a sa batliwe. *

Mekgwa e e dirisiwang ya go kgerisa kwa tirong e simolola ka go nna le kgotlhang fela ya bongwana go ya go go gobatsa motho. Motho yo o kgerisiwang a ka nna a senngwa leina, a kgobiwa ka mafoko, a galefelwa le go itlhokomolosiwa. Bangwe ba batho ba ba kgerisiwang kwa tirong ba berekisiwa thata ka boomo kgotsa ka metlha ba newa ditiro tse di sa itumediseng tse go se nang ope yo o batlang go di dira. Badirimmogo ba ka nna ba kgoreletsa ka boomo fela maiteko a gagwe a go dira ka natla, gongwe ka go se mo neye tshedimosetso e a e tlhokang. Ka dinako dingwe, batho ba ba kgerisang ba phunya dithaere tsa koloi ya motho yo ba mo kgerisang kgotsa ba fetola tsela e khomputara ya gagwe e berekang ka yone gore e dire se bone ba se batlang.

Batho bangwe ba ba kgerisiwang ba tlhaselwa ke motho a le mongwe fela. Mme gone gantsi motho yo o kgerisiwang o tlhaselwa ke setlhopha sa badirimmogo.

Gongwe se se gakgamatsang le go feta ke gore mo maemong a le mantsi go kgerisiwa kwa tirong go a bo go letleletswe ke mothapi. Dipatlisiso dingwe tsa kwa Yuropa di bontsha gore mo e ka nnang ka diperesente di le 50 baokamedi ke bone ba di gogang kwa pele mo go kgeriseng, e bile mo makgetlong a le mantsi e a bo e le bone fela ba kgerisang motho yoo. Seno sotlhe se dira gore mmereko wa motho e nne se lekwalodikgang la Jeremane la letsatsi le letsatsi la Frankfurter Allgemeine Zeitung le se tlhalosang e le “ntwa ya maikutlo e e ngomolang pelo le e e tsayang lobaka lo loleele.”

Matswela a Gone ga a Felele Fela mo Tirong

Gantsi matswela a go kgerisiwa kwa tirong ga a felele fela mo tirong. Bontsi jwa batho ba ba kgerisiwang jalo ba nna le mathata a a masisi a botsogo ka ntlha ya go tshwarwa ka tsela e e setlhogo. Mangwe a matswela a gone ke go tshwenyega thata mo maikutlong, malwetse a a amanang le go tlhoka boroko le go garoga pelo. Go tweng ka Peter yo o umakilweng kwa tshimologong? O ne a ikutlwa e se motho wa sepe gotlhelele. Mosadi mongwe yo o bidiwang Margaret, yo le ene a nnang kwa Jeremane, o ne a kgothalediwa ke ngaka ya gagwe gore a kope thuso kwa tlileniking ya malwetse a tlhaloganyo. Lebaka e ne e le eng? O ne a tshwerwe makgwakgwa kwa tirong. Go kgerisiwa kwa tirong gape go ka ama lenyalo kgotsa lelapa la motho yo o kgerisiwang ka tsela e e sa siamang.

Kwa Jeremane, go kgerisiwa kwa tirong go tletsetletse thata jaana mo e leng gore khampani nngwe ya inshorense e simolotse tirelo ya mogala ya go thusa batho ba ba nang le bothata jono. Khampani eno e ile ya lemoga gore mo e ka nnang sephatlo sa batho ba ba e leletsang mogala ba ne ba palelwa ke go bereka ka lobaka lwa dibeke di le thataro, mme ba ka nna nngwetharong ba ne ba palelwa ke go bereka ka dikgwedi di le tharo, mme ba feta diperesente di le 10 ba ne ba palelwa ke go bereka ka dikgwedi tse di fetang tse tharo. Lekwalodikgang lwa Jeremane lwa kalafi le fopholetsa gore “diperesente di le 20 tsa batho ba ba ipolayang ba dira jalo ka ntlha ya go kgerisiwa kwa tirong.”

Go bonala sentle gore go kgerisiwa go ka dira gore kwa motho a berekang gone e nne lefelo le le boifisang. A seno se ka thibelwa ka tsela nngwe? Motho a ka dira eng go tshedisana le bangwe ka kagiso kwa tirong?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Maina a a mo ditlhogong tseno a fetotswe.

^ ser. 6 Dipalopalo di bontsha gore go kgerisiwa basadi ba le bantsi kwa tirong go gaisa banna, le fa gone seno se ka tswa se dirwa ke gore basadi ke bone ba gantsi ba buang ka bothata jono le go kopa thuso.

[Ditshwantsho mo go tsebe 4]

Go kgerisiwa kwa tirong go dira gore mmereko o ngomole motho maikutlo