Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Bona Lefatshe le le Molemo’

‘Bona Lefatshe le le Molemo’

‘Bona Lefatshe le le Molemo’

Morago ga gore mosadi mongwe a tlhatlhobe boroutšhara jwa ‘Bona Lefatshe le le Molemo’ jo bo gatisitsweng bosheng jaana jwa dimmapa tsa Baebele, o ne a kwala jaana: “Sedirisiwa seno se se molemo ke sone se ke sa bolong go se tlhoka. Mafelo, batho le maemo a go buiwang ka one mo Dikwalong jaanong ke a mmatota mo go nna.”

Boroutšhara jono jwa ditsebe tse 36, jo bo nang le ditshwantsho tsa mebala, bo thusa baithuti ba Lefoko la Modimo go itirela ditshwantsho tsa dipego tsa Baebele mo megopolong ya bone. O tswelela jaana: “Go bona pharologano fa gare ga bogodimo jwa tempele fa bo bapisiwa le lefatshe le le e dikologileng ruri go nthusa go tlhaloganya dikwalo tse di buang ka kobamelo ya ga Jehofa e e ‘goletsegileng.’ Go thusa thata go bona sentle fa metse ya botshabelo e neng e agilwe gone, mmogo le mafelo a mangwe a a umakiwang mo Dikwalong Tsa Sehebera le Tsa Segerika. Ke ne ka simolola go dirisa boroutšhara jono jo bo kgatlhang fa ke ne ke ithuta buka ya Baebele ya Ditiro.”

Mosadi yono o ne a konela lekwalo la gagwe ka go re: “Ke tlile go nna ke dirisa mpho eno e ntle ka metlha fa ke bala Lefoko la Modimo.”

O ka nna wa kopa boroutšhara jono jwa setlhogo se se reng ‘Bona Lefatshe le le Molemo,’ ka go tlatsa setlankana se se mo kgatisong eno o bo o se romela kwa atereseng e e kwadilweng mo go sone kgotsa kwa go e e tshwanetseng mo go tse di mo tsebeng ya 5 ya makasine ono.

□ Tsweetswee nthomelelang boroutšhara jwa ‘Bona Lefatshe le le Molemo,’ mme ga ke ipofe ka sepe.

□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna mabapi le thuto ya legae ya mahala ya Baebele.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.