Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Lesea la Gago le Leletse Ruri

Fa Lesea la Gago le Leletse Ruri

Fa Lesea la Gago le Leletse Ruri

KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA CANADA

NGAKA e ne ya tlhomamisa se mmangwana a neng a setse a se belaela. Lesea la gagwe le ne le na le bolwetse jo bo tlwaelegileng jwa go nna le ditlhabi mo mpeng. Lokwalodikgang lwa kwa Canada lwa Globe and Mail lo bolela gore bolwetse jono bo tshwara “ngwana a le mongwe mo go ba le banè.” Matshwao a bolwetse jono a akaretsa gore lesea le fetse diura di le mmalwa le lela mo e ka nnang malatsi a le mararo mo bekeng. Ke eng se motsadi yo o tshwenyegileng a ka se dirang? Dingaka tsa malwetse a bana di bolela gore gantsi batsadi—le ngwana—ba ka nna ba tshwanelwa ke go leta go fitlha ditlhabi di kokobela. Mme ba tshwanetse go leta lobaka lo lokae?

Patlisiso nngwe e e sa tswang go dirwa kwa Canada e e dirilweng mo go bommabana ba masea a a nang le bolwetse jwa go nna le ditlhabi mo mpeng, e bontsha gore bana ba palo e e fetang diperesente di le 85 ba ba neng ba tshwerwe ke bolwetse jono ba ne ba tokafala fa ba na le dikgwedi tse tharo. Gape patlisiso e e simolotsweng ke Dr. Tammy Clifford, yo e leng mokaedi wa lephata la malwetse a leroborobo kwa Setheong sa Dipatlisiso sa Bookelo Jwa Bana Jwa Kwa Ontario Botlhaba, e ne ya bontsha gore go lwala ga lesea le le nang le ditlhabi mo mpeng ga go amele tlhaloganyo ya mmangwana ruri. Dr. Clifford a re: “Mo kgweding ya borataro ngwana a sena go belegwa, Bommabana bano ba nna fela jaaka Bommabana ba ba se nang masea a a nang le bolwetse jwa go nna le ditlhabi mo mpeng. Go ntse jaaka e kete ba lebala ka gone fa lesea le kgaotsa go lela.”

Lokwalodikgang lwa Globe lo bolela gore patlisiso eno ya bosheng e e gatisitsweng ke Dr. Clifford le badiri ka ene, “e naya dintlha tsa botlhokwa malebana le se saense e se itseng ka bolwetse jono jwa go nna le ditlhabi mo mpeng ka gonne e bontsha gore go na le mefuta e meraro ya masea a a tshwenngwang ke bolwetse jono: masea a tshwarwang ke bolwetse jono bo bo bo fola mo dikgweding di le tharo; masea a a nnang a tshwenngwa ke bolwetse jono ka lobaka lwa dikgwedi di le mmalwa bo sa kgaotse; le palo e nnye ya masea a a tshwarwang ke bolwetse jono moragonyana, dikgwedi di le mmalwa morago ga gore a belegwe.” Go ntse go dirwa patlisiso e nngwe gape go lepa gore bolwetse jono jwa go nna le ditlhabi mo mpeng bo ama bana jang fa ba ntse ba gola, mme setlhopha sa boraro sa masea ano ke sone se se kgatlhegelwang thata.

Go dumelwa gore bolwetse jwa ngwana yo o kgotlhokgotshwang bo simolola fa ngwana a lela a sa kgaotse. Jaaka go begilwe mo lokwalodikgannyeng lwa Globe, “go lela ka bogone go ka se gobatse ngwana, mme fa ngwana a kgotlhokgotshiwa thata, le fa e le ka lobaka lo lo khutshwane, go ka mo gobaletsa boboko ruri, le e leng go mmolaya.”

Ka fa letlhakoreng le lengwe, go a thusa gore lesea le lele, le fa le lela le sa kgaotse. Lokwalodikgang lwa Globe lwa re: “Dipatlisiso di bontshitse gore masea a a lelang thata a tlhokomelwa botoka, a a tshwarwatshwarwa, a lejwa ka monyenyo, a buisiwa thata le go tlamparelwa go feta a a sa leleng thata.”