Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Tshwanetse go Leba Jang Ditlelapa Tsa Basha Tsa go Tantsha?

Ke Tshwanetse go Leba Jang Ditlelapa Tsa Basha Tsa go Tantsha?

Basha ba Botsa Jaana . . .

Ke Tshwanetse go Leba Jang Ditlelapa Tsa Basha Tsa go Tantsha?

“Ke ne ke na le lebaka la go ya teng—go ijesa monate.”—Shawn.

“Go bua boammaaruri, go ne go le monate—go le monate tota! Go ne go tantshiwa thata, bosigo jotlhe.”—Ernest.

DITLELAPA tsa basha tsa go tantsha di setse di tlwaelegile thata mo dingwageng tsa bosheng. Basha ba le bantsi ba ba batlang go ijesa monate ba ya kwa ditlelapeng tseo nako le nako.

Gone mme, rotlhe re rata go ijesa monate. E bile Baebele ya re go na le “nako ya go ipela,” le “nako ya tantsha.” (Moreri 3:4, Today’s English Version) Le fa go ntse jalo, a ditlelapa tsa basha tsa go tantsha di na le boitlosobodutu jo bo siameng? Kgotsa a go na le mabaka a o tshwanetseng go a akanyetsa ka kelotlhoko pele ga o ya kwa lefelong le le ntseng jalo?

“Diphathi Tse di sa Laolesegeng”

Le fa Baebele e sa kgale dikokoano tse di siameng, e tlhagisa ka “mediro ya ditlhapelo” kgotsa “diphathi tse di sa laolesegeng.” (Bagalatia 5:19-21; Byington) Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, gantsi mediro ya ditlhapelo e ne e felela ka boitshwaro jo bo sa laolesegeng. Moporofeti Isaia o ne a kwala jaana: “A bo go latlhega ba ba tsogang go sa le phakela gore ba senke bojalwa jo bo tagang, ba ba nnelang go diega go fitlha lefifi la maitseboa mo ba fisiwang ke beine! Mme go tla nna le harepa le seletswa sa megala, moropana le folutu, le beine kwa medirong ya bone; mme ga ba lebe tiro ya ga Jehofa.”—Isaia 5:11, 12.

Go na le “bojalwa jo bo tagang” le mmino o o sa siamang mo dikokoanong tseno. Dikokoano tseno di ne di simologa maphakela go fitlha go nna bosigo thata. Gape ela tlhoko tsela e batho ba ba neng ba tlile mo medirong eno ya ditlhapelo ba neng ba itshwara ka yone—ba ne ba itshwara jaaka e kete Modimo ga a yo! Ga go gakgamatse he go bo Modimo a ne a kgala dikokoano tse di ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, Modimo o ikutlwa jang ka dilo tse di diregang mo ditlelapeng di le dintsi tsa basha tsa go tantsha gompieno?

Akanyetsa mabaka ano. Lebaka le lengwe ke gore ditlelapa dingwe di na le ditantshe tse go thukhuthiwang mmele thata mo go tsone. Buka nngwe ya re tantshe eno e “simologile mo bogareng jwa dingwaga tsa bo1980 mo ditlelapeng tsa morago ga maphanka kwa United States. E ne ya gola . . . go simolola ka ‘tantshe ya thula dipota’ e mo go yone batho ba thulanang ka mmele.” Gantsi tantshe eno e akaretsa go tlolatlola, go thukutha tlhogo le go dira e kete lo thulana ka ditlhogo. Go tlwaelegile gore batho ba robege maoto kgotsa matsogo, ba segege, e bile gape ba bangwe ba ile ba gobala mo mokokotlong le mo tlhogong. Bangwe ba ile ba swa. Mo godimo ga moo, kwa ditlelapeng dingwe batho ba tsholediwa kwa godimo ke setlhopha sa batho ba bo ba ba tsamaisa ba ba rwele jalo ka matsogo jaaka e kete ba a sesa. Gantsi ba feleletsa ba ba latlhetse fa fatshe, mme seno sa felela ka gore ba gobale. Go tlwaelegile gore basetsana ba tshwaratshwarwe mo mmeleng ka ditsela tse di sa siamang.

Kwantle ga pelaelo, Modimo ga a amogele boitshwaro jo bo ntseng jalo. Tota e bile, Lefoko la gagwe le laela Bakeresete ‘gore ba gane boikepo le dikeletso tsa selefatshe mme ba tshele ka go itekanela sentle ga mogopolo.’—Tito 2:12.

Mmino le Diokobatsi

Akanyetsa gape mofuta wa mmino o o lediwang kwa ditlelapeng di le dintsi tsa go tantsha. Ditlelapa dingwe di tshameka mmino wa roko kgotsa wa heavy metal, o o nang le modumo o mogolo le matlhapa. Mme mo ditlelapeng di le dintsi mmino o o rategang thata ke wa rap, kgotsa wa hip-hop. Ke mmino o le one go buiwang ka tlhakanelodikobo, thubakanyo le botsuolodi mo go one. A go reetsa mmino o o ntseng jalo mo lefelong le le sa siamang go ka go ama? David Hollingworth, modiri wa tlelapa nngwe, o ne a re: “Mmino o ama batho fela thata mo tlhaloganyong. Fa o kgobokanya batho ba le bantsi, mmino o ka dira gore ba itshware jaaka batho ba ba bogale.” Ga go gakgamatse go bo go nnile le dintwa kwa ditlelapeng tsa go tantsha kwa ditoropong di le dintsi tsa kwa United States. Batho ba le bantsi ba dumela gore ke ka ntlha ya mmino o o kgothaletsang ditiro tse di sa siamang le boitshwaro jo bo setlhogo. *

Mo dingwageng tsa bosheng jaana go dirisiwa ga diokobatsi e nnile sengwe sa dilo tse di dirwang kwa ditlelapeng tseno tsa go tantsha. Mmatlisisi mongwe o ne a re “go nna gone ga diokobatsi tse di seng kafa molaong, ka mefutafuta ya tsone le go di dirisa . . . go dirile gore ditlelapa tsa go tantsha di ratege.” Tota e bile, go na le diokobatsi tse di itsegeng ka gore ke diokobatsi tsa ditlelapa. Bangwe ba ba etelang ditlelapa tsa go tantsha nako le nako ba dirisa diokobatsi tse di tlhakantsweng le tse dingwe. Mo gare ga diokobatsi tse gantsi di tlhakantsweng le tse dingwe ke ketamine (e gape e bidiwang special K), e e ka dirang gore motho a se ka a kgona go akanya sentle, a tlhakane tlhogo, a se ka a hema sentle a bo a senyege methapo ya kutlo. Methamphetamine e ka dira gore motho a latlhegelwe ke tlhaloganyo, a nne bogale, a thubakanye e bile go ka nna ga direga gore a senyege methapo ya pelo le ya boboko. Seokobatsi se se itsegeng thata ke se se dirilweng ka amphetamine se se itsegeng ka gore ke ecstasy. Se ka baka go tlhakana tlhogo, go tlhobaela, pelo e e iteelang kwa godimo, haebolate le letshoroma le le tseneletseng. Batho bangwe ba ba dirisang seokobatsi seno ba ile ba bo ba swa.

Go dirisa diokobatsi tse di seng kafa molaong ga go dumalane le taelo ya Baebele ya go ‘intlafatsa leswe lengwe le lengwe la nama le moya.’ (2 Bakorintha 7:1) A go botlhale go ya kwa lefelong le go dirisiwang diokobatsi kwa go lone?

Ditsala Tse di Bosula

Gakologelwa tlhagiso eno e e nopolwang gantsi: “Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” (1 Bakorintha 15:33) Jaaka barati ba menate ba mo metlheng ya Baebele, basha ba le bantsi ba ba etelang ditlelapa tsa go tantsha ga go bonale ba tshwenyegile ka go itumedisa Modimo. Tota e bile, ba le bantsi ba ka tlhalosiwa e le “barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:4) A tota o batla go itsalanya le batho ba setlhopha se se ntseng jalo?

Bangwe ba akanya gore go ya kwa ditlelapeng tsa go tantsha le basha ba bangwe ba Bakeresete go fokotsa dikotsi tse di ka nnang teng. Le fa go ntse jalo, basha ba Bakeresete ba ruri e leng “sekao sa ba ba ikanyegang . . . mo boitshwarong” ga go bonale fa ba ka rata go ya teng. (1 Timotheo 4:12) Tota le fa setlhopha sengwe sa Bakeresete se ka ya kwa tlelapeng nngwe ya go tantsha mme ba bo ba kgona go nna mmogo e le setlhopha, mmino o o sa siamang le tikologo e e sa tshwanelang di tla bo di sa ntse di le teng. Ba ka nna ba iphitlhela ba le mo boemong jo ba sa kgoneng go bo laola fa ba bangwe ba e seng Bakeresete ba ba laletsa go tla go tantsha le bone. Basha bangwe ba ile ba bo ba iphitlhela ba lole! Ka jalo mafoko ano a Baebele a itshupa a le boammaaruri: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.”—Diane 13:20.

Tantshe e e Tsosang Keletso ya Tlhakanelodikobo

Ntlha e nngwe e e ka akanyediwang ke tantshe ka boyone. Tantshe e e sa tlwaelegang e setse e ratega thata, segolobogolo mo basheng ba kwa United States. Tantshe eno e dirwa ka mmino wa rap o mantswe a one a buang ka tlhakanelodikobo. Mo godimo ga moo, tantshe eo e diriwa jaaka e kete go tlhakanelwa dikobo. Mofuta ono wa go tantsha o ile wa tlhalosiwa e le ‘tlhakanelodikobo o apere diaparo.’

A mosha wa Mokeresete a ka batla go nna le seabe mo tantsheng e e ntseng jalo? A ka se ka a dira jalo fa e le gore o batla go itumedisa Modimo, yo o re laelang gore re ‘tshabe kgokafalo.’ (1 Bakorintha 6:18) Bangwe ba ka nna ba re, ‘Fa mongwe le mongwe a go dira, ga go maswe go le kalo.’ Le fa go ntse jalo, tsela e batho ba le bantsi ba itshwarang ka yone e ka ne e le phoso. (Ekesodo 23:2) Nna pelokgale go ganana le kgatelelo ya balekane ba gago le go nna le segakolodi se sentle fa pele ga Modimo!—1 Petere 4:3, 4.

Go Dira Tshwetso

Seno ga se reye gore mefuta yotlhe ya go tantsha e phoso. Baebele e re bolelela gore Kgosi Dafide o ne a tlala ka boitumelo fa a sena go busetsa letlole le le boitshepo la kgolagano kwa Jerusalema mo e leng gore o ne “a binabina . . . ka maatla a gagwe otlhe.” (2 Samuele 6:14) Mo setshwantshong sa ga Jesu sa morwa sesenyi, boitumelo jo bo neng jwa nna gone fa morwa yono a sena go boa bo ne bo akaretsa “konsarata ya mmino le go bina.”—Luke 15:25.

Ka tsela e e tshwanang mefuta mengwe ya go tantsha e ka nna ya amogelesega mo Bakereseteng ba lefelo la lona. Le fa go le jalo, go botlhokwa go nna le temogo. Go botoka go itumelela mmino le tantshe kwa dikokoanong tsa Bakeresete kwa go nang le taolo le tlhokomelo e e tshwanetseng teng go na le kwa ditlelapeng tsa basha. Kwa dikokoanong tse di laolwang sentle tsa Bakeresete, basha ga ba itlhaole mme ba itumelela botsalano jo bo molemo le Bakeresete ba dingwaga tsotlhe.

Gone ke boammaaruri gore go ka ne go na le diresetšhurente dingwe mo lefelong la gaeno le mmino le tantshe e e tshwanelang di leng gone. Mme pele ga o amogela taletso ya go ya kwa lefelong le le ntseng jalo, o tla bo o dira sentse fa o ipotsa dipotso tse di ntseng jaana: Lefelo leno le itsege ka tsela efe? A ke la basha fela? Fa go le jalo, a go ka direga gore dilo di tsamaye sentle koo? Go tla tshamekiwa mmino wa mofuta mang? Go binwa tantshe ya mofuta ofe? Batsadi ba me ba ikutlwa jang fa ke ya gone? Go ipotsa dipotso tseno go tla go thusa gore o se ka wa utlwa botlhoko.

Shawn, yo o nopotsweng kwa godimo, o konela kgang eno sentle jaana. Pele ga a nna Mokeresete, o ne a tlwaetse go ya kwa ditlelapeng tsa go tantsha. O gakologelwa jaana: “Go na le boitshwaro jo bo sa siamang kwa ditlelapeng tsa bosigo. Gantsi mmino wa teng ke o o leswe, tantshe ya teng ke e e sa siamang, mme batho ba le bantsi ba ba yang teng ba na le boikaelelo bongwe—boikaelelo jwa bone ke go bona mongwe kwa tlelapeng gore ba tlhakanele dikobo le ene.” Shawn o ne a tlogela go ya kwa ditlelapeng tsa go tantsha fa a sena go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. O ntsha kgakololo ya gagwe go ya ka se se botlhoko se se mo diragaletseng: “Ditlelapa tseo ga se tse Bakeresete ba ka yang kwa go tsone.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 13 Bona setlhogo se se reng “Lebaka La go Bo Mmino o re Ama,” mo makasineng wa Tsogang! ya October 8, 1999.

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Basha bangwe ba iphitlhetse ba le mo boemong jo bo sa itumediseng kwa ditlelapeng tsa go tantsha