Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lebaka La go Bo ke Sa Goge!

Lebaka La go Bo ke Sa Goge!

Lebaka La go Bo ke Sa Goge!

SETLHOGO seo se ne sa abelwa baithuti ba le makgolokgolo ba ba neng ba tsenetse kgaisano ya naga ka bophara ya go kwala tlhamo e e neng e etleeleditswe ke Missouri State Medical Association (MSMA) kwa United States. Baithuti ba ka nna 675 go tswa mo dikolong di le 42 ba ne ba ikwadisetsa kgaisano eno. Sekgele sa kgaisano eno se ne sa abelwa Breanna wa dingwaga tse 12, mme tlhamo e a neng a fenya ka yone e ne ya gatisiwa mo lokwalodikgannyeng lwa MSMA la Missouri Medicine. Breanna gape o ne a nna le tshono ya go balela tlhamo ya gagwe baeng ba ba neng ba le gone mo kopanong ya ngwaga le ngwaga ya MSMA. Pele ga a dira jalo, Breanna o ne a bolelela bareetsi ba gagwe jaana:

“Ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme dintlha tsotlhe tse di mo tlhamong eno di tswa mo makasineng wa Tsogang! Tota e bile, kgopolo ya nngwe ya mela e ke e ratang thata mo tlhamong eno e tswa mo khabareng e e kafa pele ya makasine ono. Khabara eno e bontsha logata lwa motho lo hupile sekerete mo molomong wa lone mme setlhogo sa teng sa re: ‘Loso lo a Rekisiwa.’ Makasine wa Tsogang! o na le dingwaga o gatisa ditlhogo di le dintsi tse di buang ka dikotsi tsa go goga motsoko.”

Basupi ba ga Jehofa ga ba goge motsoko. Ba dumela gore go dirisa ka boomo sepe fela se se kgotlelang mmele go bontsha go se tlotle mpho ya botshelo, go akaretsa le Mmopi. (Ditiro 17:24, 25) Ka gone ba latela kgakololo ya Dikwalo e e reng: “A re intlafatseng leswe lengwe le lengwe la nama le moya.”—2 Bakorintha 7:1.

Breanna o leka ka natla go tshela ka melaometheo ya Baebele fela jaaka basha ba bangwe ba Basupi. Ruri basha botlhe ba ba ntseng jalo ba itumedisa pelo ya Mmopi wa bone.—Diane 27:11.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Breanna (yo jaanong a nang le dingwaga di le 14) a tshwere tlhamo ya gagwe