Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se se Dirang Gore Motho a Kgerisiwe

Se se Dirang Gore Motho a Kgerisiwe

Se se Dirang Gore Motho a Kgerisiwe

Monika e ne e le gone a fetsang sekolo fa a ne a simolola go bereka mo lephateng la tsa molao e le tlelereke e e sa ntseng e rutwa tiro. Monika o ne a lebile pele go ipona a sa tlhole a tsena sekolo mme jaanong e le motho yo o berekang.

Horst e ne e setse e le ngaka fa a le dingwaga di le 35. O ne a na le mosadi le bana, mme go ne go bonala a tlile go itsege le go amogela madi a mantsi.

Monika le Horst ka bobedi jwa bone ba ne ba tshwerwe makgwakgwa kwa tirong.

SE SE diragaletseng Monika le Horst se re ruta thuto ya botlhokwa: Ga go motlhofo go bonela pele gore ke mang yo a ka nnang a kgerisiwa kwa tirong. Ee ruri, mongwe le mongwe fela mo tirong epe fela a ka tshwarwa makgwakgwa kwa tirong. Ka gone, o ka itshireletsa jang? Nngwe ya ditsela tse o ka dirang seno ka tsone ke go ithuta kafa o ka agisanang ka gone le ba bangwe mo tirong, tota le badirimmogo ba go leng thata go dirisana le bone.

Go Dirisana Sentle le Badirimmogo

Mo bathong ba le bantsi, go nna le tiro go ba tlhoka gore ba dirisane sentle le setlhopha sa badirimmogo le go thusa setlhopha seno go bereka ka thelelo e bile se le seoposengwe. Fa badirimmogo ba dirisana ka kutlwano, tiro e dirwa sentle. Fa ba sa utlwane, tiro ga e dirwe sentle mme seno se ka dira gore go direge thata gore motho a tshwarwe makgwakgwa.

Ke eng se se ka dirang gore setlhopha sa badiri se se ka sa bereka ka thelelo? Lengwe la mabaka e ka nna gore badiri ba fetolwa nako le nako. Maemo a a ntseng jalo a dira gore go nne thata go bopa botsalano. Mo godimo ga moo, badirimmogo ba e leng gone ba thapiwang ga ba ise ba tlwaelane le tiro sentle, e leng se se dirang gore tiro ya botlhe e nne bonya. Fa tiro e ntse e koelana, go ka direga thata gore badiri ba nne mo kgatelelong e e sa feleng.

Mo godimo ga moo, fa setlhopha se sa ipeele mekgele e e rileng, ga se kitla se ikutlwa se le seoposengwe go le kalo. Ka sekai, seno se ka direga fa e le gore mothapi o fetsa nako e ntsi a leka go sireletsa maemo a gagwe go na le go etelela tiro pele. A ka nna a bo a leka go laola maemo ka go lotlhanya badirimmogo. Se se maswe le go feta ke gore tsela e badiri ba rulagantsweng ka yone e ka tlhakatlhakana mo e leng gore badirimmogo bangwe ga ba tlhole ba itse se maikarabelo a bone a se akaretsang. Ka sekai, go ka nna le dikgotlhang fa badirimmogo ba babedi ba akanya gore ka bobedi jwa bone ba na le boikarabelo jwa go saena dipampiri tsa dikoloto.

Mo maemong a a ntseng jalo, go nna thata gore go buisanwe mme gantsi go utlwisana botlhoko go tlogelwa fela go sa rarabololwa. Go fufegelana go senya seemo sa mo tirong, mme badirimmogo ba a gaisana ka go bo mongwe le mongwe a batla gore a ratiwe ke mothapi. Go se utlwane go gonnye fela go ka tsewa e le lonyatso lo logolo. Tota e bile, mathata a mannye a dirwa gore e nne a magolo. Maemo a a ntseng jalo ke one a a dirang gore badiri ba simolole go tshwarana makgwakgwa.

Go Pegwa Molato wa Sengwe le Sengwe

Fa nako e ntse e ya, mongwe wa badiri e ka nna ene yo o pegwang molato wa sengwe le sengwe. Gantsi seno se diragalela motho wa mofuta ofe? Gongwe e ka nna mongwe yo o farologaneng le ba bangwe. Ka sekai, e ka nna ya nna monna yo o berekang mo tirong e e nang le basadi fela kgotsa mosadi yo o berekang mo tirong e e nang le banna fela. Motho yo o itshepang a ka tsewa a ikgogomosa, fa yo o sa bueng thata a ka tsewa e le leferefere. Gape motho yo go ka diregang gore a kgerisiwe a ka nna a bo a farologane le ba bangwe ka go bo a le mogolo kgotsa a le monnye mo go ba bangwe botlhe kgotsa e bile a tshwanelega botoka go dira tiro ya gagwe.

Lekwalodikgang la Jeremane la tsa kalafi la mta le bega gore badirimmogo “ba tshwara motho yo ba tlhophileng go mo kgerisa makgwakgwa mme ka go dira jalo ba ikutlwa ba imologile ka tsela nngwe.” Maiteko a a dirwang ke motho yo o pegwang molato wa sengwe le sengwe se se phoso go baakanya boemo jono ga a atlege go le kalo mme e bile a ka dira gore dilo di nne maswe le go feta. Fa a ntse a tshosediwa kgapetsakgapetsa le ka metlha, motho yono yo o pegwang molato wa sengwe le sengwe o ikutlwa a sa batliwe le go feta. Fa maemo a setse a le jalo, go ka direga thata gore motho yo o tshwerweng makgwakgwa a se ka a tlhola a kgona go itshokela boemo jono a le esi.

Gone ke boammaaruri gore bothata jo bo setseng bo tlhalositswe fa godimo ga bo simologe gone jaanong. Mmereko ga o bolo go tsewa e le kwa batho ba ka tshwarwang makgwakgwa gone. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba gakologelwa dinako tsa fa badirimmogo ba ne ba thusana e bile ba tshedisana ka kutlwano. Go tshwarwa makgwakgwa kwa tirong go ne go direga sewelo. Mme fa dingwaga di ntse di ya go ile ga nna le se ngaka nngwe e neng ya se tlhalosa e le “moya wa tirisanommogo o o nnang o ntse o fokotsega le go nyelela ga boikutlo jwa go itlhabelwa ke ditlhong.” Gone jaanong go bonala batho ba sa tlhole ba go tsaya go le molato go le kalo go lwa mo tirong.

Ka gone, go a utlwala gore batho botlhe ba ba berekang ba amege ka dikarabo tsa dipotso tseno: A go kgerisiwa kwa tirong go ka thibelwa? Go ka dirwa eng gore motho a tshedisane ka kagiso le ba bangwe kwa tirong?

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Lebaka la go bo mongwe a kgerisiwa ke go mo dira gore a ikutlwe a sa batliwe