Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tumelo ya Lelapa Lengwe Le fa Le ne Le Lebane le Mathata

Tumelo ya Lelapa Lengwe Le fa Le ne Le Lebane le Mathata

Tumelo ya Lelapa Lengwe Le fa Le ne Le Lebane le Mathata

INDIA, mosetsana mongwe yo montle wa dingwaga di le robongwe go tswa kwa Wisconsin, U.S.A., o ne a lwala thata. Tota e bile o setse a dirilwe dikaro tse tharo tse dikgolo le go amogela dikalafi tse dingwe tse dintsintsi tse dinnye. Mmaagwe India e bong Lori, a re: “Mo dingwageng di le thataro, botshelo jwa ga India bo ne bo akaretsa go isiwa gantsintsi kwa kamoreng ya tshoganyetso, go nna kwa bookelong le go ya ngakeng nako le nako.”

Bothata jono bo simolotse fa India a ne a le dikgwedi di le 18. O ne a simolola go nna le matshwao a a sa tlwaelegang, a a akaretsang letshololo le le sa feleng, letshoroma, mala a a rurugang le go fokotsega ga boima jwa mmele ka tsela e e sa tlwaelegang. Gape o ne a na le setlhabi mo dimpeng. India o ne a tsoga gangwe le gape maitseboa mangwe le mangwe ka lobaka lwa dingwaga tse pedi, a lela e bile ka dinako tse dingwe a goa botlhoko.

Fa dingaka di ntse di leka go bona gore molato ke eng, India o ne a tswelela a ntse a boga mo go botlhoko. Lori a re: “Lesea la rona le ne le sa je.” Mark, rraagwe India o oketsa jaana: “Mo lobakeng lo lo fetang ngwaga, re ne re lebile mosetsanyana wa rona jaaka a fela mme re ne re sa itse kafa re ka mo thusang ka gone. Ke gakologelwa ke ikutlwa ke sa itse gore ke direng bosigo bongwe fa nna le Lori re ne re tlotla ka phitlho ya ga India ka gonne ka nako eo re ne re bona fa a tlile go swa.”

Kgabagare, go ne ga lemogiwa gore India o ne a na le tlhagala mo maleng. Gape o ne a na le bolwetse jo bogolo jwa sclerosing cholangitis (go ruruga ga tshika e e tsamaisang santlhokwe mo sebeteng). Malwetse ano a ne a ka kgona go alafega. Le fa go ntse jalo, go ne go tla tlhokega gore a ariwe mme tlhagala e e mo maleng yone e ne e tla tlhoka gore a alafiwe ka melemo. O ne a tlhoka go tlhokomelwa ka dinako tsotlhe mo maemong ano oomabedi fa a ntse a kokotlegela.

Gone jaanong go setse go fetile dingwaga di le supa fa e sale India a ne a lwala. Re leboga tlhokomelo ya dingaka tse di kelotlhoko, o kokotlegela sentle. Mark le Lori ke Basupi ba ga Jehofa mme ba dumela gore tumelo ya bone mo Lefokong la Modimo—segolobogolo se e se buang ka bolwetse, loso le tsholofelo ya tsogo mo isagweng—e ba thusitse go itshoka. Tumelo eo e thusitse le India gore a itshoke. Lori a re: “India o ne a bua a gololesegile ka metlha ka tsholofelo ya tsogo e e tlhalosiwang mo Baebeleng. Ke ya mmatota mo go ene.”

Ka nako e nngwe fa India a ne a le mo kamoreng e bana ba tshamekelang mo go yone kwa bookelong, o ne a kopana le mosetsanyana mongwe yo monnawe a nang le bolwetse jwa lukemia. Lori o bolela se se neng sa direga: “Mosetsanyana yono o ne a bolelela India gore o ne a boifa gore monnawe a ka nna a tlhokafala. Go tswa foo India o ne a mmolelela gore loso ke eng go ya ka Baebele le gore ene o ne a sa boife go swa. Letsatsi le le latelang mmaagwe mosetsanyana yono o ne a tla go mpotsa dipotso. O ne a gakgamaditswe ke gore India o ne a kgona go bua a gololesegile ka loso e bile a sa boife.”

Mark le Lori ba ne ba lemoga gore dithapelo tsa badumedi ka bone di ba thusitse fela thata. Mark a re: “Mo nakong e e fetileng, fa ke ne ke bolelela batho gore ke tla ba rapelela kgotsa fa ke rapela le bone, ka dinako tsotlhe ke ne ke ikutlwa e kete nka ba direla mo go oketsegileng. Gone jaanong ke lemoga kafa dithapelo tseo di leng botlhokwa ka gone le mo go ba bangwe. Thapelo ke nngwe ya dilo tse di botlhokwa thata tse re ileng ra thusiwa ka tsone fa re ne re lebane le mathata. A bo re na le bakaulengwe ba ba lorato jang ne!”

Gape Mark o dumela gore bolwetse jwa ga India bo ba thusitse go sekaseka dilo tse di tlang pele mo matshelong a bone. A re: “Eleruri tsela e re lebang dilo tse di bonalang ka yone e fetogile. Ruri di bonala di se na mosola ope fa ngwana wa gago a lwala! Dilo tse di botlhokwa mo botshelong e ne e le—e bile ke—kamano ya rona le Jehofa Modimo le bakaulengwe ba rona ba ba lorato.”

Mark le Lori mmogo le India le bomogoloe ba lebeletse pele nako e moporofeti Isaia a boleletseng pele ka yone ya fa “[go tla bo go se na] monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24; Tshenolo 21:4.

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

India Erickson

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Bookelo jwa Bana Jwa San Diego

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

India le ba lelapa la gabone