Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A go Tlhobaela go Bontsha Gore Motho Wa bo A Tlhoka Tumelo?

A go Tlhobaela go Bontsha Gore Motho Wa bo A Tlhoka Tumelo?

Kgopolo E e Mo Baebeleng

A go Tlhobaela go Bontsha Gore Motho Wa bo A Tlhoka Tumelo?

“GO TLHOBAELA GA GO A LETLELELWA.” Kafa tlase ga setlhogo seno moruti mongwe wa kwa masimologong a lekgolo la bo20 la dingwaga o ne a kwala gore go tlhobaela ka ntlha ya dilo tse di bonalang ga go phoso fela mme “ke boleo jo bo masisi.” Bosheng jaana, mokwadi mongwe fa a ne a kwala ka kgang ya go fenya go tshwenyega le go tlhobaela o ne a re, “Fa re tshwenyega, re bontsha gore ga re ikanye Modimo.”

Mo mabakeng ano ka bobedi, bakwadi ba ne ba dira ditshwetso tsa bone go ya ka Thero ya ga Jesu ya kwa Thabeng e mo go yone a neng a re: “Tlogelang go tlhobaela.” (Mathaio 6:25) E re ka go tlhobaela go ama batho ba le bantsi gompieno, re ka nna ra ipotsa jaana: A Mokeresete o tshwanetse go ikutlwa a le molato fa a tlhobaela? A go tlhobaela go bontsha go tlhoka tumelo?

Modimo o Tlhaloganya Bosaitekanelang Jwa Rona

Baebele ga e rute gore go tlhoka tumelo go baka ditlhobaelo tsotlhe. Ka go bo re tshela mo ‘dinakong tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone’ ga go kgonege gore re se ka ra tlhobaela ka tsela nngwe. (2 Timotheo 3:1) Bakeresete ba ba ikanyegang ba lebana le ditlhobaelo tsa letsatsi le letsatsi tse di bakiwang ke bolwetse, botsofe, mathata a ikonomi, mathata a lelapa, bokebekwa le mathata a mangwe. Tota le mo metlheng ya bogologolo, batlhanka ba Modimo ba ne ba na le dipoifo e bile ba tshwenyega.

Akanya ka pego ya Baebele ka Lote. Modimo o ne a mo laela gore a tshabele kwa dithabeng gore a se ka a swa fa Sodoma le Gomora di senngwa. Le fa go ntse jalo, Lote o ne a tlhobaela. O ne a re: “E seng jalo, tsweetswee, Jehofa!” A okaoka, o ne a tswelela pele jaana: “Mme nna—ga ke kgone go falolela kwa kgaolong e e dithaba e se re kgotsa masetlapelo a nna gaufi le nna mme ruri ka swa.” Ke ka ntlha yang fa Lote a ne a boifa go ya kwa dithabeng? Baebele ga e bolele. Le fa lebaka e ka ne e le lefe, Lote o ne a ikutlwa a boifa tota. Modimo o ne a dirang? A Lote o ne a kgalemelwa ka ntlha ya go tlhoka tumelo kgotsa go se ikanye Modimo? Nnyaa. Go na le moo, Jehofa o ne a mo akanyetsa, a letlelela Lote go tshabela kwa motseng o o gaufi.—Genesise 19:18-22.

Go na le dikai tse dingwe tsa Baebele tsa baobamedi ba ba ikanyegang ba ba neng ba tlhobaela thata ka dinako tse dingwe. Moporofeti Elija o ne a tshoga mme a tshaba fa a sena go tshosediwa ka gore o tla bolawa. (1 Dikgosi 19:1-4) Moshe, Hana, Dafide, Habakuke, Paulo le banna le basadi ba bangwe ba tumelo e e nonofileng le bone ba ne ba tlhobaela. (Ekesodo 4:10; 1 Samuele 1:6; Pesalema 55:5; Habakuke 1:2, 3; 2 Bakorintha 11:28) Le fa go le jalo, Modimo o ne a ba bontsha boutlwelobotlhoko mme a tswelela a ba dirisa mo tirelong ya gagwe, ka jalo a bontsha gore o tlhaloganya batho ba ba sa itekanelang.

“Boleo Jo bo Re Rareetsang Motlhofo”

Le fa go ntse jalo, go nna re ntse re tlhobaela go ka koafatsa tumelo ya rona ga ba ga dira gore re se ka ra tlhola re ikanya Modimo. Moaposetoloi Paulo o ne a re go tlhoka tumelo ke “boleo jo bo re rareetsang motlhofo.” (Bahebera 12:1) Fa Paulo a ne a ikopanyeletsa, go bonala a ne a dumela gore le ene o ‘rareediwa motlhofo’ ka nako ya fa tumelo ya gagwe e koafetse.

Gongwe go ne go le jalo ka Sakaria fa a ne a sa dumele moengele yo o neng a mmolelela gore mosadi wa gagwe o tla ima. Ka nako nngwe baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba palelwa ke go fodisa mongwe ka go bo ba na le “tumelo e potlana.” Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a tswelela a amogela batho bano.—Mathaio 17:18-20; Luke 1:18, 20, 67; Johane 17:26.

Kafa letlhakoreng le lengwe, Baebele e akaretsa dikai tsa batho ba ba neng ba sa ikanye Modimo mme ba nna le diphelelo tse di botlhoko. Ka sekai, Baiseraele ba le bantsi ba ba neng ba tswa kwa Egepeto ba ne ba thibelwa go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng ka ntlha ya go tlhoka tumelo. Ka nako nngwe ba ne ba bua kgatlhanong le Modimo ka tlhamalalo ba re: “Ke ka ntlha yang fa lo re ntshitse kwa Egepeto gore re tle go swela mo nageng? Gonne ga go na senkgwe e bile ga go na metsi.” Se se bontshang gore Modimo ga a ka a rata seno ke gore go ne ga romelwa dinoga tse di botlhole go ba otlhaya.—Dipalo 21:5, 6.

Baagi ba motse wa gaabo Jesu, wa Nasaretha, ga ba a ka ba nna le tshiamelo ya go bona dikgakgamatso tse dintsi tse di dirilweng mo lefelong la bone ka gonne ba ne ba tlhoka tumelo. Mo godimo ga moo, Jesu o ne a kgala losika lo lo boikepo lwa motlha oo ka tsela e e botlhoko ka go bo lo ne lo tlhoka tumelo. (Mathaio 13:58; 17:17; Bahebera 3:19) Go a tshwanela go bo moaposetoloi Paulo a ne a tlhagisa jaana: “Elang tlhoko bakaulengwe, gore ope wa lona a se ka a nna le pelo e e boikepo e e se nang tumelo ka go katogela kgakala le Modimo yo o tshelang.”—Bahebera 3:12.

Ee, mo mabakeng mangwe a a feteletseng go tlhoka tumelo go ka bakiwa ke pelo e e boikepo. Mme go ne go sa nna jalo ka Sakaria le baaposetoloi ba ga Jesu ba ba umakilweng mo setlhogong seno. Go tlhoka tumelo ga bone e ne e le ka ntlha ya bokoa jwa nakwana. Tsela e ba neng ba tshela ka yone e ne e bontsha gore ba ne ba ‘itshekile mo pelong.’—Mathaio 5:8.

Modimo o Itse Se re Se Tlhokang

Dikwalo di re thusa go dira pharologanyo magareng ga ditlhobaelo tsa letsatsi le letsatsi le boleo jwa go tlhoka tumelo. Ditlhobaelo tsa letsatsi le letsatsi kgotsa go tlhoka tumelo ka nakwana ka ntlha ya bokoa jwa motho ga di a tshwanela go tlhakanngwa le go se ikanye Modimo mo go tswang mo pelong e e boikepo le e e sa siamang. Ka jalo Bakeresete ga ba a tshwanela go ikutlwa ba le molato fela ka gonne ba tlhobaela nako le nako.

Le fa go ntse jalo, go botlhokwa gore re nne kelotlhoko gore ditlhobaelo di se ka tsa re fekeetsa le go laola matshelo a rona. Ka jalo, o kgona go bona botlhale jwa mafoko a ga Jesu fa a ne a re: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela mme lwa re, ‘Re tla ja eng?’ kgotsa, ‘Re tla nwa eng?’ kgotsa, ‘Re tla apara eng?’” Morago ga moo, o ne a bua mafoko ano a a gomotsang: “Gonne Rraalona wa selegodimo o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe. Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.”—Mathaio 6:25-33.

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Moaposetoloi Paulo o kile a tlhobaela